Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bonatsa Kgalalelo ya ga Jehofa?

A o Bonatsa Kgalalelo ya ga Jehofa?

A o Bonatsa Kgalalelo ya ga Jehofa?

“Re bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa.”—2 BAKOR. 3:18.

O TLA ARABA JANG?

Le fa re le baleofi re ka galaletsa Jehofa jang?

Dithapelo tsa rona le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, di re thusa jang go bonatsa kgalalelo ya Modimo?

Ke eng se se ka re thusang go tswelela re galaletsa Jehofa?

1, 2. Ke eng fa go utlwala go solofela gore re ka etsa dinonofo tsa ga Jehofa?

KA TSELA nngwe rotlhe re tshwana le batsadi ba rona. Ka jalo, ga go gakgamatse go utlwa mongwe a raya ngwana wa mosimane a re: ‘O tshwana le rre wa gago.’ Ngwana wa mosetsana le ene a ka bolelelwa jaana: ‘O nkgopotsa mmè wa gago.’ Gantsi bana ba etsa se ba se bonang mo batsading ba bone. Mme go tweng ka rona? A re ka etsa Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa? Le fa re ise re mmone, re ka kgona go lemoga dinonofo tsa gagwe tse di botlhokwa ka go ithuta Lefoko la gagwe, ka go leba popo ya gagwe le ka go tlhatlhanya ka Dikwalo segolobogolo ka mafoko le ka ditiro tsa Morwa Modimo e bong Jesu Keresete. (Joh. 1:18; Bar. 1:20) Go a kgonega gore re bonatse kgalalelo ya ga Jehofa.

2 Pele Modimo a bopa Adame le Efa, o ne a tlhomamisegile gore batho ba tla dira thato ya gagwe, ba bontshe dinonofo tsa gagwe le go mo galaletsa. (Bala Genesise 1:26, 27.) E le go bontsha boineelo jwa bomodimo, re tshwanetse go nna le dinonofo tsa Ene yo o re bopileng. Fa re dira jalo, re tla nna le tshiamelo e kgolo ya go bonatsa kgalalelo ya Modimo go sa kgathalesege setso sa rona, thuto kgotsa tsela e re godisitsweng ka yone. Ka ntlha yang? Ka gonne “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Dit. 10:34, 35.

3. Bakeresete ba ka nna le maikutlo afe fa ba ntse ba direla Jehofa?

3 Bakeresete ba ba tloditsweng ba bontsha kgalalelo ya ga Jehofa. Ka jalo, moaposetoloi Paulo yo e neng e le mongwe wa bone o ne a kwala jaana: “Rona rotlhe, fa ka difatlhego tse di sirolotsweng re bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa, re fetolelwa mo go sone setshwano seo go tswa kgalalelong go ya kgalalelong.” (2 Bakor. 3:18) Fa moporofeti Moshe a fologa mo Thabeng ya Sinai a tshotse matlapa a a neng a kwadilwe Melao e e Lesome, sefatlhego sa gagwe se ne se ntsha marang ka gonne Jehofa o ne a buile le ene. (Ekes. 34:29, 30) Le fa gone Bakeresete ba ise ba itemogele seo e bile difatlhego tsa bone di sa ntshe marang, ba phatsima ka boitumelo fa ba ntse ba bolelela ba bangwe ka ga Jehofa, ka dinonofo tsa gagwe le ka maikaelelo a gagwe a a molemo ka batho. Fela jaaka diipone tsa bogologolo tsa tshipi tse di phatsimang, batlodiwa le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba bontsha kgalalelo ya ga Jehofa mo matshelong a bone le mo bodireding. (2 Bakor. 4:1) E re ka o le mmoledi wa ka metlha wa Bogosi, a o bontsha kgalalelo ya ga Jehofa ka go tshela ka tsela e e mo itumedisang?

RE ELETSA GO BONATSA KGALALELO YA GA JEHOFA

4, 5. (a) Fela jaaka Paulo, re lwantshana le eng? (b) Boleo bo re amile jang?

4 E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, ruri re batla go tlotla le go galaletsa Mmopi wa rona ka sengwe le sengwe se re se dirang. Le fa go ntse jalo, gantsi se re batlang go se dira ga se se re kgonang go se dira. Paulo o ne a tshwanelwa ke go emelana le bothata joo. (Bala Baroma 7:21-25.) Fa Paulo a ne a tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go emelana le dikeletso tse di phoso, o ne a kwala jaana: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Bar. 3:23) E re ka batho ba ile ba rua boleo mo go Adame wa moleofi, ba ne ba busiwa ka tsela e e setlhogo ke ‘Kgosi Boleo.’—Bar. 5:12; 6:12.

