Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nthuta go Dira Thato ya Gago”

“Nthuta go Dira Thato ya Gago”

“Nthuta go dira thato ya gago, gonne o Modimo wa me.”—PES. 143:10.

1, 2. Go dira thato ya Modimo go ka re solegela molemo jang, mme re ka solofela go ithuta eng ka seno mo go Kgosi Dafide?

FA O le mo loetong, a o kile wa dirisa thulaganyo ya khomputara e e bontshang dimmapa, e e go thusang go bona mo godimo ga lefelo le o yang kwa go lone? Go bona dilo go tswa kwa lefelong le le tsholetsegileng jalo go ka go thusa gore o itse gore ke tsela efe e o tshwanetseng go e tsaya. Go dirisa molaomotheo o o tshwanang go ka re thusa fa re dira ditshwetso tsa botlhokwa. Go leba dilo ka tsela e Mmopi a di lebang ka yone, go tla re thusa go ‘tsamaya ka tsela’ e Jehofa a e amogelang.—Isa. 30:21.

2 Mo e ka nnang botshelo jotlhe jwa gagwe, Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go dira thato ya Modimo. A re sekasekeng dintlha dingwe mo botshelong jwa ga Dafide ka boikaelelo jwa go ithuta mo boitshwarong jwa monna yono yo pelo ya gagwe e neng ya itshupa e feletse mo go Jehofa Modimo.—1 Dikg. 11:4.

DAFIDE O NE A TLOTLA LEINA LA GA JEHOFA

3, 4. (a) Ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa Dafide go lwa le Goliathe? (b) Dafide o ne a leba leina la Modimo jang?

3 Akanya ka nako ya fa Dafide a ne a tshwanelwa ke go lwa le seganka sa Mofilisitia e bong Goliathe. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Dafide go lwa le mokaloba yoo yo o tlhometseng, yo o neng a ka nna boleele jwa dimetara di le tharo? (1 Sam. 17:4) A e ne e le ka go bo Dafide a le pelokgale? A e ne e le ka go bo a na le tumelo mo Modimong? Dinonofo tseno ka bobedi di mo thusitse gore a tseye kgato eno ya bogatlhamelamasisi. Le fa go ntse jalo, selo se segolo se se neng sa tlhotlheletsa Dafide gore a lwe le mokaloba yoo, e ne e le ka go bo a tlotla Jehofa le leina la gagwe le legolo. Dafide o ne a botsa jaana a galefile: “Mofilisitia yono yo o sa rupang ke mang gore a kgobe mela ya tlhabano ya Modimo yo o tshelang?”—1 Sam. 17:26.

4 Dafide yo mmotlana o ne a bua jaana le Goliathe: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo le ka lerumo le le konopiwang, mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa mela ya tlhabano ya Iseraele, ene yo o mo kgobileng.” (1 Sam. 17:45) E re ka Dafide a ne a ikanya Modimo wa boammaaruri, o ne a diga seganka sa Mofilisitia ka leje le le lengwe fela le a neng a le konopa ka motsekedi. Ga se mo lekgetlong leno fela Dafide a ileng a ikanya Jehofa le go tlotla leina la gagwe, mme o ne a dira jalo botshelo jotlhe jwa gagwe. Ruri Dafide o ne a rotloetsa Baiseraele mmogo le ene gore ba ‘ipelafatse ka leina la ga Jehofa le le boitshepo.’—Bala 1 Ditiragalo 16:8-10.

