Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Tla Tshaba Mang?”

“Ke Tla Tshaba Mang?”

“Ke Tla Tshaba Mang?”

“Le fa ntwa e ka tsoga kgatlhanong le nna, le ka yone nako eo ke tla nna le tshepo.”—PES. 27:3.

GO YA KA DITEMANA TSE DI LATELANG, KE ENG SE SE KA GO THUSANG GO NNA PELOKGALE?

Pesalema 27:1

Pesalema 27:4

Pesalema 27:11

1. Pesalema ya bo27 e tla re thusa go tlhaloganya eng?

KE ENG fa tiro ya rona ya go rera e ntse e gola le fa maemo a lefatshe a nna maswe le go feta? Ke ka ntlha yang fa re aba nako le maatla a rona ka go rata fa bontsi bo lebane le maemo a a maswe a ikonomi? Re ka tswelela jang re le pelokgale fa batho ba bangwe ba bantsi ba boifa isagwe? Pina e e tlhotlheleditsweng ya ga Kgosi Dafide e e kwadilweng mo go Pesalema 27, e re naya dikarabo tsa dipotso tseo.

2. Go tshaba go ka dira gore motho a ikutlwe jang, mme gone re tlhomamisegile ka eng?

2 Dafide o simolola pesalema eno ka mafoko ano: “Jehofa ke lesedi la me le poloko ya me. Ke tla boifa mang? Jehofa ke kago e e thata ya botshelo jwa me. Ke tla tshaba mang?” (Pes. 27:1) Go tshaba kgotsa go nna le poifo e kgolo go ka dira gore motho a ikutlwe a le bokoa mo a sa kgoneng go dira sepe. Le fa go ntse jalo, motho yo o boifang Jehofa o pelokgale mme ga a tshabe sepe. (1 Pet. 3:14) Fa re dira gore Jehofa e nne kago ya rona e e thata re ‘tla nna ka polokesego mme ga re na re tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.’ (Dia. 1:33; 3:25) Ka ntlha yang?

“JEHOFA KE LESEDI LA ME LE POLOKO YA ME”

3. Ke ka tsela efe Jehofa e leng lesedi la rona, mme gone re tshwanetse go dira eng?

3 Tshwantshiso e e reng, “Jehofa ke lesedi la me” e dira gore re akanye ka kgang ya gore Jehofa o re golola mo go tlhokeng kitso le mo lefifing la semoya. (Pes. 27:1) Lesedi la mmatota le ka re bontsha kotsi e e kwa pele kgotsa sekgoreletsi se se mo tseleng ya rona, mme gone ga le e tlose. Re tshwanetse go tsaya kgato ka botlhale mo go se re se bonang. Ka tsela e e tshwanang Jehofa o re senolela bokao jwa ditiragalo tsa lefatshe. O re tlhagisa ka dikotsi tsa tsamaiso eno ya dilo. O re naya melaometheo e e tswang mo Baebeleng e ka metlha e re tswelang mosola, mme gone re tshwanetse go dirisa se re ithutang sone. Fa re dira jalo, re tla kgona go dira ka botlhale go feta baba ba rona kgotsa barutisi ba rona.—Pes. 119:98, 99, 130.

4. (a) Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a ka bua a tlhatswegile pelo fa a re: “Jehofa ke . . . poloko ya me”? (b) Ke leng segolobogolo Jehofa e tla nnang poloko ya rona?

4 Mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 27:1 a bontsha gore o tshwanetse a bo a ne a gakologelwa kafa Jehofa a neng a mo golola ka gone kgotsa a mo sireletsa ka gone mo nakong e e fetileng. Ka sekai, Jehofa o ne a mo golola mo “leroong la tau le mo leroong la bera.” Gape Jehofa o ne a mo thusa gore a fenye Goliathe wa mokaloba. Moragonyana Kgosi Saulo o ne a leka go tlhaba Dafide ka lerumo, le fa go ntse jalo, mo lekgetlong lengwe le lengwe Jehofa o ne a mo golola. (1 Sam. 17:37, 49, 50; 18:11, 12; 19:10) Ga go gakgamatse go bo Dafide a ne a kgona go bua jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa ke . . . poloko ya me”! Gape Jehofa o tla nna poloko mo batlhankeng ba gagwe fela jaaka a ile a dira mo go Dafide. Jang? Ka go golola baobamedi ba gagwe mo “pitlaganong e kgolo” e e tlang.—Tshen. 7:14; 2 Pet. 2:9.

