Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo Mabolokelong a Rona

“Letsatsi le Letsatsi ke Ithuta go Rata Tiro ya go Rekisa Dibuka”

“Letsatsi le Letsatsi ke Ithuta go Rata Tiro ya go Rekisa Dibuka”

KA 1886, dikhopi di le lekgolo tsa Millennial Dawn, Bolumo I di ne tsa ntshiwa kwa Bible House kwa Allegheny, Pennsylvania, U.S.A., tsa romelwa kwa Chicago, Illinois. Charles Taze Russell o ne a solofetse gore o tla anamisa bolumo eno e ntšha kwa mabenkeleng a a rekisang dibuka. Khampani nngwe e kgolo thata kwa United States e e anamisang dibuka tsa bodumedi e ne e dumetse go tsaya Millennial Dawn gore e e anamise. Le fa go ntse jalo, dibeke di le pedi morago ga foo, dibuka tsotlhe tse di neng di rometswe di ne tsa busediwa morago kwa Bible House.

Pego nngwe ya re, moruti mongwe yo o itsegeng o ne a galefa fa a bona Millennial Dawn e beilwe gaufi le dibuka tsa gagwe mo lebenkeleng. O ne a bua a shakgetse a re, fa buka eo e ka tswelela e rekisiwa mo lebenkeleng leo, ene le ditsala tsa gagwe tse di itsegeng tsa baruti ba tla isa dibuka tsa bone go sele gore di rekisiwe gone. Le fa mong wa lebenkele leo a ne a okaoka, o ne a busa dibuka tseo tsa Dawn. Dibuka tseo gape di ne di bapaditswe mo makwalodikgannyeng. Le fa go ntse jalo, baganetsi ba ne ba tlhomamisa gore ditumalano tsa dipapatso di a phimolwa. Ka jalo, kgatiso eno e ntšha e ne e tla fitlhelela jang batho ba ba batlang go itse boammaaruri?

Batho ba ba neng ba itsege e le barekisi ba dibuka, e ne ya nna bone ba rarabololang bothata. * Ka 1881, makasine wa Zion’s Watch Tower o ne wa kopa gore go nne le bareri ba le 1 000 ba ba ka anamisang dikgatiso tsa Baebele ka nako e e tletseng. Le fa barekisi ba dibuka ba ne ba le makgolo a le mmalwa fela, ba ne ba anamisa boammaaruri kwa mafelong a a kgakala ka dibuka. Ka 1897, mo e ka nnang dibuka di le milione tsa Dawn di ne di setse di anamisitswe, mme bontsi jwa tsone di anamisitswe ke barekisi ba dibuka. Bontsi jwa bone ba ne ba itshedisa ka madi a mannye a ba neng ba a amogela fa ba tsamaisitse dipeeletso tsa Tora ya Tebelo kgotsa dibuka.

Barekisi bano ba dibuka ba ba pelokgale e ne e le bomang? Bangwe ba simolotse tiro eno ba le mo dingwageng tsa bolesome, mme ba bangwe bone moragonyana mo botshelong. Bontsi jwa bone ba ne ba se mo lenyalong mme ba bangwe ba ne ba nyetse mme ba se na bana, mme le malapa a le mantsi a ne a tsenela tiro eno. Barekisi ba dibuka ba nako e e tletseng ba ne ba bereka diura tse dintsi ka letsatsi, mme ba ba thusang bone, ba ne ba bereka ura kgotsa di le pedi letsatsi le letsatsi. Ga se mongwe le mongwe yo o neng a na le botsogo jo bo siameng kgotsa maemo a a mo letlang go tsenela tiro eno ya go rekisa dibuka. Le fa go ntse jalo, kwa kopanong ya 1906, batho ba ba kgonang ba ne ba bolelelwa gore ga ba tlhoke go nna “barutegi kgotsa go nna le bokgoni jo bo rileng kgotsa go nna le loleme lwa baengele.”

Mo e ka nnang mo kontinenteng nngwe le nngwe, batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba fitlhelela tiro e kgolo thata. Mokaulengwe mongwe o ne a fopholetsa gore mo dingwageng di le supa o ne a tsamaisa dibuka di le 15 000. Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ga ke a tsenela tiro eno gore ke rekise dibuka fela, go na le moo, ke ne ke batla go naya bosupi ka ga Jehofa le ka boammaaruri jwa gagwe.” Gongwe le gongwe kwa barekisi ba dibuka ba neng ba ya gone, peo ya boammaaruri e ne e tlhoga mme ditlhopha tsa Baithuti ba Baebele di ne tsa simolola go oketsega.

