Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ee Ya Gago e Nne Ee

A Ee Ya Gago e Nne Ee

“Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—MATH. 5:37.

1. Jesu o ne a reng ka go dira maikano, mme ka ntlha yang?

KA TLWAELO fela, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhoke go dira maikano. Seno ke ka gonne ba reetsa mafoko ano a ga Jesu: “Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee.” O ne a kaya gore motho o tshwanetse go diragatsa se a se buileng. Pele ga Jesu a ba naya taelo eo o ne a bua mafoko a a reng: “Lo se ka lwa ikana ka gope.” O ne a bua seno e le go kgala mokgwa o o sa siamang o batho ba le bantsi ba nang le one wa go nna ba ikana mme ba sa ikaelela go diragatsa se ba se buang. Fa batho ba ba ntseng jalo ba bua “se se fetang” mafoko a a motlhofo a a jaaka Ee kgotsa Nnyaa e le go tlhalosa maikaelelo a bone, ba bontsha gore tota ga ba ikanyege mme ka go dira jalo ba tlhotlhelediwa ke “yo o boikepo.”—Bala Mathaio 5:33-37.

2. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa e se ka metlha go leng phoso go dira maikano.

2 A mafoko a ga Jesu a kaya gore ka metlha go ikana ga go a siama? Nnyaa, ga se ka metlha. Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Jehofa Modimo le motlhanka wa gagwe yo o siameng e bong Aborahame ba ne ba dira maikano fa tota go ne go tlhokega. Gape Molao wa Modimo o ne o tlhoka gore batho ba dire maikano go rarabolola dikgotlhang dingwe. (Ekes. 22:10, 11; Dipa. 5:21, 22) Ka jalo, go ka nna ga tlhokega gore Mokeresete a ikane gore o tla bua boammaaruri fa a naya bosupi kwa kgotlatshekelong ya molao. Kgotsa ka dinako dingwe, Mokeresete a ka nna a bona go tlhokega gore a dire maikano go tlhomamisetsa ba bangwe maikaelelo a gagwe kgotsa gore a kgone go rarabolola bothata bongwe. Tota e bile, fa Jesu a ne a ikanisiwa ke moperesiti yo mogolo, ga a ka a gana mme o ne a bua boammaaruri kwa lekgotleng la Bajuda la Sanehederine. (Math. 26:63, 64) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa tlhoke go ikanela ope. Go ntse go le jalo, e le go gatelela go ikanyega ga molaetsa wa gagwe, gantsi o ne a tle a bue jaana: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya.” (Joh. 1:51; 13:16, 20, 21, 38) A re boneng gore ke eng gape se re ka se ithutang mo sekaong sa ga Jesu, sa ga Paulo le sa ba bangwe ba Ee ya bone e neng ya kaya Ee.

JESU—SEKAO SE SE MOLEMOLEMO

Jesu o ne a diragatsa sotlhe se a se solofeditseng Rraagwe go simolola fa a kolobediwa go fitlha a swa

3. Jesu o ne a solofetsa Modimo eng mo thapelong, mme Rraagwe yo o kwa legodimong o ne a reng?

3 “Bona! Ke tlile . . . go dira thato ya gago, wena Modimo.” (Baheb. 10:7) Fa Jesu a ne a bua mafoko ano o ne a solofetsa Modimo gore o tla dira sotlhe se se neng se boleletswe pele ka Losika lo lo solofeditsweng, go akaretsa gore Satane a mo ‘gobatse mo seretheng.’ (Gen. 3:15) Ga go motho ope yo mongwe yo o kileng a ithaopela go sikara maikarabelo a a boima jalo. Jehofa o ne a bua a le kwa legodimong, a bontsha gore o ikanya Morwawe ka botlalo, le fa a ne a sa batle gore Jesu a ikane gore o tla diragatsa lefoko le a le buileng.—Luke 3:21, 22.

