Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Lo se Ka Lwa Lapa’

‘Lo se Ka Lwa Lapa’

“A re se leseng go dira se se molemo.”—BAGAL. 6:9.

1, 2. Go tlhatlhanya ka phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa go re thusa jang gore re mo ikanye thata?

GO JESA kgakge go itse gore re karolo ya phuthego e kgolo ya lobopo lotlhe. Diponatshegelo tse di mo go Esekiele kgaolo 1 le Daniele kgaolo 7 di tlhalosa sentle ka botlalo kafa Jehofa a kaelang phuthego ya gagwe ka tsela e e molemo ka gone gore e diragatse boikaelelo jwa gagwe. Jesu ke ene a eteletseng pele go kaela phuthego e e mo lefatsheng ya ga Jehofa gore e tlhome mogopolo mo go rereng dikgang tse di molemo, e tlhokomele ba ba dirang tiro eno ka dijo tsa semoya le go rotloetsa kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa. Ruri seno se dira gore re ikanye phuthego ya ga Jehofa!—Math. 24:45.

2 A mongwe le mongwe wa rona o tsamaisana le phuthego eno e e molemolemo? A tlhagafalo ya rona mo dilong tsa semoya e nna e oketsega kgotsa e a fokotsega? Fa re akanya ka dipotso tse di tshwanang le tseno, re ka nna ra lemoga gore re simolotse go lapa kgotsa ga re tlhole re na le tlhagafalo e re neng re na le yone pele. Ruri seo se ka direga. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go rotloetsa Bakeresetemmogo le ene gore ba gopole sekao se se molemo sa ga Jesu sa go tlhagafala. Paulo o ne a re seno se ne se tla dira gore ba se ka ba ‘lapa le meya ya bone e se ka ya felelwa ke thata.’ (Baheb. 12:3) Ka tsela e e tshwanang, go ithuta ka kelotlhoko setlhogo se se fetileng, se se bontshang se se fitlheletsweng ke phuthego ya ga Jehofa, go tshwanetse ga bo go re thusitse gore re nne re tlhagafetse e bile re itshokile.

3. Re tlhoka go dira eng gore re se ka ra lapa, mme re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Paulo o ile a bontsha gore re tlhoka go dira mo go oketsegileng gore re se ka ra lapa. O ne a re re tlhoka go tswelela re “dira se se molemo.” (Bagal. 6:9) Ka jalo, go sengwe se re tlhokang go se dira. A re sekasekeng dilo tse tlhano tse re ka di dirang gore re nne re nitame le go nna re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa. Seo se tla re thusa go bona gore a go na le dikarolo dingwe tse rona kgotsa ba malapa a rona ba tlhokang go dira diphetogo mo go tsone.

 KOPANANG MMOGO GO OBAMELA LE GO KGOTHATSANA

4. Ke eng fa re ka re go kopana mmogo ke karolo ya botlhokwatlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri?

4 Go kopana mmogo ga e bolo go nna selo sa botlhokwa mo bathong ba ga Jehofa. Kwa legodimong, go na le nako e e tshwanetseng e baengele ba kopanang le Jehofa ka yone. (1 Dikg. 22:19; Jobe 1:6; 2:1; Dan. 7:10) Batho ba setšhaba sa Iseraele wa bogologolo ba ne ba tshwanetse go phuthega “gore ba reetse le gore ba ithute.” (Dute. 31:10-12) Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba tlwaetse go ya kwa disinagogeng go ya go bala Dikwalo. (Luke 4:16; Dit. 15:21) Go phuthega mmogo jalo go ne ga tswelela go le botlhokwa fa go ne go tlhomiwa phuthego ya Bokeresete, mme e sa ntse e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona. Bakeresete ba boammaaruri ba ‘akanyetsana gore ba tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ Re tlhoka gore re nne re “kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka [re] bona letsatsi [la ga Jehofa] le atamela.”—Baheb. 10:24, 25.

5. Re ka kgothatsana jang fa re le kwa dipokanong?

5 Tsela nngwe e e botlhokwa e re ka kgothatsanang ka yone ke go nna le seabe mo dipokanong tsa rona. Re ka bolela tumelo ya rona phatlalatsa ka go araba dipotso, ka go tlhalosa kafa temana e tsamaisanang ka gone le se se ithutiwang, ka go anela maitemogelo a makhutshwane a a bontshang botlhale jwa go dirisa melaometheo ya Baebele, le ka ditsela tse dingwe. (Pes. 22:22; 40:9) Ga go pelaelo gore le fa o na le dingwaga di le dintsi o nna gone kwa dipokanong, o sa ntse o kgothadiwa ke go utlwa dikakgelo tse di tswang pelong tsa bakaulengwe le bokgaitsadi—ba basha le ba bagolo.