Baruti ba ne ba sotla barekisi ba dibuka ba re ke batho fela ba ba bapatsang dibuka. Ka 1892 Tora ya Tebelo e ne ya re: “Ga se batho ba le bantsi ba ba neng ba [ba] itse e le baemedi ba mmatota ba Morena, kgotsa ba lemoga seriti se Morena a se bonang mo boikokobetsong jwa bone le mo go intsheng setlhabelo ga bone.” Eleruri, fela jaaka mongwe wa bone a ne a bua, botshelo jwa go nna morekisi wa dibuka e ne e se jwa “go tlhaba kgobe ka mmutlwa.” Mesepele e ba neng ba e tsaya e ne e tlhoka gore ba nne le ditlhako tse di thata mme gape ba ne ba dirisa dibaesekele. Fa batho ba ne ba se na madi, barekisi bano ba dibuka ba ne ba ananya dibuka ka dijo. Morago ga go fetsa letsatsi mo tshimong, bareri bano ba ba lapileng mme ba itumetse, ba ne ba boela kwa ditenteng tsa bone kgotsa kwa diphaposing tse ba di hirileng. Moragonyana go ne ga nna le Karaki ya Barekisi ba dibuka e e neng e le koloi e ba itiretseng yone, e ba neng ba kgona go robala mo go yone e bile e ne e ba bolokela nako e ntsi le madi. *

Go simolola ka Kopano ya ngwaga wa 1893 ya kwa Chicago, thulaganyo ya kopano e ne e na le dikarolo tse di kgethegileng tsa barekisi ba dibuka. Dikarolo tseno di ne di akaretsa maitemogelo a a itumedisang, dikakantsho tsa mekgwa ya go rera le dikgakololo tse di molemo. Ka lekgetlo lengwe Mokaulengwe Russell o ne a kgothaletsa bareri ba ba tlhagafetseng gore ba je dijo tse dintsi tse di monate phakela, nako nngwe mo mosong ba nwe mashi mme fa letsatsi le fisa ba nwe senotsididi se se tsentsweng aesekerimi.

Fa morekisi wa dibuka a ne a batla mongwe yo a ka berekang le ene o ne a tsenya ribone e e serolwana kwa kopanong. Barekisi ba dibuka ba ba sa tswang go simolola tiro eo, ba ne ba dira mmogo le ba ba nang le maitemogelo. Go bonala thapiso eo e ne e tlhokega ka gonne morekisi mongwe wa dibuka yo o neng a sa tswa go simolola o ne a buelela dibuka jaana a tshogile, “Ga o batle dibuka tseno ga kere?” Se se itumedisang ke gore mong wa ntlo o ne a batla dibuka tseo mme moragonyana o ne a nna kgaitsadi.

Mokaulengwe mongwe o ne a ipotsa gore, ‘A ke tswelele ka botshelo jwa me jwa manobonobo mme ke ntshe moneelo wa didolara tsa Amerika di le 1 000 ka ngwaga go tshegetsa tiro eno, kgotsa ke nne morekisi wa dibuka?’ O ne a bolelelwa gore Morena a ka anaanela se ene a tlhophang go se dira, mme gone fa a ka dirisa nako ya gagwe mo tirong ya Morena o tla bona masego a mantsi. Mary Hinds o ne a tsaya tiro ya go nna morekisi wa dibuka e le “tsela e e di gaisang tsotlhe ya go direla batho ba le bantsi molemo o mogolo.” Alberta Crosby yo o neng a le ditlhong o ne a re: “Letsatsi le letsatsi ke ithuta go rata tiro ya go rekisa dibuka.”

Gompieno, ditlogolwana tse dintsi tsa semoya le tsa mmatota tsa barekisi ba dibuka ba ba tlhagafetseng di sa ntse ba ngangatletse boswa jono jwa semoya. Fa e le gore mo lelapeng la lona ga go ise go nne le morekisi wa dibuka kgotsa mmulatsela, ke eng fa o sa leke go nna wa ntlha go dira seo? Le wena o tla simolola go rata tiro ya go rera ka nako e e tletseng letsatsi le letsatsi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Morago ga 1931, polelwana “morekisi wa dibuka,” e ne ya emisediwa ka lefoko “mmulatsela.”

^ ser. 8 Dintlha tse di oketsegileng malebana le dikoloi tse ba kgonang go robala mo go tsone di tla tlhaga mo kgatisong e e tlang.

[Mafoko a a mo go tsebe 32]

Ba ne ba sa tlhoke go nna “barutegi kgotsa go nna le bokgoni jo bo rileng kgotsa go nna le loleme lwa baengele”

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Morekisi wa dibuka, A. W. Osei kwa Ghana, mo e ka nnang ka 1930

[Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Kwa godimo: Barekisi ba dibuka Edith Keen le Gertrude Morris kwa Engelane, mo e ka nnang ka 1918; kwa tlase: Stanley Cossaboom le Henry Nonkes kwa United States, ba tshotse mabokoso a a se nang sepe a dibuka tse ba di tsamaisitseng