Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Re ka tima jang molelo wa puo e e sa laolesegeng?

Re tshwanetse go sekaseka pelo ya rona. Go na le go tshwayatshwaya mokaulengwe diphoso, ke eng fa re sa sekaseke lebaka la go bo re ikutlwa jalo ka ene? A gongwe re ka tswa re mo tshwayatshwaya diphoso ka gonne re batla gore re bonale re le botoka? Mo godimo ga moo, go nnela go tshwayatshwaya motho diphoso go ka nna ga dira gore maemo a nne maswe le go feta.—8/15, tsebe 21

Molao o ne o bontsha jang kafa Modimo a lebang basadi ka gone?

Basadi ba kwa Iseraele ba ne ba ipelela kgololesego e ntsi e bile ba na le kgololesego ya go ithuta. Ba ne ba tshwanetse go tseelwa kwa godimo, go tlotliwa e bile ditshwanelo tsa bone di ne di tshwanetse go sirelediwa.—9/1, tsebe 5-7.

Ke ditiragalo dife tse di sa ntseng di tla diragala fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela?

Go tla buiwa ka “Kagiso le polokesego!” Ditšhaba di tla tlhasela le go fedisa Babelona yo Mogolo. Batho ba Modimo ba tla tlhaselwa. Go tla nna le ntwa ya Haramagedona mme morago ga moo, Satane le madimona a gagwe ba tla latlhelwa mo moleteng o o se nang bolekanngo.—9/15, tsebe 4.

Re solegelwa molemo jang ke go sa itse gore bokhutlo bo tla tla leng?

Go sa itse letsatsi le le tlhomameng le ura go re thusa go senola se se mo pelong ya rona. Go re naya tshono ya go itumedisa pelo ya Modimo. Go re kgothaletsa gore re tshele botshelo jwa go intsha setlhabelo e bile go re thusa gore re ikaege ka botlalo ka Modimo le ka Lefoko la gagwe. Mo godimo ga moo, go dira gore mathata a re lebanang le one a tokafatse botho jwa rona.—9/15, tsebe 24-25.

Re ka dirisa jang Genesise 3:19 go araba motho yo o dumelang mo molelong wa dihele?

Temana eno ya re fa Adame a swa o tla boela mo loroleng lwa mmu, mme ga e re o tla ya diheleng tse di tukang molelo.—10/1, tsebe 13.

Ke bomang ba ba emelang “dinaledi di le supa” tse di mo seatleng sa moja sa ga Jesu tse go buiwang ka tsone mo go Tshenolo 1:16, 20?

Di emela balebedi ba ba tloditsweng le balebedi botlhe ba diphuthego, ka jalo, seno se ka akaretsa le balebedi botlhe.—10/15, tsebe 14.

Lelapa le ka lepalepana jang le sekoloto?

Banyalani ba tshwanetse go bua ka sekoloto ka kgololesego e bile ba ritibetse. Go ka nna molemo gore ba sekaseke gore ba na le madi a a kana kang. A ba tlhoka oketsa lotseno lwa bone kgotsa go fokotsa ditshenyegelo tsa lelapa? Ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore ba tla duela dikoloto tsa bone jang, gongwe e bile ba ka buisana le batho ba ba ba kolotang ka dithulaganyo tsa go duela. Ba tshwanetse go nna tekatekano le go leba madi ka tsela e e tshwanetseng. (1 Tim. 6:8)—11/1, tsebe 19-21.

Jesu o ne a bontsha jang boikokobetso jo bo tlhalositsweng mo go Isaia 50:4, 5?

Ditemana tseo di bontsha gore yo o nang le “loleme lwa ba ba rutegileng” o ne a se kitla a “retologela go sele.” Jesu o ne a bontsha boikokobetso ka go reetsa ka kelotlhoko se Rraagwe a neng a mo ruta sone. Jesu o ne a ikemiseditse go ithuta mo go Jehofa, a lebile ka kelotlhoko sekao sa Modimo sa boikokobetso fa a ntse a bontsha batho ba ba nang le boleo kutlwelobotlhoko.—11/15, tsebe 11.

Setempe sa poso sa segopodiso sa kwa Estonia se ne sa neela jang bosupi malebana le bothokgami jwa Basupi ba ga Jehofa?

Ka 2007 National Post Office e ne ya rebola setempe se se bontshang ka nako ya fa Ba-Estonia ba ne ba gailwa mo pusong ya ga Stalin. Se ne se na le palo ya 382, e e kayang palo ya Basupi le bana ba bone ba ba neng ba fudusiwa ka dikgoka ka 1951 ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso kwa tengteng ga Russia.—12/1, tsebe 27-28.