5. Ke boemo bofe jo o ka lebanang le jone jo bo ka tshwantshiwang le tsela e Goliathe a neng a kgoba Baiseraele ka yone?

5 A o motlotlo go bo Jehofa e le Modimo wa gago? (Jer. 9:24) O itshwara jang fa baagelani, badirimmogo, batho ba o tsenang sekolo le bone kgotsa ba losika ba bua maswe ka Jehofa e bile ba sotla Basupi ba gagwe? A o emela leina la ga Jehofa fa le gobololwa, o ikantse gore o tla go ema nokeng? Ke boammaaruri gore go na le “nako ya go didimala,” mme gone ga re a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke go nna Basupi ba ga Jehofa le balatedi ba ga Jesu. (Mor. 3:1, 7; Mar. 8:38) Le fa gone re tshwanetse go nna maitseo le go bua ka botlhale le batho ba ba sa kgatlhegeng, a re se tshwane le Baiseraele bao, ba ba neng “ba tshoga mme ba boifa thata” fa ba utlwa mafoko a a kgobang a ga Goliathe. (1 Sam. 17:11) Go na le moo, a re tseyeng kgato ka bonako gore re galaletse leina la ga Jehofa Modimo. Keletso ya rona ke go thusa batho go itse gore tota Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang. Gore re kgone go dira seo, re dirisa Lefoko la gagwe le le kwadilweng go thusa ba bangwe go bona botlhokwa jwa go atamalana le Modimo.—Jak. 4:8.

6. Dafide o ne a batla go fitlhelela eng fa a lwa le Goliathe, mme rona re tshwanetse go amega thata ka eng?

6 Ntwa ya ga Dafide le Goliathe e re ruta thuto e nngwe gape ya botlhokwa. Fa Dafide a tabogela kwa moleng wa tlhabano o ne a botsa jaana: “Go tla dirwa eng ka monna yo o itayang a bo a latlhela fa fatshe Mofilisitia yo o fale a bo a faposa kgobo mo Iseraele?” Batho ba ne ba mo araba ka go mmolelela se ba se buileng pelenyana: “Monna yo o . . . itayang [Goliathe] a mo latlhela fa fatshe, kgosi e tla mo humisa ka dikhumo tse dikgolo, le gone e tla mo naya morwadiayone.” (1 Sam. 17:25-27) Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a sa amega thata ka tuelo ya dilo tse di bonalang. O ne a amegile ka sengwe se se fetang seo. Dafide o ne a batla go galaletsa Modimo wa boammaaruri. (Bala 1 Samuele 17:46, 47.) Go tweng ka rona? A re tlhomile mogopolo thata mo go itireleng leina ka go ikokoanyetsa dikhumo le go tuma mo lefatsheng? Ga go pelaelo gore re batla go tshwana le Dafide yo o neng a opela jaana: “Godisang Jehofa le nna, a re godiseng leina la gagwe mmogo.” (Pes. 34:3) Ka jalo, a re ikanyeng Modimo, re dire gore leina la gagwe e nne lone le tlang pele mo botshelong jwa rona.—Math. 6:9.

7. Re ka dira eng gore re nne le tumelo e e nonofileng e re ka e tlhokang fa re kopana le batho ba ba sa rateng molaetsa wa rona?

7 Dafide o ne a tlhoka go ikanya Jehofa ka botlalo gore a kgone go emelana le Goliathe ka bopelokgale. Dafide yo mmotlana o ne a na le tumelo e e nonofileng. Sengwe se se mo thusitseng go nonotsha tumelo ya gagwe, ke go ikaega ka Modimo fa a ne a disa. (1 Sam. 17:34-37) Le rona re tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng gore re kgone go tswelela mo bodireding, segolobogolo fa re kopana le batho ba ba sa rateng molaetsa wa rona. Re ka lwela go nna le tumelo e e ntseng jalo ka go ikaega ka Modimo mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, fa re tsamaya ka sepalangwa sa botlhe, re ka simolola motlotlo wa Baebele le batho ba re bapileng le bone. Mme ke eng fa re sa bue le batho ba re kopanang le bone mo mmileng fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo?—Dit. 20:20, 21.

DAFIDE O NE A LETELA JEHOFA

Ke eng se se thibetseng Dafide go bolaya Saulo fa a ne a na le tshono ya go dira jalo?

