Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tiro ya Lona E na Le Maduo”

“Tiro ya Lona E na Le Maduo”

“Tiro ya Lona E na Le Maduo”

KGOSI Asa o eteletse masole a gagwe pele, o tsamaya a itlhaganetse mo mokgatšheng o o boteng a tswa kwa lefelong le le dithaba kwa Juda a ya kwa dipoeng tse di fa lotshitshing. Fa a fitlha fa mokgatšha o bulegang gone, o ema a gamaregile. Kwa bowelong jwa mokgatšha o bona bothibelelo jwa baba—mme bo bogolo tota! Masole ao a Baethiopia a tshwanetse a bo a le milione. Masole a ga Asa one a ne a ka nna 580 000.

E re ka Asa a lebane le ntwa e e tla tlogang e simolola, ke eng se a akantseng ka sone? A o akantse ka ditaelo tse a tshwanetseng go di naya balaodi ba masole a gagwe? Go kgothatsa masole a gagwe? Go kwalela ba lelapa la gagwe makwalo? Nnyaa, le eseng! Fa Asa a le mo boemong jono jo bo kotsi, o a rapela.

Pele ga re sekaseka thapelo eo le go tlhatlhoba se se diregileng mo tiragalong eno, a re lebeng gore Asa e ne e le monna wa mofuta ofe. Ke eng se se dirileng gore a itshware ka tsela e a neng a itshwara ka yone? A go ne go utlwala gore a batle thuso ya Modimo? Pego e e ka ga Asa e re bolelela eng malebana le kafa Jehofa a segofatsang ditiro tsa batlhanka ba Gagwe ka gone?

PEGO E E KA GA ASA

Mo dingwageng di le 20 tse Iseraele e neng e arogane go nna magosi a mabedi ka tsone, Juda e ne e leswafaditswe ke ditiro tsa boheitane. Fa Asa a nna kgosi ka 977 B.C.E., tota le ntlo ya segosi e ne e leswafaditswe ke medimo ya Bakanana ya tsalo. Mme ditiragalo tse di tlhotlheleditsweng tsa puso ya ga Asa di bua gore, “a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe.” Asa o ne “a tlosa dibeso tsa seeng le mafelo a a kwa godimo a ba a thuba dipilara tse di boitshepo a ba a rema dikota tse di boitshepo.” (2 Ditir. 14:2, 3) Gape Asa o ne a leleka “diaka tse di ithekisang tsa banna” mo bogosing jwa Juda, tse di neng di dira bosodoma e le karolo ya kobamelo ya bone ya maaka. Asa ga a ka a tlosa kobamelo ya maaka fela. Gape o ne a tlhotlheletsa batho gore ba “batle Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane” le gore ba boloke “molao le taelo” ya Modimo.—1 Dikg. 15:12, 13; 2 Ditir. 14:4.

E re ka Jehofa a ne a itumeletse go bo Asa a ile a tlhagafalela kobamelo ya boammaaruri, o ne a mo naya dingwaga di le dintsi tsa kagiso. Ka jalo, kgosi e ne e ka re: “Re batlile Jehofa Modimo wa rona. Re batlile, mme o re naya boikhutso mo tikologong yotlhe.” Batho ba ne ba dirisa seemo seno go nonotsha metse ya bogosi jwa Juda. Pego ya Baebele ya re, “ba aga ba bo ba atlega.”—2 Ditir. 14:1, 6, 7.

MO NTWENG

Pego e e ka ga Asa, e re lemosa gore ga re a tshwanela go gakgamala go bo a ile a rapela fa a lebane le masole a mantsi a a umakilweng mo Baebeleng. Asa o ne a itse gore Modimo o segofatsa batho ba ba bontshang boikanyegi. Mo thapelong ya gagwe, kgosi eno e ne ya kopa thuso ya ga Jehofa. Asa o ne a lemoga gore fa a ikaegile ka Modimo le ka kemonokeng ya gagwe, go ne go sa kgathalasege gore baba ba gagwe ba bantsi go le kana kang kgotsa gore ba na le maatla a a kana kang. Asa o ne a itse gore leina la ga Jehofa le ne le amega mo ntweng eo, ke gone ka moo a neng a kopa thuso ya Modimo. Kgosi eno e ne ya rapela jaana: “Re thuse, tlhe Jehofa Modimo wa rona, gonne re ikaegile ka wena, mme re tsogologetse boidiidi jono ka leina la gago. Wena Jehofa, o Modimo wa rona. O se ka wa letla gore motho yo o nang le go swa a nne le maatla kgatlhanong le wena.” (2 Ditir. 14:11) Seo se ne se tshwana le gore a re: ‘Baethiopia ba a go tlhasela, Jehofa. O se ka wa letla gore leina la gago le tlontlololwe ka go letla batho ba ba bokoa ba fenye batho ba bidiwang ka leina la gago.’ Ka jalo, “Jehofa [o ne] a fenya Baethiopia fa pele ga ga Asa le fa pele ga Juda, mme Baethiopia ba tshaba.”—2 Ditir. 14:12.

