Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo Mabolokelong a Rona

‘E ne E le Molaetsa o o Molemolemo’

‘E ne E le Molaetsa o o Molemolemo’

“E LE gore dilo tse ke tsa eng?’ eo ke potso e e neng ya bodiwa ke George Naish, a supa mokoa wa dikota tsa boleele jwa dimetara di le 18 kwa bobolokelong jwa dibetsa kwa Saskatoon, Saskatchewan, kwa Canada. O ne a bolelelwa gore dikota tseo di ne di dirisediwa go aga ditora mo nakong ya Ntwa ya Lefatshe ya I. Moragonyana Mokaulengwe Naish o ne a re: “Ke ne ka tlelwa ke mogopolo wa gore re ka dirisa dikota tseo go aga ditora tsa radio, mme ke gone kafa kakanyo ya go nna le seteishene sa radio sa go rera dikgang tsa Bogosi e neng ya simolola ka gone.” Ngwaga fela morago ga foo—ka 1924—CHUC e ne ya simolola go gasa. E ne e le sengwe sa diteishene tsa radio tsa ntlha se se neng se gasa dikgang tsa bodumedi kwa Canada.

(1) Seteishene sa kwa Edmonton, Alberta (2) Mokaulengwe a tshotse megala ya transmitter kwa Toronto, Ontario

E re ka Canada e ne e batlile e lekana le Yuropa ka bogolo, e ne e le lefelo le le siametseng go neela bosupi ka radio. Florence Johnson yo o neng a bereka kwa seteisheneng sa kwa Saskatoon o ne a re: “Go rera dikgang tse di molemo re dirisa radio go ne ga re thusa gore re kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ba re neng re ka se kgone go bua le bone ka boammaaruri. E re ka batho ba ne sa tlwaela radio ka nako eo, ba ne ba eletsa thata go utlwa sengwe le sengwe se se gasiwang.” Ka 1926, Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo) ba ne ba na le diteishene tsa radio kwa ditoropong tse nnè tsa Canada. *

(3)Setedio sa CHUC kwa Saskatoon, Saskatchewan

O ne o tla utlwa eng fa o ne o ka reetsa kgaso nngwe ya diteishene tseno? Baopedi ba ba tswang mo diphuthegong tse di gaufi gantsi ba ne ba opela ba thusiwa ke batshameki ba diletswa le setlhotswana sa okhesetara. Ke boammaaruri gore bakaulengwe le bone ba ne ba rera e bile ba tshwara dithuto tsa Baebele le batho. Amy Jones, yo o neng a nna le seabe mo metlotlong eo a re: “Go ne go tle go direge gore fa ke le mo tshimong mme ke ikitsise, ka dinako dingwe mong wa ntlo a ntheye a re, ‘Ke go utlwile mo radiong.’”

“Go ne go letsa batho ba le bantsi thata jaana mo re neng re sa kgone go araba megala yotlhe”

Baithuti ba Baebele kwa Halifax, Nova Scotia, ba ne ba dirisa mokgwa o o neng o sa tlwaelega ka nako eo mo radiong—puisano e mo go yone bareetsi ba neng ba letsa mme ba botsa dipotso tsa Baebele. Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana: “Batho ba le bantsi ba ne ba rata thulaganyo eno. Go ne go letsa batho ba le bantsi thata jaana mo re neng re sa kgone go araba megala yotlhe.”

Fela jaaka moaposetoloi Paulo, batho ba ne ba tsibogela molaetsa wa Baithuti ba Baebele ka ditsela tse di sa tshwaneng. (Dit. 17:1-5) Bareetsi bangwe ba ne ba rata molaetsa ono. Ka sekai, fa Hector Marshall a ne a utlwa Baithuti ba Baebele ba umaka kgatiso ya Studies in the Scriptures mo radiong, o ne a otara dibolumo tse thataro tsa yone. Moragonyana o ne a kwala jaana: “Ke ne ke akanya gore dibuka tseno di tla nthusa fa ke ruta kwa sekolong sa Sontaga.” Mme gone, fa Hector a fetsa go bala Bolumo ya I, o ne a dira tshwetso ya go tlogela kereke e a neng a e tsena. O ne a nna mmoledi yo o tlhagafetseng wa efangele, go fitlha a tlhokafala ka 1998, a ntse a direla Jehofa ka boikanyegi. Kwa botlhaba jwa Nova Scotia, letsatsi morago ga gore go gasiwe puo ya setlhogo se se reng, “The Kingdom, the Hope of the World” Mokolonele J. A. MacDonald o ne a bolelela mokaulengwe mongwe a re: “Maabane batho ba kwa Setlhaketlhakeng sa Cape Breton ba utlwile molaetsa o o molemolemo go feta ope o ba kileng ba o utlwa mo karolong eno ya lefatshe.”

Mme baruti bone ba ne ba galefile. Bakatoliki bangwe kwa Halifax ba ne ba tshosetsa ka gore ba tla phampholola seteishene se Baithuti ba Baebele ba neng ba se dirisa. Ka 1928, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlhotlheletsa puso gore e dire kitsiso ya gore e ka se ntšhafatse laesense ya kgaso ya diteishene tsa Baithuti ba Baebele. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba utlwa seo, ba ne ba anamisa pampitshana e e reng, Who Owns the Air?—e ne e le pampitshana e e neng e supa go nna kgatlhanong le kgato eo e e neng e gobelela. Le fa go ntse jalo, badiredi ba bagolo ba puso ba ne ba gana go ntšhafatsa laesense ya Baithuti ba Baebele.

A seno se ne sa dira gore setlhotshwana sa batlhanka ba ga Jehofa ba kwa Canada se kgobege marapo? Isabel Wainwright a re: “Kwa tshimologong, go ne go lebega e kete baba ba rona ba fentse. Mme gone, ke ne ke itse gore Jehofa a ka bo a ile a ba thibela fa seo se ne se dumalana le boikaelelo jwa gagwe. Ka jalo, seno se ne se tla raya gore re tshwanetse go fetola mokgwa o re neng re o dirisa, mme re dirise mokgwa o mongwe gape wa go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi.” Go na le gore Baithuti ba Baebele ba kwa Canada ba ikaege thata ka radio go neela bosupi, ba ne ba simolola go tlhoma mogopolo mo go eteleng batho kwa magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, ka nako e re neng re dirisa radio ka yone, e ne ya nna le seabe se segolo mo go anamiseng ‘molaetsa o o molemolemo o o kileng wa utlwiwa.’—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Canada.

^ ser. 4 Gore bakaulengwe ba kwa Canada ba neele bosupi ka radio, ba ne ba duela diteishene tse dingwe gore ba kgone go gasa molaetsa wa Baebele.