Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Jehofa—Modimo wa “Metlha le Dipaka”

Ikanye Jehofa—Modimo wa “Metlha le Dipaka”

Ikanye Jehofa—Modimo wa “Metlha le Dipaka”

“O fetola metlha le dipaka, o tlosa dikgosi e bile o tlhoma dikgosi.”—DAN. 2:21.

O KA ARABA JANG?

Popo le boporofeti jo bo diragaditsweng di bontsha jang gore Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo?

Go itse gore Jehofa ke Modimo wa “metlha le dipaka,” go re tlhotlheletsa go dira eng?

Ke ka ntlha yang fa nako e Jehofa a e beileng e sa laolwe ke ditiragalo tsa lefatshe le dithulaganyo tsa batho?

1, 2. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o tlhaloganya nako ka botlalo?

JEHOFA MODIMO o ne a dira gore go kgonege go bala nako, bogologolo pele a bopa motho. Mo letsatsing la bonè la popo, Modimo o ne a re: “A go nne le masedi mo phuthologong ya magodimo gore a kgaoganye motshegare le bosigo; mme a a nne ditshupo tsa dipaka le malatsi le dingwaga.” (Gen. 1:14, 19, 26) Ruri go ne ga nna fela jalo, go dumalana le thato ya ga Jehofa.

2 Le fa go ntse jalo, go tla go fitlha jaanong baitsesaense ga ba kgone go tlhalosa se tota nako e leng sone. Buka nngwe ya tshedimosetso ya re: “Nako ke sengwe se e leng masaitseweng a magolo mo lefatsheng. Ga go motho ope yo o ka buang gore tota ke eng.” Le fa go ntse jalo, Jehofa ke ene a tlhaloganyang nako ka botlalo. Tota e bile, ke “Mmopi wa magodimo, . . . Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone.” Gape Jehofa ke “Ene yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.” (Isa. 45:18; 46:10) E re ka re batla go nonotsha tumelo ya rona mo go ene le mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, mma re sekasekeng kafa popo le boporofeti jo bo diragaditsweng di bontshang ka gone gore Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo.

POPO E DIRA GORE RE NNE LE TUMELO MO GO MMOLOKANAKO YO MOGOLO

3. Dilo tse di bopilweng di kgona go boloka nako e e tlhomameng jang?

3 Dilo tse dikgolo le tse dinnye tse di bopilweng, di kgona go boloka nako ka nepo. Diatomo di roroma ka tsela e e tlhomameng. Ditshupanako tse di kgethegileng tse di dirisang diatomo go bala nako, ga di fose le eleng motsotswana tota le morago ga dingwaga di le dimilione di le 80. Dipolanete le dinaledi, le tsone di dikologa ka tsela e e tlhomameng. Di dikologa ka tsela e e leng gore re kgona go itse e sa le pele gore di tla bo di le fa kae mo loaping mme seno se thusa batho go itse dipaka le go itse sentle kwa ba yang teng fa ba le mo loetong. Jehofa yo e leng Modiri wa diatomo le dinaledi o “na le nonofo e kgolo,” e bile o tshwanelwa ke gore re mmake.—Bala Isaia 40:26.

4. Ditshedi tse di mo lefatsheng di bontsha jang botlhale jwa Modimo malebana le nako?

4 Nako e e tlhomameng e ka lemogiwa gape le mo ditsheding tse di mo lefatsheng. Botshelo jwa dijalo di le dintsi le diphologolo bo laolwa ke thulaganyo e di bopilweng di na le yone. Dinonyane di le dintsi ka tlholego fela di itse gore ke leng di tshwanetseng go fuduga. (Jer. 8:7) Batho le bone ba na le thulaganyo e e laolang mebele ya bone. Ka sekai, mmele wa motho o a mmolelela fa e le motshegare le fa e le bosigo. Fa re tsamaya ka sefofane re ya kwa karolong nngwe ya lefatshe kwa nako ya teng e sa tshwaneng le nako e re e tlwaetseng, mebele ya rona e ka tlhoka malatsi a le mmalwa gore e tlwaele nako ya koo. Ke boammaaruri gore dikao di le dintsi tsa nako tse re di bonang mo popong, di bontsha maatla le botlhale jwa Modimo wa “metlha le dipaka.” (Bala Pesalema 104:24.) Ee, Mmolokanako yo Mogolo o na le botlhale jo bo sa feleng le maatla otlhe. Re ka nna le tumelo ya gore o tla diragatsa maikaelelo a gagwe!

BOPOROFETI JO BO DIRAGADITSWENG KA NAKO BO NONOTSHA TUMELO

5. (a) Ke tsela efe e le nngwe fela e ka yone re ka itseng isagwe ya batho? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ka bolelela pele ditiragalo le nako e di tla diragalang ka yone?