Gompieno batho ba ga Jehofa ba lebana le baganetsi ba le bantsi ba ba maatla. Ga re kitla re lwa le bone ka dibetsa tsa mmatota mo lefelong la mmatota la ntwa. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dira gore batlhanka botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba lwang ntwa ya semoya, ba lwela leina la gagwe, ba fenye. Dintwa tse re di lwang di ka akaretsa go dira ka natla go emelana le moya o o anameng wa go senyega ga boitsholo, go lwa le makoa a rona kgotsa go sireletsa malapa a rona mo ditlhotlheletsong tse di leswafatsang. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalasege gore re lebane le mathata afe, re ka kgothadiwa ke thapelo ya ga Asa. Phenyo ya gagwe e ne e le phenyo ya ga Jehofa. E ne e bontsha gore ke eng se botlhe ba ba ikaegang ka Modimo ba ka se solofelang. Ga go na puso epe ya motho e e ka emelanang le Jehofa.

KGOTHATSO LE TLHAGISO

Fa Asa a boa go tswa kwa ntweng, Asaria o ne a mo kgatlhantsha. Moporofeti yono o ne a mo kgothatsa le go mo naya tlhagiso, o ne a re: “Nkutlwa, wena Asa le Juda yotlhe le Benjamine! Jehofa o na le lona fa fela lo na le ene; mme fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone, mme fa lo mo tlogela o tla lo tlogela. . . . Nnang pelokgale mme lo se ka lwa letla diatla tsa lona tsa repa, ka gonne tiro ya lona e na le maduo.”—2 Ditir. 15:1, 2, 7.

Mafoko ano a ka nonotsha tumelo ya rona. A bontsha gore Jehofa o tla nna le rona fa fela re mo direla ka boikanyegi. Fa re goela kwa go ene re mo kopa thuso, re ka tlhomamisega gore o a re utlwa. Asaria o ne a re: “Nnang pelokgale.” Gantsi go tlhokega bopelokgale jo bogolo gore re dire se se siameng, mme re a itse gore Jehofa a ka re thusa go dira jalo.

E re ka Maaka mmaagwemogolo wa ga Asa a ne a diretse “kota e e boitshepo modingwana o o tshosang,” Asa o ne a lebane le tiro e kgolo ya go mo tlosa mo boemong jwa gagwe jwa segosi jwa ‘bohumagadi.’ O ne a fenya kgwetlho eo a bo a fisa modingwana wa ga mmaagwemogolo. (1 Dikg. 15:13) Asa o ne a segofadiwa ka ntlha ya maikemisetso le bopelokgale jwa gagwe. Le rona re tshwanetse go ngaparela Jehofa le melao ya gagwe e e siameng re nitame go sa kgathalesege gore ba masika a rona ba ikanyega mo Modimong kgotsa nnyaa. Fa re dira jalo Jehofa o tla re segofaletsa go bo re ikanyega.

Karolo nngwe ya tshegofatso ya ga Asa e ne e le go bona Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba tswa kwa bogosing jwa botlhanogi jo bo kwa bokone, ba tla kwa Juda fa ba lemoga gore Jehofa o ne a na le ene. Ba ne ba anaanela kobamelo e e itshekileng thata jaana mo e leng gore ba ne ba tlhopha go tlogela magae a bone gore ba nne le batlhanka ba ga Jehofa. Go tswa foo, Asa le Juda yotlhe ba ne ba itumelela go tsena mo ‘kgolaganong ya go batla Jehofa Modimo ka pelo yotlhe ya bone le ka moya otlhe wa bone.’ Seo se ne sa felela ka eng? Modimo o ne “a dira gore ba mmone; mme Jehofa a tswelela go ba naya boikhutso mo tikologong yotlhe.” (2 Ditir. 15:9-15) Abo re itumela jang ne fa batho ba ba ratang tshiamo ba amogela kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa!

Le fa go ntse jalo, mafoko a ga moporofeti Asaria a ne a na le bokao jo bongwe gape jo bo neng bo tlhobaetsa. O ne a tlhagisa jaana: “Fa lo . . . tlogela [Jehofa] o tla lo tlogela.” A seo se se ka sa re diragalela ka gonne ditlamorago tsa gone di ka nna botlhoko! (2 Pet. 2:20-22) Dikwalo ga di re bolelele lebaka la go bo Jehofa a ile a naya Asa tlhagiso eo, mme gone kgosi eo e ne ya palelwa ke go e reetsa.

