Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Disang Sebediso sa Bafarasai”

“Disang Sebediso sa Bafarasai”

“Disang Sebediso sa Bafarasai”

Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Disang sebediso sa Bafarasai, se e leng boitimokanyo.” (Luke 12:1) Pego e e tsamaisanang le mafoko ao a ga Jesu e bontsha sentle gore o ne a kgala “thuto” ya Bafarasai.—Math. 16:12.

Ka dinako dingwe Baebele e dirisa mafoko “sebediso” kgotsa tlhabego, go tshwantshetsa tlhotlheletso e e bosula. Ga go pelaelo gore dithuto tsa Bafarasai le mekgwa ya bone di ne tsa dira gore batho ba ba neng ba ba reeditse ba nne le mekgwa e e bosula. Ke eng fa dithuto tsa Bafarasai di ne di le kotsi jaana?

1 Bafarasai ba ne ba ipelafatsa ka go re ke basiami, mme ba ne ba nyatsa batho ba maemo a a kwa tlase.

Jesu o ne a bua ka mokgwa ono wa go ipona tshiamo mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe. O ne a re: “Mofarasai a ema mme a simolola go rapela dilo tseno mo pelong, ‘Ao tlhe Modimo, ke a go leboga gore ga ke tshwane le batho ba bangwe botlhe, ba ba tsayang ka dikgoka, ba ba sa siamang, baakafadi, kgotsa le mokgethisi yono. Ke itima dijo gabedi ka beke, ke ntsha nngwesomeng ya dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’ Mme mokgethisi yo o neng a eme kgakajana o ne a sa batle go tlhatlosetsa matlho a gagwe ntlheng ya legodimo, mme a nna a itaya sehuba sa gagwe, a re, ‘Ao tlhe Modimo, nna pelontle mo go nna moleofi.’”—Luke 18:11-13.

Jesu o ne a akgola mokgethisi ka ntlha ya boikokobetso jo a neng a na le jone a re: “Ke a lo bolelela, Monna yono o ne a fologela kwa legaeng la gagwe a supilwe a siame go gaisa monna yole; ka gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Luke 18:14) Le fa bakgethisi ba ne ba itsege ka go se ikanyege, Jesu o ne a batla go thusa ba ba neng ba batla go mo reetsa. Mo e ka nnang bakgethisi ba babedi—Mathaio le Sakaio—ba ne ba nna balatedi ba gagwe.

Go tweng fa e le gore re ne re ka akanya gore re botoka go feta batho ba bangwe ka ntlha ya bokgoni kgotsa ditshiamelo tse re di neilweng ke Modimo kgotsa ka ntlha ya makoa le go retelelwa ga batho ba bangwe? Ka bonako fela re tshwanetse go ntsha dikgopolo tse di ntseng jalo, ka gonne Dikwalo tsa re: “Lorato lo pelotelele; lorato lo pelonomi e bile ga lo fufegele ope. Lorato ga lo ke lo ikgantsha mme ga lo ikgogomose e bile ga lo mabifi; ga lo ke lo ipatlela melemo ya lone fela e bile ga lo kgopisege ka bonako. Lorato ga lo gopole diphoso; ga lo ipelele maleo a batho ba bangwe, mme lo ipelela boammaaruri.”—1 Bakor. 13:4-6, The New English Bible.

Re tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanang le ya ga moaposetoloi Paulo. Morago ga go umaka gore “Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi,” Paulo o ne a oketsa ka gore: “Mo go bano ke kwa pelepele.”—1 Tim. 1:15.

Dipotso tsa go tlhatlhanya:

A ke a lemoga gore ke moleofi le gore poloko ya me e ikaegile ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa? Kgotsa a ke akanya gore ke botoka mo go ba bangwe ka gonne ga ke a bolo go direla Jehofa dingwaga di le dintsi, kgotsa ka gonne ke na le maikarabelo mo phuthegong ya Modimo kgotsa ke na le bokgoni bongwe jo ba bangwe ba se nang jone?

2 Bafarasai ba ne ba batla go kgatlha batho ba bangwe ka go bontsha phatlalatsa gore bone ke basiami. Ba ne ba rata go tlhagelela e bile ba rata go bidiwa ka direto tse di kgethegileng.

