TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG May 2013

Makasine ono o tlhalosa kafa re ka dirang seabe sa rona sa go nna baefangele ka gone e bile o tlhalosa dinonofo tse di ka re thusang go buisana sentle mo lelapeng.

Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele

Ke eng fa go le botlhokwa gore batho ba utlwe dikgang tse di molemo gompieno? Mme re ka diragatsa jang seabe sa rona sa go nna baefangele?

A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?

Setlhogo seno se sekaseka kafa go rera ga rona ka tlhoafalo le boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo ka ngokelang batho kwa Modimong ka gone.

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ditšhaba di le dintsi tsa bogologolo di ne di bolaya dikebekwa dingwe ka go di bapola mo koteng. Go tweng ka Baiseraele ba bogologolo?

Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo

Puisano e e molemo e botlhokwa thata go dira gore lenyalo e nne le le itumetseng. Setlhogo seno se bontsha dinonofo tse di ka re thusang gore re nne le puisano e e molemo.

Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato

Ke dilo dife tse di ka kgoreletsang puisano e e molemo? Seno se ka rarabololwa jang?

PEGO YA BOTSHELO

Lebaka La go Bo Botshelo Jwa Rona Bo na Le Bokao

Patricia o na le bana ba le babedi ba ba nang le bolwetse jo bo sa tlwaelegang jo bo fetisediwang ka dijini. Ithute gore ke eng se se dirang gore botshelo jwa bone bo nne le bokao le fa ba na le mathata.

Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale

Bakeresete ba neilwe boswa bofe jwa semoya, mme re ka ithuta eng mo sekaong se se re tlhagisang sa ga Esau?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Ba ne Ba Nna ba Nitame mo “Nakong ya Teko”

Bala kafa go runya ga Ntwa ya Lefatshe ya I ka 1914, go neng ga dira ka gone gore batho ba le bantsi ba lemoge gore Baithuti ba Baebele ga ba nne le seabe mo ntweng.