Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikolo Tsa Puso ya Modimo—Bosupi Jwa Lorato Lwa ga Jehofa

Dikolo Tsa Puso ya Modimo—Bosupi Jwa Lorato Lwa ga Jehofa

JEHOFA ke “Motlhatlheledi [wa rona] yo Mogolo.” (Isa. 30:20) Lorato lo mo tlhotlheletsa gore a rute ba bangwe le go ba thapisa. Ka sekai, e re ka Jehofa a tlhotlhelediwa ke lorato lo logolo, o bontsha Jesu “dilo tsotlhe tse ene ka boene a di dirang.” (Joh. 5:20) Lorato lo Jehofa a re ratang ka lone, rona Basupi ba gagwe, lo mo tlhotlheletsa gore a re neye “loleme lwa ba ba rutilweng,” fa re ntse re leka ka natla go mo tlotla le go thusa ba bangwe.—Isa. 50:4.

E re ka Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang e etsa sekao sa ga Jehofa sa lorato, e dirisa dikolo tsa puso ya Modimo di le lesome go thapisa ba ba nang le keletso ya go di tsenela le ba maemo a bone a ba letlang go dira jalo. A o leba dikolo tseno e le bosupi jwa gore Jehofa o a re rata?

Itumelele go sekaseka dikolo tse di leng gone tsa puso ya Modimo le dikakgelo tse di dirilweng ke bangwe ba ba ileng ba ikwadisetsa tsone. Go tswa foo ipotse jaana, ‘Nka solegelwa molemo jang ke thuto eno ya Modimo?’

SOLEGELWA MOLEMO KE THAPISO YA PUSO YA MODIMO

E re ka Jehofa e le “Modimo wa lorato,” o re naya thapiso e e dirang gore matshelo a rona a nne le bokao, e e re baakanyetsang gore re fenye dikgwetlho, le e e re thusang gore re nne le boitumelo jo bogolo mo bodireding. (2 Bakor. 13:11) Fela jaaka barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re tlhomeletswe sentle go thusa ba bangwe, re “ba rute go boloka dilo tsotlhe” tse re di laetsweng.—Math. 28:20.

Le fa re ka se kgone go nna gone kwa dikolong tseno tsotlhe, re ka solegelwa molemo ke se le sengwe sa tsone kgotsa go feta. Mme ka go dira jalo, re ka dirisa kaelo e e theilweng mo Baebeleng e e fitlhelwang kwa go tsone. Gape re ka oketsa tsela e re berekang ka yone mo bodireding fa re ntse re dira mmogo le batlhanka ba ga Jehofa ba ba thapisitsweng sentle.

Ipotse jaana, ‘A maemo a me a ntetla gore ke kgone go tsenela sengwe sa dikolo tseno?’

Baobamedi ba ga Jehofa ba tsaya e le tshiamelo go ema nokeng dikolo tseno tse di botlhokwa le go rutiwa kwa go tsone. E kete thapiso e o e bonang koo e ka go atametsa gaufi le Modimo, le go go tlhomelela gore o diragatse maikarabelo a o nang le one mo go ene, segolobogolo taelo e e potlakileng ya go rera dikgang tse di molemo.