Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga lo Itse Letsatsi Le fa E le Ura”

“Ga lo Itse Letsatsi Le fa E le Ura”

“Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura.”—MATH. 25:13.

1-3. (a) Ke maemo afe a a ka re thusang go tlhaloganya se ditshwantsho tse pedi tsa ga Jesu di re rutang sone? (b) Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di araba?

AKANYA modiredimogolo yo o itsegeng a go kopa gore o mo ise gongwe kwa go leng botlhokwa gore a ye gone. Le fa go ntse jalo, metsotso e le mmalwa pele ga o ka ya go mo tsaya gore o mo ise kwa pokanong eo, o le moga gore koloi ya gago ga e na lookwane lo lo lekaneng go mo isa koo. O tshwanetse go itlhaganelela go ya go le reka. Fa o ntse o tsamaile, modiredimogolo yoo o a goroga. O a go batla mme ga a go bone. A ka se kgone go go leta, ka jalo o kopa mongwe gore a mo ise kwa pokanong ya gagwe. Go ise go ye kae o a boa, mme o lemoga gore modiredimogolo o tsamaile. O tla ikutlwa jang?

2 Jaanong akanya o le modiredimogolo mme o tlhophile banna ba le bararo ba ba nang le bokgoni gore ba go direle tiro nngwe ya botlhokwa. O ba tlhalosetsa se ba tshwanetseng go se dira, mme botlhe ba a dumela gore ba tla se dira. Le fa go ntse jalo, moragonyana fa o boa, o fitlhela gore ke ba le babedi fela ba ba dirileng tiro eo. Se se maswe le go feta ke gore yo o sa dirang tiro o dira diipato. Tota e bile, ga a a leka le go leka. O ne o tla ikutlwa jang?

3 Mo setshwantshong sa ga Jesu sa makgarebane le sa ditalenta, o ne a dirisa maemo a a tshwanang le ao go bontsha lebaka la go bo mo nakong ya bofelo, Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba tla itshupa e le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, mme ba bangwe bone ba ka se itshupe jalo. * (Math. 25:1-30) O ne a gatelela ntlha eo ka go re: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura”—ke gore, nako e Jesu a tla diragatsang katlholo ya Modimo mo lefatsheng la ga Satane ka yone. (Math. 25:13) Re ka dirisa kgakololo eo gompieno. Re ka solegelwa molemo jang ke go nna re disitse fela jaaka Jesu a ne a re kgothaletsa go dira? Ke bomang ba ba itshupileng ba iketleeleditse go falola? Mme re tshwanetse go dira eng gone jaanong gore re nne re disitse?

SOLEGELWA MOLEMO KE GO NNA O DISITSE

4. Ke ka ntlha yang fa ‘go nna re tsogile’ go sa kaye go nna re lebile tshupanako?

4 Dilo dingwe tse di jaaka go bereka kwa bodirelong, go etela ngaka, go tsamaya ka sepalangwa sa botlhe, di tlhoka gore motho a boloke nako e e beilweng. Le fa go ntse jalo, fa re dira ditiro dingwe tse di jaaka go tima molelo kgotsa go falotsa batho morago ga masetlapelo, go nna re leba tshupanako go ka re kgoreletsa kgotsa ga bo ga baka kotsi. Mo maemong a a ntseng jalo, go botlhokwa thata gore re tlhome mogopolo mo tirong e re e dirang go na le go lebelela nako. E re ka bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ntse bo atamela, tiro ya go bontsha batho se Jehofa a se dirileng gore re bolokege e nna botlhokwa le e leng go feta. Gore rona Bakeresete re nne re tsogile ga go kaye gore re nne re lebile tshupanako. Tota e bile, go na le ditsela di le tlhano tse re ka solegelwang molemo ka tsone ke go se itse letsatsi le le tlhomameng le ura e bokhutlo bo tla tlang ka yone.