8, 9. Fa Dafide a ntse a dirisana le Kgosi Saulo, o ne a bontsha jang gore o nna a akantse ka go dira thato ya ga Jehofa?

8 Sekai se sengwe se se bontshang gore Dafide o ne a iketleeleditse go ikanya Jehofa ke kgang e e amanang le ene le kgosi ya ntlha ya Iseraele, e bong Saulo. Saulo yo o lefufa o ne a leka ka makgetlo a le mararo go tlhabelela Dafide mo loboteng ka lerumo, mme ka metlha Dafide o ne a fapoga fa pele ga gagwe, a sa batle go ipusolosetsa. Kgabagare, o ne a tshaba. (1 Sam. 18:7-11; 19:10) Morago ga foo, Saulo o ne a tlhopha banna ba le 3 000 mo Iseraele yotlhe mme a tswa a ya go batla Dafide kwa nageng. (1 Sam. 24:2) Kgabagare, Saulo o ne a tsena mo logageng a sa itse gore Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le mo go lone. Dafide a ka bo a dirisitse tshono eno go bolaya kgosi eno e e neng e batla go mmolaya. Kana gone, thato ya Modimo e ne e le gore Dafide a buse Iseraele e le kgosi mo boemong jwa ga Saulo. (1 Sam. 16:1, 13) Ee ruri, fa Dafide a ka bo a ile a reetsa kgakololo ya banna ba gagwe, kgosi eo e ka bo e ile ya bolawa. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a re: “Go ka se direge ka nna, kafa ponong ya ga Jehofa, gore ke dire morena wa me selo se se ntseng jaana, motlodiwa wa ga Jehofa.” (Bala 1 Samuele 24:4-7.) Saulo e ne e sa ntse e le kgosi e Modimo a e tloditseng. Dafide o ne a sa batle go tseela Saulo bogosi, ka gonne Jehofa o ne a ise a mo tlose mo go jone. Ka go kgaola fela ntlha ya seaparo sa ga Saulo se se se nang mabogo, Dafide o ne a bontsha gore ga a na boikaelelo jwa go gobatsa Saulo.—1 Sam. 24:11.

9 Dafide o ne a bontsha gape gore o tlotla motlodiwa wa Modimo fa a ne a bona kgosi lekgetlo la bofelo. Ka nako eo, Dafide le Abishai ba ne ba goroga kwa Saulo a neng a thibeletse gone mme ba mo fitlhela a robetse. Le fa Abishai a ile a dira tshwetso ya gore Modimo o tsentse mmaba mo seatleng sa ga Dafide mme a re o tla tlhabelela Saulo fa fatshe ka lerumo, Dafide ga a ka a mo letla go dira jalo. (1 Sam. 26:8-11) E re ka Dafide a ile a nna a batla kaelo ya Modimo, o ne a nna a nitame a ikemiseditse go dira tumalanong le thato ya ga Jehofa go sa kgathalesege gore Abishai o mo tlhotlheletsa go dira eng.

10. Re ka lebana le boemo bofe jo bo gwetlhang, mme ke eng se se tla re thusang go nna re nitame?

10 Le rona re ka lebana le maemo a a gwetlhang a mo go one ditsala tsa rona di re gatelelang gore re latele tsela ya batho ya go akanya go na le go re ema nokeng fa re dira thato ya ga Jehofa. Fela jaaka Abishai, bangwe ba ka nna ba re tlhotlheletsa gore re dire dilo re sa akanye ka thato ya Modimo malebana le kgang e e rileng. Gore re eme re nitame, re tshwanetse go tlhaloganya sentle tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone mme re ikemisetse go kgomarela ditsela tsa gagwe.