5 Boleo ke eng? Ke sengwe le sengwe se se leng kgatlhanong le botho jwa ga Jehofa, ditsela tsa gagwe, melao ya gagwe le thato ya gagwe. Boleo bo senya kamano ya motho le Modimo. Bo dira gore re fose letshwao fela jaaka mohulametswi a ka fosa se a batlang go se korola. Re ka leofa ka boomo kgotsa ka phoso. (Dipa. 15:27-31) Boleo bo tseneletse mo bathong mme bo dira gore go nne le legora magareng ga bone le Mmopi wa bone. (Pes. 51:5; Isa. 59:2; Bakol. 1:21) Ka jalo, batho ba tshela ka tsela e e dirang gore ba tlhobogane le Jehofa mme ba latlhegelwa ke tshono e e tlhwatlhwakgolo ya go bontsha kgalalelo ya Modimo. Kwantle ga pelaelo, boleo ke bogole jo bo maswe thata jo bo bogisang batho.

6. Re ka galaletsa Modimo jang le fa re le baleofi?

6 Go sa kgathalesege boemo jwa rona jwa boleo, Jehofa o itshupile e le “Modimo yo o nayang tsholofelo.” (Bar. 15:13) O ntshitse setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete go fedisa boleo. Fa re bontsha tumelo mo setlhabelong seo, ga re tlhole re le “batlhanka ba boleo,” mme re kgona go bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa. (Bar. 5:19; 6:6; Joh. 3:16) Fa re tswelela go nna ditsala tsa Modimo re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa gone jaanong le mo isagweng e bile o tla dira gore re itekanele le go re naya botshelo jo bo sa khutleng. Le fa re sa ntse re le baleofi, a bo e le tshegofatso jang ne go bo Modimo a re leba re le batho ba ba ka bontshang kgalalelo ya gagwe!

GO BONATSA KGALALELO YA MODIMO

7. Ke eng se re tshwanetseng go se dumela malebana le boemo jwa rona e le gore re bonatse kgalalelo ya Modimo?

7 E le gore re kgone go bontsha kgalalelo ya Modimo, re tshwanetse go itse gore re baleofi. (2 Ditir. 6:36) Re tshwanetse go lemoga ditshekamelo tsa rona tsa boleo mme re bo re ithuta go di laola e le gore re kgone go gatela pele go fitlha re galaletsa Modimo ka tsela ya mmatota. Ka sekai, fa re wetse mo boleong jo bo tlontlololang jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang, re tshwanetse go amogela gore re tlhoka thuso ya semoya—mme re tseye kgato go kopa thuso. (Jak. 5:14, 15) Seno e tla nna kgato ya ntlha ya go tshela botshelo jo bo tlotlang Modimo ka botlalo. E re ka re le baobamedi ba ga Jehofa, re tshwanetse go tswelela re itlhatlhoba gore a re sa ntse re latela melao ya gagwe e e siameng. (Dia. 28:18; 1 Bakor. 10:12) Le fa tshekamelo ya rona ya boleo e ka tswa e le efe, re tshwanetse go nna re leka go e lwantsha, e le gore re bonatse kgalalelo ya Modimo.

8. Le fa re sa itekanela, ke eng se re tshwanetseng go se dira?

8 Jesu ke ene motho a le esi fela yo o kileng a tshela a bo a swa a sa palelwa ke go itumedisa Modimo le go bontsha kgalalelo ya Gagwe. Le fa rona re farologana le Jesu ka go bo re sa itekanela, re ka kgona go latela sekao sa gagwe e bile re tshwanetse go leka ka natla go se latela. (1 Pet. 2:21) Jehofa o bona maiteko a rona le kgatelopele e re e dirang mme o segofatsa maiteko a re a dirang ka tlhoafalo go mo galaletsa.

9. Baebele e thusa jang Bakeresete ba ba eletsang go tshela go dumalana le se Modimo a se batlang?

9 Lefoko la ga Jehofa le le kwadilweng le ka re thusa go tlhaloganya tsela e e molemo e re tshwanetseng go bontsha kgalalelo ya Modimo ka yone. Go botlhokwa go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo le go tlhatlhanya ka se re se balang mo Baebeleng. (Pes. 1:1-3) Go bala Dikwalo ka metlha go tla re thusa go nna Bakeresete ba ba botoka. (Bala Jakobe 1:22-25.) Go nna le kitso ya Baebele ke motheo wa tumelo ya rona e bile go re thusa go nonotsha maikemisetso a rona a go tila boleo jo bo masisi le a go itumedisa Jehofa.—Pes. 119:11, 47, 48.

