Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Baya Tirelo ya ga Jehofa Kwa Pele?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Baya Tirelo ya ga Jehofa Kwa Pele?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Baya Tirelo ya ga Jehofa Kwa Pele?

“Molomo wa me o tla anela tshiamo ya gago, poloko ya gago letsatsi lotlhe.”—PES. 71:15.

O TLA ARABA JANG?

Ke dilo dife tse di neng di laola botshelo jwa ga Noa, Moshe, Jeremia le Paulo?

O ka itshekatsheka jang go bona tsela e o dirisang botshelo jwa gago ka yone?

Ke eng fa o ititeile sehuba go dira gore tirelo ya ga Jehofa e tle pele mo botshelong jwa gago?

1, 2. (a) Fa motho a ineela mo go Jehofa o bontsha eng? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka dilo tse Noa, Moshe, Jeremia le Paulo ba ileng ba di tlhopha?

FA O nna molatedi wa ga Jesu yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng, o a bo o tsaya kgato e e masisi tota. Go ineela mo Modimong ke tshwetso e e masisi thata e o ka e dirang. Go ntse jaaka e kete wa re: ‘Jehofa, ke batla gore o nne Mong wa me mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa me. Ke motlhanka wa gago. Ke batla gore o mpolelele gore ke dirise jang nako ya me, gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa me le gore ke dirise jang dilo tse ke nang le tsone le bokgoni jwa me.’

2 Fa e le gore o Mokeresete yo o ineetseng seno ke se o se solofeditseng Jehofa. O tshwanetse go akgolelwa tshwetso ya gago; o dirile tshwetso e e siameng le e e botlhale. Le fa go ntse jalo, go tsaya Jehofa e le Mong wa gago go kaya eng malebana le kafa o dirisang nako ya gago ka gone? Dikao tsa ga Noa, Moshe, Jeremia le moaposetoloi Paulo di ka re thusa go sekaseka potso eo. Mongwe le mongwe wa bone e ne e le motlhanka wa ga Jehofa yo o mo direlang ka pelo yotlhe. Boemo jwa rona bo tshwana le jwa bone. Ditshwetso tse ba di dirileng malebana le dilo tse di neng di le botlhokwa mo go bone di ka re tlhotlheletsa go sekaseka kafa re dirisang nako ya rona ka gone.—Math. 28:19, 20; 2 Tim. 3:1.

PELE GA MORWALELA

3. Metlha ya rona e tshwana jang le ya ga Noa?

3 Jesu o ne a bontsha kafa motlha wa ga Noa o tshwanang ka gone le motlha wa rona. O ne a re: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” Ba ne “baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.” (Math. 24:37-39) Batho ba le bantsi gompieno ba tshela matshelo a bone ba sa tseye tsia go potlaka ga metlha ya rona. Ga ba ele tlhoko ditlhagiso tse batlhanka ba Modimo ba di bolelang. Fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, batho ba le bantsi gompieno ba nyatsa kgang ya gore Modimo o tla tsereganya mo dikgannyeng tsa batho. (2 Pet. 3:3-7) Mme gone, Noa o ne a dirisa jang nako ya gagwe mo maemong ao a a thata?

4. Noa o ne a dirisa jang nako ya gagwe fa a sena go amogela taelo e e tswang kwa go Jehofa, mme ka ntlha yang?

4 Fa Modimo a sena go bolelela Noa maikaelelo a gagwe le go mo naya taelo, Noa o ne a aga araka gore a boloke batho le diphologolo. (Gen. 6:13, 14, 22) Gape Noa o ne a bolelela batho ka katlholo ya ga Jehofa e e tlang. Moaposetoloi Petere o ne a mmitsa “moreri wa tshiamo,” a bontsha gore Noa o ne a leka ka natla go thusa baagelani ba gagwe go lemoga bomasisi jwa boemo jwa bone. (Bala 2 Petere 2:5.) A o akanya gore go ne go tla bo go utlwala gore Noa le lelapa la gagwe ba dirise maatla a bone mo go itireleng kgwebo, ba atlege go gaisa batho ba ba neng ba tshela le bone, kgotsa ba tshele botshelo jwa manobonobo? Le e seng! E re ka ba ne ba itse se se larileng kwa pele, ba ne ba tila dilo tseo tse di neng di tla ba itaya tsebe.