5. Go sa itse letsatsi kgotsa ura go re thusa jang go senola se se leng mo pelong ya rona?

5 Tsela ya ntlha e re ka solegelwang molemo ka yone ke gore go sa itse gore bokhutlo bo tla tla leng go senola se tota se leng mo pelong ya rona. Tota e bile, go sa itse go re naya seriti, go dira gore re kgone go itlhophela gore a re tla ikanyega mo go Jehofa kgotsa nnyaa. Le fa gone re lebile pele go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno, re direla Jehofa ka go bo re mo rata, e seng fela gore re bone botshelo. (Bala Pesalema 37:4.) Re itumelela go dira thato ya gagwe, mme re lemoga gore Modimo o re ruta gore re solegelwe molemo. (Isa. 48:17) Ditaelo tsa gagwe ga di re imele.—1 Joh. 5:3.

6. Fa re direla Modimo ka go bo re mo rata, o ikutlwa jang, mme ka ntlha yang?

6 Mosola wa bobedi wa go sa itse letsatsi le ura ke gore re nna le tshono ya go itumedisa pelo ya ga Jehofa. Fa re direla Jehofa ka go bo re mo rata—e seng ka ntlha ya nako kgotsa fela ka go bo re batla tuelo—re nna le seabe mo go direng gore a kgone go araba maaka a mmaba wa gagwe, e bong Satane. (Jobe 2:4, 5; bala Diane 27:11.) Fa re akanya ka botlhoko le bohutsana jo Diabolo a re baketseng jone, re itumelela go emela bolaodi jwa ga Jehofa le go gana taolo e e boikepo ya ga Satane.

7. Ke eng fa o akanya gore go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo go a itumedisa?

7 Sa boraro, fa re direla Jehofa re sa akanye ka letlha le le rileng, seno se re kgothaletsa go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo. Gompieno, batho bangwe ba ba sa itseng Modimo le bone ba dumela gore lefatshe le re tshelang mo go lone le gaufi le go fela. E re ka ba boifa masetlapelo a a tlang, ba na le boikutlo jwa go re: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakor. 15:32) Mme rona kafa letlhakoreng le lengwe, ga re boife. Ga re batle go itlhaola, e le gore re kgotsofatse dikeletso tsa rona tsa bopelotshetlha. (Dia. 18:1) Go na le moo, re a iitatola mme ka go rata re dirisa nako ya rona le maatla a rona le dithoto tsa rona go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Bala Mathaio 16:24.) Re itumelela go direla Modimo, segolobogolo fa re thusa ba bangwe gore ba mo itse.

8. Ke sekao sefe se se mo Baebeleng se se bontshang lebaka la go bo re tshwanetse go ikaega ka botlalo ka Jehofa le ka Lefoko la gagwe?

8 Mosola wa bonè wa go sa itse letsatsi le ura ke gore go re thusa go ikaega ka botlalo ka Jehofa le go dirisa Lefoko la gagwe ka tlhagafalo mo matshelong a rona. Tshekamelo nngwe e e tlwaelegileng e rona baleofi re nang le yone ke go ikaega ka rona. Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete botlhe jaana: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” Batho ba le dikete di le masome a mabedi le boraro ba ne ba tlola ditaelo tsa ga Jehofa, nakwana fela pele ga Joshua a etelela pele batho ba Modimo go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Paulo a re: “Dilo tseno . . . di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.”—1 Bakor. 10:8, 11, 12.

