O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo!
A ga o bolo go nna Mosupi wa ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi mme o ka rata gore molekane wa gago le ene a obamele Jehofa le wena?
Kgotsa a o ile wa kgobega marapo fa mongwe yo o neng o ithuta Baebele le ene yo kwa tshimologong a neng a lebega a kgatlhega thata, a sa tseye kgato?
Maitemogelo a le mmalwa a kwa Boritane a tla go thusa gore o bone lebaka la go bo o sa tshwanela go felelwa ke tsholofelo. Gape o tla bona se o ka se dirang go “latlhela senkgwe sa gago mo godimo ga metsi,” gore o kgone go thusa ba ba iseng ba amogele boammaaruri.—Mor. 11:1.
BOITSHOKO—NONOFO E E BOTLHOKWATLHOKWA
Nonofo nngwe e o e tlhokang thata ke go nna le boitshoko. O tshwanetse go ngaparela boammaaruri le Jehofa. (Dute. 10:20) Ke sone se Georgina a neng a se dira. Fa a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka 1970, monna wa gagwe e bong Kyriacos, o ne a galefa thata. O ne a leka go mo thibela go ithuta, a gana Basupi ba tsena mo ntlong, a bo a tsaya dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa tse a neng a di bona.
Fa Georgina a ne a simolola go ya dipokanong, Kyriacos o ne a galefa le go feta. Letsatsi lengwe o ne a ya kwa Holong ya Bogosi gore a ye go tsosa dingangisano. Fa kgaitsadi mongwe a lemoga gore Kyriacos o ne a bua Segerika botoka go na le Seesemane, o ne a leletsa mokaulengwe mongwe wa Mogerika yo o neng a le kwa phuthegong e nngwe mogala, a mo kopa go tla go ba thusa. Kyriacos o ne a reetsa mokaulengwe yono yo o neng a bua le ene ka bopelonomi mme morago ba ne ba fetsa dikgwedi di le mmalwa ba ithuta Baebele mmogo. Le fa go ntse jalo, Kyriacos o ne a tlogela go ithuta.
Georgina o ne a tswelela go ganediwa ke monna wa gagwe ka dingwaga tse dingwe di le tharo. Kyriacos o ne a mo raya a re o tla mo tlogela fa a ka bo a kolobediwa. Ka letsatsi le Georgina a neng a tshwanetse go kolobediwa ka lone, o ne a rapela ka tlhoafalo, a kopa Jehofa gore monna wa gagwe a se ka a mo tlogela. Fa Basupi ba ne ba tla go tsaya Georgina gore ba ye kopanong, Kyriacos o ne a ba raya a re: “Lo ka nna lwa re sia. Re tla lo sala morago ka koloi ya rona.” O ne a nna gone mo thulaganyong yotlhe ya mo mosong mme a bona mosadi wa gagwe a kolobediwa!
Morago ga moo, Kyriacos o ne a fokotsa go ganetsa mosadi wa gagwe, mme a dira diphetogo tse dikgolo ka bonya ka bonya. Georgina o ne a setse a na le dingwaga di ka nna 40 e le Mosupi, fa monna wa gagwe a kolobediwa! Ke eng se se thusitseng Kyriacos? A re: “Ke ne ka kgatlhiwa thata ke go bona tsela e Georgina a neng a ikemiseditse ka yone.” Georgina o tlhalosa jaana: “Go sa kgathalesege gore monna wa me o ne a nkganetsa go le kana kang, le ka motlha ke ne ke se kitla ke tlogela go obamela Modimo wa me. Mo nakong eo yotlhe, ke ne ka nna ke rapela Jehofa, mme ga ke a ka ka felelwa ke tsholofelo.”
