“Ba ne Ba Tlhotlhelediwa ke Moya o o Boitshepo”
“Ba ne Ba Tlhotlhelediwa ke Moya o o Boitshepo”
“Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 PET. 1:21.
DINTLHA TSE O KA TLHATLHANYANG KA TSONE
Molaetsa wa Modimo o fetiseditswe jang ka moya o o boitshepo kwa bakwading ba Baebele?
Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo?
O ka dira eng letsatsi le letsatsi gore o tswelele o anaanela Lefoko la Modimo?
1. Ke eng fa re tlhoka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng?
RE TSWA kae? Ke eng fa re le mono? Re ya kae? Ke ka ntlha yang fa lefatshe le le ka tsela e le leng ka yone? Go direga eng ka rona fa re swa? Batho mo lefatsheng lotlhe ba botsa dipotso tseno. Re ne re ka itse jang dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe tse di botlhokwa fa re ka bo re se na Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng? Fa re ka bo re se na Dikwalo tse di Boitshepo, re ne re tla tshwanelwa fela ke go ikaega ka maitemogelo a re nnileng le one. E re ka re tla bo re ikaega ka maitemogelo a rona, a re ne re tla nna le maikutlo a mopesalema a neng a na le one ka “molao wa ga Jehofa”?—Bala Pesalema 19:7.
2. Ke eng se se tla re thusang go tswelela re anaanela Baebele e le mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa Modimong?
2 Le fa go ntse jalo, se se botlhoko ke gore batho bangwe ba ile ba letla gore lorato lo pele ba neng ba rata boammaaruri jwa Baebele ka lone lo tsidifale. (Bapisa Tshenolo 2:4.) Ga ba tlhole ba tsamaya ka tsela e e itumedisang Jehofa. (Isa. 30:21) Seo ga se a tshwanela go re diragalela. Re ka kgona go dira ka natla gore re tswelele re anaanela Baebele le dithuto tsa yone, e bile re tshwanetse go dira jalo. Baebele ke mpho e e botlhokwa e e tswang kwa Mmoping wa rona yo o lorato. (Jak. 1:17) Ke eng se se tla re thusang go oketsa tsela e re anaanelang “lefoko la Modimo” ka yone? Re tshwanetse go sekaseka kafa bakwadi ba Baebele ba neng ba kaelwa ka gone go kwala Dikwalo. Seo se akaretsa gore re gakologelwe bongwe jwa bosupi jo bontsi jwa gore e tlhotlheleditswe. Go dira jalo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le go dirisa kgakololo ya lone.—Baheb. 4:12.
“BA NE BA TLHOTLHELEDIWA KE MOYA O O BOITSHEPO”—JANG?
3. Baporofeti le bakwadi ba Baebele “ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo” jang?
3 Banna bangwe ba le 40 ba ba farologaneng ba ne ba kwala Baebele mo dingwageng di le 1 610—go simolola ka 2 Petere 1:20, 21.) Polelwana ya Segerika e e tlhalosiwang e le go “tlhotlhelediwa” e ka tlhalosiwa e le go “rwala morwalo go tswa kwa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe” mme gape “e ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng e le: go fudusa, go tsamaisa, go itetla go tsamaisiwa.” * Ditiro 27:15 e dirisa polelwana eno fa e tlhalosa mokoro o o neng wa tsewa ke phefo e bo e o isa go sele. Baporofeti le bakwadi ba Baebele “ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo” ka tsela ya gore Modimo o ne a bua le bone a ba tlhotlheletsa, a ba kaela a dirisa maatla a gagwe a a dirang. Ka ntlha ya seo, ba ne ba kwala dikgopolo tsa Modimo e seng tsa bone. Ka dinako dingwe, baporofeti le bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba ne ba sa itse bokao jwa se ba neng ba se bolelela pele kgotsa se ba neng ba se kwala. (Dan. 12:8, 9) Ke boammaaruri gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo” mme ga lo na dikakanyo tsa batho.—2 Tim. 3:16.