6. Dipokano di re thusa jang gore re nne re tlhagafetse semoyeng?

6 Ke mabaka afe a mangwe a a dirang gore Modimo a tseye go le botlhokwa gore re kopane mmogo ka metlha? Dipokano tsa rona le dikopano tse dikgolo le tse dinnye di re thusa gore re nne le bopelokgale jwa go bua le batho ba ba ganetsang le ba ba sa kgatlhegeng mo mafelong a re rerang mo go one. (Dit. 4:23, 31) Dipuo tse di theilweng mo Dikwalong di a re nonotsha e bile di dira gore re nne re nitame mo tumelong. (Dit. 15:32; Bar. 1:11, 12) Re bona boitumelo jwa mmatota mmogo le “tidimalo go tswa mo malatsing a masetlapelo,” ka ntlha ya thuto le go kgothadiwa ke ba bangwe fa re kopane mmogo mo kobamelong ya rona. (Pes. 94:12, 13) Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang e okamela dithulaganyo tsotlhe tse di dirwang go ruta batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Eleruri re leboga dithulaganyo tse di dirwang gore re itumelele thuto e e molemo kwa dipokanong tsa rona beke le beke mo ngwageng otlhe!

7, 8. (a) Lebaka la konokono la go bo re nna le dipokano tsa phuthego ke lefe? (b) Dipokano di go thusa jang semoyeng?

7 Mme gone, go na le sengwe se se botlhokwa go feta melemo e re e iponelang kwa dipokanong tsa rona. Lebaka la konokono la go bo re kopanela mmogo ke go obamela Jehofa. (Bala Pesalema 95:6.) A bo e le tshiamelo jang ne go galaletsa Modimo wa rona yo o molemolemo! (Bakol. 3:16) Jehofa o tshwanelwa ke gore re mo obamele ka metlha ka go nna gone kwa dikokoanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone. (Tshen. 4:11) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo re rotloediwa gore re se ka ra ‘lesa go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo’!—Baheb. 10:25.

8 A re tsaya dipokano tsa rona tsa Bokeresete e le thulaganyo e e re thusang go nna re itshokile go fitlha Jehofa a tsaya kgato ka tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong ya dilo? Fa go le jalo, re tla dira gore dipokano e nne dingwe tsa “dilo tse di botlhokwa thata” mme re tla tlhomamisa gore ga di re tlole le fa re ka tshwarega jang mo matshelong a rona. (Bafil. 1:10) Re tshwanetse go nna le lebaka le le utlwalang tota fa re sa nne gone kwa dipokanong.

 BATLA BA BA DIPELO DI IKANYEGANG

9. Re itse jang gore tiro ya go rera e botlhokwa?

9 Go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera le gone go re thusa go nna re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa. Jesu o ne a dira gore tiro eno e tswelele pele fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. (Math. 28:19, 20) Fa e sa le ka nako eo, go rera ka Bogosi le go dira barutwa e ntse e le tiro ya konokono ya phuthego yotlhe ya ga Jehofa. Maitemogelo a le mantsi a mo motlheng wa rona a naya bosupi jwa gore baengele ba ema tiro ya rona nokeng le go re kaela kwa bathong ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48; Tshen. 14:6, 7) Boikaelelo jo bogolo jwa karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa ke go rulaganya le go ema nokeng tiro eno e e botlhokwatlhokwa ya go rera. A le wena o tsaya bodiredi e le selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa gago?

10. (a) Bontsha kafa re ka nnang re tlhagafetse ka teng mo boammaaruring. (b) Bodiredi bo go thusitse jang gore o se ka wa lapa?