11. O ithutile eng mo go Dafide se se ka dirang gore thato ya Modimo e nne yone e tlang pele mo mogopolong wa gago?

11 Dafide o ne a rapela Jehofa Modimo jaana: “Nthuta go dira thato ya gago.” (Bala Pesalema 143:5, 8, 10.) Go na le gore Dafide a ikaege ka tlhaloganyo ya gagwe kgotsa a itetle go dira se motho yo mongwe a neng a mo tlhotlheletsa go se dira, o ne a iketleeleditse go rutwa ke Modimo. O ne a ‘tlhatlhanya ka tiro ya ga Jehofa yotlhe, mme a itlhophela go nna a tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa Modimo.’ Le rona re ka lemoga se thato ya Modimo e leng sone ka go ithuta Dikwalo le go tlhatlhanya ka dipego tse dintsi tsa Baebele tsa kafa Jehofa a ileng a dirisana le batho ka gone.

DAFIDE O NE A TLHALOGANYA SE TOTA MOLAO O SE KAYANG

12, 13. Ke eng fa Dafide a ne a tsholola metsi a banna ba gagwe ba bararo ba neng ba mo tletse one?

12 Tsela e Dafide a neng a tlhaloganya ka yone melaometheo e e tlhalosiwang ke Molao, le keletso e a neng a na le yone ya go tshela ka melao eo, ke sengwe gape se re ka se etsang. Ela tlhoko se se neng sa direga fa Dafide a ne a re o eletsa go “nwa metsi a mogobe wa Bethelehema.” Banna ba le bararo ba ga Dafide ba ne ba pateletsa go tsena mo motseng—o ka nako eo go neng go nna Bafilisitia mo go one—mme ba tla le metsi. Le fa go ntse jalo, “Dafide [o ne] a se ka a dumela go a nwa, mme a a tshololela kwa go Jehofa.” Ka ntlha yang? Dafide o ne a tlhalosa jaana: “Go ka se direge ka nna, malebana le Modimo wa me, gore ke dire selo seno! A ke tshwanetse go nwa madi a banna bano ka go baya meya ya bone mo kotsing? Gonne ba ne ba a tlisitse ka go baya meya ya bone mo kotsing.”—1 Ditir. 11:15-19.

Re ka ithuta eng mo kgannyeng ya go bo Dafide a ile a gana go nwa metsi a banna ba gagwe ba neng ba mo tletse one?

13 Dafide o ne a itse gore Molao wa ga Moshe o ne o re madi a tshwanetse go tshololelwa kwa go Jehofa mme a se ka a jewa. Gape o ne a tlhaloganya lebaka la go bo seno se tshwanetse go dirwa. Dafide o ne a itse gore “moya wa nama o mo mading.” Le fa go ntse jalo, seno e ne e le metsi e seng madi. Ke eng fa Dafide a ne a gana go a nwa? O ne a tlhaloganya se tota Molao ono o neng o se kaya. Mo go Dafide, metsi a ne a le botlhokwa jaaka madi a banna bao ba bararo. Ka jalo, o ne a se kitla a nwa metsi ao. Go na le gore a a nwe, o ne a dira tshwetso ya gore a a tshololele fa fatshe.—Lefi. 17:11; Dute. 12:23, 24.

14. Ke eng se se thusitseng Dafide go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone?

14 Dafide o ne a nna a akantse ka molao wa Modimo. O ne a opela jaana: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pes. 40:8) Dafide o ne a ithuta molao wa Modimo e bile a tlhatlhanya thata ka one. O ne a tlhomamisegile gore ditaelo tsa ga Jehofa di botlhale. Ka jalo, o ne a sa tlhagafalela go boloka mafoko a Molao wa ga Moshe fela, mme gape o ne a tlhagafaletse go boloka se Molao oo o neng o se kaya. Fa re ithuta Baebele, go tla bo go le botlhale gore re tlhatlhanye ka se re se balang mme re se boloke mo dipelong tsa rona gore re kgone go lemoga se se itumedisang Jehofa mo boemong jo bo rileng.

