Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri o Anaanela Mpho ya Modimo ya Lenyalo?

A Ruri o Anaanela Mpho ya Modimo ya Lenyalo?

A Ruri o Anaanela Mpho ya Modimo ya Lenyalo?

“E kete Jehofa a ka lo naya mpho, mme lo bone lefelo la boikhutso mongwe le mongwe mo ntlong ya monna wa gagwe.”—RUTHE 1:9.

BATLA DIKARABO:

Ke eng fa re ka re batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng ba ne ba anaanela mpho ya gagwe ya lenyalo?

Re itse jang gore Jehofa o amega ka gore re tlhopha molekane yo o ntseng jang wa lenyalo?

O ikaeletse go dirisa kgakololo efe ya Baebele ka lenyalo mo botshelong jwa gago?

1. Tlhalosa kafa Adame a ileng a ikutlwa ka gone fa a amogela mosadi.

“KGABAGARE yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me. Yono o tla bidiwa Mosadi, ka gonne o ntshitswe mo monneng.” (Gen. 2:23) A bo monna wa ntlha e bong Adame a ne a itumeletse go nna le mosadi jang ne! Ga go gakgamatse go bo a ile a bua mafoko ao a poko! Morago ga gore Jehofa a dire gore Adame a welwe ke boroko jo bogolo, o ne a bopa mosadi yono yo montle ka nngwe ya dikgopo tsa gagwe. Moragonyana Adame o ne a mmitsa Efa. Modimo o ne a kopanya bobedi jono mo lenyalong le le itumedisang. E re ka Jehofa a ile a dirisa kgopo ya ga Adame go bopa Efa, bobedi jono bo ne bo atamalane thata go feta banyalani bape fela gompieno.

2. Ke eng fa banna le basadi ba kgatlhegelana?

2 E re ka Jehofa a na le botlhale jo bo sa lekaneng le bope, o ne a tsenya mo bathong bokgoni jwa go ratana—nonofo e e neng e tla dira gore banna le basadi ba kgatlhegelane. The World Book Encyclopedia ya re: “Monna le mosadi ba ba nyalanang ba na le tsholofelo ya go tlhakanela dikobo le go ratana go ya go ile.” Seo se diregile makgetlo a le mantsi mo bathong ba ga Jehofa.

BA NE BA ANAANELA MPHO YA LENYALO

3. Isake o bone jang mosadi?

3 Aborahame yo o ikanyegang o ne a tsaya lenyalo le le botlhokwa. Ka jalo, o ne a romela motlhanka wa gagwe yo mogolo kwa Mesopotamia go ya go batlela Isake mosadi. Thapelo ya motlhanka yoo e ne ya dira gore go nne le diphelelo tse di molemo. Rebeka yo o boifang Modimo o ne a nna mosadi yo o rategang wa ga Isake mme a nna le seabe mo thulaganyong ya ga Jehofa ya go dira gore losika lwa ga Aborahame lo tswelele lo le teng. (Gen. 22:18; 24:12-14, 67) Ga re a tshwanela go dira tshwetso ya gore le fa motho a ka tswa a na le maitlhomo a a siameng, o tshwanetse go batlela batho ba bangwe balekane kwantle ga tetla ya bone. Gompieno batho ba le bantsi ba itlhophela balekane ba bone ba lenyalo. Ke boammaaruri gore manyalo ga a rulaganngwe kwa legodimong, mme gone Modimo o tla kaela Bakeresete mo kgannyeng eno le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo fa ba rapela ba kopa kaelo e bile ba gogwa ke moya wa gagwe.—Bagal. 5:18, 25.

4, 5. Ke eng se se go tlhatswang pelo gore Moshulame le modisa ba ne ba na le maikutlo a lorato a a kgethegileng, mongwe go yo mongwe?

4 Mosetsana yo montle wa Moshulame wa kwa Iseraele ya bogologolo o ne a sa batle ditsala tsa gagwe di mo pateletsa gore a nne mongwe wa basadi ba le bantsi ba ga Kgosi Solomone. O ne a re: “Ke lo ikanisitse, lona bomorwadia Jerusalema, gore lo se ka lwa leka go tsosa lorato mo go nna kgotsa go lo kurusa go fitlha lone lo tsoga.” (Sefela 8:4) Moshulame le modisa mongwe ba ne ba ratana thata. Moshulame o ne a bua jaana a ikokobeditse: “Nna ke saferone fela ya lebala le le fa losing, sethunya sa lesoma sa mabala a a kwa tlase.” Mme modisa ene o ne a araba jaana: “Jaaka sethunya sa lesoma fa gare ga mefero e e mitlwa, molekane wa me wa mosetsana o ntse jalo fa gare ga barweetsana”! (Sefela 2:1, 2) Ruri ba ne ba ratana.