KGOSANA YA EGEPETO E TSHWANELWA KE GO DIRA TLHOPHO

5, 6. (a) Go ka direga gore thuto e Moshe a e amogetseng e ne e tshwanetse go mmaakanyetsa eng? (b) Ke eng fa Moshe a ne a tlogela ditshono tse a neng a ka nna le tsone kwa Egepeto?

5 Jaanong a re sekasekeng sekao sa ga Moshe. O goletse mo ntlong ya segosi ya kwa Egepeto e le morwa yo o godisitsweng ke morwadia Faro. E re ka e ne e le kgosana, o ne a rutiwa “ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” (Dit. 7:22; Ekes. 2:9, 10) Go bonala thuto eno e ne e mmaakanyetsa tiro e a neng a tla e dira mo lelapeng la ga Faro. Fa a ka bo a tsweletse e le kgosana, a ka bo a ile a itsege mo pusong e e maatla ya motlha oo, a nna le dilo tsa magasigasi, ditshiamelo le menate. A mme gone dilo tseno di ne di le botlhokwa mo go Moshe?

6 Ka ntlha ya thapiso e Moshe a e amogetseng go tswa mo batsading ba gagwe ba mmatota fa a ne a sa ntse a le monnye, go bonala a ne a itse tsholofetso e Jehofa a neng a e solofeditse borraagwemogologolwane e bong Aborahame, Isake le Jakobe. Moshe o ne a bontsha tumelo mo ditsholofetsong tseo. O tshwanetse a bo a ile a akanya ka kelotlhoko ka isagwe ya gagwe le ka boikanyegi jwa gagwe mo go Jehofa. Ka jalo, fa nako ya gore a tlhophe go tswelela e le kgosana ya Egepeto kgotsa go nna lekgoba la Moiseraele e fitlha, o ne a tlhopha eng? Moshe o ne a tlhopha “go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.” (Bala Bahebera 11:24-26.) Moragonyana o ne a latela kaelo ya ga Jehofa malebana le kafa a neng a tshwanetse go tshela ka gone. (Ekes. 3:2, 6-10) Ke eng fa Moshe a ne a dira jalo? Ka gonne o ne a ikanya ditsholofetso tsa Modimo. O ne a swetsa ka gore ga a na isagwe kwa Egepeto. O ne a nepile, go ise go ye kae Modimo o ne a itaya setšhaba seo ka dipetso tse di lesome. A o bona sengwe se batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba gompieno ba ka ithutang sone mo go seno? Go na le gore re tlhome mogopolo mo thutong kgotsa mo menateng epe fela ya tsamaiso eno ya dilo, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go Jehofa le mo tirelong ya gagwe.

JEREMIA O NE A ITSE SE SE TLA DIRAGALANG

7. Boemo jwa ga Jeremia bo tshwana jang le jwa rona?

7 Monna mongwe yo o neng a baya tirelo ya ga Jehofa kwa pele ke moporofeti Jeremia. Jehofa o ne a laela moporofeti Jeremia go bolelela Jerusalema le Juda ya motlhanogi molaetsa wa katlholo. Tota re ka re Jeremia o ne a tshela “go ela kwa bokhutlong jwa metlha.” (Jer. 23:19, 20) O ne a itse sentle gore tsamaiso e a neng a tshela mo go yone e ka se tswelele e le gone.

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa tsela e Baruke a neng a akanya ka yone e ne e tlhoka go baakanngwa? (b) Ke eng se re tshwanetseng go nna re akanya ka sone fa re dira dithulaganyo?