15. Solomone o ne a palelwa ke go bontsha go tlotla Molao wa Modimo ka tsela efe?

15 Jehofa Modimo o ne a rata thata morwa wa ga Dafide e bong Solomone. Le fa go ntse jalo fa nako e ntse e ya, Solomone o ne a palelwa ke go tlotla Molao wa Modimo. Ga a ka a reetsa taelo ya ga Jehofa ya gore kgosi ya Iseraele ga e a tshwanela go “ikokeletsa basadi.” (Dute. 17:17) Tota e bile, Solomone o ne a nyala basadi ba bantsi ba baditšhaba. Fa a tsofala, “basadi ba gagwe ba ne ba fapositse pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago.” Go sa kgathalesege gore o ile a ipeela mabaka afe, “Solomone [o ne] a simolola go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafide rraagwe.” (1 Dikg. 11:1-6) A bo go le botlhokwa jang ne gore re latele melao le melaometheo e e mo Lefokong la Modimo! Tota e bile, seno se botlhokwa thata fa re akanyetsa go tsena mo lenyalong.

16. Go lemoga se tota se kaiwang ke taelo ya go nyala “mo Moreneng fela” go tshwanetse ga ama jang ba ba batlang go tsena mo lenyalong?

16 Fa batho ba e seng badumedi ba batla go ratana le rona, a tsela e re tsibogelang seo ka yone e bontsha gore re leba dilo jaaka Dafide kgotsa jaaka Solomone? Baobamedi ba boammaaruri ba laetswe gore ba nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Fa Mokeresete a tlhopha go tsena mo lenyalong, o tshwanetse go nyala kgotsa go nyalwa ke modumedimmogo le ene. Mme fa re lemoga se tota se kaiwang ke molao oo wa Dikwalo, ga re kitla re ithiba fela gore re se ka ra nyalana le motho yo o sa dumeleng, mme gape re ka se kgatlhiwe ke dilo tse motho yoo a tla bong a di dira go bontsha gore o batla go ratana le rona.

17. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra raelwa ke ditshwantsho tse di hepisang?

17 Gape akanya kafa sekao sa ga Dafide sa go batla kaelo ya Modimo ka tlhoafalo se ka re thusang ka gone go fenya thaelo ya go leba ditshwantsho tse di hepisang. Bala ditemana tse di latelang, o akanye ka melaometheo e e mo go tsone mme o leke go lemoga se thato ya ga Jehofa e leng sone mo kgannyeng eno. (Bala Pesalema 119:37; Mathaio 5:28, 29; Bakolosa 3:5.) Go tlhatlhanya ka melao eno ya maemo a a kwa godimo go tla re thusa gore le ka motlha re se ka ra wela mo seraing sa go leba ditshwantsho tse di hepisang.

KA METLHA LEBA DILO KA TSELA E MODIMO A DI LEBANG KA YONE

18, 19. (a) Le fa Dafide a ne a sa itekanela, ke eng se se mo thusitseng gore a nne a amogelwa ke Modimo? (b) O ikemiseditse go dira eng?

18 Le fa gone Dafide a re tlhometse sekao mo dilong di le dintsi, o ne a dira maleo a le mmalwa a a masisi. (2 Sam. 11:2-4, 14, 15, 22-27; 1 Ditir. 21:1, 7) Le fa go ntse jalo, ka metlha o ne a ikwatlhaela maleo a gagwe. O ne a tsamaya fa pele ga Modimo “ka bothokgami jwa pelo.” (1 Dikg. 9:4) Ke eng fa re rialo? Ka gonne Dafide o ne a leka go dira dilo tumalanong le thato ya ga Jehofa.

19 Le fa gone re sa itekanela, Jehofa a ka tswelela a re amogela. Re ntse re akantse ka seo, a re ithuteng Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, re tlhatlhanye thata ka se re ithutang sone, mme re tseye kgato ka bonako go dumalana le se re se ithutileng. Tota e bile, fa re dira jalo re tla bo re rapela Jehofa jaaka mopesalema yo o neng a kopa jaana ka boikobo: “Nthuta go dira thato ya gago.”