Ela Tlhoko Maikaelelo a Pelo
Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jer. 17:9) Fa pelo ya rona e eletsa sengwe thata, a re itirela diipato tsa go dira se e se batlang?
Dikwalo di re tlhagisa jaana: “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.” (Math. 15:19) Pelo ya rona ya tshwantshetso e ka re tsietsa ya bo ya dira gore re itirele diipato tsa go dira sengwe se se leng kgatlhanong le thato ya Modimo. Mme re ka nna ra se ka ra lemoga seo go fitlha re setse re dirile sengwe se se phoso. Ke eng se se ka re thusang go lemoga maikaelelo a pelo ya rona pele ga re dira sengwe se se phoso?
O KA LEMOGA JANG MAIKAELELO A GAGO?
Bala Baebele ka metlha mme o tlhatlhanye ka se o se balang.
Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo.” Molaetsa wa Modimo o o mo Baebeleng o “kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Go itlhatlhoba re dirisa Baebele go ka re thusa thata gore re kgone go lemoga se tota e leng maikaelelo a pelo. Ruri go botlhokwa thata gore re bale Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi re bo re tlhatlhanye ka se re se balang, mme ka go dira jalo, re tla ithuta go nna le dikakanyo tsa ga Jehofa le go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone!
Go amogela kgakololo ya Dikwalo le go dirisa melaometheo ya Baebele go tla ama segakolodi sa rona. Segakolodi sa rona se tshwana le lentswe le le mo teng ga rona, le le ‘nayang bosupi.’ (Bar. 9:1) Se ka re thibela go itirela diipato tsa go dira sengwe se se phoso. Mo godimo ga moo, Baebele e na le dikai tse e ka nnang “tlhagiso mo go rona.” (1 Bakor. 10:11) Fa re ithuta go tswa mo dikaing tseno, seo se ka re thusa gore re se ka ra dira sengwe se se phoso. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go dira eng?
Rapela Modimo gore a go thuse go lemoga maikaelelo a pelo ya gago.
Jehofa ke “motlhatlhobi wa pelo.” (1 Ditir. 29:17) “O mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Joh. 3:20) Modimo ga a ka ke a tsiediwa. Fa re rapela Jehofa re mmolelela se re amegileng ka sone, maikutlo a rona le dilo tse re di eletsang re sa fitlhe sepe, o tla re thusa go lemoga maikaelelo a pelo ya rona. Re ka nna ra bo ra kopa Modimo gore a ‘bope pelo e e itshekileng mo go rona.’ (Pes. 51:10) Ka jalo, fa re batla go lemoga maikaelelo a pelo ya rona, ga re a tshwanela go itlhokomolosa thapelo.
Reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong tsa Bokeresete.
Go reetsa ka kelotlhoko se se buiwang kwa dipokanong tsa Bokeresete go ka re thusa gore re tlhatlhobe motho wa rona wa ka fa gare—pelo ya rona. Le fa re sa bolelelwe sengwe se sesha kwa pokanong nngwe le nngwe, fa re nna gone kwa dipokanong re kgona go tlhaloganya melaometheo e e mo Baebeleng botoka e bile re utlwa dikgakololo tse di molemo tse di re thusang gore re tlhatlhobe maikaelelo a pelo ya rona. Dikakgelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona di re thusa go tokafatsa motho wa rona wa ka fa gare. (Dia. 27:17) Fa re itlhaola, re sa batle go tsalana le Bakeresetemmogo le rona ka metlha kwa dipokanong, seo se ka re tsenya mo kotsing. Seno se ka dira gore re ‘batle tlhologelelo ya rona ya bopelotshetlha.’ (Dia. 18:1) Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana, ‘A ke itlwaeditse go nna gone kwa dipokanong tsotlhe le go solegelwa molemo ke tsone?’—Baheb. 10:24, 25.
PELO YA RONA E TLA RE LEBISA KAE?