9. Mathata a ka tokafatsa botho jwa rona jang le go dira gore re atamalane le Modimo?

9 Tsela ya boraro e re solegelwang molemo ka yone fa re sa itse gore bokhutlo bo tla tla leng ke gore, seo se letla mathata a re lebanang le one go tokafatsa botho jwa rona. (Bala Pesalema 119:71.) Metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ruri ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Tim. 3:1-5) Batho ba le bantsi mo lefatsheng la ga Satane ba re tlhoile, ka jalo, re ka nna ra bogisediwa tumelo ya rona. (Joh. 15:19; 16:2) Fa re ikokobetsa re bo re batla kaelo ya Modimo ka nako ya diteko tseo, tumelo ya rona e tla ntlafadiwa kgotsa ya itshekisiwa jaaka e kete e tswa mo molelong. Ga re latlhele seditse. Go na le moo, re tla atamalana gaufi le Jehofa go feta kafa re neng re akanya gore go a kgonega ka gone.—Jak. 1:2-4; 4:8.

10. Ke eng se se dirang gore go bonale e kete nako e tsamaela ka bonako?

10 Nako e ka bonala e tsamaya ka bonako kgotsa ka bonya. Fa re tshwaregile ka sengwe mme re sa nne re leba tshupanako, nako e bonala e tsamaya ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, fa re tshwaregile mo tirong e e kgatlhang e Jehofa a re neileng yone, letsatsi leo le ura di tla goroga ka bonako. Batlodiwa ba le bantsi ba re tlhometse sekao se se molemo mo ntlheng eo. A re sekasekeng ka bokhutshwane se se diragetseng fa Jesu a sena go tlhomiwa go nna Kgosi ka 1914 mme re bone kafa bangwe ba ileng ba itshupa ba iketleeditse ka gone, fa ba bangwe bone ba ne ba sa iketleetsa.

BATLODIWA BA ITSHUPA BA IKETLEEDITSE

11. Ke ka ntlha yang fa morago ga 1914, batlodiwa bangwe ba ne ba dira tshwetso ya gore Morena o a diega?

11 Gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa makgarebane le sa ditalenta. Fa makgarebane kgotsa batlhanka ba ba mo ditshwantshong tseo ba ka bo ba ne ba itse gore monyadi kgotsa mong o tla tla leng, ba ne ba ka se tlhoke go nna ba disitse. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa itse, ka jalo, ba ne ba tshwanetse go nna ba iketleeditse. Le fa batlodiwa ba ne ba fetsa masomesome a dingwaga ba solofetse gore ngwaga wa 1914 ke ngwaga o o tshwailweng, ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore go tla diragala eng. Fa dilo di ne di sa direge ka tsela e ba neng ba solofetse ka yone, go ne go ka bonala e kete Monyadi o a diega. Mokaulengwe mongwe o gakologelwa jaana: “Bontsi jwa rona re ne re akantse fela thata gore re ne re ya legodimong mo bekeng ya ntlha ya kgwedi eo ya October [1914].”

12. Batlodiwa ba ne ba itshupa jang gore ba a ikanyega e bile ba botlhale?

12 Akanya fela gore go ka bo go ile ga kgoba marapo jang go solofela gore bokhutlo bo a tla, mme bo bo bo sa tle! Mo godimo ga moo, bakaulengwe ba ile ba lebana le kganetso ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I. Go ne ga latela nako ya go sa dire sepe, e e jaaka go robala. Le fa go ntse jalo, ka 1919 ba ne ba tsosiwa! Jesu o ne a tlile mo tempeleng ya Modimo ya semoya, mme nako ya tlhatlhobo e ne e gorogile. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba palelwa ke tlhatlhobo eo mme ka ntlha ya seo, ba latlhegelwa ke tshiamelo ya go tswelela ba dira “tiro” ya Kgosi. (Math. 25:16) Go ne go ntse jaaka e kete ba ne ba tshwana le makgarebane a dieleele ka gonne ba ne ba sa tlaleletsa lookwane lwa bone lwa semoya. Mme fela jaaka motlhanka wa setshwakga, ba ne ba sa ikaelela go intsha setlhabelo ka ntlha ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batlodiwa ba ne ba bontsha boikanyegi jo bogolo le keletso e kgolo ya go direla Mong wa bone, tota le mo dingwageng tse di thata tsa ntwa.