“O DIRILE KA BOELEELE”

Mo ngwageng wa bo36 wa puso ya ga Asa, Kgosi Baasha wa Iseraele o ne a bolotsa ntwa kgatlhanong le Juda. Baasha o ne a simolola go nonotsha motse o o mo molelwaneng wa Rama, o o neng o le dikilometara di le robedi kwa bokone jwa Jerusalema gongwe o ne a dira seno e le go thibela babusiwa ba gagwe gore ba se ka ba ikanyega mo go Asa le mo kobamelong e e itshekileng. Go na le gore Asa a batle thuso ya Modimo fela jaaka a ne a dira fa a ne a lebane le masole a Ethiopia, o ne a batla thuso ya batho. O ne a romelela kgosi ya Siria mpho a mo kopa gore a tlhasele bogosi jwa Iseraele jo bo kwa bokone. Fa Basiria ba ne ba tlhasela, Baasha o ne a tshaba go tswa kwa Rama.—2 Ditir. 16:1-5.

Jehofa ga a ka a itumelela se Asa a se dirileng mme o ne a romela moporofeti Hanani gore a mmolelele seo. E re ka Asa a ne a bone se Modimo a ileng a se dira Baethiopia, o ne a tshwanetse a ka bo a ithutile gore “matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” Gongwe Asa o ne a neilwe kgakololo e e sa siamang kgotsa o ne a sa tseye Baasha le masole a gagwe ba ka mo tlhagisetsa kotsi mme o ne a akanya gore a ka kgona go ba fenya ka boene. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, Asa o ne a leba dilo ka tsela e batho ba di lebang ka yone mme a palelwa ke go ikaega ka Jehofa. Hanani o ne a re: “O dirile ka boeleele mo go seno, gonne go tloga jaanong go ya pele go tla nna le dintwa tse di go tsogologelang.”—2 Ditir. 16:7-9.

Asa o ne a tsiboga ka tsela e e sa siamang. O ne a galefa mme a tsenya moporofeti Hanani mo disaneng. (2 Ditir. 16:10) A gongwe Asa o ne a akanya go re, ‘A ke tlhoka go kgalemelwa le fa ke na le dingwaga di le dintsi ke ntse ke ikanyega?’ Kgotsa a o ne a sa kgone go akanya sentle ka ntlha ya bogodi? Baebele ga e re bolelele sepe ka gone.

Fa Asa a ne a na le dingwaga di le 39 a busa, o ne a lwala thata a tshwarwa ke bolwetse jwa maoto. Pego ya Baebele ya re: “Le e leng mo pobolong ya gagwe o ne a se ka a batla Jehofa mme a batla bafodisi.” Ka nako eo, go bonala Asa a ne a sa tlhole a kgathalela bomoya jwa gagwe. Mo ngwageng wa bo41 wa go busa ga ga Asa, go bonala a ne a swa a ntse a lwala e bile a sa ntse a akanya ka yone tsela eo.—2 Ditir. 16:12-14.

Le fa go ntse jalo, go bonala Jehofa a ile a gopola dinonofo tse di molemo tsa ga Asa le go tlhoafalela kobamelo e e boitshepo go na le diphoso tsa gagwe. Ga a ka a tlogela go direla Jehofa. (1 Dikg. 15:14) Ka jalo, re ka ithuta eng mo botshelong jwa ga Asa? Re ka ithuta gore re tshwanetse go akanya kafa Jehofa a re thusitseng ka teng mo nakong e e fetileng, ka gonne go akanya jalo go ka re tlhotlheletsa gore re rapelele thuso ya gagwe fa re lebane le diteko tse disha. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore ga re tlhoke kgakololo ya Dikwalo ka gonne re na le dingwaga di le dintsi re direla Modimo. Jehofa o tla re otlhaya fa re dira diphoso, go sa kgathalasege gore re mo diretse dingwaga di le kae. Re tshwanetse go amogela kgakololo eo ka bonolo gore e re solegele molemo. Se se botlhokwa le go feta, Rraarona wa selegodimo o tla nna le rona fa fela re itshupa gore re na le ene. Matlho a ga Jehofa a lebile lefatshe lotlhe go bona batho ba ba mo ikanyang. O ba segofatsa ka go dirisa maatla a gagwe mo boemong jwa bone. Jehofa o diretse Asa seo, mme le rona a ka re direla fela jalo.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Jehofa o segofatsa ba ba mo ikanyang ba ba lwang ntwa ya semoya

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

Go tlhokega bopelokgale go dira se se siameng fa pele ga ga Jehofa