GAKOLOGELWA KATLEGO NNGWE LE NNGWE

5, 6. (a) Go gopola dilo tsa bogologolo go re thusa jang go lwela go nna le bopelokgale? (b) Dipego tse di malebana le kafa Jehofa a ileng a dirisana ka gone le batlhanka ba gagwe, di re nonotsha jang gore re nne pelokgale?

5 Mo go Pesalema 27:2, 3 re bala ka ntlha e e botlhokwa e e tla re thusang go nna pelokgale. (E bale.) Dafide o gakologelwa ditiragalo tse mo go tsone Jehofa a ileng a mo golola. (1 Sam. 17:34-37) Dilo tseo tse a neng a di gakologelwa, di ne tsa dira gore a tlhomamisege gore a ka lebana le mathata a magolo go feta a a kileng a lebana le one. A le wena fa o gakologelwa kafa Jehofa a go thusitseng ka gone o nna le bopelokgale? Ka sekai, a o kile wa rapela ka tlhoafalo o rapelela bothata bongwe jo bo go ngomolang pelo, mme o bo o bona kafa Jehofa a go neileng botlhale le maatla ka gone go itshokela teko eo? Kgotsa a o gakologelwa kafa dilo tse di go kgoreletsang go itumelela tirelo ya gago di ileng tsa tlosiwa ka gone, kgotsa kafa o ileng wa bulelwa kgoro e kgolo ya tirelo ka gone? (1 Bakor. 16:9) O ikutlwa jang fa o gakologelwa ditiragalo tse di ntseng jalo gone jaanong? A seo ga se go tlhomamisetse gore Jehofa a ka go thusa go fenya kgotsa go itshokela le eleng dikgoreletsi kgotsa mathata a a masisi le go feta?—Bar. 5:3-5.

6 Go tweng fa puso nngwe e e maatla e ne e ka loga leano la go nyeletsa phuthego ya Basupi ba ga Jehofa? Batho ba le bantsi mo motlheng wa gompieno ba ile ba leka go dira seo, mme ba retelelwa. Fa re gakologelwa kafa Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe ka gone mo nakong e e fetileng, seo se tla dira gore re nne le tsholofelo ya gore re tla itshokela maemo le fa e ka nna afe a a ka re tlhagelang mo isagweng.—Dan. 3:28.

ANAANELA KOBAMELO E E ITSHEKILENG

7, 8. (a) Go ya ka Pesalema 27:4, Dafide o ile a kopa eng mo go Jehofa? (b) Tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa ke eng, mme kobamelo e direlwa jang kwa go yone?

7 Sengwe gape se se botlhokwa se se ka re thusang go nna pelokgale, ke go rata kobamelo ya boammaaruri. (Bala Pesalema 27:4.) Mo motlheng wa ga Dafide ‘ntlo ya ga Jehofa’ e ne e le motlaagana. Dafide ke ene yo o dirileng dithulaganyo tsa tempele e ntle e morwawe e bong Solomone a neng a tla e aga. Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o ne a se kitla a amogela kobamelo e e direlwang kwa kagong e le nngwe fela e kgolo e e neng e segofaditswe ke Modimo. (Joh. 4:21-23) Mo go Bahebera kgaolo 8 go ya go 10, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore tempele e kgolo ya semoya e ne ya nna gone fa Jesu a ne a kolobediwa ka 29 C.E., mme a ineela mo go Jehofa go dira thato ya gagwe. (Baheb. 10:10) Jehofa o dirile thulaganyo ya tempele eno e kgolo ya semoya gore re kgone go mo atamela ka tsela e a e amogelang, fa fela re bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Re obamela jang mo tempeleng eno? Ka go rapela “ka dipelo tse di boammaaruri ka go tlhomamisega mo go tletseng ga tumelo”; ka go bolela tsholofelo ya rona phatlalatsa kwantle ga go reketla; ka go akanyetsa, go tlhotlheletsa, le go kgothatsa baobamedimmogo le rona, fa re kopana mmogo kwa dipokanong le ka nako ya kobamelo ya lelapa. (Baheb. 10:22-25) Go anaanela thulaganyo ya kobamelo ya boammaaruri go a re nonotsha mo metlheng eno e e thata ya bofelo.