13. Setlhopha sa motlhanka se ne se na le boikutlo bofe morago ga 1914, mme gone jaanong se na le boikutlo bofe?

13 Morago ga 1914, Tora ya Tebelo e ne ya bua mafoko ano a a botlhokwa: “Bakaulengwe, bao mo go rona ba nang le maikutlo a a siameng ka Modimo, ga ba kgobiwe marapo ke dithulaganyo dipe tsa Gagwe. Re ne re sa eletse gore go dirwe se re se eletsang; ka gone ka nako ya fa re ne re sena go lemoga gore re ne re solofetse selo se eseng sone ka kgwedi ya October, 1914, re ne ra itumelela gore Morena ga a a ka a fetola Thulaganyo ya Gagwe gore e tsamaisane le se rona re se eletsang. Re ne re sa eletse gore A dire jalo. Selo se le sengwe fela se re se eletsang ke gore re kgone go tlhaloganya dithulaganyo tsa Gagwe le maikaelelo a gagwe.” Boikutlo jono jwa go nna boikokobetso le jwa boineelo bo sa ntse bo bonala mo batlodiweng ba Morena. Ga ba itseye ba tlhotlheleditswe, mme gone ba ikemiseditse go dira “tiro” ya Morena mo lefatsheng. Mme jaanong “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe,” e leng Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ba etsa sekao sa bone sa go nna ba disitse le sa go tlhagafala.—Tshen. 7:9; Joh. 10:16.

GO ITSHUPA RE IKETLEEDITSE

Batla dijo tsa semoya, tota le mo maemong a a thata

14. Go dirisana le motswedi o Modimo a o tlhomileng gore o abe dijo tsa semoya go tla re sireletsa jang?

14 Maloko a a kelotlhoko a boidiidi jo bogolo a dirisana gaufi le motswedi o Modimo a o tlhomileng gore o abe dijo tsa semoya fela jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng. Ka ntlha ya seo, go nna jaaka e kete le bone ba tlaleletsa lookwane lwa bone lwa semoya go tswa mo Lefokong la Modimo le moya wa gagwe. (Bala Pesalema 119:130; Johane 16:13.) Fa ba sena go nonotshiwa, le bone ba itshupa ba iketleeleditse go boa ga ga Keresete, ba nna ba ikanyega tota le fa ba lebane le teko e e masisi. Ka sekai, mo go nngwe ya dikampa tsa kgolegelo tsa Banasi, kwa tshimologong bakaulengwe ba ne ba na le khopi e le nngwe fela ya Baebele. Ka jalo, ba ne ba rapelela dijo tse dingwe tsa semoya. Nakwana morago ga foo, ba ne ba utlwela gore mokaulengwe yo o sa tswang go tsenngwa mo kgolegelong o kgonne go tsenya dikgatiso tse disha tsa Tora ya Tebelo ka bokukuntshwane, a di tsentse mo teng ga leoto la gagwe la legong. Mongwe wa bafalodi e ne e le mokaulengwe yo o tloditsweng e bong Ernst Wauer, yo moragonyana a neng a bua jaana: “Jehofa o ne a re thusa ka tsela e e gakgamatsang gore re tsenye mo megopolong ya rona dintlha tseno tse di nonotshang tse di leng mo ditlhogong tseno.” Go tswa foo o ne a re: “Gompieno, go motlhofo thata go bona dijo tsa semoya, mme gone a ka metlha re a di anaanela? Ke na le tumelo e e feletseng ya gore Jehofa o boloketse ba ba mo ikanyang masego a le mantsi, nna o ikanyega mme o jele mo tafoleng ya gagwe.”

15, 16. Banyalani bangwe ba ba neng ba tlhagafaletse bodiredi jwa Bokeresete ba ne ba segofadiwa jang, mme re ka ithuta eng mo maitemogelong a a ntseng jalo?