1513 B.C.E. go ya go 98 C.E. Bangwe e ne e le baporofeti ba ‘ba neng ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.’ (Bala4-6. Jehofa o ne a fetisetsa jang molaetsa wa gagwe kwa bakwading ba Baebele? Bontsha.
4 Le fa go ntse jalo, moya o o boitshepo o ne wa fetisetsa jang molaetsa wa Modimo mo bakwading ba Baebele? A ba ne ba bolelelwa mafoko a a rileng a ba tshwanetseng go a kwala kgotsa dikgopolo fela tse ba neng ba ka di tlhalosa ka mafoko a bone? Akanya kafa rakgwebo a ka nnang a kwala lekwalo ka gone. Fa go le botlhokwa gore a dirise mafoko a a rileng, o ikwalela lekwalo ka boene kgotsa o biletsa mokwaledi wa gagwe mafoko a a tshwanetseng go a kwala. Mokwaledi o a le tlanya, mme rakgwebo ene o a le saena. Ka dinako dingwe a ka bolelela mokwaledi wa gagwe dintlha tse di botlhokwa fela, mme mokwaledi o itlhophela mafoko a gagwe go kwala lekwalo leo. Go tswa foo rakgwebo a ka nna a bala lekwalo leo go bona gore a ga le na diphoso mme a bo a kopa mokwaledi gore a dire diphetogo tse di tlhokegang. Kwa bofelong rakgwebo o saena lekwalo leo mme le bo le tsewa le tswa kwa go ene.
5 Ka tsela e e tshwanang, dikarolo dingwe tsa Baebele di kwadilwe ka “monwana wa Modimo.” (Ekes. 31:18) Gape Jehofa o ne a bolelela bakwadi mafoko a ba tshwanetseng go a kwala, fa a bona go le botlhokwa go dira jalo. Ka sekai, mo go Ekesodo 34:27, re bala jaana: “Jehofa a tswelela a raya Moshe a re: ‘Ikwalele mafoko ano, ka gonne ke dira kgolagano le wena le Iseraele tumalanong le mafoko ano.’” Mme gape Jehofa o ne a bolelela moporofeti Jeremia jaana: “Ikwalele mafoko otlhe a ke tla a buang le wena mo bukeng.”—Jer. 30:2.
6 Le fa go ntse jalo, gantsi bakwadi ba Baebele ba ne ba sa bolelelwe mafoko a a tlhomameng, go na le moo, dikakanyo di ne di tsenngwa ka kgakgamatso mo dipelong le mo megopolong ya bone, mme seo se ne se dira gore ba itlhophele mafoko a ba neng ba tla kwala dikakanyo tseo ka one. Moreri 12:10 ya re: “Mophuthi o ne a batla go bona mafoko a a itumedisang le go kwalwa ga mafoko a a nepileng a boammaaruri.” Mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a ‘latedisisa dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.’ (Luke 1:3) Moya wa Modimo o ne o tlhomamisa gore batho ba ba sa itekanelang ga ba leswafatse molaetsa wa gagwe.
7. Botlhale jwa Modimo bo ile jwa bonala jang mo tseleng e a dirisitseng batho ka yone go kwala Baebele?
7 Re kgona go bona botlhale jo bogolo jwa Modimo mo tseleng e a dirisitseng batho ka yone gore ba kwale Baebele. Mafoko a bone ga a re neye tshedimosetso fela, gape a na le maikutlo. Go tweng fa Jehofa a ka bo a dirisitse baengele gore e nne bakwadi? A ba ka bo ba ile ba kgona go tlhalosa maikutlo a batho a a jaaka go boifa, kutlobotlhoko le go swaba tse batho ba di tlwaetseng? Fa Modimo a ne a letla batho ba ba sa itekanelang go tlhopha mafoko a ba tla a dirisang go kwala dikakanyo tse ba di neilweng ke moya o o boitshepo, o ne a fetisetsa molaetsa wa gagwe ka lorato, ka ditsela tse di farologaneng le ka tsela e e bontshang maikutlo a batho!
