Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ema o Nitame Mme o Tile Dirai Tsa ga Satane!

Ema o Nitame Mme o Tile Dirai Tsa ga Satane!

Ema o Nitame Mme o Tile Dirai Tsa ga Satane!

“Ema [o] nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.”—BAEF. 6:11.

O TLA ARABA JANG?

Motlhanka wa ga Jehofa a ka tila jang go wela mo seraing sa go rata dikhumo?

Ke eng se se ka thusang Bakeresete ba ba leng mo lenyalong gore ba se ka ba wela mo seraing sa boaka?

Ke ka ntlha yang fa o dumela gore go molemo gore motho a eme a nitame kgatlhanong le go rata dikhumo le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Satane a sa utlwele batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” botlhoko? (b) Re tla tlotla ka dirai dife tsa ga Satane mo setlhogong seno?

SATANE DIABOLO ga a utlwele batho botlhoko, segolobogolo ba ba direlang Jehofa. Tota e bile, o boloditse ntwa kgatlhanong le masalela a batlodiwa. (Tshen. 12:17) Bakeresete bao ba ba ikanyegang ba ile ba etelelapele tiro ya motlha wa gompieno ya go rera ka Bogosi mme ba senotse Satane e le mmusi wa lefatshe leno. Gape Diabolo o tlhoile ba “dinku tse dingwe” ba ba emang nokeng batlodiwa e bile ba na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng—e leng tsholofelo e Satane a sa tlholeng a na le yone. (Joh. 10:16) Ga go gakgamatse go bo a shakgetse jaana! Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, Satane ruri ga a re kgathalele. Boikaelelo jwa gagwe ke go re tlhasela.—1 Pet. 5:8.

2 Satane o beile dirai tse di farologaneng gore a fitlhelele maikaelelo ao a gagwe. E re ka a ‘foufaditse megopolo’ ya batho ba ba sa dumeleng, ga ba batle go amogela dikgang tse di molemo e bile ga ba kgone go bona dirai tseo. Le fa go ntse jalo, Diabolo o thaisitse le e leng batho ba ba amogetseng molaetsa wa Bogosi. (2 Bakor. 4:3, 4) Setlhogo se se fetileng se re bontshitse kafa re ka tilang ka gone dirai di le tharo tsa ga Satane: (1) puo e e sa laolesegeng, (2) poifo le kgatelelo le (3) go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng. A jaanong re sekasekeng kafa re ka emang re nitame ka gone kgatlhanong le dirai tse dingwe tse pedi tsa ga Satane—go rata dikhumo le thaelo ya go dira boaka.

GO RATA DIKHUMO—SERAI SE SE HUPETSANG

3, 4. Ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo di ka dira jang gore re rate dikhumo?

3 Mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe, Jesu o ne a bua ka peo e e jetsweng mo mebitlweng. O ne a tlhalosa gore motho a ka nna a utlwa lefoko, “mme tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo a hupetse lefoko, mme a nne yo o sa ungweng.” (Math. 13:22) Ee, go rata dikhumo ke sengwe sa dirai tse mmaba wa rona e bong Satane a di dirisang.

4 Go na le dilo tse pedi tse di ka hupetsang lefoko fa di kopanngwa. Sengwe sa dilo tseno ke go ‘tlhobaela ka tsamaiso eno ya dilo.’ Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ go na le dilo di le dintsi tse di ka go tlhobaetsang. (2 Tim. 3:1) E re ka ditlhwatlhwa tsa dilo di ntse di ya kwa godimo le botlhokatiro bo ntse bo oketsega, o ka nna wa fitlhela go le thata go bona dilo tse o di tlhokang. Gape o ka nna wa tlhobaela ka isagwe mme wa ipotsa gore, ‘A ke tla nna le lotseno lo lo lekaneng fa ke sena go rola tiro?’ Ditlhobaelo tse di ntseng jalo di ile tsa dira gore bangwe ba gagamalele dikhumo, ba akanya gore madi a tla ba thusa gore ba sireletsege.

5. ‘Maatla a dikhumo’ a ka tsietsa ka tsela efe?

5 Jesu o ne a bua ka ntlha e nngwe gape—“maatla a a tsietsang a dikhumo.” Ntlha eno fa e kopanngwa le tlhobaelo e ka hupetsa lefoko. Tota le Baebele e a dumela gore ‘madi ke tshireletso.’ (Mor. 7:12) Le fa go ntse jalo, ga go botlhale go gagamalela dikhumo. Batho ba le bantsi ba lemogile gore fa ba nna ba batla dikhumo, ba tsenelela thata mo seraing sa go rata dikhumo. Bangwe ba bone ba ile ba bo ba nna batlhanka ba dikhumo.—Math. 6:24.

6, 7. (a) Go rata dikhumo go ka nna kotsi jang kwa lefelong la tiro? (b) Mokeresete o tshwanetse go akanyetsa eng fa a kopiwa go bereka nako e e oketsegileng?

6 O ka nna wa simolola go eletsa go nna le dikhumo o sa lemoge. Ka sekai, akanya ka boemo jono. Mothapi wa gago o tla kwa go wena a bo a go raya a re: “Ke go tshwaretse dikgang tse di monate! Khampani ya rona e neilwe konteraka nngwe e kgolo. Seno se raya gore o tla tshwanelwa ke go bereka nako e e oketsegileng mo dikgweding di le mmalwa tse di latelang. Mme gone, o tla bo o sa berekele lefela o tlile go amogela madi a a bonalang!” O tla itshwara jang fa o bolelelwa jalo? Gone ke boammaaruri gore o na le boikarabelo jo bo masisi jwa go tlhokomela lelapa la gago, mme gone ga se jone fela boikarabelo jo o nang le jone. (1 Tim. 5:8) Go na le dilo tse dingwe gape di le mmalwa tse o tshwanetseng go akanya ka tsone. O tla bereka nako e e oketsegileng e e kana kang? A tiro ya gago ya boitshediso e tla kgoreletsa dilo tsa semoya tse di akaretsang dipokano tsa phuthego le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa?

7 Fa o sekaseka tshwetso ya gago, ke eng se o tla se tsayang se le botlhokwatlhokwa—a ke madi a a oketsegileng a o tla a amogelang kgotsa a ke kamano ya gago le Jehofa? A go tlhagafalela go dira madi a mantsi go tla dira gore o tlogele go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa gago? A o kgona go bona kafa go rata dikhumo go ka go amang ka gone fa o ka se tlhokomele bomoya jwa gago le jwa lelapa la gago? Fa e le gore gone jaanong o mo boemong joo, o ka ema jang o nitame o bo o tile go hupediwa ke go rata dikhumo?—Bala 1 Timotheo 6:9, 10.

8. Ke dikao dife tsa Dikwalo tse fa re akanya ka tsone di ka re thusang go sekaseka mokgwa wa rona wa botshelo?

8 E le gore o se ka wa hupediwa ke go rata dikhumo, gangwe le gape o tshwanetse go sekaseka tsela e o tshelang ka yone. Ga o batle go tshwana le Esau, yo a neng a bontsha ka ditiro tsa gagwe gore ga a anaanele dilo tsa semoya! (Gen. 25:34; Baheb. 12:16) Eleruri ga o batle go tshwana le monna wa mohumi yo a neng a kopiwa go rekisa dilo tsa gagwe, le gore a abele bahumanegi a bo a latele Jesu. Go na le gore a dire jalo, monna yono o ne a ‘tsamaya a hutsafetse, gonne o ne a na le dithuo di le dintsi.’ (Math. 19:21, 22) E re ka a ne a tshwerwe ke dikhumo, monna yoo o ne a latlhegelwa ke tshiamelo e kgolo—ya go nna molatedi wa monna yo mogolo thata yo o kileng a tshela! Ikele tlhoko gore o se ka wa latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna morutwa wa ga Jesu Keresete.

9, 10. O ka re Dikwalo di a reng ka go nna le dikhumo?

9 Gore re kgone go fedisa go tshwenyega ka dikhumo go sa tlhokege, re tshwanetse go reetsa tlhagiso eno ya ga Jesu: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.”—Math. 6:31, 32; Luke 21:34, 35.

10 Go na le gore o wele mo seraing sa maatla a a tsietsang a dikhumo, leka ka natla go nna le boikutlo jo mokwadi wa Baebele e bong Agure a neng a na le jone, fa a ne a re: “O se ka wa ntetla go humanega thata kgotsa go huma thata. Nneye se ke se tlhokang fela.” (Dia. 30:8, Contemporary English Version) Ga go pelaelo gore Agure o ne a tlhaloganya mosola wa madi le gore dikhumo di na le maatla a a tsietsang. Lemoga gore ditlhobaelo tsa tsamaiso eno le maatla a a tsietsang a dikhumo a ka felela ka gore re swe semoyeng. Go tshwenyega ka dikhumo go sa tlhokege go ka go jela nako, ga go lapisa, ga dira gore o se ka wa nna le maatla a a kalo a go dira dilo tse di direlwang Bogosi. Ka jalo, ititeye sehuba gore o se ka wa wela mo seraing sa ga Satane sa go rata dikhumo!—Bala Bahebera 13:5.

BOAKA—KHUTI E E FITLHILWENG KA BOTLHALE

11, 12. Mokeresete a ka wela jang mo seraing sa boaka kwa tirong?

11 Batsomi ba ba batlang go tshwara phologolo e e maatla, ba ka nna ba epa khuti mo tseleng e gantsi phologolo eo e tsamayang mo go yone. Gantsi ba khurumetsa khuti eo ka dithupana ba bo ba tshela mmu o monnye mo godimo ga tsone. Nngwe ya dithaelo tse Satane a di dirisang thata ka katlego e tshwana le serai seo. Serai seo ke boleo jwa boitsholo jo bo sa siamang. (Dia. 22:14; 23:27) Bakeresete ba le bantsi ba ile ba wela mo khuting eo, ka go itetla gore ba nne mo maemong a go ka nnang motlhofo gore ba wele mo boleong. Bakeresete bangwe ba ba leng mo lenyalong ba ile ba dira boaka morago ga go simolola go ratana le mongwe go sa tshwanela.

12 Motho a ka simolola go ratana le mongwe kwa tirong go sa tshwanela. Tota e bile, patlisiso nngwe ya lefatshe e bontsha gore basadi ba ba fetang halofo ba ba ileng ba dira boaka le mo e ka nnang banna ba le 3 mo go ba le 4 ba ba ileng ba dira boaka, ba ne ba ratana le badirimmogo le bone. A tiro ya gago ya boitshediso e tlhoka gore o dirisane le batho ba bong bo sele? Fa go ntse jalo, o dirisana jang le bone? A o ipeetse melelwane ya gore lo kopane ka dilo tse di amanang le tiro fela mme ga o letle gore lo kopane ka dilo tse dingwe? Ka sekai, fa kgaitsadi wa Mokeresete a sena go nna a tlotla le modirimmogo le ene wa monna ka makgetlo a le mmalwa, a ka nna a simolola go mmulela mafatlha, a bo a mmolelela le ka mathata a gagwe a lenyalo. Mo boemong jo bongwe, fa monna wa Mokeresete a sena go tsalana le modirimmogo le ene wa mosadi, a ka nna a ipolelela jaana: “O rata dikakantsho tsa me e bile o a ntheetsa fa ke bua. E bile o a nkanaanela. E kete mosadi wa me le ene a ka bo a ntshwara jalo!” A o bona kafa go ka nnang motlhofo ka gone gore Bakeresete ba ba leng mo maemong ao ba dire boaka?

13. Motho a ka simolola jang go ratana le mongwe mo phuthegong go sa tshwanela?

13 Motho a ka simolola go ratana le mongwe mo phuthegong go sa tshwanela. Akanya ka maitemogelo ano a a diregileng. Daniel le mosadi wa gagwe e bong Sarah, * e ne e le babulatsela ba ka metlha. Mme Daniel a re e ne e le “mogolwane wa madumelagotlhe.” O ne a amogela ka tlhoafalo tshiamelo nngwe le nngwe e a neng a e newa. Daniel o ne a tshwara thuto le makawana a le matlhano—ba bararo ba bone ba ne ba kolobediwa. Bakaulengwe bano ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa ba ne ba tlhoka thuso e kgolo. Fa Daniel a ne a tshwaregile ka dikabelo tse di farologaneng tsa tirelo, gantsi Sarah o ne a thusa makawana ano ka se ba se tlhokang. Go ise go ye kae mokgwa ono o ne wa simologa: Makawana ano a a kileng a bo a ithuta le Daniel a ne a tlhoka go kgothadiwa, mme Sarah o ne a ba kgothatsa. O ne a tlhoka mongwe yo o ka fetsang nako le ene, mme nako eo o ne a e newa ke baithuti ba Baebele ba ga Daniel. Seemo seo se ne sa nna serai se se kotsi tota. Daniel a re: “Dikgwedi di le dintsi tse mosadi wa me a neng a thusa makawana ano ka tsone di ne tsa mo koafatsa semoyeng le mo maikutlong. Mme fa seno se kopana le kgang ya gore ke ntse ke mo tlhokomologa, se ne sa nna le diphelelo tse di bosula. Mosadi wa me o ne a dira boaka le mongwe wa batho ba ke neng ke ithuta le bone. Ke ne ke tshwaregile thata jaana ka ditshiamelo tsa me mo e leng gore ga ke a ka ka lemoga gore kamano ya gagwe le Jehofa e ne e koafetse.” O ka tila jang masetlapelo a a ntseng jalo?

14, 15. Ke dintlha dife tse di ka thusang Bakeresete ba ba leng mo lenyalong gore ba tile serai sa boaka?

14 Gore o kgone go tila serai sa boaka, akanya ka bokao jwa maitlamo a lenyalo. Jesu o ne a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:6) Le ka motlha, o se ka wa akanya gore ditshiamelo tsa gago tsa tirelo di botlhokwa go feta molekane wa gago. Mo godimo ga moo, ela tlhoko gore go sa iphe nako le molekane wa gago mme o e fetsa mo ditirong tse di seng botlhokwa, go ka bontsha gore lenyalo la lona le koafetse e bile go ka felela ka gore mongwe wa lona a wele mo thaelong, gongwe le e leng mo boleong jo bo masisi.

15 Le fa go ntse jalo, fa e le gore o mogolwane, go tweng ka letsomane? Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo.” (1 Pet. 5:2) Batho ba ba mo phuthegong ba o tshwanetseng go ba tlhokomela, ruri ga o a tshwanela go ba itlhokomolosa. Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go dira gore maikarabelo a gago a go nna modisa a tle pele ga maikarabelo a gago a go nna monna yo o nyetseng. Go tla bo go se na mosola—tota e bile go le kotsi—go tlhoma mogopolo otlhe mo go otleng phuthego fa molekane wa gago ene a “bolawa ke tlala” kwa gae. Daniel a re: “Go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang mo botshelong go na le go kgaratlhela ditshiamelo mme o bo o itlhokomolosa lelapa la gago.”

16, 17. (a) Ke dikgato dife tse Bakeresete ba ba leng mo lenyalong ba ka di tsayang kwa tirong go bontsha batho ba ba berekang le bone gore ga ba batle go ratana le ope? (b) Naya sekai sa kgatiso e e ka thusang Bakeresete gore ba tile boaka.

16 Go na le kgakololo e ntsi e e tlhageletseng mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! e e ka thusang Bakeresete ba ba leng mo lenyalong go emelana le serai sa boaka. Ka sekai Tora ya Tebelo ya September 15, 2006, e ne ya neela kgakololo eno: “Kwa tirong le mo mafelong a mangwe, itise mo maemong a a ka dirang gore o tsalane thata le motho wa bong bo sele. Ka sekai, go bereka mmogo le motho wa bong bo sele fa batho ba bangwe ba setse ba tsamaile go ka gogela mo thaelong. Fa o le monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng, o tshwanetse wa bontsha ka puo ya gago le ka ditiro tsa gago gore tota ga o batle go ratana le motho o sele. E re ka o na le boineelo jwa bomodimo, ruri o ka se batle go ngoka kgatlhego go sa tlhokege ka go bontsha motho maikutlo a lorato kgotsa ka go apara le go ipaakanya ka tsela e e seng bori. . . . Go baya dinepe tsa molekane wa gago wa lenyalo le bana ba gago fa o berekelang teng go tla go gopotsa wena le ba bangwe gore o tsaya lelapa la gago le le botlhokwa. Ititeye sehuba gore o se ka wa kgothaletsa—kgotsa le eleng go letlelela—motho yo mongwe go go raela.”

17 Setlhogo se se reng, “Go Ikanyega mo Lenyalong go Kaya Eng Tota?” se se mo go Tsogang! ya April 2009 se ne sa tlhagisa ka go ijesa dijo tsa ditoro tsa go tlhakanela dikobo le mongwe yo e seng molekane wa gago wa lenyalo. Setlhogo seo se ile sa bontsha gore go nna o ijesa dijo tsa ditoro tse di ntseng jalo go ka dira gore go nne motlhofo gore o dire boaka. (Jak. 1:14, 15) Fa e le gore o mo lenyalong, go tla bo go le molemo gore gangwe le gape wena le molekane wa gago lo sekaseke gape tshedimosetso eo mmogo. Lenyalo ke thulaganyo e e tlhomilweng ke Jehofa, mme le boitshepo. Go beela nako kwa thoko gore wena le molekane wa gago le tlotle ka lenyalo la lona ke tsela e e molemo ya go bontsha gore le anaanela dilo tse di boitshepo.—Gen. 2:21-24.

18, 19. (a) Diphelelo tsa boaka ke dife? (b) Go ikanyega mo lenyalong go tlisa melemo efe?

18 Fa o iphitlhela o le mo tekong ya go ratana le mongwe go sa tshwanela, tlhatlhanya ka ditlamorago tse di sa siamang tsa kgokafalo le boaka. (Dia. 7:22, 23; Bagal. 6:7) Batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang ga ba itumedise Jehofa mme ba utlwisa bone le balekane ba bone botlhoko. (Bala Malaki 2:13, 14.) Go farologana le moo, akanya ka melemo e ba ba nang le boitsholo jo bo siameng ba nnang le yone. Ba ka se nne fela le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng, mme gape ba tla itumelela botshelo jo bo molemolemo, go akaretsa le go nna le segakolodi se se phepa.—Bala Diane 3:1, 2.

19 Mopesalema o ne a opela jaana: “Ba ba ratang molao wa gago [Modimo] ba na le kagiso e ntsi, mme ga ba na sekgopi.” (Pes. 119:165) Ka jalo, rata boammaaruri mme o ‘nne o tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa o tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale’ mo metlheng eno e e bosula. (Baef. 5:15, 16) Tsela e re tsamayang mo go yone e na le dirai tse dintsi tse Satane a di beileng gore a tshware baobamedi ba boammaaruri ka tsone. Mme gone re neilwe sengwe le sengwe se se tlhokegang gore re itshireletse. Jehofa o re neile se re se tlhokang gore re ‘eme re nitame’ le “go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo”!—Baef. 6:11, 16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Maina a fetotswe.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go rata dikhumo go ka hupetsa bomoya jwa motho. O se ka wa letla seo se go diragalela

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go tshameka ka maikutlo a lorato go ka felela ka gore o dire boaka