4. Jesu o ne a bontsha go le kana kang gore Ee ya gagwe e kaya Ee?

4 Ka metlha Jesu o ne a diragatsa se a se buileng ka go dira gore Ee ya gagwe e kaye Ee. Ga a ka a letla sepe se mo itaya sebe mo taelong e a e amogetseng go tswa kwa go Rraagwe ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go dira gore batho botlhe ba Modimo a neng a ba gogela kwa go Jesu e nne barutwa. (Joh. 6:44) Baebele e tlhalosa kafa Jesu a ileng a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka gone, fa e re: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene.” (2 Bakor. 1:20) Eleruri, Jesu ke sekao se se molemolemo sa motho yo o neng a diragatsa se a se solofeditseng Rraagwe. Jaanong re tla tlotla ka mongwe yo o neng a dira ka natla go etsa Jesu.

PAULO—MONNA YO O DIRAGATSANG SE A SE BUILENG

5. Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao sefe?

5 “Ke direng, Morena?” (Dit. 22:10) Paulo, yo ka nako eo a neng a itsege e le Saulo, o ne a bua mafoko ano a a tswang pelong fa a araba kaelo ya Morena Jesu yo o galaleditsweng, yo a neng a bonala kwa go ene mo ponong go mo thibela gore a se ka a bogisa barutwa ba ga Keresete. Ka ntlha ya puisano eo, Saulo o ne a ikokobetsa mme a ikwatlhaela ditsela tsa gagwe, a kolobediwa a bo a amogela kabelo e e kgethegileng ya go neela bosupi ka ga Jesu kwa ditšhabeng. Go simolola ka nako eo go ya pele, Paulo o ne a tswelela a bitsa Jesu a re ke “Morena” wa gagwe, mme a dira tumalanong le lefoko leo go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. (Dit. 22:6-16; 2 Bakor. 4:5; 2 Tim. 4:8) Paulo o ne a sa tshwane le ba bangwe ba Jesu a ileng a bua jaana ka bone: “Ke ka ntlha yang lo mpitsa ‘Morena! Morena!’ mme lo sa dire dilo tse ke di buang?” (Luke 6:46) Ruri, Jesu o lebeletse gore botlhe ba ba mo amogelang e le Morena wa bone ba diragatse lefoko la bone, fela jaaka moaposetoloi Paulo.

6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a fetola thulaganyo ya gagwe ya go etela Korintha gape, mme ke eng fa baganetsi ba gagwe ba ne ba se na lebaka le le utlwalang la go belaela go ikanyega ga gagwe? (b) Re tshwanetse go leba jang ba ba tlhomilweng go re etelela pele?

6 Paulo o ne a anamisa molaetsa wa Bogosi ka tlhagafalo go ralala Asia Minor le go ya kwa Yuropa, a tlhoma diphuthego tse dintsi le go di etela gape. Ka dinako dingwe o ne a fitlhela go tlhokega gore a ikane gore se a se kwadileng se boammaaruri. (Bagal. 1:20) Fa bangwe kwa Korintha ba ne ba latofatsa Paulo gore ga a ikanyege, o ne a kwala jaana a iphemela: “Modimo a ka ikanngwa gore puo ya rona e e neng e lebisitswe mo go lona ga se Ee mme le fa go ntse jalo e le Nnyaa.” (2 Bakor. 1:18) Fa Paulo a ne a kwala seo, o ne a tlogile kwa Efeso mme a ralala Makedonia a ya kwa Korintha. Kwa tshimologong o ne a rulagantse go etela Korintha gape pele ga a ya kwa Makedonia. (2 Bakor. 1:15, 16) Le fa go ntse jalo, fela jaaka balebedi ba ba etang gompieno, ka dinako dingwe ba ka tshwanelwa ke go fetola dithulaganyo tsa bone. Ga ba dire diphetogo tseo fela ka ntlha ya mabaka a a sa reng sepe kgotsa a bogagapa mme ba dira jalo fa go na le mabaka a tshoganyetso. Mo kgannyeng ya ga Paulo, lebaka la go bo a ile a diegisa loeto lwa gagwe lwa go ya Korintha e ne e le gore phuthego e solegelwe molemo. Jang?