Pelo ya rona e e boferefere e ka re timetsa mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo. A re sekaseke di le nnè tsa tsone: go gagamalela dithoto, tsela e re dirisang bojalwa ka yone, ditsala tse re di tlhophang le mofuta wa boitlosobodutu.
Go gagamalela dithoto.
Ke ga tlholego fela go batla go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tsa nama. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re naya sekai se se re tlhagisang malebana le go tsaya dithoto di le botlhokwa thata mo botshelong. Mo go nngwe ya ditshwantsho tsa gagwe, Jesu o re kopa gore re sekaseke kgang ya monna mongwe yo o neng a humile, yo mabolokelo a gagwe a neng a tletse. Ka ntlha ya seo, o ne a sa tlhole a na le mo a ka bolokelang kungo ya gagwe e nngwe gone. Monna yoo o ne a ikaeletse go thuba mabolokelo a gagwe gore a age a magolo. O ne a re: “Ke tla phuthela mabele otlhe a me koo le dilo tse di molemo tsotlhe tsa me; mme ke tla raya moya wa me ke re: ‘Moya, o na le dilo tse di molemo di le dintsi tse di beetsweng dingwaga di le dintsi; nna ka phuthologo, ja, nwa, ijese monate.’” Le fa go ntse jalo, monna yono yo o humileng o ne a sa lemoge ntlha eno: O ne a ka swa mo go jone bosigo joo.—Luke 12:16-20.
Fa re ntse re gola, re ka nna ra amega thata ka go kokoanya dilo tse di bonalang tse re tla itshedisang ka tsone fa re tsofetse, mo re ka bong ra dira diipato tsa go bereka diura tse di oketsegileng mo malatsing a dipokano kgotsa ra simolola go itlhokomolosa maikarabelo a rona a semoya ka tsela nngwe. A ga re a tshwanela go ikela tlhoko gore re se ka ra nna le tshekamelo e e ntseng jalo? Kgotsa gongwe re mo dingwageng tsa bosha mme re lemoga gore ga go na tiro epe e e molemo go gaisa tirelo ya nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, a re akanya gore go molemo go bereka pele gore re kgone go itlhokomela mme morago ga moo re tla nna babulatsela? A ga re a tshwanela go dira ka natla gone jaanong gore re hume malebana le Modimo? Re itse jang gore re tla bo re sa ntse re tshela ka moso?
Go dirisa bojalwa.
Diane 23:20 ya re: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe.” Fa motho a na le keletso e kgolo ya go nwa bojalwa, a ka nna a dira seipato sa go nwa ka metlha. A ka nna a re o nwela gore a lapologelwe, e seng gore a tagwe. Fa e le gore o tlhoka bojalwa gore o lapologelwe, go ka nna molemo gore o sekaseke tshekamelo ya pelo ya gago.
Ditsala tse re di tlhophang.
Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra kgona go tila go kopana le batho ba ba sa dumeleng—kwa sekolong, kwa tirong le fa re le mo bodireding. Le fa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go fetsa nako e ntsi le bone go sa tlhokege, kgotsa tota le e leng go tsalana le bone. A re dira diipato tsa go tlwaelana le bone, re re ba na le dinonofo tse dintsi tse di molemo? Baebele e re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakor. 15:33) Fela jaaka leswe le lennye le ka kgotlela metsi a a phepa, go itlwaelanya le batho ba ba sa tsheleng ka melao ya Modimo go ka kgotlela bomoya jwa rona, ga ba ga dira gore re lebe dilo ka tsela e lefatshe le di lebang ka yone, re apare, re bue le go itshwara jaaka lone.
Boitlosobodutu jo re bo tlhophang.