8 Mo lefatsheng ka bophara, batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba oketsa seabe sa bone mo bodireding, ba ithuta dipuo tse disha, mme ba fudugela kwa mafelong a kwa go one go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi. Se ba se dirang se bontsha gore, fela jaaka mopesalema, ba na le selo se le sengwe fela se ba ka se kopang mo go Jehofa. Ba batla go itumelela bontle jwa ga Jehofa le go nna le seabe mo tirelong e e boitshepo go sa kgathalesege gore go direga eng.—Bala Pesalema 27:6.

IKANYE THUSO YA MODIMO

9, 10. Ke eng se re se tlhomamisediwang mo go Pesalema 27:10?

9 Dafide o tlhalosa kafa a ileng a ikanya thuso ya ga Jehofa ka gone ka go re: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pes. 27:10) Fa re bala ditiragalo tse di mo go 1 Samuele kgaolo 22, re ka swetsa ka gore batsadi ba ga Dafide ga ba a ka ba mo latlha. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela go latlhiwa ke ba malapa a bone. Mme gone, batho ba le bantsi ba ba latlhilweng ba bone thuso le tshireletsego mo phuthegong e e lorato ya Bokeresete.

10 E re ka Jehofa a iketleeleditse go ema batlhanka ba gagwe nokeng fa batho ba bangwe ba ba latlha, a gape a ka se ba tlhokomele ka nako ya matshwenyego ape fela a ba ka lebanang le one? Ka sekai, fa e le gore re tshwenyegile ka gore re tla tlamela jang ba lelapa la rona ka dilo tse ba di tlhokang, a re ka se tlhomamisege gore Jehofa o tla re thusa? (Baheb. 13:5, 6) O tlhaloganya maemo a batlhanka botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang le se ba se tlhokang.

11. Go ikanya ga rona Jehofa go ka ama ba bangwe jang? Bontsha.

11 Akanya ka kgang ya ga Victoria, yo e leng moithuti wa Baebele kwa Liberia. Fa a ntse a ipaakanyetsa go kolobediwa, monna yo a neng a nna le ene o ne a mo tlogela ene le bana ba gagwe ba le bararo. Le fa a ne a se na legae e bile a se na tiro, o ne a gatela pele semoyeng. Fa Victoria a sena go kolobediwa, morwadie wa dingwaga di le 13 o ne a sela sepatšhe se se nang le madi a mantsi. Gore ba se ka ba raelesega ba ne ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba bala madi ao. Go na le moo, ka bonako fela ba ne ba ikgolaganya le lesole le le neng le latlhegetswe ke sepatšhe seo. O ne a ba bolelela gore fa batho botlhe ba ka bo ba ikanyega jaaka Basupi ba ga Jehofa, lefatshe lotlhe le ka bo le le botoka e bile le na le kagiso. Victoria o ne a dirisa Baebele go bontsha lesole leo tsholofetso ya ga Jehofa ya lefatshe le lesha. E re ka lesole leo le ne le kgatlhiwa ke bothokgami jwa ga Victoria, le ne la mo naya madi a mantsi go tswa mo mading a a a busitseng. Eleruri, go nna le tumelo e e sa reketleng ya gore Jehofa a ka kgona go re tlamela ka se re se tlhokang, go ile ga dira gore Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka go nna le boikanyegi.