5 E re ka Moshulame le modisa ba ne ba rata Modimo thata, ruri kamano ya bone ya lenyalo e ne e tla nonofa. Tota e bile, Moshulame o ne a raya modisa yono yo a neng a mo rata a re: “Mpaya jaaka letshwao mo pelong ya gago, jaaka letshwao mo lebogong la gago; ka gonne lorato lo nonofile jaaka loso, go ganelela ga lone mo boineelong jo bo feletseng ga go ineele fela jaaka Sheole e sa ineele. Go tuka ga lone ke go tuka ga molelo, kgabo ya ga Jah [ka gonne e tswa kwa go ene]. Metsi a le mantsi ka boone ga a kgone go tima lorato, le gone dinoka ka botsone ga di kgone go lo gogola. Fa motho a ne a ka aba dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tsa ntlo ya gagwe ka ntlha ya lorato, ruri batho ba ne ba tla di nyatsa.” (Sefela 8:6, 7) Fa motlhanka wa ga Jehofa a ipaakanyetsa go tsena mo lenyalong, ke eng fa a sa tshwanela go nyalana le mongwe le mongwe fela?

TLHOPHO E MODIMO A E TSAYANG E LE BOTLHOKWA

6, 7. Re itse jang gore Modimo o kgatlhegela molekane wa lenyalo yo re mo tlhophang?

6 Jehofa o a amega ka gore o tlhopha molekane wa lenyalo yo o ntseng jang. Baiseraele ba ne ba laelwa jaana malebana le baagi ba Bakanana: “O se ka wa dira kgolagano epe ya lenyalo le bone. O se ka wa naya morwaabone morwadio, e bile o se ka wa tseela morwao morwadiabone. Gonne o tla faposa morwao mo go ntshaleng morago, mme ba tla direla medimo e mengwe; mme ruri bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela, mme o tla go nyeletsa ka bonako.” (Dute. 7:3, 4) Dingwaga di le makgolokgolo moragonyana moperesiti Esera o ne a re: “Lona ka bolona lo dirile ka go tlhoka boikanyegi ka gonne lo ne lwa naya basadi ba sele bonno gore lo oketse molato wa Iseraele.” (Esera 10:10) Mme moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresetemmogo le ene jaana: “Mosadi yo o nyetsweng o golegilwe mo nakong yotlhe e monna wa gagwe a tshelang ka yone. Mme fa monna wa gagwe a ka robala mo losong, o gololesegile go nyalwa ke yo o mmatlang, e le mo Moreneng fela.”1 Bakor. 7:39.

7 Fa motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa a nyalana le motho yo e seng Mokeresete, o tla bo a sa ikobele Modimo. Baiseraele ba motlha wa ga Esera ba ne ba dira ka go tlhoka boikanyegi fa ba ne ba “naya basadi ba sele bonno,” mme go tla bo go le phoso go leka go itlhokomolosa taelo ya Dikwalo e e utlwalang sentle. (Esera 10:10; 2 Bakor. 6:14, 15) Mokeresete yo o nyalanang le motho yo e seng Mokeresete ga a tlhome sekao e bile ga a anaanele mpho ya Modimo ya lenyalo. Fa motho a dira jalo morago ga go kolobediwa a ka tseelwa ditshiamelo dingwe mo phuthegong ya Modimo. Mme go tla bo go sa utlwale go lebelela ditshegofatso ntswa o rapela o re, ‘Jehofa ke tlotse molao wa gago ka boomo, mme gone ke kopa gore o ntshegofatse.’

RRAARONA YO O KWA LEGODIMONG O ITSE SE SE MOLEMO

8. Tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go latela kaelo ya Modimo ya lenyalo.

8 Modiri wa motšhine o itse sentle kafa o berekang ka gone. Fa motšhini oo o tlhoka go kopanngwa, modiri wa one a ka kgona go go bolelela gore o o kopanye jang. Go tweng fa e le gore o itlhokomolosa ditaelo tsa gagwe mme o bo o o kopanya ka tsela e wena o ratang ka yone? Gongwe diphelelo e ka nna tse di sa itumediseng—fa e le gore gone motšhine oo o tla bereka. Fa e le gore re batla go nna le lenyalo le le itumetseng, re tshwanetse go latela ditaelo tse re di newang ke Jehofa, Modiri wa lenyalo.

9. Ke eng fa re ka re Jehofa o tlhaloganya maikutlo a go jewa ke bodutu mmogo le boitumelo jo bo ka nnang gone mo lenyalong?

