Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Fitlheletse se ke Neng ke se Batla”

“Ke Fitlheletse se ke Neng ke se Batla”

“Ke Fitlheletse se ke Neng ke se Batla”

Dingwaga di le 15 tse di fetileng, Emilia e ne e le mmulatsela wa ka metlha. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwanelwa ke go kgaotsa tirelo eo ya nako e e tletseng. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, gantsi o ne a gakologelwa nako e e monate e a nnileng le yone mo botshelong jwa gagwe, mme gape o ne a batla go oketsa seabe sa gagwe mo bodireding.

Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e ne e mo jela nako e ntsi e bile e mo kgoreletsa gore a se ka a itumela. Nako nngwe o ne a bua jaana fa pele ga badirimmogo le ene: “Ke eletsa e kete nka bereka diura di le mmalwa!” Mothapi wa gagwe o ne a utlwela ka gone mme a mmotsa gore a seo se boammaaruri. Emilia o ne a mo tlhomamisetsa gore go ntse fela jalo. Le fa go ntse jalo, e le gore seo se kgonege, go ne go tlhokega gore mookamedi a mo letlelele ka gonne molao wa khampani o ne o tlhoka gore badiri botlhe ba ineele ka botlalo mo tirong. Kgaitsadiarona o ne a baakanyetsa pokano e a neng a tla nna le yone le mookamedi a bo a rapelela gore a nne le kagiso le bopelokgale.

Mo pokanong eo, Emilia o ne a kopa ka botlhale le ka bopelokgale gore diura tsa gagwe tsa tiro di fokodiwe. O ne a tlhalosa jaana gore o dirisa nako ya gagwe ya fa a se mo tirong go thusa batho ba bangwe: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ke thusa batho go ithuta Baebele. Mo malatsing ano batho ba le bantsi ga ba tlhole ba na le boitsholo jo bo siameng. Ba tlhoka melao le ditekanyetso tse di utlwalang sentle, mme botlhale jo ke ba bontshang jone go tswa mo Baebeleng bo tlhwatlhwakgolo mo go bone. Ga ke batle gore ditiro tse ke di dirang morago ga tiro di fokotse boleng jwa tiro e ke e dirang mo khampaning, mme gone nka rata go nna le nako e e oketsegileng go thusa batho. Ke gone ka moo ke tlhokang go fokolediwa diura mo tirong.”

Mookamedi o ne a mo reetsa ka kelotlhoko mme a mmolelela gore nako nngwe le ene o kile a akanyetsa go dira tiro ya go aba. Go tswa foo o ne a re: “Mabaka a o mpoleletseng one a dira gore ke dumalane le kopo ya gago. Mme gone, a o a lemoga gore o tla amogela madi a mannye?” Emilia o ne a re o lemoga seo mme fa go tlhokega o tla leka go tlhofofatsa botshelo jwa gagwe. Gape o ne a re: “Mokgele wa me o mogolo thata ke go direla batho sengwe se se ba itumedisang.” Mookamedi o ne a mo raya a re: “Ke rata batho ba ba ithaopelang go dirisa nako ya bone go thusa batho ba bangwe.”

Ga go motho ope yo o thapilweng ke khampani eo yo o kileng a direlwa molemo o o ntseng jalo. Gone jaanong Emilia o letleletswe go bereka malatsi a le manè fela mo bekeng. Se se gakgamatsang ke gore o ne a okelediwa madi a a a amogelang, mme jaanong o amogela madi a a lekanang le a a neng a a amogela pele! A re: “Ke fitlheletse se ke neng ke se batla, mme nka kgona go nna mmulatsela wa ka metlha gape!”

A o kile wa akanyetsa go fetola maemo a gago gore o nne mmulatsela kgotsa fa e le gore o kile wa nna mmulatsela, a o ka tsenela tirelo eo gape?

[Mafoko a a mo go tsebe 32]

Mookamedi o ne a mo raya a re: “Ke rata batho ba ba ithaopelang go dirisa nako ya bone go thusa batho ba bangwe”