Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya Botshelo

Ke ne Ke Kgatlhegela Batho ba ba Godileng ba ba Botlhale

Ke ne Ke Kgatlhegela Batho ba ba Godileng ba ba Botlhale

Jaaka go boletse Elva Gjerde

Dingwaga di ka nna 70 tse di fetileng, motho mongwe yo o neng a etetse kwa gae o ne a bolelela rre kakantsho nngwe e e neng ya fetola botshelo jwa me gotlhelele. Fa e sa le ka letsatsi leo le le sa lebalesegeng, batho ba bangwe ba le mmalwa le bone ba ne ba tlhotlheletsa botshelo jwa me ka tsela nngwe. Mo dingwageng tseo, ke ne ka nna le tsala e e botlhokwa go feta tse dingwe tsotlhe. Mma ke tlhalose.

KE TSHOLETSWE kwa Sydney, Australia, ka 1932, ke tsholwa ke batsadi ba ba neng ba dumela mo Modimong mme gone ba sa tsene kereke. Mmè o ne a nthuta gore ka metlha Modimo o nna a ntebile, a emetse go nkotlhaya fa ke se na tsebe. Seno se ne sa dira gore ke tshabe Modimo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke kgatlhiwa ke Baebele. Fa mmamogolo a ne a re etela mafelobeke, o ne a nna a mpolelela dipolelo tse dintsi tse di kgatlhang tsa Baebele. Ke ne ke nna ke lebile pele gore a re etele.

Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, rre o ne a bala dibuka tse mmè a neng a di neilwe ke mmè mongwe yo o godileng yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a kgatlhiwa ke se a neng a se bala mo dikgatisong tseo tsa Bokeresete thata jaana, mo e leng gore o ne a dumela go ithuta Baebele le Basupi. Maitseboa mangwe fa rre a ntse a tshwaretswe thuto ya Baebele, o ne a mphitlhela ke reeditse se ba neng ba se bua. O ne a tloga a nthaya a re ke boele kwa dikobong fa moeng yoo a re: “Ke eng fa o sa letle Elva gore le ene a reetse?” Kakantsho eo e ne ya nna tshimologo ya tsela e ntšha ya botshelo le ya botsala jwa me le Modimo wa boammaaruri—Jehofa.

Nakwana fela morago ga moo, nna le rre re ne ra simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Se a se ithutileng se ile sa mo tlhotlheletsa go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe. O ne a bo a simolola go laola bogale jwa gagwe. Seno se ne sa tlhotlheletsa mmè le nkgonne wa mosimane e bong Frank gore ba simolole go nna gone mo dipokanong. * Rotlhe re le banè re ne ra gatela pele semoyeng mme kgabagare ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Fa e sa le ka nako eo, batho ba le bantsi ba ba godileng ba ile ba ntlhotlheletsa ka tsela e e molemo ka dinako tse di farologaneng tsa botshelo jwa me.

FA KE TLHOPHA TIRO YA BOTSHELO JOTLHE

Fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke kgatlhegela batho ba bagolo ba mo phuthegong ya rona. Mongwe wa bone e ne e le Alice Place, kgaitsadi yo o godileng yo e neng e le ene wa ntlha go rerela lelapa la gaetsho. O ne a nna jaaka mmèmogolo mo go nna. Alice o ne a nthapisa mo bodireding a bo a nkgothaletsa gore ke tshwanelegele go kolobediwa. Fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ka fitlhelela mokgele oo.

Gape ke ne ka atamalana le banyalani ba ba godileng e bong Percy le Madge [Margaret] Dunham. Go tsalana le bone go ne ga ama isagwe ya me fela thata. Ke ne ke rata mathemetiki, e bile ke ne ke ikaeletse go nna morutabana wa mathemetiki. Percy le Madge ba kile ba nna barongwa kwa Latvia ka dingwaga tsa bo1930. Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e runya kwa Yuropa, ba ne ba kopiwa go direla kwa Bethele ya kwa Australia e e neng e le mo gare ga motsesetoropo wa Sydney. Percy le Madge ba ne ba nkgatlhegela tota. Ba ne ba mpolelela maitemogelo a le mantsi a a kgatlhang a ba nnileng le one fa e ne e le barongwa. Ke ne ka kgona go lemoga gore go ruta Baebele go tla nna molemo thata go gaisa go ruta mathemetiki. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke nne morongwa.