Mme Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Ditiro tsotlhe tse ba di dirang ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba atolosa dikgetsinyana tse di nang le dikwalo tse ba di rwalang e le tshireletso, e bile ba lelefatsa makantsa a diaparo tsa bone. Ba rata mafelo a a tlhomologileng thata mo dijong tsa maitseboa le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng, le ditumediso mo marekisetsong le go bidiwa Rabi ke batho.” (Math. 23:5-7) Bapisa mokgwa wa bone le wa ga Jesu. Le fa Jesu e ne e le Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, o ne a ikokobeditse. Fa monna mongwe a ne a mmitsa yo o “molemo,” o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo.” (Mar. 10:18) Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, mme ka go dira jalo, a tlhomela balatedi ba gagwe sekao sa boikokobetso.—Joh. 13:1-15.

Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go direla badumedimmogo le ene. (Bagal. 5:13) Go ntse jalo segolobogolo ka batho ba ba batlang go tshwanelegela go nna balebedi mo phuthegong. Ke selo se se molemo go “kgaratlhela tiro ya bolebedi,” mme mokgele ono e tshwanetse ya nna go batla go thusa ba bangwe. “Tiro” eno ga se maemo a go batla go tlhagelela kgotsa go batla go laola batho ba bangwe. Botlhe ba ba direlang e le balebedi ba tshwanetse go nna “boikokobetso mo pelong,” fela jaaka Jesu.—1 Tim. 3:1, 6; Math. 11:29.

Dipotso tsa go tlhatlhanya:

A ke tshwara bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong botoka go feta ba bangwe, ka gonne ke solofetse gore ba tla nnaya ditshiamelo tse di oketsegileng? Mo kobamelong e ke e direlang Modimo, a ke rata go dira dilo tse di tla dirang gore ke bonwe ke batho mme ba nkakgole? A ka metlha ke leka go gaisa ba bangwe?

3 Melao ya Bafarasai le dingwao tsa bone di ne di dira gore go nne thata gore batho ba maemo a a kwa tlase ba diragatse Molao.

Molao wa ga Moshe o ne o bontsha kafa Baiseraele ba tshwanetseng go obamela Jehofa ka teng. Le fa go ntse jalo, o ne o sa tlhalose sengwe le sengwe. Ka sekai, Molao o ne o sa letle gore go berekiwe ka Sabata, mme gone o ne o sa tlhalose ka botlalo gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa le se se sa tshwanelang go dirwa ka letsatsi leo. (Ekes. 20:10) Bafarasai ba ne ba oketsa Molao wa ga Jehofa ka melao le dingwao tsa bone ka gonne ba ne ba akanya gore Molao wa ga Jehofa ga o tlhalose dintlha ka botlalo. Jesu o ne a ikobela Molao wa ga Moshe, mme o ne a itlhokomolosa melao e e gagametseng ya Bafarasai. (Math. 5:17, 18; 23:23) O ne a tlhaloganya mabaka a go bo Modimo a tlhomile Molao oo. Jesu o ne a lemoga gore lebaka la go bo Modimo a tlhomile Molao, e ne e le gore batho ba bontshe bopelotlhomogi le lorato. O ne a le tekatekano tota le fa balatedi ba gagwe ba ne ba mo utlwisa botlhoko. Ka sekai, le fa a ne a kgothaletsa baaposetoloi ba gagwe ba le bararo go nna ba tsogile le go nna ba disitse mo bosigong jo a tshwerweng ka jone, ba ne ba nna ba robala. Le fa go ntse jalo, o ne a bua jaana le bone ka bopelotlhomogi: “Moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mar. 14:34-42.

Dipotso tsa go tlhatlhanya:

A ke batla go itlhomela melao e e gagametseng e ke batlang gore ba bangwe ba tshele ka yone kgotsa a ke dira gore dilo tse ke akanyang gore di siame e nne molao? A ke lebeletse gore ba bangwe ba dire go le gontsi go feta kafa ba ka kgonang ka teng?

Akanya kafa dithuto tsa ga Jesu di neng di farologane ka teng le tsa Bafarasai. A o lemoga ditsela tse o ka tokafatsang mo go tsone? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng fa o sa ikemisetse go tokafatsa?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bafarasai ba ne ba rwala dikgetsinyana tse di nang le dikwalo.—Math. 23:2, 5

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Go farologana le Bafarasai ba ba mabela, bagolwane ba Bakeresete ba ba ikokobeditseng ba direla batho ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

A o pelonomi jaaka Jesu kgotsa o lebeletse gore batho ba bangwe ba dire go le gontsi go feta kafa ba ka kgonang ka teng?