10 Go nna re tlhagafetse mo bodireding go re thusa gore re nne re le matlhagatlhaga mo boammaaruring. Ela tlhoko se se ileng sa buiwa ke Mitchel, yo o sa bolong go nna mogolwane le mmulatsela wa ka metlha. A re: “Ke rata go tlotla le batho ka boammaaruri. Fa ke akanya ka setlhogo se sesha se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang!, ke kgatlhiwa ke kafa kgatiso nngwe le nngwe e tlhalosang tshedimosetso ka tsela e e utlwalang le e e tekatekano ka gone. Seo se dira gore ke batle go ya bodireding gore ke bone kafa batho ba tla tsibogang ka gone le go bona gore  nka dira jang gore ba kgatlhege. Bodiredi bo nthusa gore ke dire gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele mo botshelong.” Gape Mitchel a re fa e le nako ya gore a ye bodireding, ga a letle gore sepe se mo kgoreletse. Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re nna re tshwaregile mo tirelong ya rona e e boitshepo, re tla nna re nitame mo tumelong mo metlheng eno ya bofelo.—Bala 1 Bakorintha 15:58.

SOLEGELWA MOLEMO KE DIJO TSA SEMOYA

11. Ke eng fa re tshwanetse go dirisa ka botlalo dijo tsa semoya tse re di newang ke Jehofa?

11 Jehofa o re tlamela ka letlepu la dijo tsa semoya go re naya maatla. Ga go pelaelo gore nako nngwe morago ga go bala kgatiso nngwe o ne wa re: ‘Ruri seno ke sone se ke neng ke se tlhoka! E kete Jehofa o kwaletse nna ka tlhamalalo!’ Seno ga se a itiragalela fela. Jehofa o dirisa dithulaganyo tseno go re laya le go re kaela. O ne a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” (Pes. 32:8) A re leka ka natla go ja dijo tsa semoya tse re di newang le go tlhatlhanya ka tsone? Go dira jalo go tla re thusa gore re tswelele re ungwa mme re se ka ra swaba semoyeng mo metlheng eno ya bofelo e e boima.—Bala Pesalema 1:1-3; 35:28; 119:97.

12. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra tlhoka kanaanelo ya dijo tsa semoya tse re di rulaganyeditsweng?

12 Go molemo gore re akanye ka tiro e e dirwang go tlhomamisa gore ka metlha re amogela dijo tse di itekanetseng tsa semoya. Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang e okamela tiro ya go dira dipatlisiso, go kwala, go tlhomamisa gore a se se kwadilweng se siame, go dira ditshwantsho le go ranolwa ga dikgatiso tsa rona tse di gatisitsweng mmogo le go tsenngwa ga dikgatiso mo atereseng ya rona ya Internet. Makala a a ikarabelelang go gatisa dikgatiso a di romela kwa diphuthegong tse di kwa mafelong a a gaufi le a a kgakala. Ke eng fa go dirwa tiro eno yotlhe? Gore batho ba ga Jehofa ba fepiwe sentle semoyeng. (Isa. 65:13) E kete re ka dira ka natla gore re solegelwe molemo ke dijo tsa semoya tse re di amogelang mo phuthegong ya ga Jehofa.—Pes. 119:27.

EMA DITHULAGANYO TSA PHUTHEGO NOKENG

13, 14. Ke bomang ba ba emang nokeng dithulaganyo tsa ga Jehofa kwa legodimong, mme rona re ka di ema nokeng jang mo lefatsheng?

13 Mo ponatshegelong ya ga moaposetoloi Johane, Jesu o bonwa a palame pitse e tshweu gore a fenye ba ba tsuologelang Jehofa. (Tshen. 19:11-15) A bo go nonotsha tumelo jang ne go itse gore Jesu o engwa nokeng ke baengele ba ba ikanyegang mmogo le batlodiwa ba ba fentseng ba ba tswang mo lefatsheng, ba ba setseng ba amogetse kabelo ya bone kwa legodimong! (Tshen. 2:26, 27) Ruri seno ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa go ema nokeng dithulaganyo tsa ga Jehofa!

14 Ka tsela e e tshwanang, boidiidi jo bogolo bo ema nokeng ka botlalo tiro e e dirwang ke bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng, ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng e bile ba eteletse pele mo phuthegong gompieno. (Bala Sekarea 8:23.) Rona re ka bontsha jang gore re ema nokeng dithulaganyo tsa ga Jehofa? Tsela e nngwe ke ka go ikobela ba ba eteletseng pele. (Baheb. 13:7, 17) Re ka simolola go dira seno mo phuthegong ya rona. A dilo tse re di buang ka bagolwane di bontsha gore re a ba tlotla le gore re tlotla tiro ya bone ya bolebedi? A re kgothaletsa bana ba rona gore ba tlotle banna bano ba ba ikanyegang le gore ba kope kgakololo e e theilweng mo Dikwalong mo go bone? Mo godimo ga moo, a re tlotla mmogo re le lelapa gore re ka dirisa jang madi a rona go ema nokeng tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe? (Dia. 3:9; 1 Bakor. 16:2; 2 Bakor. 8:12) A re tsaya tshiamelo ya go tlhokomela Holo ya Bogosi e le botlhokwa? Fa re tlotlana e bile re le seoposengwe ka tsela eo, moya wa ga Jehofa o dira ka kgololesego. Moya oo o re thusa gore re se ka ra lapa mo malatsing ano a bofelo.—Isa. 40:29-31.