Thekenoloji ya bosheng e dira gore go nne motlhofo go fitlhelela mefuta yotlhe ya boitlosobodutu, e bontsi jwa yone e belaetsang kgotsa e e sa siamelang Bakeresete. Paulo o ne a kwala jaana: ‘A boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe bo se ka jwa ba jwa umakwa mo go lona.’ (Baef. 5:3) Go tweng fa e le gore pelo ya rona e kgatlhiwa ke go lebelela kgotsa go reetsa sengwe se se itshekologileng? Re ka nna ra re mongwe le mongwe o tlhoka go itapolosa kgotsa go itlosa bodutu go sekae, mme tsela e motho a dirang seo ka yone ke kgang ya gagwe. Le fa go ntse jalo, a re diriseng kgakololo ya ga Paulo mme re se ka ra letla boitshekologo bope gore bo kgotlele matlho kgotsa ditsebe tsa rona.
RE KA KGONA GO DIRA DIPHETOGO
Fa e le gore re ile ra itetla go laolwa ke tshekamelo ya pelo ya rona e e boferefere e bile re tlwaetse go dira diipato tsa go dira sengwe se se phoso, re ka kgona go dira diphetogo. (Baef. 4:22-24) Akanya ka dikao tseno tse pedi tsa motlha wa gompieno.
Miguel * o ne a tshwanelwa ke go fetola tsela e a lebang dilo tse di bonalang ka yone. A re: “Nna le mosadi wa me le morwaarona, re tswa kwa nageng e kwa go yone thekenoloji le go nna le dilo tsa manobonobo go tseelwang kwa godimo thata. Nako nngwe, ke ne ka tshwarega thata ka go ikokoanyetsa dilo tse dintsi tsa lefatshe, ke akanya gore nka kgona go dira jalo mme gone ke sa rate dilo tse di bonalang. Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore go gagamalela dithoto go tshwana le go lelekisa phefo. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go fetola tsela e ke lebang dilo ka yone le tshekamelo ya pelo ya me. Ke ne ka mmolelela gore re batla go mo direla ka botlalo re le lelapa. Re ne ra kgona dira tshwetso ya go tlhofofatsa matshelo a rona mme ra fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Go ise go ye kae, re ne ra kgona go nna babulatsela. Re lemogile gore ga re tlhoke dithoto tse dintsi gore re nne le botshelo jo bo itumetseng.”
Maitemogelo a ga Lee a bontsha kafa go itlhatlhoba ka tsela e e siameng go ileng ga mo thusa ka teng go kgaogana le ditsala tse di sa siamang. Lee a re: “Tiro ya me e ne e dira gore ke fetse nako e ntsi le batho ba re neng re reka dilo mo go bone. Ke ne ke itse gore kwa dikopanong tseo go ne go nowa thata, le fa go ntse jalo, ke ne ke itumelela go nna gone kwa go tsone. Mo makgetlong a le mantsi ke ile ka batla ke tagwa, mme morago ga moo ke ne ke ikwatlhaya. Ke ne ka tshwanelwa ke go sekaseka pelo ya me. Kgakololo ya Lefoko la Modimo le dikakantsho tsa bagolwane, di ile tsa nthusa gore ke lemoge gore se tota ke neng ke se dira ke go batla go tsalana le batho ba ba sa rateng Jehofa. Gone jaanong ke leka go ikgolaganya le batho ba ke dirang kgwebo le bone ka mogala e bile ke dira gore ke se ka ka fetsa nako e ntsi le bone.”
Re tshwanetse go itshekatsheka ka boikanyegi mme re lemoge maikaelelo a pelo ya rona. Fa re ntse re dira jalo, re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re thuse, re sa lebale gore “o lemoga diphiri tsa pelo.” (Pes. 44:21) Gape Modimo o re neile Lefoko la gagwe, le re ka le dirisang jaaka seipone. (Jak. 1:22-25) Sengwe gape se se botlhokwa ke dikgakololo tse re di fitlhelang mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete le kwa dipokanong! Dilo tseno tsotlhe di tla re thusa go dibela pelo ya rona le go re thusa go tswelela re tsamaya mo tseleng ya tshiamo.
^ ser. 18 Maina a fetotswe.