ELA TLHOKO BOSUPI
8. Ke eng fa go ka twe Baebele ga e tshwane le buka epe fela ya bodumedi?
8 Go na le bosupi jo bontsi jwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ga go na buka epe ya bodumedi e e ka re thusang go itse Modimo, go gaisa Baebele. Ka sekai, mekwalo ya Bahindu e akaretsa dibuka tse di jaaka difela tsa Vedic, dibuka di le mmalwa tse di bolelang ka mekete ya bodumedi le difilosofi tse di bidiwang Upanishads, le dibuka tsa dipolelo tse di bidiwang Ramayana le Mahabharata. Buka ya Bhagavad Gita e e nang le ditaelo tsa boitsholo, ke karolo ya Mahabharata. Mo bukeng ya Babuda ya Tipitaka (Three Baskets), bolumo e le nngwe ya yone e bua thata ka melao le melawana ya kafa baitlami ba tshwanetseng go tshela ka gone. Bolumo e nngwe e bua thata ka dithuto tsa motheo tsa Bobuda. Bolumo ya boraro e bua ka dithuto tse Buddha a neng a di ruta. Buddha ka boene ga a ka a ipitsa modimo, e bile o ne a bua go le gonnye thata ka Modimo. Dibuka tsa Bo-Confucius ke dipego tse di kopantsweng tsa ditiragalo, melao ya boitsholo, boselamose le dipina. Ke boammaaruri gore buka e e boitshepo ya Iselamo e ruta gore batho ba dumele mo Modimong a le mongwe mme e mo tlhalosa e le moitsegotlhe le yo o itseng dilo pele ga di diragala mme gone ga e bontshe leina la Modimo e bong Jehofa, le le tlhagelelang makgetlo a le diketekete mo Baebeleng.
9, 10. Ke eng se re ka ithutang sone ka Modimo mo Baebeleng?
9 Le fa bontsi jwa dibuka tse di itsegeng tsa bodumedi di sa bue go le kalo ka Modimo, Baebele yone e re ruta ka Jehofa Modimo le ka ditiro tsa gagwe. E re thusa go bona dikarolo di le dintsi tsa botho jwa gagwe. Baebele e tlhalosa Modimo e le yo o maatla otlhe, yo o botlhale, yo o tshiamiso e bile e le Modimo yo o re ratang. (Bala Johane 3:16; 1 Johane 4:19.) Mo godimo ga moo, Baebele e re bolelela jaana: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Dit. 10:34, 35) Ka tsela nngwe, go nna gone ga Baebele go re tlhomamisetsa boammaaruri jwa mafoko ao. Baitse ba dipuo ba re mo dipuong di le 6 700 tse di buiwang mo lefatsheng gompieno, mo e ka nnang di le 100 tsa tsone di buiwa ke diperesente di le 90 tsa baagi ba lefatshe. Go ntse go le jalo, Baebele e ile ya ranolwa yotlhe kgotsa karolo nngwe ya yone, ka dipuo tse di fetang 2 400. Mo e ka nnang mongwe le mongwe mo lefatsheng a ka kgona go bala bobotlana dikarolo dingwe tsa yone.
10 Jesu o ne a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Joh. 5:17) Jehofa ke Modimo “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” Ka jalo, akanya ka sotlhe se a se fitlheletseng! (Pes. 90:2) Ke Baebele fela e e re bolelelang ka ditiro tsa Modimo tsa jaanong le tsa mo nakong e e fetileng e bile e re bolelela ka se a tla se dirang mo isagweng. Gape Dikwalo di re ruta gore ke eng se se itumedisang Modimo le se se sa mo itumediseng, mme di re ruta kafa re ka mo atamelang ka gone. (Jak. 4:8) A re se letleng dilo tse re di ratang kgotsa tse re amegileng ka tsone di re katosetsa kgakala le ene.