7 Nako nngwe morago ga gore Paulo a dire dithulaganyo tsa gagwe tsa ntlha, o ne a utlwa dikgang dingwe tse di sa itumediseng tsa gore go na le go sa utlwane le gore go letleletswe boitsholo jo bo sa siamang kwa Korintha. (1 Bakor. 1:11; 5:1) E le go baakanya boemo joo, mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a ba naya kgakololo e e maatla. Go tswa foo, go na le gore Paulo a tsamaye ka mokoro go tswa kwa Efeso mme a ye kwa Korintha ka tlhamalalo, o ne a swetsa ka gore a neye bakaulengwe ba gagwe nako ya gore ba dirise kgakololo ya gagwe, e le gore kgabagare fa a goroga, ketelo ya gagwe e ba kgothatse thata. Fa Paulo a ne a ba tlhomamisetsa boammaaruri jwa lebaka la go bo a ile a fetola dithulaganyo tsa gagwe, o ne a kwala jaana mo lekwalong la gagwe la bobedi: “Ke bitsa Modimo e le mosupi wa moya wa me gore ke go lo dibela go bo ke ise ke tle mo Korintha.” (2 Bakor. 1:23) A re se tshwaneng le baganetsi ba ga Paulo; go na le moo a re bontsheng tlotlo e e boteng mo bathong ba ba tlhomilweng go re etelela pele. Boammaaruri ke gore re tla bo re dira sentle fa re etsa sekao sa ga Paulo, fela jaaka le ene a ne a etsa Keresete.—1 Bakor. 11:1; Baheb. 13:7.

DIKAO TSE DINGWE TSE DI MOLEMO

8. Rebeka o re tlhometse sekao sefe?

8 “Ke iketleeleditse go tsamaya.” (Gen. 24:58) Fa Rebeka a ne a bua mafoko ao, o ne a araba mmaagwe le kgaitsadie malebana le go bo a iketleeditse go tloga kwa gae mo letsatsing lone leo mme a tseye loeto lwa dikilometara di le 800 le motho yo a neng a sa mo itse, gore a ye go nna mosadi wa morwa Aborahame e bong Isake. (Gen. 24:50-58) Ee ya ga Rebeka e ne e kaya Ee, mme o ne a itshupa e le mosadi yo o ikanyegang wa ga Isake e bile a boifa Modimo. O ne a nna mo megopeng e le moagi wa moeng mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, botshelo jwa gagwe jotlhe. O ne a duelelwa boikanyegi jwa gagwe ka go nna mmèmogologolwane wa Losika lo lo solofeditsweng e bong Jesu Keresete.—Baheb. 11:9, 13.

9. Ruthe o ne a diragatsa jang se a se buileng?

9 “Nnyaa, re tla boela le wena kwa bathong ba gaeno.” (Ruthe 1:10) Ao ke mafoko a batlholagadi ba Bamoabe e bong Ruthe le Orepa ba neng ba nna ba a bolelela mmatsalaabone wa motlholagadi e bong Naomi, yo a neng a boela kwa Bethelehema a tswa kwa Moabe. Naomi o ne a ba kgothaletsa go boela gae, mme kgabagare Orepa a boela kwa nageng ya gaabo. Le fa go ntse jalo, Nnyaa ya ga Ruthe e ne e kaya Nnyaa. (Bala Ruthe 1:16, 17.) O ne a kgomarela Naomi ka boikanyegi, a tlogelela ruri lelapa la gaabo le kobamelo ya maaka ya Bamoabe. O ne a tswelela e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa mme a duelwa ka go nna mongwe wa basadi ba le batlhano fela ba ba umakilweng ke Mathaio mo tatelanong ya losika lwa ga Keresete.—Math. 1:1, 3, 5, 6, 16.

10. Isaia o re tlhometse sekao sefe se se molemo?

10 “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) Pele ga Isaia a bua mafoko ano, o ne a bone ponatshegelo e e galalelang ya ga Jehofa a dutse mo setulong sa Gagwe sa bogosi mo godimo ga tempele ya Iseraele. Fa Isaia a ntse a lebile ponatshegelo eno e e galalelang o ne a utlwa Jehofa a re: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” Eno e ne e le taletso ya gore a nne mmueledi wa ga Jehofa yo o isang molaetsa wa Modimo kwa bathong ba Gagwe ba ba tlhokang kutlo. Isaia o ne a diragatsa se a se buileng—Ee ya gagwe e ne e kaya Ee. O ne a nna moporofeti yo o ikanyegang dingwaga di feta 46 a bolela melaetsa e e maatla ya katlholo mmogo le ditsholofetso tse di itumedisang tsa go busediwa ga kobamelo ya boammaaruri.

11. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go diragatsa se re se buang? (b) Ke dikai dife tse di re tlhagisang tsa bangwe ba ba sa diragatsang se ba se buileng?

11 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile gore re kwalelwe dikao tse di fa godimo mo Lefokong la gagwe? Mme kgang ya go dira gore Ee ya rona e kaye Ee e masisi go le kana kang? Baebele e tlhagisa ka tsela e e utlwalang sentle gore motho yo o “sa bolokeng ditumalano,” ke mongwe wa batho ba ba ‘tshwanetsweng ke loso.’ (Bar. 1:31, 32) Faro wa Egepeto, Kgosi Sedekia wa kwa Judea, Ananiase le Safira ke dingwe tsa dikai tse di sa siamang tse di umakilweng mo Baebeleng tsa batho ba Ee ya bone e neng e sa kaye Ee. Botlhe bano dilo ga di a ka tsa ba tsamaela sentle mme ke dikao tse di re tlhagisang.—Ekes. 9:27, 28, 34, 35; Esek. 17:13-15, 19, 20; Dit. 5:1-10.

12. Ke eng se se tla re thusang gore re diragatse se re se buang?

12 E re ka re tshela mo “metlheng ya bofelo,” re tshela le batho ba ba sa “ikanyegeng” ba ba “nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Tim. 3:1-5) Re tshwanetse go tila go itsalanya le batho bao ka mo re ka kgonang ka teng. Go na le moo, re tshwanetse go itsalanya le batho ba ka metlha ba lekang ka natla go dira gore Ee ya bone e kaye Ee.—Baheb. 10:24, 25.

EE YA GAGO E E BOTLHOKWA THATA

13. Ke Ee efe e e botlhokwa thata e e buiwang ke molatedi wa ga Jesu Keresete?

13 Tsholofetso e e botlhokwa thata e motho a ka e dirang, e amana le boineelo jwa gagwe mo Modimong. Batho ba ba batlang go nna barutwa ba ga Jesu ba bodiwa gararo gore a tota ba batla go dira se go lebeletsweng gore ba se dire. (Math. 16:24) Fa bagolwane ba babedi ba botsolotsa motho yo o ratang go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, motho yoo o bodiwa jaana: “A ruriruri o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Moragonyana fa motho yoo a gatetse pele semoyeng mme a eletsa go tshwanelegela go kolobediwa, bagolwane ba tla kopana le ene ba bo ba mmotsa jaana: “A o setse o ineetse mo go Jehofa ka thapelo?” Ka letsatsi la kolobetso, mongwe le mongwe yo o kolobediwang o bodiwa jaana: “Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete, a o ikwatlhaetse maleo a gago le go ineela mo go Jehofa go dira thato ya gagwe?” Ka jalo, batho bano ba basha ba re Ee mme ba solofetsa Modimo fa pele ga basupi gore ba tla mo direla ka bosakhutleng.

A o diragatsa Ee ya gago e e botlhokwa thata?

14. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone gangwe le gape?

14 Go sa kgathalesege gore o sa tswa go kolobediwa kgotsa ga o bolo go direla Modimo masomesome a dingwaga, o tshwanetse go nna o itlhatlhoba gangwe le gape mme o ipotse dipotso tse di jaaka tseno: ‘Fa ke ntse ke leka go etsa Jesu Keresete, a ke tswelela ke diragatsa Ee ya me e e botlhokwa thata? A ke tswelela ke ikobela Jesu ka go dira gore tiro ya go rera le go dira barutwa e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa me?’—Bala 2 Bakorintha 13:5.