10. Thapelo e ka re thusa jang gore re direle Jehofa ka botlalo?

10 Gore re bontshe kgalalelo ya Modimo, gape re tshwanetse go ‘nnela ruri mo thapelong.’ (Bar. 12:12) Re ka kgona go rapela Jehofa e bile re tshwanetse go mo rapela gore a re thuse gore re mo direle ka tsela e e tshwanetseng. Ka jalo, re ka mo kopa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo, tumelo e e oketsegileng, maatla a go emelana le teko le bokgoni jwa go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Tim. 2:15; Math. 6:13; Luke 11:13; 17:5) Fela jaaka ngwana a ikaega ka rraagwe, le rona re tshwanetse go ikaega ka Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa. Fa re mo kopa gore a re thuse gore re mo direle ka botlalo, re ka tlhomamisega gore o tla dira jalo. A le ka motlha re se ka ra ikutlwa e kete re a mo tshwenya! Go na le moo, a re mmakeng ka thapelo, re mo leboge, re batle kaelo mo go ene segolobogolo fa re lebane le teko, mme re mo kope gore a re thuse gore re mo direle ka ditsela tse di tla galaletsang leina la gagwe le le boitshepo.—Pes. 86:12; Jak. 1:5-7.

11. Dipokano tsa Bokeresete di re thusa jang go bontsha kgalalelo ya Modimo?

11 Modimo o neile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” maikarabelo a go tlhokomela dinku tsa gagwe tse di botlhokwa. (Math. 24:45-47; Pes. 100:3) Setlhopha sa motlhanka se kgatlhegela thata kafa badumedimmogo le bone ba bontshang kgalalelo ya ga Jehofa ka gone. Dipokano di re thusa go dira diphetogo mo matshelong a rona le go tokafatsa dinonofo tsa rona tsa Bokeresete, fela jaaka moroki a ka baakanya diaparo tsa rona go dira gore re lebege re le bantle. (Baheb. 10:24, 25) Ka jalo, a re gorogeng ka nako kwa dipokanong, ka gonne fa re itlwaetsa go goroga thari re ka se solegelwe molemo ke thuso yotlhe e re ka e bonang kwa dipokanong.

A RE ETSENG MODIMO

12. Re ka etsa Modimo jang?

12 Gore re kgone go bontsha kgalalelo ya ga Jehofa, re tshwanetse go ‘nna baetsi ba Modimo.’ (Baef. 5:1) Tsela nngwe e re ka etsang Jehofa ka yone, ke go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone. Fa re leka go tshela ka tsela nngwe e sele, seo ke go mo tlontlolola e bile se ka re leretse mathata. E re ka lefatshe le re tshelang mo go lone le laolwa ke yo o boikepo e bong Satane Diabolo, re tshwanetse go dira ka natla gore re tlhoe se Jehofa a se tlhoileng le go rata thata se a se ratang. (Pes. 97:10; 1 Joh. 5:19) Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore tsela e le yosi fela e e siameng ya go direla Modimo, ke ka go dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya gagwe.—Bala 1 Bakorintha 10:31.

13. Ke eng fa re tshwanetse go tlhoa boleo, mme seno se tla re tlhotlheletsa go dira eng?

13 Jehofa o tlhoile boleo mme le rona re tshwanetse go bo tlhoa. Fa re tlhoile boleo, re tla katogela kgakala le sengwe le sengwe se se ka dirang gore re leofe. Ka sekai, re tshwanetse go ikela tlhoko kgatlhanong le go ineelela mo botlhanoging, e leng boleo jo bo tla dirang gore re se ka ra tshwanelega go galaletsa Modimo. (Dute. 13:6-9) Ka jalo, a re se amaneng ka gope le batlhanogi kgotsa le ope fela yo o ipitsang mokaulengwe mme a tlontlolola Modimo. Re tshwanetse ra dira jalo tota le fa motho yoo e le mongwe wa mo lelapeng la rona. (1 Bakor. 5:11) Ga re solegelwe molemo ka gope fa re leka go ngangisana le batlhanogi kgotsa le batho ba ba tshwayatshwayang phuthego ya ga Jehofa diphoso. Tota e bile, go ka tsenya bomoya jwa rona mo kotsing e bile ga go a siama go leba tshedimosetso ya bone, e ka tswa e le mo dikgatisong tsa bone kgotsa mo Internet.—Bala Isaia 5:20; Mathaio 7:6.

14. Fa re leka go bontsha kgalalelo ya Modimo, ke nonofo efe e e tshwanetseng go bonala thata mo go rona, mme ka ntlha yang?

14 Go bontsha lorato, ke tsela e e tlhomologileng thata e re ka etsang Rraarona yo o kwa legodimong ka yone. Ee, re tshwanetse go bontsha lorato jaaka ene. (1 Joh. 4:16-19) Tota e bile, lorato lo re ratanang ka lone lo re tlhaola re le barutwa ba ga Jesu le batlhanka ba ga Jehofa. (Joh. 13:34, 35) Le fa ka dinako dingwe boemo jwa rona jwa boleo jo re bo ruileng bo ka re kgoreletsa, re tshwanetse go lwa le jone mme re bontshe lorato ka metlha. Go leka ka natla go nna le lorato le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo go tla re thusa gore re se ka ra dira boleo le dilo tse di sa supeng lorato.—2 Pet. 1:5-7.