11. Ke botlhale bofe jo bogolo le jo bo ka ikanngwang jo bo fitlhelwang mo Baebeleng?
11 Botlhale jo bogolo le jo bo ka ikanngwang jo bo fitlhelwang mo Baebeleng le jone bo bontsha gore buka eno e tswa kwa Motsweding o mogolo go feta batho. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?” (1 Bakor. 2:16) Temana eo e theilwe mo go se moporofeti Isaia a kileng a se botsa batho ba motlha wa gagwe a re: “Ke mang yo o lekantseng moya wa ga Jehofa, mme ke mang yo o ka dirang gore a itse sengwe jaaka motho yo o mo gakololang?” (Isa. 40:13) Karabo ke go re, ga go ope. Ga go gakgamatse go bo go dirisa kgakololo ya Dikwalo mo lenyalong, mo baneng, mo boitlosobodutung, mo bathong ba re tsalanang le bone, mo go direng ka natla, mo go ikanyegeng le mo boitsholong, go lere ditlamorago tse di itumedisang! Ga re ka ke ra bona kgakololo e e sa siamang mo Baebeleng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ga ba na botlhale jo bo lekaneng go ka naya ba bangwe kgakololo e e molemo. (Jer. 10:23) Kgakololo ya bone e nna e fetolwa le go tokafadiwa fa ba lemoga gore kgakololo ya mo nakong e e fetileng e ne e na le diphoso. Baebele ya re: “Dikakanyo tsa batho, . . . di tshwana le moya o o hemelwang kwa ntle.”—Pes. 94:11.
12. Baebele e ile ya falola maiteko afe mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng?
12 Bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore Modimo wa boammaaruri ke ene Mokwadi wa Baebele bo bonwa mo go se se senotsweng ke hisitori malebana le maiteko a go fedisa molaetsa wa yone. Ka 168 B.C.E., Kgosi Antiochus IV wa Siria, o ne a leka go batla dibuka tse di tlhotlheleditsweng tsa Molao gore di fisiwe. Ka 303 C.E. mmusimogolo wa Roma e bong Diocletian o ne a ntsha taelo ya gore mafelo a Bakeresete ba kopanelang mo go one a senngwe le gore Dikwalo tsa bone di fisiwe. Tshenyo eo e ne ya tswelela dingwaga di le lesome. Morago ga lekgolo la bo11 la dingwaga, bomopapa ba ne ba etelela pele maiteko a go ganetsa gore kitso ya Baebele e anamisiwe, ba ganetsa gore Dikwalo di ranolelwe mo dipuong tse di tlwaelegileng. Go sa kgathalesege maiteko ao a ga Satane le baemedi ba gagwe, Baebele e ile ya tswelela e le gone go tla go fitlha le mo motlheng wa rona. Jehofa ga a ka a letla ope gore a fedise mpho ya gagwe e a e neileng batho.
BOSUPI JO BO TLHATSWITSENG BA LE BANTSI PELO
13. Re ka bontsha bosupi bofe jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe?
13 Go na le bosupi jo bongwe gape jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe: go dumalana ga yone, go nna boammaaruri ga yone mo dilong tsa saense, go diragadiwa ga boporofeti, go bega ditiragalo e sa fitlhe sepe, maatla a yone a go fetola matshelo a batho, go utlwala sentle ga ditiragalo tsa hisitori le dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di umakilweng mo serapeng sa ntlha. Akanya ka se se ileng sa thusa bangwe go bona gore Baebele e tswa kwa Modimong.
14-16. (a) Ke eng se se dirileng gore Momoseleme, Mohindu, le motho yo o neng a dumela gore Modimo ke masaitsiweng, ba tlhatswege pelo gore Baebele e tswa kwa Modimong? (b) Ke bosupi bofe jo o ka bo dirisang mo bodireding jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo?
14 Anwar * o godile e le Momoseleme kwa nageng ya kwa Botlhabagare. Fa a ne a nna kwa Amerika Bokone ka nakwana, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela. A re: “Ka nako eo, ke ne ke na le pono e e sa siamang ka madumedi a Bokeresete ka ntlha ya Botlhabanelatumelo le ka ntlha ya Kgotlatshekelo e mo go yone Bakeresete ba neng ba le kgatlhanong le bokgelogi. Le fa go ntse jalo, ka gonne ka tlholego fela ke le motho yo o ratang go itse dilo, ke ne ka dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele.” Go ise go ye kae, Anwar o ne a boela kwa gabone mme a se tlhole a kgona go golagana le Basupi gape. Dingwaga moragonyana, o ne a fudugela kwa Yuropa kwa a neng a tswelela go ithuta Baebele gone mme a swetsa ka go re: “Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, go dumalana ga Dikwalo tse di Boitshepo, go bo Baebele e sa ikganetse le lorato lo lo leng teng mo baobameding ba ga Jehofa, di dirile gore ke tlhatswege pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo.” Anwar o ne a kolobediwa ka 1998.
