Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itise Gore O se Ka wa Dirisa Baebele Jaaka Pheko

Itise Gore O se Ka wa Dirisa Baebele Jaaka Pheko

“LEFOKO la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Baheb. 4:12) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala mafoko ao go bontsha maatla a lefoko la Modimo le nang le one go tlhotlheletsa dipelo le go fetola matshelo.

Le fa go ntse jalo, morago ga loso lwa baaposetoloi, tsela e batho ba neng ba leba maatla a molaetsa wa Baebele ka yone e ne ya tlhakatlhakana fa botlhanogi bo ne bo simologa. (2 Pet. 2:1-3) Fa nako e ntse e ya, baeteledipele ba dikereke ba ne ba simolola go ruta gore Lefoko la Modimo le na le maatla a boselamose. Porofesa Harry Y. Gamble o ile a kwala gore “dikwalo tsa Bokeresete di ne di dirisiwa ka tsela ya boselamose.” O ile a umaka gore mo lekgolong la boraro la dingwaga, Rara wa Kereke e bong Origen o ne a re, “go bolelela motho mafoko a a boitshepo go mosola ka tsela nngwe: fa e le gore mafoko a boselamose a na le maatla, seno se raya gore mafoko a a boammaaruri a Modimo a a mo dikwalong a tshwanetse a bo a na le maatla a a gaisang.” John Chrysostom yo o neng a tshela mo lekgolong la bonè la dingwaga o ne a kwala gore, “diabolo a ka se ka a bo a leka go atamela ntlo e go rerwang Efangele mo go yone.” Gape o ne a re bangwe ba bofelela ditemana tsa Efangele mo melaleng ya bone gore e nne dipheko. Porofesa Gamble gape o ne a re moithutabodumedi wa Mokatoliki e bong Augustine “o ne a re go siame gore fa motho a opiwa ke tlhogo a robale a tsentse khopi ya Efangele ya ga Johane ka fa tlase ga mosamo”! Ka jalo, ditemana tsa Baebele di ne di dirisediwa boselamose. A o tsaya Baebele e le pheko, kgotsa selo se se ka go tlisetsang masego e bile e le sengwe se se ka go sireletsang mo bosuleng?

Mokgwa mongwe o o tlwaelegileng o batho ba dirisang Baebele ka one ka tsela e e sa siamang, ke wa go bula buka nngwe le nngwe fela mo Baebeleng ba bo ba bala temana ya ntlha fela e ba e bonang, ka go dira jalo, ba dumela gore mafoko a yone a tla ba naya kaelo e ba e tlhokang. Ka sekai, go ya ka Porofesa Gamble, lekgetlho lengwe fa Augustine a ne a utlwa lentswe la ngwana mo ntlong e e gaufi le ya gagwe le re: “Tsaya o bale, tsaya o bale,” Augustine o ne a tsaya seo e le taelo e e tswang kwa Modimong ya gore a bule Baebele mme a bale temana ya ntlha fela e a e bonang.

A o kile wa utlwela ka batho ba e reng fa ba lebane le maemo a a boima, ba bo ba rapela Modimo mme go tswa foo ba bo ba bula gongwe le gongwe mo Baebeleng, ba dumela gore temana ya ntlha fela e ba e bonang e tla ba thusa gore ba lepalepane le bothata joo? Le fa gone ba ka tswa ba ne ba na le maikaelelo a a siameng, eo ga se yone tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go batla kaelo ya Dikwalo ka yone.

Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba romelela “mothusi, e leng moya o o boitshepo.” O ne a tswelela jaana: “Ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Joh. 14:26) Go farologana le se Jesu a se buileng, mokgwa ono wa go bula buka nngwe le nngwe fela mo Baebeleng o bo o bala temana ya ntlha fela e o e bonang, ga o tlhoke gore o bo o itse Dikwalo.

Mokgwa ono wa go bala temana ya ntlha fela e o e bonang le mekgwa e mengwe ya go dirisa Baebele e le tumelabotlhodi e tlwaelegile. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le kgala go dirisa ditshupo tsa boselamose. (Lefi. 19:26; Dute. 18:9-12; Dit. 19:19) “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla,” mme gone re tshwanetse go le dirisa ka botlhale. Go nna le kitso ya boammaaruri ya Baebele e seng go e dirisa e le pheko, ke gone go tokafatsang matshelo a batho. Go nna le kitso eo go thusitse batho ba le bantsi go nna le boitshwaro jo bo siameng, go tlogela mekgwa e e senyang matshelo, go nonotsha malapa e bile go dirile gore batho ba nne le kamano e e molemo le Mokwadi wa Baebele.