15. Lorato lo ama jang tsela e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone?

15 Lorato lo dira gore re batle go direla batho ba bangwe dilo tse di molemo. (Bar. 13:8-10) Ka sekai, go rata molekane wa gago go tla dira gore o se ka wa leswafatsa bolao jwa lenyalo. Go rata bagolwane le go tlotla tiro ya bone go tla re thusa gore re nne kutlo re bo re ikobele ditaelo tsa bone. Bana ba ba ratang batsadi ba bone ba a ba ikobela le go ba tlotla mme ga ba bue ka bone ka tsela e e sa siamang. Fa re rata batho, ga re kitla re ba leba ba se botlhokwa kgotsa le e leng go bua le bone ka tsela e e sa bontsheng tlotlo. (Jak. 3:9) Bagolwane ba ba ratang dinku tsa Modimo ba dirisana le tsone ka bonolo.—Dit. 20:28, 29.

16. Go bontsha lorato go tla re thusa jang mo bodireding?

16 Gape nonofo ya lorato e tshwanetse go bonala mo bodireding jwa rona. E re ka re rata Jehofa ka lorato lo logolo, ga re kitla re itetla go kgobega marapo fa beng ba matlo ba sa kgatlhege kgotsa ba re ganetsa. Go na le moo, re tla tswelela go rera dikgang tse di molemo. Lorato lo tla re tlhotlheletsa go baakanyetsa sentle le go leka ka natla gore re atlege mo bodireding. Fa e le gore tota re rata Modimo le moagelani, re ka se lebe tiro ya go rera ka Bogosi e le mokgweleo. Go na le moo, re tla e tsaya e le tshiamelo e kgolo mme re tla e dira ka boipelo.—Math. 10:7.

TSWELELA O GALALETSA JEHOFA

17. Ke ka ntlha yang fa go amogela gore re tlhaela kgalalelo ya Modimo go re solegela molemo?

17 Lefatshe ga le lemoge bomasisi jwa boleo, mme rona re a bo lemoga. Seno se dira gore re nne kelotlhoko gore re tshwanetse go lwa le tshekamelo ya rona ya go dira boleo. Go amogela gore re baleofi go tla re thusa gore re thapise digakolodi tsa rona gore di re tlhotlheletse go tsaya kgato e e tshwanetseng fa re simolola go nna le maikutlo a boleo mo mogopolong le mo pelong. (Bar. 7:22, 23) Ke boammaaruri gore re ka tswa re le bokoa, mme gone, Modimo a ka re nonotsha gore re dire se se tshwanetseng mo boemong bope fela jo re ka lebanang le jone.—2 Bakor. 12:10.

18, 19. (a) Ke eng se se re thusang go atlega mo ntweng ya rona kgatlhanong le meya e e boikepo? (b) Re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?

18 Fa e le gore re batla go galaletsa Jehofa, gape re tshwanetse go lwa le meya e e boikepo. Diaparo tsa semoya tsa tlhabano tse Modimo a re neileng tsone di re thusa gore re dire seo ka katlego. (Baef. 6:11-13) Satane ga a kgaotse go leka go tseela Jehofa kgalalelo e e tshwanelang Ene a le esi. Gape Diabolo o tswelela a dira maiteko ape fela go leka go senya kamano e re nang le yone le Jehofa. Mme a bo Satane a ikutlwa a swabile jang ne fa rona le dimilionemilione tse dingwe tsa banna, basadi le bana ba ba sa itekanelang ba tswelela ba bolokile bothokgami e bile ba galaletsa Modimo! Ka jalo, a re tsweleleng re baka Jehofa fela jaaka dibopiwa tse di kwa legodimong tse di goang di re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”—Tshen. 4:11.

19 A re ititeyeng sehuba go tswelela re galaletsa Jehofa, le fa go ka nna jang. Ruri Jehofa o ipelela gore batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ba dira bojotlhe go mo etsa le go bontsha kgalalelo ya gagwe. (Dia. 27:11) E kete re ka ikutlwa fela jaaka Dafide yo a neng a opela jaana: “Ke a go baka, wena Jehofa Modimo wa me, ka pelo ya me yotlhe, mme ke tla galaletsa leina la gago ka bosakhutleng.” (Pes. 86:12) A bo re lebile pele jang ne mo letsatsing le re tla bong re bontsha kgalalelo ya ga Jehofa ka botlalo e bile re kgona go mmaka ka bosakhutleng! Batho ba ba kutlo ba tla ipelela seo. A gone jaanong o bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa Modimo, o na le tsholofelo ya go dira jalo ka bosakhutleng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

A o bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa ka ditsela tseno?