8 Go tlhatswega pelo ga ga Jeremia go ne ga mo thusa go dira tshwetso efe e e utlwalang? Ga a ka a leka go itirela isagwe mo tsamaisong e e neng e tloga e senngwa. Go dira jalo e tla bo e le boeleele. Le fa go ntse jalo, ka nakwana Baruke yo e neng e le mokwaledi wa ga Jeremia, ga a ka a leba dilo ka tsela e e siameng. Ka jalo, Modimo o ne a tlhotlheletsa Jeremia gore a bolelele mokwaledi wa gagwe jaana: “Bona! Se ke se agileng ke a se rutlolola, le se ke se jadileng ke a se kumola, le lefatshe lotlhe. Mme fa e le wena, o nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla. Gonne bona, ke tlisa masetlapelo mo nameng yotlhe, . . . mme ke tla go naya moya wa gago e le thopo mo mafelong otlhe a o tla yang kwa go one.”—Jer. 45:4, 5.

9 Ga re ka ke ra tlhomamisega gore “dilo tse dikgolo” tse Baruke a neng a ipatlela tsone e ne e le eng. * Le fa go ntse jalo, se re se itseng fela ke gore e ne e le dilo tse di se nang bokamoso, dilo tse di neng di tla fela fa Bababelona ba ne ba fedisa Jerusalema ka 607 B.C.E. Re ithuta eng mo go seno? E le gore re nne le dilo tse re di tlhokang mo botshelong, go tlhokega gore re rulaganye go sa le gale. (Dia. 6:6-11) Mme gone, a go tla bo go le botlhale gore re dirise nako e ntsi le maatla re gagamalela dilo tse di ka se nneleng ruri? Ke boammaaruri gore phuthego ya ga Jehofa e tswelela pele go aga Diholo tsa Bogosi le makala a masha le go nna le diporojeke tse dingwe tse di amanang le dilo tse di direlwang Bogosi. Le fa go ntse jalo, dikago tseno di na le isagwe ka gonne maikaelelo a tsone ke go tsweletsa pele dikgatlhego tsa Bogosi. Go tla bo go siame gore batho botlhe ba ba ineetseng mo go Jehofa le bone ba beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone. A o tlhomamisegile mo pelong ya gago gore o ‘batla pele bogosi le tshiamo ya ga Jehofa’?—Math. 6:33.

“KE DI TSAYA E LE MATLAKALA A MANTSI”

10, 11. (a) Botshelo jwa ga Paulo bo ne bo remeletse mo go eng pele ga a nna Mokeresete? (b) Ke ka ntlha yang fa maikaelelo a ga Paulo a ne a fetoga gotlhelele?

10 Kwa bokhutlong, mma re sekasekeng sekao sa ga Paulo. Pele ga a nna Mokeresete, o ne a na le se go bonalang e le isagwe e e itumedisang. O ne a rutilwe molao wa Sejuda ke mongwe wa barutisi ba ba tumileng thata ba motlha wa gagwe. O ne a neilwe taolo ke moperesiti yo mogolo wa Mojuda. Mme o ne a gatela pele thata mo tumelong ya Sejuda go gaisa batho ba le bantsi ba a neng a tshela le bone. (Dit. 9:1, 2; 22:3; 26:10; Bagal. 1:13, 14) Le fa go ntse jalo, tseo tsotlhe di ne tsa fetoga fa Paulo a ne a lemoga gore Jehofa ga a tlhole a segofatsa Bajuda e le setšhaba.

11 Paulo o ne a lemoga gore go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka gone, go nna le thutego mo tsamaisong ya Sejuda ga go na mosola ope. (Math. 24:2) Monna yono, yo e neng e le Mofarasai o ne a re tsela e pele a neng a akanya ka yone o e tsaya e le “matlakala a mantsi” fa a e bapisa le tsela e ntšha e a tlhaloganyang maikaelelo a Modimo ka yone mmogo le tshiamelo ya bodiredi jwa Bokeresete. Paulo o ne a tlogela go gagamalela tumelo ya Sejuda mme a dirisa malatsi otlhe a a setseng a botshelo jwa gagwe mo lefatsheng go rera dikgang tse di molemo.—Bala Bafilipi 3:4-8, 15; Dit. 9:15.