12. Re bontsha eng fa re tswelela re direla Jehofa le fa re latlhegelwa ke tiro kgotsa madi? Bontsha.

12 Kgotsa akanya kafa Thomas yo e leng mmoledi yo o sa kolobediwang wa kwa Sierra Leone, a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka gone. O ne a simolola tiro ya borutabana kwa sekolong sa bogareng, le fa go ntse jalo, ga a ka a amogela tuelo ya gagwe mo e ka nnang ngwaga otlhe go fitlha makwalo a gagwe a baakanngwa. Ke selo sefe sa bofelo se Thomas a neng a tshwanetse go se dira pele ga a amogela tuelo ya gagwe kgotsa madi otlhe a sekolo se neng se mo kolota one? Mookamedi wa sekolo, yo e neng e le moruti, o ne a tshwanetse go mmotsolotsa dipotso. Moruti yoo o ne a mo tlhalosetsa gore se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang ga se tsamaisane le se se dumelwang mo sekolong. O ne a pateletsa Thomas gore a tlhophe magareng ga tiro ya gagwe le dilo tse a di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng. Thomas o ne a rola tiro mme a latlhegelwa ke tuelo ya mo e ka nnang ngwaga otlhe, mme o ne a bona tiro e nngwe gape ya go baakanya diradio le difouno tsa selula. Fela jaaka dikai tseno tse dintsi le tse di tshwanang le tseo di bontsha, go tshaba go tlhoka dilo tsa botlhokwa mo botshelong go ka dira gore batho ba bangwe ba boife, mme seo ga se sepe fa se bapisiwa le tsela e re ikanyang Mmopi wa dilo tsotlhe le Mosireletsi wa batho ba gagwe ka yone.

13. Tiro ya go rera ka Bogosi, e tswelela jang mo mafatsheng a a humanegileng?

13 Mo dinageng di le dintsi kwa maemo a botshelo a leng boima gone, gantsi baboledi ba Bogosi ba tlhoafetse thata. Ka ntlha yang? Ofisi nngwe ya lekala e ne ya kwala jaana: “Batho ba le bantsi ba ba amogelang thuto ya Baebele ga ba bereke, ka jalo ba na le nako e ntsi ya go ithuta motshegare. Bakaulengwe le bone ba na le nako e ntsi ya go rera. Batho ba ba tshelang mo dinageng tse di humanegileng thata ga ba tlhoke go bolelelwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo; ba tshela mo maemong ao a a bosula.” Morongwa yo o nang le dingwaga tse di fetang 12 a direla mo nageng e mmoledi mongwe le mongwe a nang le palogare ya dithuto tsa Baebele tse di fetang tharo, o kwala jaana: “E re ka baboledi ba le bantsi ba tshela botshelo jo bo sa raraanang, e bile ba se na dilo di le dintsi tse di ba itayang tsebe, gantsi ba na le nako e ntsi e ba ka e dirisang mo bodireding le ya go tshwara dithuto tsa Baebele.”

14. Boidiidi jo bogolo bo ka itumelela tshireletso ya Modimo ka ditsela dife?

14 Jehofa o solofeditse gore o tla thusa batho ba gagwe e le setlhopha, a ba sireletse le go ba golola ka tsela ya mmatota le semoyeng, mme re a mo ikanya. (Pes. 37:28; 91:1-3) Go tla nna le boidiidi jo bogolo jo bo tla falolang “pitlagano e kgolo.” (Tshen. 7:9, 14) Ka jalo, setlhopha sa boidiidi joo, se tla sirelediwa gore se se ka sa nyelediwa mo nakong e e setseng ya malatsi a bofelo. Ba tla newa sotlhe se ba se tlhokang gore ba itshokele diteko le gore ba sireletse kamano ya bone le Jehofa. Mme Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe mo karolong ya bofelo ya pitlagano e kgolo.

“NTHUTE KAGA TSELA YA GAGO, WENA JEHOFA”

15, 16. Re solegelwa molemo jang fa re reetsa kgakololo ya Modimo? Bontsha.