15 Asha yo o nang le dingwaga di le 16 o tswa mo lelapeng le le ineetseng mo Sehindung. A re: “Ke ne ke rapela fela fa ke ya tempeleng kgotsa fa ke na le mathata, mme gone ke ne ke sa akanye ka Modimo fa dilo di ne di ntsamaela sentle.” O tswelela ka go re: “Le fa go ntse jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota kwa gae, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga fela thata.” Asha o ne a ithuta Baebele mme a itse Jehofa e le Tsala ya gagwe. Ke eng se se mo tlhatswitseng pelo gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo? O tlhalosa jaana: “Baebele e ne ya araba dipotso tsotlhe tse ke neng ke di botsa. E ne ya nthusa gore ke nne le tumelo tota le fa ke ne ke sa bone Modimo—ke gore, ke sa ye kwa tempeleng go ya go obamela ditshwantsho.”
16 Paula o godisitswe e le Mokatoliki, mme fa a ne a le mosha, o ne a itsaya e le motho yo o dumelang gore Modimo ke masaitsiweng. Mme go ne ga direga sengwe. A re: “Ke ne ka kopana le tsala nngwe ya me e ke neng ke na le dikgwedi di le dintsi ke sa e bone. Oo e ne e le motlha wa mahipi. Fa ke bona kafa a neng a fetogile ka gone—a pomile moriri o moleele e bile a itumetse—ke ne ka mmotsa jaana, ‘Go diregileng ka wena, o ntse o le kae?’ O ne a mpolelela gore o ntse a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a bo a nneela bosupi.” Fa Paula yo o neng a dumela gore Modimo ke masaitsiweng a bona gore boammaaruri jwa Baebele bo na le maatla a magolo, o ne a amogela molaetsa wa yone mme a e tsaya e tlhotlheleditswe ke Modimo.
“LEFOKO LA GAGO KE LOBONE LWA LONAO LWA ME”
17. Go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka lone go ka go direla eng?
17 Baebele ke mpho e e molemolemo e Jehofa a re neileng yone ka moya o o boitshepo. Itumelele go e bala letsatsi le letsatsi, mme tsela e o e ratang le e o ratang Mokwadi wa yone ka yone e tla gola. (Pes. 1:1, 2) Simolola thuto nngwe le nngwe ya gago ka thapelo o kope moya wa Modimo go kaela dikakanyo tsa gago. (Luke 11:13) Baebele e na le dikakanyo tsa Modimo, ka jalo fa o ntse o tlhatlhanya ka se e se bolelang, o ka dira gore dikakanyo tsa Modimo e nne tsa gago.
18. Ke eng fa o batla go tswelela o ithuta Baebele?
18 Fa kitso ya gago ya boammaaruri e ntse e oketsega, dirisa se o ithutang sone. (Bala Pesalema 119:105.) Itshekatsheke ka Dikwalo fela jaaka o ka dira mo seiponeng. Fa o bona diphetogo tse o tshwanetseng go di dira, di dire. (Jak. 1:23-25) Dirisa Lefoko la Modimo e le tšhaka go femela ditumelo tsa gago le go tlosa dithuto tsa maaka mo dipelong tsa batho ba ba bonolo. (Baef. 6:17) Fa o dira jalo, leboga go bo baporofeti le banna ba ba neng ba dirisiwa go kwala molaetsa wa Baebele, tota “ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 A Greek-English Lexicon of the New Testament and Other Early Christian Literature.
^ ser. 14 Maina mangwe a fetotswe.
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
Bala Baebele letsatsi le letsatsi, mme tsela e o ratang Mokwadi wa yone ka yone e tla gola
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Motho yo o saenileng lekwalo, o tsewa e le ene a le kwadileng