SEKASEKA SE SE TLANG PELE MO BOTSHELONG JWA GAGO

12. Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo go eng fa a sena go kolobediwa?

12 Noa, Moshe, Jeremia, Paulo le ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanang le bone ba ile ba dirisa nako ya bone e ntsi le maatla a bone mo dilong tse di direlwang Bogosi. Ba re tlhometse sekao se se molemo. Boammaaruri ke gore, Jesu ke ene a re tlhometseng sekao se se di gaisang tsotlhe mo batlhankeng ba ba ineetseng ba ga Jehofa. (1 Pet. 2:21) Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a dirisa botshelo jotlhe jwa gagwe mo lefatsheng a rera dikgang tse di molemo e bile a tlotlomatsa Jehofa. Ka jalo, ga go pelaelo gore Mokeresete yo o tsayang Jehofa e le Mong wa gagwe, o tshwanetse go tsaya go mo direla e le selo se se tlang pele mo botshelong jwa gagwe. A go ntse jalo le ka wena? Re ka kgona jang go direla Jehofa mme re bo re dira maikarabelo a mangwe a rona?—Bala Pesalema 71:15; 145:2.

13, 14. (a) Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba kgothalediwa go akanyetsa eng? (b) Batho ba Modimo ba ka itumelela eng?

13 Mo dingwageng di le dintsi, phuthego ya ga Jehofa e ne ya rotloetsa Bakeresete gangwe le gape gore ba akanyetse ka thapelo gore a ba ka kgona go nna babulatsela. Maemo a batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga a ba letle go dirisa nako ya bone mo tirong ya go rera diura di le 70 ka kgwedi ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Seno ga se a tshwanela go dira gore ba ikutlwe molato. (1 Tim. 5:8) Mme go tweng ka wena? A tota ga o ka ke wa kgona go nna mmulatsela?

14 Akanya ka boitumelo jo batho ba le bantsi ba Modimo ba ileng ba nna le jone ka paka ya Segopotso mo ngwageng ono. Ka March, go ne go dirilwe thulaganyo e e kgethegileng e e letlang babulatsela ba ba thusang go tlhopha gore a ba tla bereka diura di le 30 kgotsa di le 50 mo tirelong ya tshimo. (Pes. 110:3) Batho ba le dimilione ba ne ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang mme go bonala go ne ga nna le boitumelo mo diphuthegong. A o ka rulaganya dilo tsa gago gore le wena o itumelele maitemogelo a a ntseng jalo gangwe le gape? Fa kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe Mokeresete yo o ineetseng a kgona go bua a re, “Jehofa ke dirile sotlhe se nka se kgonang mo tirelong ya gago,” seo se dira gore a nne le boitumelo jo bogolo.

15. Mosha wa Mokeresete o tshwanetse go ikemisetsa go dira eng malebana le thuto ya lefatshe?

15 Fa e le gore o tla tloga o fetsa sekolo, o ka tswa o se na maikarabelo a mantsi e bile o na le botsogo jo bo siameng. A o kile wa akanyetsa go nna mmulatsela wa ka metlha? Ga go pelaelo gore, barutisi kwa sekolong ba dumela gore go molemo gore o batle thuto e e kwa godimo le go rulaganyetsa go nna le tiro ya botshelo jotlhe. Le fa go ntse jalo, bone ba ikantse tsamaiso ya tsa loago le ya tsa madi e e se kitlang e nnela ruri. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o tsenela tirelo ya puso ya Modimo, o tla bo o batla mekgele e e botlhokwatlhokwa le e e nnelang ruri. Mme o tla bo o latela sekao se se molemo sa ga Jesu. Tshwetso eo e e botlhale e tla go itumedisa. E tla go sireletsa. E bile e tla bontsha gore o ikemiseditse go tshelela boineelo jwa gago mo go Jehofa.—Math. 6:19-21; 1 Tim. 6:9-12.

