Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgothatso e e ‘Tswang mo Molomong wa Bana’

Kgothatso e e ‘Tswang mo Molomong wa Bana’

Ka December 2009, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Russia e ne ya tshegetsa tshwetso ya go fedisiwa ga mokgatlho wa bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Taganrog kwa Russia, le go tseelwa ga bone Diholo tsa Bogosi le go itsise gore dikgatiso tsa rona di le 34 di kotsi mo setšhabeng. Tiragalo eno e e gakgamatsang e ne ya tsenngwa mo atereseng ya semolao ya Internet ya Basupi ba ga Jehofa mmogo le ditshwantsho tsa Basupi ba ba amilweng ke tshwetso eno, go akaretsa le bana ba bannye.

Bana ba kwa Australia

Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, Lefelo la Botsamaisi la Basupi ba ga Jehofa kwa Russia, le ne la amogela lebokoso le lekwalo go tswa kwa Queensland, Australia kwa lelapeng la Basupi le le neng le bone pego ya tshwetso e e neng ya dirwa ke Kgotlatshekelo, lekwalo leo le ne le re: “Bakaulengwe ba ba rategang, Bana ba rona e bong Cody le Larissa ba ne ba amiwa thata ke tumelo ya ditsala tsa rona tsa kwa Russia, tse di neng di lebane le diteko. Ba kwadile dikarata le makwalo, mme re dirile sephuthelwana sa dimpho tse re ratang go di romelela bana ba kwa Taganrog, e le go ba itsise gore kwa lefelong lengwe le le kgakala go na le bana ba bangwe ba le bone ba direlang Jehofa ka boikanyegi, ba ba akantseng ka bone. Ba romelela botlhe lorato lwa bone.”

Fa bana ba kwa Taganrog ba sena go amogela dimpho tseo, ba ne ba kwalela lelapa la kwa Australia makwalo a ditebogo a a toroilweng. Mosupi mongwe yo o direlang kwa lekaleng la Russia, yo o neng a amilwe ke kgothatso e e ‘tswang mo molomong wa bana’ o ne a kwalela Cody le Larissa jaana: “Lo ka akanya gore bana le bagolo ba utlwa botlhoko jang fa ba otlhaelwa sengwe se ba sa se dirang. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kwa Taganrog ga ba a dira sepe se se phoso, le fa go ntse jalo ba ne ba tseelwa Holo ya bone ya Bogosi. Seno se ne sa ba utlwisa botlhoko tota. Go tla ba kgothatsa go itse gore mongwe kwa karolong nngwe ya lefatshe o akantse ka bone. Re lebogela moya wa lona wa lorato le bopelotshweu!”—Pes. 8:2.

Bana ba kwa Russia ba ba amogetseng dimpho go tswa kwa baneng ba kwa Australia

Ruri re karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe mme lorato lo re ratanang ka lone lo re thusa rotlhe go emelana le diteko le mathata a botshelo. Fa dikgotlatshekelo di ntse di ganetsana ka gore dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di tlhotlheletsa letlhoo, bana ba rona ba bontsha gore ba amega ka botsogo jwa ba bangwe, ba fenya bosetšhaba le bomorafe mme ba bontsha boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Joh. 13:35.