5 Dilo tse Jehofa a di bopileng di re ruta go le gontsi ka “dinonofo tse di sa bonaleng” tsa gagwe, le fa go ntse jalo ga di arabe dipotso tse di botlhokwa tse di jaaka gore, Batho ba na le isagwe e e ntseng jang? (Bar. 1:20) Go bona karabo re tshwanetse go leba se Modimo a re senolelang sone mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. Fa re le sekaseka, re fitlhela boporofeti jo ka metlha bo ileng jwa diragadiwa ka nako e e tshwanetseng! Jehofa a ka senola se se sa ntseng se tla diragala ka gonne o kgona go bonela pele isagwe ka nepo. Mo godimo ga moo, se Dikwalo di se bolelelang pele, se direga ka nako ka gonne Jehofa Modimo a ka dira gore dilo di diragale go ya ka maikaelelo a gagwe le ka nako e a e beileng.

6. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o batla gore re tlhaloganye go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele?

6 Jehofa o batla gore baobamedi ba gagwe ba tlhaloganye boporofeti jwa Dikwalo le gore bo ba solegele molemo. Le fa Modimo a sa lebe nako ka tsela e rona re e lebang ka yone, re kgona go tlhaloganya mareo a a a dirisang fa a bolelela pele gore go tla direga sengwe ka nako e e rileng. (Bala Pesalema 90:4.) Ka sekai, buka ya Tshenolo e bua ka “baengele ba banè” ba ba neng “ba baakanyeditswe ura le letsatsi le kgwedi le ngwaga”—e leng mareo a nako a re ka a tlhaloganyang. (Tshen. 9:14, 15) Fa re bona kafa boporofeti bo ileng jwa diragadiwa ka teng ka dinako tse di neng di beilwe, go tshwanetse ga tlhotlheletsa tumelo ya rona mo Modimong wa “metlha le dipaka” le mo Lefokong la gagwe. Mma re sekasekeng dikai di le mmalwa.

7. Go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Jeremia jo bo malebana le Jerusalema le Juda go bontsha jang gore Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo?

7 Santlha, a re lebeng kwa morago mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. “Mo ngwageng wa bonè wa ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juda,” lefoko la Mmolokanako yo Mogolo le ne la “tla mo go Jeremia ka ga batho botlhe ba Juda.” (Jer. 25:1) Jehofa o ne a bolelela pele go senngwa ga Jerusalema le go fudusiwa ga Bajuda go tswa mo lefatsheng la Juda ba isiwa kwa Babelona. Ke gone koo ba neng ba tla “direla kgosi ya Babelona dingwaga di le masomeasupa.” Masole a Bababelona a ne a senya Jerusalema ka 607 B.C.E., mme ruri Bajuda ba ba tswang kwa Juda ba ne ba fudusediwa kwa Babelona. Mme gone ke eng se se neng se tla direga kwa bofelong jwa dingwaga di le 70? Jeremia o ne a porofeta jaana: “Gonne Jehofa o buile jaana, ‘E tla re dingwaga di le masome a supa di wela kwa Babelona ke tla lebisa tlhokomelo ya me kwa go lona, mme ke tla tlhomamisa mo go lona lefoko la me le le molemo ka go lo busetsa mo lefelong leno.’” (Jer. 25:11, 12; 29:10) Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka nako e e tshwanetseng—ka 537 B.C.E. morago ga gore Bameda le Baperesia ba golole Bajuda go tswa kwa Babelona.

8, 9. Boporofeti jwa ga Daniele jo bo malebana le go tla ga ga Mesia le go tlhomiwa ga Bogosi jwa kwa legodimong, bo bontsha jang gore Jehofa ke Modimo wa “metlha le dipaka”?

8 Akanya ka boporofeti jo bongwe gape jo bo amang batho ba Modimo ba metlha ya bogologolo. Mo e ka nnang dingwaga di le pedi pele ga Bajuda ba tswa kwa Babelona, Modimo o ne a dirisa moporofeti Daniele go bolelela pele gore Mesia o ne a tla tlhaga dingwaga di le 483 morago ga gore go ntshiwe taelo ya gore Jerusalema e agiwe sesha. Kgosi ya Bameda le Baperesia e ne ya ntsha taelo ka 455 B.C.E. Dingwaga di le 483 moragonyana—ka 29 C.E.—Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo fa a ne a kolobediwa mme a nna Mesia. *Neh. 2:1, 5-8; Dan. 9:24, 25; Luke 3:1, 2, 21, 22.