9 Jehofa o itse sengwe le sengwe ka batho le ka lenyalo. O dirile gore batho ba nne le maikutlo a tlhakanelodikobo gore ba tle ba ‘ate ba ntsifale.’ (Gen. 1:28) Modimo o tlhaloganya maikutlo a go jewa ke bodutu, ka gonne pele a bopa mosadi wa ntlha o ne a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi; ke tla mo direla mothusi yo a mo tshwanetseng.” (Gen. 2:18, Byington) Gape Jehofa o itse sentle boitumelo jo bo ka nnang gone mo lenyalong.—Bala Diane 5:15-18.

10. Ke dilo dife tse di tshwanetseng go laola kamano ya tlhakanelodikobo ya banyalani ba Bakeresete?

10 Gompieno ga go na lenyalo le le se nang mathata ka gonne Adame wa moleofi o fetiseditse boleo le bosaitekanelang mo bathong botlhe. Le fa go ntse jalo, fa batlhanka ba ga Jehofa ba latela Lefoko la Modimo, ba ka nna le boitumelo jwa mmatota mo lenyalong. Ka sekai, akanya ka kgakololo e e utlwalang ya ga Paulo e e malebana le dikamano tsa tlhakanelodikobo mo lenyalong. (Bala 1 Bakorintha 7:1-5.) Dikwalo ga di bue gore batho ba ba nyalaneng ba tshwanetse go tlhakanela dikobo fela gore ba tshole bana. Tlhakanelodikobo e ka thusa banyalani ka se ba se tlhokang mo maikutlong le mo mmeleng. Mme gone ditiro tse di maswe tsa tlhakanelodikobo ruri ga di itumedise Modimo. Banna le basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisa mpho eno ka bonolo mme ba bontshane lorato lwa mmatota. Ke boammaaruri gore ba tshwanetse go tila ditiro dipe fela tse di ka kgopisang Jehofa.

11. Ruthe o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa?

11 Lenyalo le tshwanetse go nna le boitumelo e seng kutlobotlhoko le go lapisega pelo. Legae la Mokeresete le tshwanetse go nna lefelo le le lapolosang le la kagiso. Akanya ka se se diregileng dingwaga di le 3 000 tse di fetileng fa Naomi yo e neng e le motlholagadi yo o godileng mmogo le dingwetsi tsa gagwe e bong Orepa le Ruthe ba le bone e neng e le batlholagadi, ba ne ba le mo tseleng ba tswa kwa Moabe ba ya kwa Juda. Naomi o ne a rotloetsa basadi bano ba babotlana go boela kwa bathong ba ga bone. Ruthe wa Momoabe ga a ka a tlogela Naomi, o ne a ikanyega mo Modimong wa boammaaruri mme a tlhomamisediwa ‘tuelo e e feletseng go tswa kwa go Jehofa, yo a neng a senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa Gagwe.’ (Ruthe 1:9; 2:12) E re ka Ruthe a ne a anaanela thata mpho ya Modimo ya lenyalo, o ne a nna mosadi wa ga Boase yo o neng a tsofetse e bile e le moobamedi wa boammaaruri wa ga Jehofa. Fa a tsosiwa mo lefatsheng le lesha la Modimo, o tla itumelela go itse gore o ne a nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete. (Math. 1:1, 5, 6; Luke 3:23, 32) Ruri o ile a itumelela masego ka go bo a ile a dira dilo ka tsela ya ga Jehofa!

KGAKOLOLO E E MOLEMO YA GO NNA LE LENYALO LE LE ATLEGILENG

12. Motho a ka bona kae kgakololo e e molemo ka lenyalo?

12 Modiri wa lenyalo o re bolelela se re tshwanetseng go se itse gore re nne le lenyalo le le atlegileng. Ga go na motho ope yo o nang le kitso e e tshwanang le ya gagwe. Baebele e bua boammaaruri ka metlha, mme tsela fela e ka yone motho a ka nayang yo mongwe kgakololo e e molemo ka lenyalo, ke ka go mo naya kgakololo e e theilweng mo Baebeleng. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baef. 5:33) Ga go na sepe se Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba ka se kang ba se tlhaloganya ka kgakololo e e ntseng jalo ya Baebele. Potso ke gore, A ba tla dirisa Lefoko la ga Jehofa? Ba tla dira jalo, fa ruri ba anaanela mpho ya gagwe ya lenyalo. *

13. Go ka nna le diphelelo dife fa monna a palelwa ke go dirisa kgakololo e e mo go 1 Petere 3:7?

13 Monna yo o nyetseng wa Mokeresete o tshwanetse go dirisana le mosadi wa gagwe ka lorato. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le bone ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi, e re ka le lona lo le baruaboswa le bone ba letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo, e le gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” (1 Pet. 3:7) Dithapelo tsa monna yo o nyetseng di ka kgoreletsega fa a sa dirise kgakololo ya ga Jehofa. Bomoya jwa banyalani bao bo ka nna jwa amega fela thata, mme gongwe seno sa dira gore ba nne le kgatelelo e kgolo ya maikutlo, dikomang le go dirisana ka bogale.