Boorra Dunham ba ne ba nkgothaletsa gore ke ipaakanyetse tirelo ya borongwa ka go nna mmulatsela. Ka jalo, ka 1948 fa ke na le dingwaga di le 16 ke ne ka dira mmogo le basha ba bangwe ba le lesome ba ba neng ba itumelela go nna babulatsela kwa phuthegong ya gaetsho kwa Hurstville, Sydney.

Mo dingwageng di le nnè tse di neng tsa latela, ke ne ka nna mmulatsela mo ditoropong tse dingwe di le nnè—tsotlhe tseno di ne di le kwa New South Wales le Queensland. Mongwe wa batho ba ntlha ba ke neng ke ithuta le bone Baebele e ne e le Betty Law (yo jaanong e leng Remnant). Betty, yo e neng e le mosetsana yo o lorato o ne a mpheta ka dingwaga di le pedi. Moragonyana e ne ya nna mmulatsela le nna kwa toropong ya Cowra e e leng dikilometara di le 230 kwa bophirima jwa Sydney. Le fa nna le Betty re ile ra nna babulatsela mmogo ka nako e khutshwane, re sa ntse re le ditsala go tla go fitlha jaanong.

Fa ke sena go amogela kabelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng, ke ne ka fudugela kwa Narrandera—toropo e e leng dikilometara di le 220 kwa borwabophirima jwa Cowra. Jaanong ke ne ke direla le mmulatsela yo mongwe e bong Joy Lennox (yo jaanong e leng Hunter), mmulatsela yo o tlhagafetseng yo le ene a neng a mpheta ka dingwaga di le pedi. E ne e le rona fela Basupi mo toropong eo. Nna le Joy re ne re nna le banyalani bangwe ba ba neng ba re amogela ka diatla tsoopedi, e bong Ray le Esther Irons. Bone mmogo le morwaabone le bomorwadiabone ba le bararo ba ne ba kgatlhegela boammaaruri. Mo gare ga beke, Ray le morwawe ba ne ba bereka kwa polasing ya dinku le ya korong e e kwa ntle ga toropo, mme Esther le bomorwadie bone ba ne ba tlhokometse ntlo e ba neng ba e hirisetsa batho mo lefelong leo. Sontaga mongwe le mongwe, nna le Joy re ne re apaya dijo di le dintsi tsa maitseboa, re apeela lelapa la ga Irons mmogo le bahiri ba le somepedi—botlhe bano e ne e le banna ba ba neng ba tshwerwe ke tlala ba ba neng ba bereka mo seporong sa terena. Tiro eno ya go apaya e ne e duelela karolo nngwe ya madi a rona a rente. Fa re sena go phepafatsa, re ne re tsholela lelapa la ga Irons dijo tse di monate tsa semoya—thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo. Ray, Esther, mmogo le bana ba bone ba le banè ba ne ba amogela boammaaruri mme ba nna maloko a ntlha a Phuthego ya Narrandera.

Ka 1951, ke ne ka ya kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Sydney. Fa ke le koo, ke ne ka nna gone mo pokanong e e kgethegileng ya babulatsela ba ba neng ba kgatlhegela go nna barongwa. Go ne go na le batho ba ba fetang 300 kwa pokanong eo e e neng e tshwaretswe mo tenteng e kgolo. Nathan Knorr yo o neng a tswa kwa Bethele ya kwa Brooklyn o ne a ema setlhopha seo ka lefoko, a tlhalosa gore go tlhokega thata gore go rerwe dikgang tse di molemo mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Re ne ra reetsa sengwe le sengwe se a neng a se bua. Bontsi jwa babulatsela ba ba neng ba le koo, moragonyana ba ne ba simolola tiro ya go rera ka Bogosi kwa South Pacific le mo mafelong a mangwe. Ka 1952, ke ne ka itumelela go nna mongwe wa Ba-Australia ba le 17 ba ba neng ba lalediwa go nna gone mo tlelaseng ya bo19 ya Sekolo sa Gileade. Toro ya me ya go nna morongwa e ne ya diragadiwa fa ke ne ke le dingwaga di le 20 fela!