9 Jaanong ela tlhoko se Dikwalo di se boleletseng pele malebana le Bogosi. Boporofeti jwa Baebele bo ne jwa bontsha gore Bogosi jwa Bomesia bo tla tlhongwa kwa legodimong ka 1914. Baebele e ne ya neela “sesupo” sa go nna gone ga ga Jesu, e lebisa kwa nakong e Satane a tla bong a lelekwa kwa legodimong ka yone mme seo se ne se tla felela ka gore go nne le tatlhego e kgolo mo lefatsheng. (Math. 24:3-14; Tshen. 12:9, 12) Mo godimo ga moo, boporofeti jwa Baebele bo bontsha nako e e tlhomameng—1914—ya fa “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba di [ne di tla] fela,” mme Bogosi bo ne bo tla simolola go busa kwa legodimong.—Luke 21:24; Dan. 4:10-17. *

10. Ke dilo dife mo isagweng tse re tlhomamisegileng gore di tla direga ka nako?

10 Se se larileng kwa pele ke “pitlagano e kgolo” e e boleletsweng pele ke Jesu. E tla latelwa ke Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. Ga go pelaelo gore dilo tseno di tla diragala ka nako e e tshwanetseng. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Jehofa o ne a setse a tlhomile ‘letsatsi le ura’ e dilo tseno di tla diregang ka yone.—Math. 24:21, 36; Tshen. 20:6.

‘ITHEKELENG NAKO E E LO SIAMETSENG’

11. Go itse gore re tshela mo motlheng wa bokhutlo, go tshwanetse ga re ama jang?

11 Go itse gore Keresete o simolotse go busa le gore re tshela mo ‘motlheng wa bokhutlo,’ go tshwanetse ga re ama jang? (Dan. 12:4) Batho ba le bantsi ba a bona gore maemo a lefatshe leno a ntse a nna maswe le go feta, le fa go ntse jalo, ba palelwa ke go dumela gore ditiragalo tseno di diragatsa boporofeti jwa Baebele jo bo malebana le metlha ya bofelo. Ba ka tswa ba solofela gore letsatsi lengwe, tsamaiso eno ya dilo e tla phutlhama kgotsa ba ka tswa ba dumela gore matsapa a batho ba a dirang a tla tlisa “kagiso le polokesego.” (1 Bathes. 5:3) Mme go tweng ka rona? Fa re lemoga gore re tshela mo bokhutlong jwa metlha ya bofelo ya lefatshe la ga Satane, a ga re a tshwanela go leka ka natla go dirisa nako e e setseng gore re direle Modimo wa “metlha le dipaka” le go thusa ba bangwe gore ba mo itse? (2 Tim. 3:1) Re tshwanetse go dira ditshwetso tse di botlhale malebana le kafa re dirisang nako ya rona ka gone.—Bala Baefeso 5:15-17.

12. Ke eng se re ka ithutang sone mo go se Jesu a neng a se bua malebana le motlha wa ga Noa?

12 Go ‘ithekela nako e e re siametseng’ ga go motlhofo mo lefatsheng leno le le tletseng dikgoreletsi. Jesu o ne a re tlhagisa jaana: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” Malatsi a ga Noa a ne a le jang? Go ne go boleletswe pele gore lefatshe la nako eo le ne le tla fedisiwa. Ka nako eo, batho ba ba boikepo ba ne ba tla nwela mo morwaleleng wa lefatshe lotlhe. E re ka Noa e ne e le “moreri wa tshiamo,” ka boikanyegi o ne a rerela batho ba motlha wa gagwe molaetsa wa Modimo. (Math. 24:37; 2 Pet. 2:5) Mme ba ne “baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, . . . mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.” Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Math. 24:38, 39, 44) Re tshwanetse go tshwana le Noa, mme e seng le batho ba motlha wa gagwe. Ke eng se se tla re thusang go nna re iketleeditse?

13, 14. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gakologelwa malebana le gore Jehofa o tla re thusa gore re mo direle ka boikanyegi fa re ntse re letile go tla ga Morwa motho?

13 Le fa gone Morwa motho a tla ka ura e re sa solofelang gore o tla tla ka yone, re tshwanetse go nna re gakologelwa gore Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo. Nako e Jehofa a e beileng ga e laolwe ke ditiragalo tsa lefatshe le dithulaganyo tsa batho. Jehofa o laola nako le diphelelo tsa dilo dingwe go diragatsa maikaelelo a gagwe. (Bala Daniele 2:21.) Tota e bile, Diane 21:1 e re bolelela jaana: “Pelo ya kgosi e ntse jaaka melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa. O e faposetsa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.”

14 Jehofa a ka laola dilo e le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka nako. Bontsi jwa ditiragalo tse dikgolo mo lefatsheng bo ntse bo diragatsa boporofeti, segolobogolo malebana le go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Akanya ka go wa ga puso ya Soviet Union le ditlamorago tsa gone. Ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba akanya gore diphetogo tseo tse dikgolo tsa dipolotiki di ka direga ka bonako jalo. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya diphetogo tseo, jaanong dikgang tse di molemo di rerwa mo dinageng di le dintsi tse tiro ya rona ya go rera e kileng ya bo e thibetswe mo go tsone. Ka jalo, a re lekeng ka natla go reka nako e e re siametseng go direla Modimo wa “metlha le dipaka” ka boikanyegi.