15 Gape dinku tse dingwe di nna di tshwaregile mo tirong ya Mong, di ema nokeng bomorwarraagwe Keresete ka botlalo. (Math. 25:40) Go farologana le motlhanka yo o boikepo wa setshwakga yo o mo setshwantshong sa ga Jesu, bone ba ikemiseditse go intsha setlhabelo le go dirisa maatla a bone go dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele. Ka sekai, fa Jon le Masako ba ne ba lalediwa go tla go thusa phuthego e e buang Se-China kwa Kenya, kwa tshimologong ba ne ba na le dipelaelo. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go akanyetsa maemo a bone ka thapelo, ba ne ba dira tshwetso ya go fudugela koo.

16 Ba ne ba segofadiwa thata ka ntlha ya maiteko a bone. Ba ne ba re: “Bodiredi jwa fano bo a itumedisa.” Ba ne ba simolola go tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba le supa. Morago ga foo ba ne ba nna le maitemogelo a mantsi a a kgatlhang. Ba ne ba oketsa ka go re, “Letsatsi le letsatsi re leboga Jehofa go bo a re letlile go tla fano.” Eleruri, go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba bontsha gore ba batla gore fa bokhutlo bo tla, bo fitlhele ba tshwaregile mo tirelong ya Modimo, go sa kgathalesege gore bo tla leng. Akanya ka diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba aloga kwa Sekolong sa Gileade mme ba tsenela tirelo ya borongwa. Ke eng fa o sa bale ka tirelo eo e e kgethegileng mo setlhogong se se reng, “Re Dira Gotlhe Mo re Ka go Kgonang!” se se tlhagang mo go Tora ya Tebelo ya October 15, 2001? Fa o ntse o sekaseka pego eo e e kgatlhang e e buang ka botshelo jwa barongwa, akanya ka ditsela tse ka tsone o ka oketsang tirelo ya gago e o e dirang go galaletsa Modimo le e e dirang gore o bone boipelo.

LE WENA NNA O DISITSE

Nako e tsamaya ka bonako fa re tshwaregile mo ditirong tsa Bokeresete

17. Go sa itse letsatsi le ura e bofelo bo tla tlang ka yone go re solegetse molemo jang?

17 Ga go pelaelo gore go sa itse letsatsi le le tlhomameng le ura e tsamaiso eno e tla khutlang ka yone go re solegetse molemo tota. Go na le gore re kgobege marapo re kgona go atamalana gaufi le Jehofa, Rraarona yo o lorato fa re ntse re dira thato ya gagwe. Go baya seatla sa rona mo mogomeng, jaaka go ka tualo, le go tila go iteega tsebe go felela ka gore re itumelele tirelo ya Mong wa rona.—Luke 9:62.

18. Ke ka ntlha yang fa re sa batle go tlogela tumelo ya rona?

18 Letsatsi la Modimo la katlholo le atamela ka bofefo. Ga go ope wa rona yo o batlang go swabisa Jehofa kgotsa Jesu. Ba re neile ditshiamelo tse di botlhokwa tsa tirelo mo metlheng eno ya bofelo. A bo re anaanela jang ne go bo ba re ikanya!—Bala 1 Timotheo 1:12.

19. Re ka itshupa jang gore re iketleeditse?

19 Go sa kgathalesege gore re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng mo Paradaiseng, a re ititeyeng sehuba gore re nne re ikobela taelo ya Modimo ya go rera le go dira barutwa. Re sa ntse re sa itse letsatsi le le tlhomameng le ura e letsatsi la ga Jehofa le tla tlang ka yone, mme e bile ga re batle go le itse. Re ka kgona go itshupa re iketleeditse e bile re tla tswelela re dira jalo. (Math. 24:36, 44) Re tlhatswegile pelo gore fa fela re nna re ikanya Jehofa ka botlalo e bile re baya Bogosi jwa gagwe kwa pele, ga re ka ke ra swabisiwa.—Bar. 10:11.