Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tora ya Tebelo e e Tlhofofaditsweng—Ke Eng fa e Ile ya Gatisiwa?

Tora ya Tebelo e e Tlhofofaditsweng—Ke Eng fa e Ile ya Gatisiwa?

GO FETILE masomesome a dingwaga banna le basadi go ralala lefatshe ba ntse ba solegelwa molemo e bile ba anaanela tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Ka July 2011, go ne ga gatisiwa kgatiso ya ntlha ya Tora ya Tebelo e e ithutiwang, ka Seesemane se se tlhofofaditsweng. Makasine oo o ne wa tlhalosa jaana: “Kgatiso eno e ntšha e tla lekelediwa ngwaga o le mongwe mme fa e ka re solegela molemo e tla tswelela e ntse e gatisiwa.”

Jaanong go a itumedisa go lo itsise gore re sweditse ka gore kgatiso eo e tswelele e ntse e gatisiwa. Mo godimo ga moo, fa nako e ntse e ya, go tla gatisiwa dikgatiso tse di tlhofofaditsweng ka Sefora, Sepotokisi le Se-Spain.

LEBAKA LA GO BO E ANAANELWA

Morago ga gore batho ba kwa South Pacific ba amogele kgatiso ya makasine o o tlhofofaditsweng ba ne ba re: “Gone jaanong bakaulengwe ba kgona go tlhaloganya makasine wa Tora ya Tebelo sentle.” Lekwalo le lengwe le ne la re: “Nako e motho a neng a e fetsa a batla bokao jwa mafoko le go a tlhalosa, gone jaanong o e fetsa a leka go tlhaloganya bokao jwa ditemana tse di umakilweng botoka le kafa di amanang ka gone le se se ithutiwang.”

“Nako e motho a neng a e fetsa a batla bokao jwa mafoko le go a tlhalosa, gone jaanong o e fetsa a leka go tlhaloganya bokao jwa ditemana tse di umakilweng botoka le kafa di amanang ka gone le se se ithutiwang”

Moithuti mongwe yo o alogileng kwa kholetšheng ya kwa United States o ne a re: “Ke feditse dingwaga di le 18 ke bua le go kwala puo e e tlhaloganngwang fela ke batho ba ba rutegileng. Ke ne ka simolola go nna le mokgwa wa go bua le go akanya ka tsela e e raraaneng go sa tlhokege. Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo mo tseleng e ke neng ke akanya le go bua ka yone.” E re ka jaanong e le moreri yo o tlhoafetseng, o ne a kwala jaana: “Tora ya Tebelo e e tlhofofaditsweng e nthusitse thata. Puo e e dirisiwang mo go yone e ntlhomela sekao se se molemo sa go bua ka tsela e e motlhofo.”

Kgaitsadi mongwe wa kwa Engelane yo o neng a kolobediwa ka 1972 o ne a akgela jaana malebana le Tora ya Tebelo e e tlhofofaditsweng: “Fa ke ne ke bala kgatiso ya ntlha ya makasine ono ke ne ka ikutlwa e kete Jehofa o ntse gaufi le nna mme o mpeile seatla mo magetleng e bile re bala mmogo. Go ne go ntse jaaka e kete Rre o tlhabela ngwana wa gagwe dinaane.”

Kgaitsadi mongwe yo o direlang kwa Bethele ya kwa United States e bile a na le dingwaga di le 40 a kolobeditswe, o ne a re ka dinako dingwe makasine o o tlhofofaditsweng o, ile wa mo thusa go tlhaloganya dilo botoka. Ka sekai, lebokose le le reng, “Mafoko Mangwe a a Tlhalosiwa” le le mo kgatisong ya September 15, 2011, le ne la tlhalosa polelwana ‘leru la basupi’ e e mo go Bahebera 12:1 ka mafoko ano: “Ba ne ba le bantsi jaana mo ba ka se kgoneng go balwa.” O ne a re: “Seno se ne sa dira gore ke kgone go tlhaloganya temana eno botoka.” Fa a akgela malebana le dipokano tsa beke le beke o ne a re: “Tota le fa ngwana a ka araba ka tlhamalalo go tswa mo makasineng o o tlhofofaditsweng, ga a bue mafoko a a tshwanang le a a dirisitsweng mo go Tora ya Tebelo e e tlwaelegileng e batho ba le bantsi ba e tshwereng. Ka jalo, dikakgelo tsa ngwana yoo di nna disha mo bareetsing.”

