Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke jang loso lwa batho ba ba ikanyegang ba ga Jehofa lo leng “tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe”?

▪ Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa go opela jaana: “Loso lwa batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang lo tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” (Pes. 116:15) Botshelo jwa moobamedi mongwe le mongwe wa boammaaruri wa ga Jehofa, bo tlhwatlhwakgolo thata mo go ene. Le fa go ntse jalo, mafoko a a sa tswang go nopolwa mo go Pesalema 116, a kaya se se fetang loso lwa motho a le nosi fela.

Fa mokaulengwe a neela puo ya phitlho ya Mokeresete, ga go a tshwanela gore a lebise Pesalema 116:15 mo mothong yo o tlhokafetseng, tota le fa a tlhokafetse e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne mafoko a mopesalema a kaya se se fetang seo. A kaya gore Modimo ga a kitla a letlelela gore setlhopha sotlhe sa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang se swe, ka gonne o ba tsaya ba le botlhokwa.—Bona Pesalema 72:14; 116:8.

Pesalema 116:15 e re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a kitla a letla gore setlhopha sotlhe sa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng se fedisiwe. Tota e bile, ditiragalo tsa motlha wa rona di bontsha gore re setse re itshoketse diteko tse di masisi le dipogiso, mme seo ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Modimo ga a kitla a letlelela gore re fedisiwe.

E re ka Jehofa a na le maatla a magolo le boikaelelo jwa gagwe bo sa palelwe, ga a kitla a letla gore re fedisiwe rotlhe rona batlhanka ba gagwe. Fa Modimo a ne a ka letlelela seo, go ne go tla nna e kete baba ba gagwe ba maatla go mo feta—seo ga se kitla se kgonega! Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore lefatshe leno le nniwe ke batho ba ba ikanyegang bo tla bo bo sa diragadiwa—mme seo se ka se kgonege. (Isa. 45:18; 55:10, 11) Tota le go direla Jehofa tirelo e e boitshepo go ne go tla kgaotsa mo lefatsheng, fa go se na batho ba ba mo obamelang mo malwapeng a a mo lefatsheng a tempele ya gagwe e kgolo ya semoya! Go ne go ka se nne le batho bape ba ba tla bopang “lefatshe le lesha”—batho ba ba siameng ba ba tshelang mo lefatsheng ba laolwa ke “legodimo le lesha.” (Tshen. 21:1) Mme le Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete e ne e ka se nne ya mmatota fa go se na babusiwa bape mo lefatsheng.—Tshen. 20:4, 5.

Boemo jwa Modimo le tsela e a itsegeng ka yone, bo ne bo tla belaelwa fa a ne a ka letla baba ba gagwe gore ba fedise batho botlhe ba gagwe mo lefatsheng. Fa seo se ka direga, seo se ne se tla dira gore boemo jwa ga Jehofa e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe bo kgobiwe. Mo godimo ga moo, e re ka Jehofa a itlotla e bile a tlotla leina la gagwe le le boitshepo, ga a kitla a letla gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba swe botlhe. Akanya ka seno: E re ka ‘go se na botlhoka tshiamiso’ mo Modimong, ga a kitla a palelwa ke go boloka setlhopha sotlhe sa batho ba gagwe ba ba ntseng ba mo direla ka boikanyegi. (Dute. 32:4; Gen. 18:25) Mo godimo ga moo, fa Jehofa a ka letla gore setlhopha sotlhe sa batlhanka ba gagwe se fedisiwe, seo se tla bo se sa dumalane le Lefoko la Modimo: “Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo.” (1 Sam. 12:22) Eleruri, “Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe, le fa e le go tlogela boswa jwa gagwe.”—Pes. 94:14.

A bo go gomotsa jang ne go itse gore batho ba ga Jehofa ga ba kitla ba nyelediwa mo lefatsheng! Ka jalo, a re lekeng ka natla gore ka metlha re nne re ikanyega mo Modimong, re ikanya tsholofetso eno ya gagwe: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa, mme tshiamo ya bone e tswa mo go nna.”—Isa. 54:17.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Modimo ga a kitla a letlelela gore batho ba gagwe ba fedisiwe