16, 17. Go tsoga dipotso dife malebana le tiro ya boitshediso le dilo tse dingwe mo botshelong?

16 Bontsi jwa batlhanka ba Modimo gompieno ba bereka diura di le dintsi gore ba tlhokomele malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bereka diura tse dintsi go sa tlhokege. (1 Tim. 6:8) Lefatshe la kgwebo le dira sotlhe se le ka se kgonang go dira gore re akanye gore ga re ka ke ra kgona go tshela kwantle ga dilo tsa lone tse dintsi le didirisiwa dingwe le dingwe tse disha tse di dirwang. Mme gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba batle go letla lefatshe la ga Satane le ba direla tshwetso ya gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo matshelong a bone. (1 Joh. 2:15-17) Mme batho ba ba rotseng tiro bone, ga go na tsela e e molemo ya go dirisa nako ya bone go gaisa go e dirisa mo tirelong ya bobulatsela, ba dira gore tirelo ya ga Jehofa e nne yone e e tlang pele.

17 Batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ka ipotsa jaana: Maikaelelo a me a magolo mo botshelong ke eng? A ke dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa me? A ke etsa sekao sa ga Jesu sa go nna le boikutlo jwa go intsha setlhabelo? A ke ikobela kgakololo ya ga Jesu ya go mo latela ke sa kgaotse? A nka rulaganya dilo gore ke kgone go dirisa nako e ntsi mo tirong ya go rera ka Bogosi kgotsa ke dira dilo tse dingwe tse di direlwang puso ya Modimo? Tota le fa gone jaanong maemo a me a sa ntetle go oketsa tirelo ya me, a ke tswelela ke leka ka natla go nna le moya wa go intsha setlhabelo?

“LO RATE LO BO LO DIRE”

18, 19. Ke eng se o ka nnang wa se rapelela, mme ke ka ntlha yang fa kopo eo e tla itumedisa Jehofa?

18 Go a itumedisa go bona tlhagafalo ya batho ba Modimo. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ka tswa ba sa rate go nna babulatsela kgotsa ba ikutlwa ba sa tshwanelege—tota le fa maemo a bone a ba letla. (Ekes. 4:10; Jer. 1:6) Go tweng fa o ikutlwa jalo? A seno e ka se nne sengwe se o tshwanetseng go se rapelela? Ee ruri. Paulo o ne a bolelela badumedimmogo le ene gore Jehofa “ke ene yo o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya boipelo jwa gagwe jo bo molemo, gore lo rate lo bo lo dire.” (Bafil. 2:13) Fa o sa ikutlwe o tlhotlheletsega go oketsa bodiredi jwa gago, kopa Jehofa gore a go neye keletso le bokgoni jwa go dira seo.—2 Pet. 3:9, 11.

19 Noa, Moshe, Jeremia, Paulo le Jesu, botlhe bano e ne e le banna ba ba ikanyegang. Ba ne ba dirisa nako le maatla a bone go bolela molaetsa wa ga Jehofa wa tlhagiso. Ga ba a ka ba itetla go iteega tsebe. Bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo atametse; ka jalo rona rotlhe ba re ineetseng mo Modimong re tshwanetse go tlhomamisa gore re leka ka natla go latela dikao tseno tse di molemo tse di mo Baebeleng. (Math. 24:42; 2 Tim. 2:15) Fa re dira jalo, re tla itumedisa Jehofa mme o tla re segofatsa fela thata.—Bala Malaki 3:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Bona buka ya Modimo o Bua le Rona ka Jeremia, tsebe 104-106.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Batho ga ba a ka ba tsaya tlhagiso ya ga Noa tsia

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A o ile wa akanyetsa ka kelotlhoko go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha?