Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke na Le Lona”

“Ke na Le Lona”

“Ke na Le Lona”

“Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.”—DAN. 12:4.

O TLA ARABA JANG?

“Kitso ya boammaaruri” e ile ya itsege jang mo metlheng ya gompieno?

Batho ba ba neng ba amogela boammaaruri ba ne ba nna “bantsi” jang?

Kitso ya boammaaruri e ne ya nna “ntsi” ka ditsela dife?

1, 2. (a) Re itse jang gore Jesu o eme barutwa ba gagwe nokeng gompieno le gore o tla nna le bone mo isagweng? (b) Go ya ka Daniele 12:4, fa re ithuta Dikwalo ka kelotlhoko diphelelo e tla nna dife?

AKANYA o le mo Paradaiseng. Moso mongwe le mongwe o tsoga o lapologetswe e bile o lebile pele go simolola letsatsi la gago. Ga o na ditlhabi e bile ga o utlwe botlhoko. Makoa ape fela a o neng o na le one a fedile. Ditemosi tsa gago tsotlhe—go bona, go utlwa, go dupa, go ama le go latswa—di dira sentle thata. O na le maatla a mantsi, o itumelela tiro ya gago, ditsala tsa gago di dintsi e bile matshwenyego otlhe a gago a fedile. Ao ke masego a o ka itumelelang one mo Bogosing jwa Modimo. Kgosi e e tlhomilweng e bong Keresete Jesu, o tla segofatsa batho ba a ba busang a bo a ba ruta kitso ya ga Jehofa.

2 Jehofa o tla nna le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba ntse ba tshwaregile mo tirong eo ya mo isagweng ya lefatshe lotlhe ya go ruta. Modimo le Morwawe ba ile ba ema nokeng batho ba ba ikanyegang, ka makgolokgolo a dingwaga. Pele ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba ema nokeng. (Bala Mathaio 28:19, 20.) E le go nonotsha tumelo ya rona mo go se a se tlhomamisitseng, mma re sekasekeng polelwana e le nngwe fela ya boporofeti e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e neng ya kwalwa kwa Babelona wa bogologolo dingwaga tse di fetang 2 500 tse di fetileng. Moporofeti Daniele o ne a kwala jaana malebana le “motlha wa bokhutlo” o jaanong re tshelang mo go one: “Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” (Dan. 12:4) Lediri la Sehebera le le ranotsweng e le go “ya kwa le kwa” le naya kgopolo ya go tlhatlhoba sengwe ka kelotlhoko. A bo go ya kwa le kwa go tla felela ka ditshegofatso tse di itumedisang jang ne! Batho ba ba ithutang Dikwalo ka kelotlhoko ba tla segofadiwa ka kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo. Boporofeti jono gape bo umaka gore batho ba le bantsi ba tla amogela “kitso ya boammaaruri.” Mo godimo ga moo, kitso eo e tla nna ntsi. E tla anamisiwa gotlhe e bile mongwe le mongwe a ka kgona go nna le yone. Fa re ntse re sekaseka kafa boporofeti jono bo diragaditsweng ka gone, re tla bona gore Jesu o eme barutwa ba gagwe nokeng gompieno le gore Jehofa o na le bokgoni jwa go diragatsa sotlhe se a se solofeditseng.

“KITSO YA BOAMMAARURI” E SIMOLOLA GO ITSIWE

3. Go ne ga diragala eng ka “kitso ya boammaaruri” morago ga loso lwa baaposetoloi?

3 Morago ga loso lwa baaposetoloi, botlhanogi jo go neng go boleletswe pele ka jone gore bo tla tswa mo Bokereseteng jwa boammaaruri bo ne jwa simolola, mme jwa anama jaaka molelo. (Dit. 20:28-30; 2 Bathes. 2:1-3) Dingwaga di le makgolokgolo morago ga foo, batho ba ba neng ba sa itse sepe ka Baebele ga se bone fela ba ba neng ba se na “kitso ya boammaaruri” mme le batho ba ba ipitsang Bakeresete le bone ba ne ba se na yone. Le fa baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba bolela gore ba dumela mo Dikwalong, ba ne ba ruta maaka ka bodumedi—“dithuto tsa madimona” tse di neng di tlontlolola Modimo. (1 Tim. 4:1) Batho ba ne ba tlogelwa ba le mo lefifing la semoya. Dithuto tsa botlhanogi di ne di akaretsa dithuto tsa maaka tsa gore Modimo ke Tharonngwe, gore moya ga o swe, le gore meya mengwe e tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele.

4. Ka bo1870 setlhopha sa Bakeresete se ne sa simolola jang go batla “kitso ya boammaaruri”?

4 Le fa go ntse jalo, ka bo1870—mo e ka nnang dingwaga di le masome a manè pele ga go simologa ga “motlha wa bokhutlo”—setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ba tlhoafetseng kwa Pennsylvania, U.S.A., se ne sa kopana mmogo go ithuta Baebele ka tlhoafalo le go batlisisa “kitso ya boammaaruri.” (2 Tim. 3:1) Ba ne ba ipitsa Baithuti ba Baebele. Batho bano e ne e se “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba Jesu a neng a re ba tla fitlhelwa kitso eo. (Math. 11:25) E ne e le batho ba ba ikokobeditseng ba ba neng ba rata go dira thato ya Modimo ka tlhoafalo. Ba ne ba rapela, ba bala, ba sekaseka le go tlhatlhanya ka kelotlhoko ka Dikwalo. Gape ba ne ba bapisa ditemana tsa Baebele ba bo ba tlhatlhoba se se kwadilweng ke ba bangwe ba ba dirileng dipatlisiso tse di tshwanang. Ka iketlo, Baithuti bano ba Baebele ba ne ba simolola go lemoga boammaaruri jo bo neng bo fitlhegile makgolokgolo a dingwaga.

5. Boikaelelo jwa motseletsele wa dipampitshana tse di neng di bidiwa The Old Theology e ne e le bofe?

5 Le fa Baithuti ba Baebele ba ne ba itumeletse dilo tse ba neng ba ithuta tsone, ga ba a ka ba letla gore kitso eo e ntšha e dire gore ba ikgogomose; kgotsa go itlotlomatsa ka gore ba fitlheletse sengwe se sesha. (1 Bakor. 8:1) Go na le moo, ba ne ba gatisa motseletsele wa dipampitshana tse di bidiwang The Old Theology. Maikaelelo a bone e ne e le go tlwaetsa babadi boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Dipampitshana tseno tsa ntlha di ne di tsamaisiwa “go thusa batho gore ba tswelele ba ithuta Baebele ka maikaelelo a gore ba tlogele dithuto tsotlhe tsa maaka le gore ba amogele ka botlalo dithuto tsa boammaaruri tsa Morena wa rona le tsa baaposetoloi.”—The Old Theology, No. 1, April 1889, ts. 32.

6, 7. (a) Fa e sa le ka bo1870 re thusitswe go tlhaloganya boammaaruri bofe? (b) Ke boammaaruri bofe jo wena o itumeletseng go bo ithuta?

6 Ruri go nnile le dithuto tse di kgatlhang tse di ribolotsweng fa e sa le go simololwa letsholo leo le lennye dingwaga di le 100 tse di fetileng! * Boammaaruri jono ga se selo se se lapisang pelo, ga se kgang e baithutabodumedi ba ka ngangisanang ka yone. Ke boammaaruri jo bo kgatlhang, jo bo dirang gore matshelo a rona a nne le bokao e bile bo dira gore re ipele re bo re nne le tsholofelo. Bo re thusa go itse Jehofa—botho jwa gagwe jo bo lorato le maikaelelo a gagwe. Gape bo tlhalosa sentle seabe sa ga Jesu, lebaka la go bo a ne a tshela a bo a swa, le go bontsha se a se dirang gone jaanong. Boammaaruri jono jo bo botlhokwa bo senola lebaka la go bo Modimo a ile a letlelela bosula, lebaka la go bo re swa, kafa re tshwanetseng go rapela ka gone le kafa re ka bonang boitumelo jwa mmatota ka gone.

7 Jaanong re kgona go tlhaloganya bokao jwa boporofeti jo bo nnileng “sephiri” dingwagangwaga mme gone jaanong bo diragadiwa mo metlheng eno ya bofelo. (Dan. 12:9) Bontsi jwa boporofeti jono bo fitlhelwa mo Dikwalong, segolobogolo mo Diefangeleng le mo bukeng ya Tshenolo. Tota e bile, Jehofa o re thusitse go tlhaloganya ditiragalo tse re ka se kgoneng go di bona ka matlho—go tlhomiwa ga ga Jesu go nna kgosi, ntwa ya kwa legodimong le go latlhelwa ga Satane mo lefatsheng. (Tshen. 12:7-12) Gape Modimo o re thusitse go tlhaloganya bokao jwa se re kgonang go se bona—dintwa, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo, go tlhaela ga dijo le batho ba ba sa boifeng Modimo ba ba dirang gore go nne le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”—2 Tim. 3:1-5; Luke 21:10, 11.

8. Ke mang yo re tshwanetseng go mo leboga ka ntlha ya dilo tse re di bonang le tse re di utlwang?

8 Go motlhofo gore re anele se Jesu a se boleletseng barutwa ba gagwe: “Go itumela matlho a a bonang dilo tse lo di bonang. Gonne ke lo raya ke re, Baporofeti ba le bantsi le dikgosi ba ne ba eletsa go bona dilo tse lo di bonang mme ba se ka ba di bona, le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ba se ka ba di utlwa.” (Luke 10:23, 24) Re leboga Jehofa Modimo go bo a re thusitse go bona le go utlwa dilo tse di ntseng jalo. A bo re itumela jang ne go bo re na le “mothusi,” moya o o boitshepo wa Modimo o o ileng wa romelwa go kaela balatedi ba ga Jesu “go ya mo boammaaruring jotlhe”! (Bala Johane 16:7, 13.) A ka metlha re anaaneleng “kitso ya boammaaruri” mme re e boleleleng ba bangwe!

‘BONTSI’ BO AMOGELA “KITSO YA BOAMMAARURI”

9. Ke boikuelo bofe jo kgatiso ya April 1881 ya makasine ono e neng ya bo dira?

9 Ka April 1881, pele ga dingwaga tse pedi di fela morago ga gore go gatisiwe makasine wa ntlha wa Zion’s Watch Tower, makasine ono o ne wa ikuela gore go nne le baboledi ba le 1 000. Setlhogo sa one se balega jaana: “Mo go ba ba ka kgonang go dirisa halofo ya nako ya bone mo tirong ya Morena fela, re na le kakantsho ya . . . gore lo ye kwa ditoropong tse dikgolo kgotsa tse dinnye go ya ka fa lo kgonang ka gone, lo le Barekisi ba Dibuka kgotsa Baefangele, lo batle Bakeresete ba ba tlhoafetseng mo mafelong otlhe, ba bontsi jwa bone ba nang le tlhoafalo ya Modimo, mme e seng go ya ka kitso; bone bao ba itsiseng letlepu la mautlwelobotlhoko a Rraarona le bontle jwa lefoko la Gagwe.”

10. Batho ba ne ba tsibogela jang boikuelo jwa go nna bareri ba ka metlha?

10 Boikuelo joo bo ne bo bontsha gore Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga gore tiro e e botlhokwa ya Bakeresete ba boammaaruri, ke go rera dikgang tse di molemo. Mme boikuelo jwa bareri ba ka metlha ba le 1 000 e ne e le selo se se nayang tsholofelo, ka gonne ka nako eo go ne go na le batho ba le makgolo a le mmalwa fela ba ba neng ba tlile dipokanong tsa Baithuti ba Baebele. Le fa go ntse jalo, morago ga go bala pampitshana kgotsa makasine, batho ba le bantsi ba ile ba lemoga boammaaruri kwa bo leng teng mme ba tsibogela boikuelo joo. Ka sekai, morago ga go bala makasine wa Zion’s Watch Tower le bukana e e gatisitsweng ke Baithuti ba Baebele, ka 1882 mmadi mongwe yo o tswang kwa London kwa Engelane o ne a kwala jaana: “Tsweetswee mpoleleleng gore ke tshwanetse go rera jang le gore ke rere ka eng e le gore ke dire tiro e Modimo a e segofaditseng, e a batlang gore e dirwe.”

11, 12. (a) Ke maikaelelo afe a re nang le one a a tshwanang le a barekisi ba dibuka? (b) Barekisi ba dibuka ba ne ba tlhoma jang diphuthego tse di neng di bidiwa “ditlelase”?

11 Ka 1885, mo e ka nnang Baithuti ba Baebele ba le 300 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rekisa dibuka. Badiredi bao ba ka metlha ba ne ba na le maikaelelo a a tshwanang le a rona gompieno—a go dira batho barutwa ba ga Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, mekgwa e ba neng ba e dirisa e ne e sa tshwane le ya rona. Gompieno, gantsi re ithuta Baebele le motho a le esi ka nako e le nngwe. Go tswa foo, re laletsa moithuti wa Baebele go kopanela le rona kwa phuthegong e e setseng e tlhomilwe. Mo malatsing a bogologolo, barekisi ba dibuka ba ne ba tsamaisa dibuka ba bo ba kgobokanya batho ba ba kgatlhegang gore ba tle go ithuta Dikwalo mmogo e le setlhopha. Go na le go ithuta le motho a le nosi, ba ne ba simolola diphuthego, tse di neng di bidiwa “ditlelase.”

12 Ka sekai, ka 1907, setlhopha sengwe sa barekisi ba dibuka se ne sa tswa letsholo go ya kwa toropong nngwe go ya go batla batho ba ba neng ba setse ba na le dibuka tsa Millennial Dawn (gape di ne di bidiwa Studies in the Scriptures). Zion’s Watch Tower e ne ya bega jaana: “Batho bano [ba ba neng ba kgatlhega] ba ne ba kokoane mo pokanong e nnye mo go lengwe la magae a bone. Morekisi wa dibuka o ne a bua le bone ka buka ya Divine Plan of the Ages, letsatsi lotlhe la Sontaga, mme mo Sontageng o o latelang, o ne a ba rotloetsa gore ba tshware dipokano ka metlha.” Ka 1911, bakaulengwe ba ne ba fetola thulaganyo eo. Badiredi ba ba etang ba le 58 ba ne ba neela dipuo tsa phatlalatsa go ralala United States le Canada. Bakaulengwe bano ba ne ba newa maina le diaterese tsa batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le gone mo dipuong tseo mme ba rulaganya gore ba kopane mmogo mo malapeng go bopa “ditlelase” tse disha. Ka 1914 go ne go na le diphuthego di le 1 200 tsa Baithuti ba Baebele mo lefatsheng lotlhe.

13. Ke eng se se go kgatlhang thata ka tsela e “kitso ya boammaaruri” e anameng thata ka gone gompieno?

13 Gompieno go na le diphuthego di ka nna 109 400 mo lefatsheng lotlhe, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 895 800 ke babulatsela. Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le robedi jaanong ba amogela “kitso ya boammaaruri” e bile ba e dirisa mo matshelong a bone. (Bala Isaia 60:22.) * Ruri seno se a kgatlha, e re ka Jesu a ile a bolelelapele gore barutwa ba gagwe ba “tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe,” ka ntlha ya leina la gagwe. Gape o ne a re balatedi ba gagwe ba tla bogisiwa, ba tsenngwa mo kgolegelong tota le e leng go bolawa. (Luke 21:12-17) Batho ba ga Jehofa ba ile ba itumelela katlego e kgolo fa ba diragatsa thomo ya go dira barutwa, go sa kgathalesege kganetso ya ga Satane, ya madimona a gagwe le ya baganetsi ba bone. Gompieno ba rera mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni,” go tswa kwa dikgweng tsa boboatsatsi go ya kwa mafatsheng a a tsididi thata, kwa dithabeng, kwa dikakeng, kwa ditoropong le kwa mafelong a a kgakalakgala. (Math. 24:14) Seno se ka bo se sa kgonege fa e ka bo e se ka kemonokeng ya Modimo.

“KITSO YA BOAMMAARURI” E NNA “NTSI”

14. “Kitso ya boammaaruri” e ile ya anamisiwa jang ka dibuka le dimakasine?

14 “Kitso ya boammaaruri” e ile ya anamisiwa ke batho ba le bantsi ba ba rerang dikgang tse di molemo. Gape e ile ya anamisiwa ka go gatisiwa ga dibuka le dimakasine. Ka July 1879, Baithuti ba Baebele ba ne ba gatisa kgatiso ya ntlha ya makasine ono e e neng e bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Khampani nngwe e ne ya gatisa dimakasine tseo di le 6 000 ka Seesemane fela. Charles Taze Russell yo o neng a na le dingwaga di le 27, o ne a tlhophiwa go nna morulaganyi wa makasine ono mme Baithuti ba Baebele ba bangwe ba le batlhano ba ba neng ba godile semoyeng, ka metlha ba ne ba kwala ditlhogo tse di farologaneng tsa makasine oo. Gone jaanong Tora ya Tebelo e gatisiwa ka dipuo di le 195. Ke makasine o o anamisiwang thata mo lefatsheng, ka dikhopi di le 42 182 000 tsa kgatiso nngwe le nngwe. E latelwa ke makasine wa Tsogang! o o anamisiwang ka dikhopi di le 41 042 000 le ka dipuo di le 84. Mo godimo ga moo, ngwaga le ngwaga go gatisiwa dibuka le Dibaebele di le dimilione di ka nna 100.

15. Tiro ya rona ya go gatisa e tshegediwa jang?

15 Tiro eno e kgolo e tshegediwa ka meneelo ya boithatelo. (Bala Mathaio 10:8.) Seno ka bosone fela se gakgamatsa batho ba ba leng mo kgwebong ya go gatisa dibuka ka gonne ba itse ditshenyegelo tsa metšhine ya go gatisa, pampiri, enke le dilo tse dingwe tse di dirisiwang. Mokaulengwe yo o rekang dilo tsa go gatisa mo magaeng a Bethele o ne a re: “Batho ba dikgwebo ba ba etelang mafelo a rona a go gatisa ba gakgamadiwa ke go bo metšhine ya thekenoloji ya maemo a a kwa godimo e e kgonang go gatisa dikgatiso tse dintsi, e tshegediwa ka meneelo ya boithatelo. Gape ba kgatlhiwa ke go bona kwa Bethele go na le badiri ba basha le ba ba itumetseng.”

KITSO YA MODIMO E TLA TLALA LEFATSHE

16. Lebaka la go bo “kitso ya boammaaruri” e ile ya itsisiwe ke lefe?

16 Go na le lebaka le le utlwalang la go bo “kitso ya boammaaruri” e ile ya nna ntsi. Thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Jehofa o batla gore batho ba itse boammaaruri mme ba kgone go mo obamela ka tsela e e tshwanetseng le gore ba amogele ditshegofatso tsa gagwe. Ka go dira gore “kitso ya boammaaruri” e itsiwe, Jehofa o ne a kokoanya masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng. Go tswa mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,” o kokoanya gape le ba “boidiidi jo bogolo” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.—Tshen. 7:9.

17. Go oketsega ga kobamelo ya boammaaruri go supa eng?

17 Go oketsega ga kobamelo ya boammaaruri mo dingwageng tse 130 tse di fetileng, go bontsha gore ruri Modimo le Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng e bong Jesu Keresete, ba ntse ba ema nokeng batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng—ba ba kaela, ba ba sireletsa, ba ba rulaganya le go ba ruta. Gape go oketsega ga batlhanka ba ga Jehofa go tlhomamisa gore ruri ditsholofetso tsa ga Jehofa ka isagwe di tla diragadiwa. “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isa. 11:9) A bo batho ba tla ipelela go segofadiwa jang ne!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 O tla solegelwa molemo fa o leba di-DVD tsa Basupi ba ga Jehofa—Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 1: Go Tswa mo Lefifing le Basupi ba ga Jehofa—Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 2: A Lesedi le Phatsime.

^ ser. 13 Bona Boporofeti Jwa ga IsaiaLesedi la Batho Botlhe II, tsebe 320.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Baithuti ba Baebele ba bogologolo e ne e le batho ba ba ikokobeditseng ba ba neng ba rata thata go dira thato ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa o anaanela maiteko a gago a go anamisa “kitso ya boammaaruri” ya Modimo