TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG April 2013

Makasine ono o tla re tlhalosetsa kafa re ka ithutang Baebele ka gone gore re dirise botlhale jwa Modimo mo botshelong le mo bodireding.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Mexico

Bona kafa basha ba le bantsi ba ileng ba fenya dikgwetlho ka gone gore ba kgone go oketsa bodiredi jwa bone jwa Bokeresete.

Solegelwa Molemo ka Botlalo ke go Bala Baebele

Baebele e tla re solegela molemo fela fa re e ithuta le go dirisa se re se ithutileng mo go yone. Ithute kafa o ka dirang ka gone gore tsela e o balang Baebele ka yone e go solegele molemo.

Dirisa Lefoko la Modimo go Thusa Wena le ba Bangwe

A o tsaya Baebele e le tlhwatlhwakgolo? Go ithuta 2 Timotheo 3:16 go tla dira gore o nne le tumelo e e nonofileng mo mphong eno e e tswang kwa go Jehofa.

PEGO YA BOTSHELO

Tirelo ya Nako e e Tletseng Gaufi le Arctic Circle

Bala ka kgang ya botshelo jwa ga Aili le Annikki Mattila, ba ba ithutileng go ikanya Jehofa fa e ne e le babulatsela ba ba kgethegileng kwa bokone jwa Finland.

‘Tlhomamisang Dilo Tse di Botlhokwa Thata’

Re motlotlo go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe. Re ka bontsha jang gore re e ema nokeng?

‘Lo se Ka Lwa Lapa’

Ke eng se se tla re thusang gore re nne re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa le go nna re tlhagafetse mo tirelong ya Modimo?

A o Ne o Itse?

Jesu o ne a bolelela pele gore tempele ya ga Jehofa e tla senngwa gotlhelele. A tempele ya kwa Jerusalema e ne ya agiwa sesha morago ga 70 C.E.?