FA KE NE KE TLHOKA GO DIRA DIPHETOGO

Thuto e ke e boneng kwa Gileade mmogo le ditsala tse ke neng ka nna le tsone koo, ga di a ka tsa oketsa fela kitso ya me ya Baebele le go nonotsha tumelo ya me mme gape di ne tsa ama botho jwa me fela thata. Ke ne ke le monnye mme ke lebeletse go le gontsi mo bathong ba bangwe le mo go nna ka bonna. Ka dinako dingwe ke ne ke tsaya dilo masisi ka tsela e e feteletseng. Ka sekai, fa ke ne ke bona Mokaulengwe Knorr a tshameka motshameko wa bolo wa botsalano le basha bangwe ba kwa Bethele, ke ne ke gamaregile.

Batlhatlheledi ba kwa Gileade—botlhe ba e neng e le banna ba ba nang le temogo, ba ba nang le maitemogelo a dingwaga di le dintsi—ba tshwanetse ba bo ba ne ba lemoga bokoa joo jwa me. Ba ne ba mpontsha bopelonomi mme ba nthusa gore ke lebe dilo ka tsela e e siameng. Ka bonya ka bonya, ke ne ka simolola go bona Jehofa e le Modimo yo o lorato le yo o nang le kanaanelo, e seng motho yo o gagametseng thata le yo o lebeletseng go le gontsi mo go rona. Batho bangwe ba ke neng ke na le bone mo tlelaseng, le bone ba ne ba nthusa. Ke gopola mongwe wa bone a nthaya a re: “Elva, Jehofa ga a nna kwa legodimong a tshotse seme a letetse fela go re otlhaya. O se ka wa itsaya masisi thata!” Mafoko ao a gagwe a a boammaaruri a ne a nkama pelo.

Fa re sena go wetsa thapiso ya rona kwa Gileade, nna le batho ba le banè ba ba neng ba le mo tlelaseng ya rona, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Namibia, kwa Afrika. Go ise go ye kae, re ne re tshwara dithuto tsa Baebele di le 80. Ke ne ke rata Namibia le kabelo eo, le fa go ntse jalo, ke ne ke ratana le mokaulengwe mongwe yo ke neng ke na le ene kwa Gileade, yo o neng a abetswe go ya go direla kwa Switzerland. Morago ga go nna ngwaga kwa Namibia, ke ne ka ya go direla kwa Switzerland le monna yo o neng a mpeeleditse. Fa re sena go nyalana, ke ne ka pata monna wa me mo tirong ya gagwe ya go nna molebedi wa potologo.

FA KE LEBANE LE BOTHATA

Morago ga go itumelela dingwaga di le tlhano mo tirong ya potologo, re ne ra kopiwa go direla kwa Bethele ya Switzerland. Mo lelapeng la Bethele la koo, ke ne ka itumelela go nna mo gare ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba godileng ba ba nonofileng semoyeng.

Nakwana morago ga foo, ke ne ka diragalelwa ke sengwe se se maswe. Ke ne ka lemoga gore monna wa me o ne a sa ikanyege mo go nna le mo go Jehofa. Morago ga foo o ne a ntlogela. Ke ne ke utlwile botlhoko thata! Ga ke itse gore nka bo ke lebane jang le seemo seo, fa e ka bo e se ka lorato le kemonokeng ya ditsala tsa me tse di rategang tse di godileng tsa kwa Bethele. Ba ne ba ntheetsa fa ke batla go bua mme ba ntetla go ikhutsa fa ke tlhoka go ikhutsa. Mafoko a bone a a neng a gomotsa, mmogo le ditiro tsa bone tsa bopelonomi di ne tsa nthusa fa ke utlwile botlhoko mme tsa dira gore ke atamalane thata le Jehofa.