BOTLHOKWA JWA GO NNA LE BOTHO JO BOSHA
Sengwe gape se o ka se dirang go thusa molekane wa gago, ke go lwela go nna le botho jwa Bokeresete. Moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa basadi ba Bakeresete jaana: “Nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone.” (1 Pet. 3:1) Christine o ne a dirisa kgakololo eo, le fa go ne ga tsaya dingwaga di le dintsi gore monna wa gagwe a fetoge. Fa a ne a nna Mosupi dingwaga di le 20 tse di fetileng, monna wa gagwe e bong John o ne a sa batle go dumela mo Modimong. O ne a sa batle go nna karolo ya bodumedi bope, le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore Christine o rata tumelo ya gagwe e ntšha thata. O ne a re: “Ke ne ke lemoga gore tumelo ya gagwe e ne e dira gore a itumele. O ne a kgona go emelana le mathata mme seo se ne sa nthusa tota fa ke ne ke lebane le maemo a a thata.”
Christine ga a ka a pateletsa monna wa gagwe go amogela bodumedi jwa gagwe, monna wa gagwe a re: “Christine o ne a lemoga gore go botoka gore a se ka a bua le nna ka bodumedi jwa gagwe mme o ne a nna pelotelele a ntetla gore ke ithute boammaaruri ka nako ya me le ka tsela ya me.” Fa Christine a ne a bona ditlhogo tse a neng a itse gore John o tla di kgatlhegela mo makasineng wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, jaaka tse di buang ka saense le ka dilo tsa tlholego, o ne a mmontsha tsone a bo a mo raya a re, “Ke akanya gore o tla itumelela go bala seno.”
Fa nako e ntse e ya, John o ne a tlogela tiro mme a simolola tiro ya go dira mo ditshingwaneng. E re ka jaanong a ne a na le nako e ntsi, o ne a kgona go akanya ka dipotso tse di botlhokwa tsa botshelo, o ne a simolola go ipotsa gore, ‘A go itiragaletse fela gore motho a nne gone, kgotsa go na le lebaka la go bo re bopilwe?’ Letsatsi lengwe mokaulengwe mongwe yo o neng a tlotla le John o ne a mmotsa jaana, “A o ka rata go ithuta Baebele?” John a re: “E re ka jaanong ke ne ke simolotse go dumela mo Modimong, ke ne ka amogela thuto ya Baebele.”
Ruri go molemo gore Christine ga a ka a felelwa ke tsholofelo! Fa Christine a sena go fetsa dingwaga di le 20 a ntse a rapela, monna wa gagwe o ne a amogela boammaaruri mme a kolobediwa. Gone jaanong ba direla Jehofa mmogo ka tlhoafalo. John a re: “Ke ne ka gapiwa ke dilo tse pedi—go nna pelonomi le go nna botsalano ga Basupi ba ga Jehofa. Fa e le gore o nyalane le mongwe yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o na le molekane yo o ikanyegang, yo o ka ikanngwang le yo o sa ikakanyetseng a le nosi.” Ruri Christine o ile a dirisa mafoko a a mo go 1 Petere 3:1, mme seno se ile sa mo solegela molemo!
PEO E A UNGWA MORAGO GA DINGWAGA DI LE DINTSI
Go tweng ka baithuti ba Baebele ba ba ka nnang ba tlogela go ithuta ka ntlha ya mabaka mangwe? Solomone o ne a re: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.” (Mor. 11:6) Ka dinako dingwe peo ya boammaaruri e tsaya dingwaga di le dintsi gore e tlhoge. Le fa go ntse jalo, kgabagare motho a ka nna a lemoga botlhokwa jwa go atamalana le Modimo. (Jak. 4:8) Eleruri, letsatsi lengwe o ka gakgamala.
Akanya ka Alice, yo o neng a fudugela kwa Engelane a tswa kwa India. Ka 1974 o ne a simolola go ithuta Baebele. O ne a bua Se-Hindi mme o ne a batla go ithuta go bua Seesemane botoka. O ne a tswelela go ithuta ka dingwaga di le dintsi, a bo a nna gone kwa dipokanong di le mmalwa kwa phuthegong ya Seesemane. O ne a itse gore se a ithutang sone se boammaaruri, le fa go ntse jalo, o ne a sa bone botlhokwa jwa seo. Kwantle ga moo, o ne a rata madi e bile a rata go ya diphathing. Kgabagare, Alice o ne a tlogela go ithuta.