 TSHELA KA TSELA E E ITUMEDISANG MODIMO

15. Ke eng fa re tshwanetse go nna re lwela go tshela tumalanong le boikaelelo jo bo tlotlometseng jwa ga Jehofa?

15 Sa bofelo se se ka re thusang gore re kgone go itshoka le go nna re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa, ke go dira gore matshelo a rona a nne a ntse a dumalana le molaetsa wa rona ka go ‘tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng.’ (Baef. 5:10, 11) Re nna re lwantshana le ditlhotlheletso tse di sa siamang mo matshelong a rona ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona le lefatshe la ga Satane le le boikepo. Bangwe ba lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang lo tshwanelwa ke go lwa letsatsi le letsatsi gore lo nne lo na le kamano e e molemo le Jehofa. Seno se dira gore Jehofa a lo rate fela thata. Lo se ka lwa itlhoboga! Go tshela tumalanong le boikaelelo jwa ga Jehofa go tla dira gore re kgotsofale le go tlhomamisa gore kobamelo ya rona ga e nne ya lefela.—1 Bakor. 9:24-27.

Thusa ba bangwe ka tlhoafalo gore ba bone gore le bone ba ka kgona go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa e kgolo

16, 17. (a) Re tshwanetse go dira eng fa re dirile boleo jo bo masisi? (b) Sekai sa ga Anne se re solegela molemo jang?

16 Mme gone, go tweng fa re dirile boleo jo bo masisi? Batla thuso ka bonako jo bo kgonegang. Go fitlha se re se dirileng go tla dira gore dilo di nne maswe le go feta. Gopola gore Dafide o ne a re fa a nna a didimetse ka maleo a gagwe ‘marapo a gagwe a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga gagwe letsatsi lotlhe.’ (Pes. 32:3) Eleruri go fitlha maleo a re a dirileng mo sephiring, go tla dira gore re lape mo maikutlong le mo semoyeng, mme ‘yo o a bolelang a bo a a tlogela o tla utlwelwa botlhoko.’—Dia. 28:13.

17 Ela tlhoko sekai sa ga Anne. * Fa Anne a ne a le mosha, e ne e le mmulatsela wa ka metlha. Mme o ne a simolola go tshela botshelo jwa boitimokanyi. Seno se ne sa mo ama fela thata. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke na le segakolodi se se molato. Ke ne ke nna ke sa itumela e bile ke tshwenyegile mo maikutlong.” O ne a dira eng? A re letsatsi lengwe go ne go tlotliwa ka Jakobe 5:14, 15 kwa dipokanong. Anne o ne a lemoga gore o ne a tlhoka thuso mme o ne a ya kwa bagolwaneng gore ba mo thuse. Fa a gopola se se diragetseng, a re: “Ditemana tseo ke molemo o o tswang kwa go Jehofa gore o re alafe semoyeng. Le fa gone go se motlhofo go nwa molemo ono, o a thusa. Ke ne ka dirisa kgakololo e e mo ditemaneng tseno mme e ne ya nthusa.” Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa, mme jaanong Anne o na le maatla a go direla Jehofa ka tlhagafalo le ka segakolodi se se phepa.

18. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

18 A bo e le tshiamelo jang ne go tshela mo metlheng eno ya bofelo le go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa e e rulagantsweng ka tsela e e kgatlhang! A re ikemisetseng gore re se ka ra tsaya tshiamelo e re nang le yone motlhofo. Go na le moo, a rona mmogo le ba malapa a rona, re direng ka natla go nna gone kwa dipokanong ka metlha, go senka ba ba dipelo di ikanyegang mo tshimong ya rona le go anaanela dijo tsa semoya tse re di newang ka metlha. Gape, a re eme nokeng ba ba eteletseng pele le go tshela tumalanong le molaetsa wa rona. Fa re dira jalo, ga re kitla re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa fela, mme gape re ka se lape go dira se se molemo!

^ ser. 17 Leina le fetotswe.