Kgaitsadi mongwe wa kwa Bethele o ne a kwala jaana: “Ke nna ke lebile pele ka tlhoafalo go utlwa dikakgelo tsa bana ba mo phuthegong. Tora ya Tebelo e e tlhofofaditsweng e ba thusitse gore ba kgone go araba ba tlhatswegile pelo. Dikarabo tsa bone di nkgothaditse tota.”

Kgaitsadi mongwe yo o kolobeditsweng ka 1984 o ne a tlhalosa kafa a anaanelang makasine ono ka gone: “Go ntse jaaka e kete o kwaletswe nna. O dira gore go nne motlhofo go tlhaloganya se ke se balang. Gone jaanong ke a itshepa fa ke araba ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo.”

SEDIRISIWA SE BATSADI BA SE ANAANELANG

Mmè wa mosimanyana wa dingwaga di le supa o ne a re: “Go ne go tsaya nako e telele e bile go lapisa go mo tlhalosetsa dilo tse dintsi fa re baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo.” Makasine ono o o tlhofofaditsweng o mo thusitse jang? O ne a kwala jaana: “Ke gakgamadiwa ke gore o kgona go bala dirapa a bo a tlhaloganye bokao jwa tsone ka botlalo. E re ka mafoko a yone a se thata le diele tsa yone di le dikhutshwane, ga a tshoge. O simolotse go baakanyetsa dikakgelo tsa gagwe a le esi, mme o kgona go tlhoma mogopolo mo makasineng ka nako yotlhe fa thuto e ntse e tsweletse.”

“Ke gakgamadiwa ke gore o kgona go bala dirapa a bo a tlhaloganye bokao jwa tsone ka botlalo”

Mmè wa mosetsanyana wa dingwaga di le robongwe o ne a kwala jaana: “Mo nakong e e fetileng, re ne re tshwanelwa ke go mo thusa ka dikakgelo tsa gagwe. Gone jaanong o baakanyetsa a le esi. Gantsi ga re tlhoke go fetsa nako e ntsi re mo tlhalosetsa se se kwadilweng. E re ka e se na tshedimosetso e ntsi, o kgona go nna le seabe mo Thutong ya Tora ya Tebelo.”

BANA BA IKUTLWA JANG?

Bana ba le bantsi ba akanya gore Tora ya Tebelo e e tlhofofaditsweng e diretswe bone. Rebecca wa dingwaga di le 12 o ne a kopa jaana: “Tsweetswee, lo se ka lwa tlogela go gatisa kgatiso eno e ntšha!” Gape o ne a re: “Ke itumelela go bo go na le karolo ya ‘Mafoko Mangwe a a Tlhalosiwa.’ E motlhofo thata gore bana ba ka e tlhaloganya.”

Nicolette wa dingwaga di le supa le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang, o ne a re: “Tora ya Tebelo e ne e le thata gore ke e tlhaloganye. Gone jaanong ke kgona go akgela ka bonna.” Emma wa dingwaga di le robonngwe o ne a kwala jaana: “E nthusitse thata, nna le kgaitsadiake wa dingwaga di le thataro. Re kgona go e tlhaloganya botoka! Ke a leboga!”

Ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba solegelwa molemo ke go bala Tora ya Tebelo e e dirisang mafoko a a motlhofo mo dieleng tsa yone. E thusa batho thata mme e tla tswelela e gatisiwa mmogo le kgatiso e e tlwaelegileng e e ntseng e le mosola fa e sa le e simolola go gatisiwa ka 1879.