14. Mosadi yo o lorato a ka nna le tlhotlheletso efe mo lelapeng la gagwe?

14 Mosadi yo o nyetsweng yo o kaelwang ke Lefoko la ga Jehofa le moya wa gagwe o o boitshepo a ka dira go le gontsi gore legae la gagwe e nne lefelo le le nang le kagiso le boitumelo. Ke ga tlholego fela gore monna yo o tshabang Modimo a rate mosadi wa gagwe a bo a mo sireletse semoyeng le ka tsela ya mmatota. Mosadi o eletsa go ikutlwa a ratiwa ke monna wa gagwe, ka jalo o bontsha dinonofo tse di dirang gore a mo rate thata. Diane 14:1, ya re: “Mosadi yo o botlhale tota o agile ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.” Mosadi yo o botlhale le yo o lorato o dira go le gontsi gore lelapa la gagwe le atlege le bo le itumele. Gape o bontsha gore ruri o anaanela mpho ya Modimo ya lenyalo.

15. Ke kgakololo efe e e fitlhelwang mo go Baefeso 5:22-25?

15 Fa banna le basadi ba latela sekao sa ga Jesu sa go dirisana le phuthego ya gagwe, ba bontsha gore ba anaanela mpho ya Modimo ya lenyalo. (Bala Baefeso 5:22-25.) A bo banyalani ba itumela jang ne fa ruri ba ratana e bile ba sa letle boikgogomoso, mokgwa wa bongwana wa go didimalelana, kgotsa mekgwa mengwe e e seng ya Bokeresete e senya lenyalo la bone!

A BA SE KGAOGANNGWE KE OPE

16. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba sa tsene mo lenyalong?

16 Le fa batho ba le bantsi ba rulaganyetsa go tsena mo lenyalong nako nngwe mo matshelong a bone, batlhanka bangwe ba ga Jehofa ga ba tsene mo lenyalong ka gonne ga ba kgone go bona molekane yo o ba itumedisang le yo o itumedisang Modimo. Ba bangwe ba na le mpho e ba e neilweng ke Modimo ya go nna ba se mo lenyalong, e e ba letlang go ineela mo tirelong ya ga Jehofa ba sa itewe tsebe ke lenyalo. Gone ke boammaaruri gore motho yo o seng mo lenyalong o tshwanetse go tshela ka ditekanyetso tse di tlhomilweng ke Jehofa.—Math. 19:10-12; 1 Bakor. 7:1, 6, 7, 17.

17. (a) Ke mafoko afe a ga Jesu a a malebana le lenyalo a re tshwanetseng go a gakologelwa? (b) Fa Mokeresete ope fela a ka simolola go eletsa molekane wa motho yo mongwe wa lenyalo, ke eng se a tshwanetseng go se dira ka bonako?

17 Rotlhe re tshwanetse go nna re gakologelwa mafoko ano a ga Jesu, re ka tswa re le mo lenyalong kgotsa re se mo go lone: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore [Modimo] yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:4-6) Go eletsa molekane wa motho yo mongwe wa lenyalo ke boleo. (Dute. 5:21) Fa Mokeresete ope fela a simolola go itetla go nna le keletso ya bopelotshetlha, o tshwanetse go tsiboga ka bonako go tlosa keletso eo e e leswe, tota le fa a ka utlwa botlhoko thata mo maikutlong ka go bo a ile a itetla go nna le dikeletso tsa bopelotshetlha. (Math. 5:27-30) Go botlhokwa go siamisa kakanyo e e ntseng jalo le go lwela go fedisa dikeletso tseo tsa boleo tsa pelo e e boferefere.—Jer. 17:9.

18. O akanya gore re tshwanetse go leba jang mpho ya Modimo ya lenyalo?

18 Tota le bontsi jwa batho ba ba itseng go le gonnye kgotsa ba sa itse sepe ka ga Jehofa Modimo le ka mpho ya gagwe e e molemo ya lenyalo, ba ile ba bontsha go anaanela lenyalo ka selekanyo se se rileng. A bo rona ba ba ineetseng mo ‘Modimong yo o itumetseng’ e bong Jehofa, re tshwanetse go itumela le go feta jang ne, re itumelela dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone mme re neye bosupi jwa gore ruri re anaanela mpho ya Modimo ya lenyalo!—1 Tim. 1:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

ALenyalo le le molemo le tlotla Jehofa e bile le ka tlisetsa mongwe le mongwe mo lelapeng boitumelo jo bogolo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ruthe o ne a bontsha go anaanela mpho ya Modimo ya lenyalo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o bontsha gore ruri o anaanela mpho ya Jehofa ya lenyalo?