A o A Gakologelwa?
A o A Gakologelwa?
A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
A moriri wa ga Samesone ke one o neng o mo naya maatla?
Moriri wa ga Samesone ga se one o neng o mo naya maatla. Moriri wa gagwe o ne o emela kamano e e kgethegileng e a neng a na le yone le Modimo e re ka e ne e le Monasirite. Kamano eo e ne ya amega fa Delila a ne a dira gore a beolwe.—4/15, tsebe 9.
Go tshwana fela le pelo ya rona ya mmatota, ke dilo dife tse tharo tse di ka solegelang pelo ya rona ya tshwantshetso molemo?
(1) Dijo. Fela jaaka pelo ya rona ya mmatota e tlhoka gore motho a je dijo tse di nang le dikotla, re tlhoka dijo tse di lekaneng tse di agang tsa semoya. (2) Ikatiso. Go nna le seabe ka tlhagafalo mo bodireding go ka dira gore pelo ya rona ya tshwantshetso e nne e itekanetse. (3) Tikologo. Re ka fokotsa kgatelelo ka go nna re kopana le badumedimmogo le rona ba ruri ba amegang ka rona.—4/15, tsebe 16.
Fa mongwe mo lenyalong a sa ikanyega, boobabedi ba ka dira jang gore ba tshepane gape?
Ba tshwanetse gore (1) ba se ka ba fitlhelana sepe; (2) ba dirisane mmogo; (3) ba emisetse mekgwa ya bogologolo ka e mesha; le gore (4) ba itse nako e ka yone ba tshwanetseng go tlogela go galefa gore ba baakanye bothata.—5/1, tsebe 12-15.
Ke ka ntlha yang fa motho yo o neelang puo ya phitlho a sa tshwanela go lebisa Pesalema 116:15 mo mothong yo o tlhokafetseng?
Temana eo ya re: “Loso lwa batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang lo tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” Seno se kaya gore Modimo o tsaya botshelo jwa batlhanka ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang bo le botlhokwa. Ga a kitla a letlelela setlhopha sotlhe sa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang se swe.—5/15, tsebe 22.
Barekisi ba dibuka e ne e le bomang?
Pele ga 1931, polelwana “barekisi ba dibuka” e ne e dirisiwa fa go buiwa ka ba jaanong ba bidiwang babulatsela.—5/15, tsebe 31.
Dingwe tsa dintlha tse di bontshang gore Baebele ga se buka fela e nngwe e e kwadilweng ke batho ke dife?
Baebele e na le boporofeti jo bontsi jo bo diragaditsweng. Boporofeti jwa yone bo boammaaruri, ga se tlhamane fela. E dumalana le saense e e boammaaruri mme dibuka tsa yone di a dumalana. E mosola le gompieno.—6/1, tsebe 4-8.
Ke bomang ba e leng “magosi ano otlhe” a a umakilweng mo go Daniele 2:44?
Go buiwa ka dipuso tse di tshwantshediwang ke dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho sa metale se se tlhalositsweng ke Daniele.—6/15, tsebe 17.
Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ne wa nna leng mmuso wa lefatshe wa bosupa o boporofeti jwa Baebele bo buileng ka one?
Mmuso ono o o kopanetsweng wa lefatshe lotlhe o ne wa simolola go laola fa Boritane le United States ba ne ba dirisana mmogo ka tsela e e kgethegileng ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I.—6/15, tsebe 19.
Modimo o itshwarela jang maleo a batho ba ba ikwatlhayang le go a lebala?
Jehofa o bua jaana ka ba a ba amogelang: “Boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.” (Jer. 31:34) A ka kgona go re itshwarela maleo mo motheong wa thekololo. Fa Modimo a re itshwarela o a lebala, ka kgopolo ya gore ga a kitla a gakologelwa maleo ao gore a re otlhaele one.—7/1, tsebe 18.
Ke eng fa re tshwanetse go dumela dikgakgamatso tse di leng mo Baebeleng?
Gantsi di ne di direlwa mo phatlalatseng, e seng mo sephiring. Di ne di dirwa ka tsela e e motlhofo, go sena didirisiwa dingwe tse di kgethegileng. Di ne di direlwa go galaletsa Modimo, e seng batho. Go ne ga dirwa dikgakgamatso tse dintsi tse di farologaneng, mme baganetsi ba nako eo ba ne ba sa belaele gore di kile tsa dirwa. Ano ke mabaka a a dirang gore re dumele pego ya Baebele e e ka ga dikgakgamatso.—8/1, tsebe 7-8.