15. Ke mo dikarolong dife tsa botshelo tse go leng botlhokwa mo go tsone gore Ee ya rona e kaye Ee?

15 Go tshelela maikano a rona a go ineela mo Modimong go kaya gore gape re tshwanetse go ikanyega le mo dikgannyeng dingwe tsa botlhokwa. Ka sekai, a o nyetse kgotsa o nyetswe? Ka jalo, tswelela o tlotla maikano a o a dirileng a gore o tla rata le go tlhokomela molekane wa gago wa lenyalo. A o saenile kgolagano ya kgwebo kgotsa o tladitse foromo ya go kopa go nna le ditshiamelo tsa puso ya Modimo? Fa go le jalo, diragatsa maikano a gago le se o se solofeditseng. A o dumetse taletso ya go tla dijong fa mongwe wa maemo a a kwa tlase a go laletsa? O se ka wa e kgaphela kwa thoko tota le fa o ka lalediwa ke mongwe yo go bonalang a le botoka. Kgotsa a o solofeditse mongwe yo o neng o kopane le ene kwa bodireding jwa ntlo le ntlo gore o tla boela kwa go ene? Fa go le jalo, a Ee ya gago e kaye Ee, mme Jehofa o tla go segofatsa mo bodireding jwa gago.—Bala Luke 16:10.

GO SOLEGELWA MOLEMO KE MOPERESITI WA RONA YO MOGOLO E BILE E LE KGOSI

16. Fa re paletswe ke go diragatsa se re se buileng, ke eng se re tshwanetseng go se dira?

16 Baebele e bolela gore e re ka re le batho ba ba sa itekanelang, “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi” segolobogolo mo tseleng e re dirisang loleme ka yone. (Jak. 3:2) Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re lemoga gore re paletswe ke go diragatsa se re neng re se buile? Mo molaong wa Modimo o a neng a o neile Iseraele, go ne go dirilwe thulaganyo ya gore motho yo o neng a bonwe molato “wa go bua a sa akanye,” a utlwelwe botlhoko. (Lefi. 5:4-7, 11) Gape go na le thulaganyo e e lorato ya Bakeresete ba ba dirileng boleo jo bo ntseng jalo. Fa re ipolela mo go Jehofa boleo jo re bo dirileng, o tla re itshwarela ka bopelotlhomogi a dirisa Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu Keresete. (1 Joh. 2:1, 2) Le fa go ntse jalo, e le gore Modimo a tswelele a re amogela, re tshwanetse go bontsha maungo a a tshwanelang boikwatlhao ka go se itlwaetse go dira maleo a a ntseng jalo mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go baakanya tshenyo epe e re e dirileng ka go bua re sa akanye. (Dia. 6:2, 3) Ke boammaaruri gore go botoka thata go akanya ka kelotlhoko pele ga re dira ditsholofetso tse re tla palelwang ke go di diragatsa.—Bala Moreri 5:2.

17, 18. Batho botlhe ba ba lekang ka natla gore Ee ya bone e kaye Ee, ba letetswe ke isagwe efe e e itumedisang?

17 A bo baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba ba lekang ka natla go dira gore Ee ya bone e nne Ee, ba letetswe ke isagwe e e molemo jang ne! Batlodiwa ba le 144 000 ba tla nna le botshelo jwa bosasweng kwa legodimong, kwa ba tla dirang mmogo le Jesu mo Bogosing jwa gagwe gone “mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshen. 20:6) Dimilionemilione tse di se nang palo tsone di tla solegelwa molemo ke puso ya Bogosi jwa ga Keresete, mo lefatsheng la paradaise. Koo ba tla thusiwa go nna le botsogo le tlhaloganyo e e itekanetseng.—Tshen. 21:3-5.

18 Fa re ikanyega mo tekong ya bofelo, kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Jesu ya Dingwaga tse di Sekete, ga re kitla re nna le lebaka la go belaela se mongwe a se buang. (Tshen. 20:7-10) Ka metlha fa mongwe a re Ee, o tla bo a kaya Ee, mme fa a re Nnyaa, o tla bo a kaya Nnyaa. Ka gonne mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo o tla etsa ka botlalo Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, e bong Jehofa, “Modimo wa boammaaruri.”—Pes. 31:5.