15 Gore re nne re le pelokgale, re tlhoka go tswelela re kaelwa ke Modimo. Re kgona go bona seno mo kopong eno ya ga Dafide: “Nthute kaga tsela ya gago, wena Jehofa, mme o nkgoge mo tselaneng ya thokgamo ka ntlha ya baba ba me.” (Pes. 27:11) Go dira tumalanong le thapelo eno, go kaya go ela tlhoko kaelo epe fela e e theilweng mo Baebeleng e re e amogelang mo phuthegong ya ga Jehofa, mme re e diragatse ka gangwe. Batho ba le bantsi ba ba ileng ba tswa mo dikolotong tse di sa tlhokegeng, ba ka bontsha gore go dirisa kgakololo e e botlhale ya go tlhofofatsa matshelo a bone go ba solegetse molemo bosheng jaana fa go ne go na le mathata a ikonomi. Go na le gore ba iphitlhele ba imetswe ke dilo tse ba nang le tsone tse ba sa tlholeng ba kgona go di duelela, ba kgona go oketsa bodiredi jwa bone. Go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse gore, ‘A ka gangwe fela ke dirisa kgakololo e ke e balang mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, tota le fa seo se raya gore ke ithontshe dilo dingwe?’—Math. 24:45.

16 Fa re letla Jehofa a re rute le go re kaela mo tseleng ya tshiamo, ga re kitla re nna le lebaka la go boifa. Fa mmulatsela mongwe wa ka metlha wa kwa United States a ne a dira kopo ya tiro nngwe e e neng e tla mo thusa gore lelapa lotlhe la gagwe le tswelele le le mo tirelong ya nako e e tletseng, mookamedi wa gagwe o ne a mmolelela gore ga a kitla a bona tiro eo a se na dikirii ya kwa kholetšheng. Fa seo se ka bo se go diragaletse, a o ka bo o ile wa ikwatlhaya go bo o ile wa tsenela tirelo ya nako e e tletseng go na le go batla thutego e e kwa godimo? Dibeke di le pedi morago ga foo, mookamedi yoo o ne a kobiwa mo tirong, mme manejara yo mongwe o ne a botsa mokaulengwe ka mekgele ya gagwe. Ka yone nako eo, o ne a mo tlhalosetsa gore ene le mosadi wa gagwe ke badiredi ba ka metlha ba Basupi ba ga Jehofa mme ba batla go tswelela ka tirelo eo. Pele ga mokaulengwe a ka bua sengwe gape, manejara o ne a mo raya a re: “Ke ne ke bona gore ga o tshwane le batho ba bangwe! Fa rre a ne a le gaufi le go swa, badumedimmogo le wena ba babedi ba ne ba mo etela letsatsi le letsatsi gore ba mmalele Baebele. Ke ne ka ipolelela gore fa nka nna le tshono ya go thusa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke tla dira fela jalo.” Mo mosong o o latelang, mokaulengwe yono o ne a newa yone tiro e mookamedi wa gagwe wa pele a neng a gana go mo naya yone. Eleruri, fa re dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona, Jehofa o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re naya dilo tse re di tlhokang.—Math. 6:33.

TUMELO LE TSHOLOFELO DI BOTLHOKWA

17. Ke eng se se tla dirang gore re kgone go lebelela isagwe ka tsholofelo?

17 Go tswa foo, Dafide o gatelela botlhokwa jwa tumelo le tsholofelo ka go re: “Fa nkabo ke sa nna le tumelo mo go boneng molemo wa ga Jehofa mo lefatsheng la ba ba tshelang—!” (Pes. 27:13) Ee ruri, botshelo bo ne bo tla nna jang fa re ka bo re se na tsholofelo e Modimo a re neileng yone e bile re sa anaanele dilo tse go tlotlilweng ka tsone mo go Pesalema 27! Ka jalo, a re tsweleleng re rapelela maatla le kgololo re tlhatswegile pelo, fa re ntse re lebana le ditiragalo tse di lebisang kwa ntweng ya Haramagedona.—Bala Pesalema 27:14.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dafide o ne a nna le maatla fa a gopola kafa Jehofa a ileng a mo golola ka gone

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

A re bona mathata a ikonomi e le tshono ya go oketsa bodiredi jwa rona?