BONTSHA TUMELO GORE JEHOFA O DIRAGATSA MAIKAELELO A GAGWE KA NAKO

15. Re ka bontsha jang tumelo mo diphetogong tse phuthego ya ga Jehofa e di dirang?

15 Go tswelela re ntse re rera ka Bogosi mo malatsing ano a bofelo, go tlhoka gore re nne le tumelo gore Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe ka nako e e tshwanetseng. Maemo a lefatshe a a ntseng a fetoga a ka nna a re tlhoka gore re dire diphetogo dingwe mo tseleng e tiro ya go dira barutwa e dirwang ka yone. Ka dinako dingwe phuthego ya ga Jehofa e ka dira diphetogo e le go re thusa gore re rere ka Bogosi ka tsela e e molemolemo. Re bontsha tumelo mo Modimong wa “metlha le dipaka” ka go ikobela diphetogo tseo fa re ntse re direla ka boikanyegi re eteletswe pele ke Morwawe, yo e leng “tlhogo ya phuthego.”—Baef. 5:23.

16. Ke ka ntlha yang fa re ka nna le tumelo gore Jehofa o tla re thusa ka nako e e tshwanetseng?

16 Jehofa o batla gore re mo rapele re gololesegile re mo ikanya ka botlalo gore o tla re naya ‘thuso e re e tlhokang ka nako e e tshwanetseng.’ (Baheb. 4:16) A seo ga se bontshe gore o amega ka rona ka tsela e e lorato? (Math. 6:8; 10:29-31) Re bontsha tumelo mo go Jehofa Modimo ka go rapela ka metlha re kopa thuso ya gagwe mme re bo re dira go dumalana le dithapelo tsa rona le kaelo ya gagwe. Mo godimo ga moo, re gakologelwa go rapelela badumedimmogo le rona.

17, 18. (a) Go ise go ye kae Jehofa o tla tseela baba ba gagwe kgato efe? (b) Ke serai sefe se re tshwanetseng go se tila?

17 Eno ga se nako ya go “reketla ka ntlha ya go tlhoka tumelo”; ke nako ya go nonofa mo tumelong. (Bar. 4:20) Baba ba Modimo—Satane le batho ba a ba tlhotlheletsang—ba leka go emisa tiro e Jesu a e abetseng balatedi ba Gagwe go akaretsa le rona. (Math. 28:19, 20) Go sa kgathalesege ditlhaselo tsa ga Satane, re itse Jehofa e le ‘Modimo yo o tshelang, yo e leng Mmoloki wa batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo wa ba ba ikanyegang.’ O “itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—1 Tim. 4:10; 2 Pet. 2:9.

18 Go ise go ye kae, Jehofa o tla fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Le fa re sa newa dintlha tsotlhe le nako e e tlhomameng e seno se tla diregang ka yone, re a itse gore Keresete o tla fedisa baba ba Modimo ka nako e e tshwanetseng mme bolaodi jwa ga Jehofa bo tla tlotlomadiwa. Ka jalo, a bo e tla bo e le phoso jang ne go palelwa ke go lemoga “metlha le dipaka” tse jaanong re tshelang mo go tsone! A le ka motlha re se keng ra dira phoso ya go wela mo seraing ka go akanya gore “dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.”—1 Bathes. 5:1; 2 Pet. 3:3, 4.

“SUPA BOIKUTLO JWA GO LETA”

19, 20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha boikutlo jwa go letela Jehofa?

19 Boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho bo ne bo akaretsa go ithuta ka ene le ka popo ya gagwe e ntle ka bosakhutleng. Moreri 3:11 ya re: “[Jehofa] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.”

20 A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a ise a ko a fetole maikaelelo a gagwe ka batho! (Mal. 3:6) Mo Modimong “ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” (Jak. 1:17) Nako ya gagwe e a e beileng ga e laolwe ke dilo tse batho ba di dirisang go bala nako, jaaka go dikologa ga lefatshe. Jehofa ke “Kgosi ya bosakhutleng.” (1 Tim. 1:17) Ka jalo, a re ‘supeng boikutlo jwa go letela Modimo wa poloko ya rona.’ (Mik. 7:7) Eleruri “nnang pelokgale, mme e kete pelo ya lona e ka nonofa, lona lotlhe ba lo letileng Jehofa.”—Pes. 31:24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! tsebe 186-195.

^ ser. 9 Bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! tsebe 94-97.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Daniele o ne a na le tumelo mo go diragadiweng ga boporofeti jo bo tswang kwa Modimong

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

A o dirisa nako ka botlhale gore o dire thato ya ga Jehofa?