Dingwaga di ka nna 30 morago ga moo, Stella yo o neng a ithuta Baebele le Alice o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa go ene. Le ne le re: “Ke akanya gore o tla itumelela go itse gore motho yo o neng o ithuta Baebele le ene ka 1974, o kolobeditswe mo kopanong ya kgaolo ya bosheng. O nthusitse thata mo botshelong. O ne wa jala peo ya boammaaruri mo go nna, mme le fa ka nako eo ke ne ke ise ke siamele go ineela mo Modimong, ke ne ka boloka peo eo ya boammaaruri mo mogopolong wa me le mo pelong ya me.”
Go ne go diragetse eng? Alice o tlhalosa gore o ne a ngomoga pelo thata fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala ka 1997. O ne a rapela Modimo. Mo metsotsong e le lesome fela a sena go rapela, Basupi ba babedi ba ba buang Se-Punjabi ba ne ba mo etela mme ba mo naya pampitshana e e reng, Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? Alice o ne a bona gore thapelo ya gagwe e ne e arabilwe, mme a dira tshwetso ya go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Mme gone, o ne a tla ba fitlhela kae? O ne a bona tayari ya gagwe ya bogologolo e e nang le diaterese tse Stella a neng a mo neile tsone tsa phuthego ya Se-Punjabi. Alice o ne a ya kwa Holong ya Bogosi, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ba ne ba mo amogela ka lorato. A re: “Lorato loo lo ne lwa tswelela lo nkgothatsa mme lwa nthusa gore ke se ka ka tlhola ke ngomoga pelo.”
O ne a simolola go nna gone ka metlha kwa dipokanong mme a simolola gape go ithuta Baebele, a ithuta go bua Se-Punjabi le go se bala sentle. O ne a kolobediwa ka 2003. O ne a konela lekwalo le a neng a le kwalela Stella ka go re, “Ke leboga thata go bo o ile wa jala peo mo go nna dingwaga di le 29 tse di fetileng, le go bo o ile wa ntlhomela sekao se se molemo.”
“Ke leboga thata go bo o ile wa jala peo mo go nna dingwaga di le 29 tse di fetileng le go bo o ile wa ntlhomela sekao se se molemo.”—Alice
O ithuta eng mo maitemogelong ano? Go ka nna ga tsaya lobaka gore motho a amogele boammaaruri, le fa go ntse jalo, fa e le gore motho yoo tota o batla go itse Jehofa, o a ikanyega e bile o boikobo, Jehofa o tla dira gore boammaaruri bo gole mo pelong ya gagwe. Gopola se Jesu a neng a se bua mo setshwantshong sengwe sa gagwe: “Peo e [a tlhoga] e bo e golele kwa godimo, gore jang [mojadi] ga a itse. Mmu ka boone o ntsha maungo ka bonya, sa ntlha mogwang, go tswa foo seako, la bofelo dijo tsa ditlhaka tse di tletseng mo seakong.” (Mar. 4:27, 28) Peo eno e gola ka iketlo, ka ‘boyone’ fela. Boammaaruri ke gore mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi ga a itse gore peo e tla gola jang. Ka jalo, tswelela o jala ka bontsi. O ka nna wa roba go le gontsi.
Se lebale botlhokwa jwa thapelo. Georgina le Christine ba ne ba nna ba rapela Jehofa. Fa o ‘nnela ruri mo thapelong’ e bile o sa felelwe ke tsholofelo, “morago ga malatsi a mantsi,” o ka nna wa bona gape “senkgwe” se o neng wa se latlhela mo godimo ga metsi.—Bar. 12:12; Mor. 11:1.