Gape ke ne ka gakologelwa mafoko a a neng a buiwa dingwaga pele ga foo, a buiwa ke batho ba ba godileng ba ba botlhale ba ba neng ba lebana le diteko. Mafoko ao a ne a akaretsa se se neng sa buiwa ke Madge Dunham. O ne a kile a mpolelela jaana: “Elva, fa o ntse o direla Jehofa o tla lebana le diteko tse dintsi, mme gone diteko tse di boima le go feta di tla tswa mo bathong ba o atamalaneng le bone. Ka nako eo ya diteko, atamalana le Jehofa. Gopola gore o direla ene, e seng batho ba ba sa itekanelang!” Kgakololo eo ya ga Madge e ne ya nthusa mo dinakong di le dintsi tsa mathata. Ke ne ka ititaya sehuba gore ga nkitla ke letla diphoso tsa monna wa me gore di nkgaoganye le Jehofa.

Fa nako e ntse e ya, ke ne ka dira tshwetso ya go boela kwa Australia, gore ke nne gaufi le lelapa la gaetsho fa ke ntse ke le mmulatsela. Fa ke le mo loetong ka sekepe ke lebile kwa gae, ke ne ka itumelela go nna ke tlotla le bapalami mmogo le nna ka Baebele. Mo bathong bao, go ne go na le monna mongwe yo o neng a didimetse wa kwa Norway yo o neng a bidiwa Arne Gjerde. O ne a rata se a neng a se utlwa. Moragonyana Arne o ne a etela nna le lelapa la gaetsho kwa Sydney. O ne a gatelapele ka bonako semoyeng, mme a amogela boammaaruri. Ka 1963, nna le Arne, re ne ra nyalana, mme dingwaga di le pedi morago ga foo ke ne ka tshola morwaarona e bong Gary.

FA KE LEBANA LE TATLHEGELO E NNGWE GAPE

Nna, Arne le Gary re ne re itumelela botshelo jo bo kgotsofatsang jwa lelapa le le itumetseng. Go ise go ye kae, Arne o ne a oketsa ntlo ya rona gore re nne le batsadi ba me ba ba tsofetseng. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le thataro re nyalane, re ne ra lebana le mathata a mangwe. Arne o ne a bolelelwa gore o na le kankere ya boboko. Letsatsi lengwe le lengwe ke ne ke mo etela kwa bookelong fa a ntse a newa kalafi ya marang e e tsayang lobaka lo loleele. O ne a tokafala ka lobakanyana; go tswa foo boemo jwa gagwe jwa etegela pele mme a itewa ke seterouku. Ke ne ka bolelelwa gore o saletswe ke dibeke di le mmalwa fela gore a tshele. Le fa go ntse jalo, Arne o ne a tokafala. Kgabagare o ne a boela gae, mme ke ne ka mo oka go fitlha a fola. Fa nako e ntse e ya, o ne a kgona go tsamaya gape mme a kgona go tswelela gape ka maikarabelo a gagwe e le mogolwane mo phuthegong. E re ka e le motho yo o itumetseng ka tlholego fela e bile a rata metlae, seo se ne sa mo thusa gore a fole mme sa ntlhofofaletsa gore ke tswelele ke mo tlhokometse.

Dingwaga di le dintsi morago ga foo ka 1986, botsogo jwa ga Arne bo ne jwa nna maswe gape. Ka nako eo, batsadi ba me ba ne ba setse ba tlhokafetse, ka jalo re ne ra fudugela kwa lefelong le lentle la Blue Mountains, kwa ntle fela ga Sydney, mme ka jalo re ne re le gaufi le ditsala tsa rona. Moragonyana, Gary o ne a nyala kgaitsadi yo o rategang yo o godileng semoyeng, e bong Karin mme ba ne ba akantsha gore re nne mmogo mo ntlong re le banè. Mo dikgweding di le mmalwa fela, rotlhe re ne ra fudugela mo ntlong e e neng e se kgakala le kwa nna le Arne re neng re nna gone.

Dikgwedi di le 18 tsa bofelo tsa botshelo jwa ga Arne, o ne a sa kgone go tswa mo bolaong mme o ne a tlhoka go tlhokomelwa ka metlha. E re ka bontsi jwa nako e ke ne ke le mo ntlong, letsatsi le letsatsi ke ne ke fetsa diura di le pedi ke ithuta Baebele le dikgatiso tsa Baebele. Ka nako ya fa ke ne ke ithuta, ke ne ka bona kgakololo e ntsi e e botlhale ya kafa ke tshwanetseng go itshokela boemo jo ke leng mo go jone ka gone. Gape batho ba ba godileng ba mo phuthegong ya rona ba ne ba mpontsha lorato ka go nketela—bangwe ba bone ba kile ba itshokela diteko tse di tshwanang. Maeto a bone a ne a nkgothatsa tota! Arne o ne a tlhokafala ka April 2003, a tlhatswegile pelo gore go tla nna le tsogo.

KEMONOKENG E KGOLO E KE E AMOGETSENG

Fa ke le monnye ke ne ke lebeletse go le gontsi mo bathong ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore ga se gantsi botshelo bo nnang ka tsela e re neng re e solofetse ka yone. Ke itumeletse masego a le mantsi mme gape ke itshoketse masetlapelo a mabedi a magolo—go latlhegelwa ke molekane yo mongwe wa lenyalo ka ntlha ya boaka mme yo mongwe ka ntlha ya bolwetse. Mo botshelong, ke ne ka bona kgakololo le kgomotso ka ditsela tse di farologaneng. Mme ke sa ntse ke bona kemonokeng e kgolo go tswa go “Mogologolo wa Malatsi” e bong Jehofa Modimo. (Dan. 7:9) Kgakololo ya gagwe e dirile gore botho jwa me bo nne botoka mme e dirile gore ke nne le maitemogelo a a itumedisang mo tirong ya borongwa. Fa go ne go tlhaga mathata ‘bopelonomi jwa ga Jehofa jwa lorato, le dikgomotso tsa gagwe di ne tsa tshwara moya wa me ka tlekeetso.’ (Pes. 94:18, 19) Gape ke ile ka itumelela lorato le kemonokeng ya lelapa la gaetsho mmogo le ‘balekane ba boammaaruri ba ba tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.’ (Dia. 17:17) Bontsi jwa bone e ne e le batho ba ba godileng ba ba botlhale.

Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a botsa jaana: “A ga go na botlhale mo go ba ba tsofetseng le tlhaloganyo mo boleeleng jwa malatsi?” (Jobe 12:12) Fa ke leba kwa morago mo botshelong jwa me, nka araba potso eo ka go re ee. Kgakololo ya batho ba ba godileng ba ba botlhale e nthusitse, kgomotso ya bone e nkeme nokeng, mme botsala jwa bone bo nnonotshitse mo botshelong. Ke itumelela go bo ke ile ka ba kgatlhegela.

Gone jaanong ke na le dingwaga di le 80, mme ke motho yo o godileng. Maitemogelo a me, a nthusitse gore ke tseye dilo tse batho ba bangwe ba ba godileng ba di tlhokang, di le botlhokwa thata. Ke sa ntse ke rata go ba etela le go ba thusa. Mme gape, ke itumelela go nna le basha. Ke rata maatla a bone e bile matlhagatlhaga a bone a nkgothatsa. Fa ke lemoga gore basha ba batla kaelo ya me kgotsa kemonokeng ya me, ke itumelela thata go ba thusa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Morwarraagwe Elva e bong Frank Lambert, o ne a nna mmulatsela yo o tlhagafetseng kwa metseselegaeng ya kwa Australia. Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ya 1983 tsebe 110-112, e tlotla ka lengwe la maeto a gagwe a mantsi a a kgatlhang a go rera.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ke le mmulatsela le Joy Lennox kwa Narrandera

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Elva le maloko a lelapa la Bethele ya kwa Switzerland ka 1960

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke tlhokometse Arne fa a ne a lwala