Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Lebaka La go Bo Botshelo Jwa Rona Bo na Le Bokao

Lebaka La go Bo Botshelo Jwa Rona Bo na Le Bokao

NAKWANA fela morago ga gore morwaake e bong Gary a tsholwe ka 1958, ke ne ka lemoga gore o na le bothata bongwe. Le fa go ntse jalo, go ne ga tsaya dikgwedi di le lesome gore dingaka di bone gore o tshwerwe ke eng le dingwaga tse tlhano pele ga dingaka tsa kwa London, tse di ithutetseng bolwetse jwa gagwe di tlhomamisa gore tota o tshwerwe ke eng. Ke ne ka utlwa botlhoko tota fa morwadiake e bong Louise, yo o tshotsweng dingwaga di le robonngwe morago ga Gary, a bonala a na le matshwao a a masisi thata a jone bolwetse joo.

Dingaka di ne tsa mpolelela jaana ka bopelonomi: “Bana ba gago boobabedi ba tshwerwe ke bolwetse jwa LMBB, * mme ga bo na kalafi.” Ka nako eo, go ne go sa itsewe go le gontsi ka bolwetse jono jo bo sa tlwaelegang jo bo fetisediwang ka dijini. Matshwao a a tlwaelegileng a bolwetse jono a akaretsa, go nna le mathata a go bona a a ka felelang ka go foufala, go nna mokima thata, go nna le menwana ya matsogo kgotsa ya maoto e e oketsegileng, go sa gole sentle, bolwetse jwa sukiri, ramatiki, le mathata a diphilo. Ka jalo, go ne go tla nna thata gore ke tlhokomele bana ba me. Patlisiso ya bosheng e bontsha gore motho a le mongwe mo go ba le 125 000 kwa Boritane o tshwerwe ke bolwetse jono, le fa mo go ba le bantsi bo sa nne maswe go le kalo.

JEHOFA O NNA ‘BOGODIMO JWA RONA JO BO SIRELETSEGILENG’

Ke ne ka bua le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa nakwana fela morago ga gore ke nyalwe mme ka yone nako eo, ka lemoga gore ba ruta boammaaruri. Mme monna wa me ene o ne a sa kgatlhegele boammaaruri. Tiro ya gagwe e ne e dira gore re nne re fuduga, ka jalo, ke ne ke sa kgone go kopanela le phuthego epe. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ke bala Baebele e bile ke rapela Jehofa. Ruri ke ne ka gomotsega fa ke ne ke bala gore “Jehofa o tla nna bogodimo jo bo sireletsegileng mo go ope yo o gateletsweng” le gore ‘ruri ga a na go tlogela ba ba mmatlang’!—Pes. 9:9, 10.

Gary o ne a sa bone sentle, ka jalo, fa a le dingwaga di le thataro, o ne a romelwa kwa sekolong se se nang le marobalo, se se neng se ruta thuto e e kgethegileng, kwa borwa jwa Engelane. Ka metlha o ne a nteletsa a mpolelela mathata a a neng a mo tshwenya, mme ke ne ke kgona go bua le ene ka mogala ke mo thusa gore a tlhaloganye dithuto tsa motheo tsa Baebele. Dingwaga di le mmalwa morago ga gore Louise a tsholwe, le nna ke ne ka lwala ka tshwarwa ke bolwetse jwa multiple sclerosis (bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko) le jwa fibromyalgia (bolwetse jo bo dirang gore motho a nne le ditlhabi le letsapa le le tseneletseng). Fa Gary a na le dingwaga di le 16, o ne a boa go tla go nna mo gae a tswa kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, bothata jwa gagwe jwa matlho bo ne jwa etegela, mme ka 1975 o ne a kwadisiwa semolao gore o foufetse. Ka 1977, monna wa me o ne a re tlogela.

Nakwana fela morago ga gore Gary a boele gae, re ne ra simolola go kopanela le phuthego e e lorato, mme ka 1974 ke ne ka kolobediwa. Ke ne ke itumetse tota fa mogolwane mongwe a ne a thusa Gary gore a lepalepane le go fetofetoga ga mmele wa gagwe fa a ne a tsena mo dingwageng tsa bolesome. Basupi ba bangwe ba ne ba nthusa ka ditiro tsa fa gae, mme kgabagare ba tsa tirelo ya loago ba lefelo la rona ba ne ba batla batho ba le batlhano gore ba tle go re thusa ka dilo tse re di tlhokang ka metlha. Ruri seo e ne e le sengwe se se molemo tota!

Gary o ne a tswelela a gatela pele semoyeng mme o ne a kolobediwa ka 1982. O ne a batla thata go tsenela bobulatsela jo bo thusang. Ka jalo, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke bereke le ene mo bodireding, mme ke ne ka tswelela ke dira seo dingwaga di le dintsi. Morwaake  o ne a itumela thata fa moragonyana molebedi wa potologo a ne a mmotsa jaana: “Gary, ke eng fa o sa nne mmulatsela wa ka metlha?” Eno e ne e le yone kgothatso e Gary a neng a e tlhoka, ka jalo, ka 1990 o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.

Gary o ile a dirwa dikaro tse pedi tsa noka, ya ntlha ka 1999 mme ya bobedi ka 2008, mme gone Louise ke ene yo a neng a na le mathata a a masisi thata a botsogo. O tshotswe a foufetse, mme fa ke bona gore o ne a na le menwana e le merataro mo leotong le le lengwe, ke ne ka lemoga gore le ene o na le bolwetse jwa LMBB. Go ise go ye kae, ditlhatlhobo di ne tsa bontsha gore o na le mathata a a masisi mo dikarolong tsa mmele tsa ka fa gare. Fa dingwaga di ntse di feta, o ile a dirwa dikaro tse dikgolo, go akaretsa le dikaro di le tlhano tsa diphilo. Fela jaaka Gary, le ene o na le bolwetse jwa sukiri.

E re ka Louise a itse mathata a a ka nnang gone fa a ariwa, o bua go sa le gale le dingaka tse di arang, le tse di idibatsang mmogo le baokamedi ba bookelo, a ba tlhalosetsa gore ga a tshelwe madi. Ka ntlha ya seo, o na le kamano e e molemo le batho ba ba mo tlhokometseng.

RE TSHELA BOTSHELO JO BO NANG LE BOKAO

Legae la rona ke lefelo la ditiragalo, mme tsotlhe di tsamaisana le kobamelo ya ga Jehofa. Pele ga go nna le didirisiwa tsa bosheng tsa ileketeroniki, ke ne ke fetsa diura di le dintsi ke balela Gary le Louise. Gone jaanong, di-CD, di-DVD, le dikgatiso tse di rekotilweng tse di mo www.pr418.com, di re thusa gore re itumelele thulaganyo ya go bala Baebele beke le beke ka dinako tse di farologaneng, mme re kgona go nna le dintlha tse di molemo tse re akgelang ka tsone kwa dipokanong tsa Bokeresete.

Ruri re lebogela dithuto tse di boammaaruri tse di mo Lefokong la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng!

Ka dinako dingwe, Gary o tshwara dikarabo tsa gagwe ka tlhogo mme fa a na le kabelo mo pokanong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o kgona go e neela ka mafoko a gagwe. O ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi ka 1995, mme ka metlha o nna a tshwaregile kwa Holong ya Bogosi, a amogela batho ba ba tlileng dipokanong le go thusa mo go tsa modumo.

Basupimmogo le rona ba tsamaya le Gary kwa bodireding, gantsi ba kgorometsa setulo sa maotwana se a se dirisang ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe jwa ramatiki. Mosupi yo mongwe o ne a mo thusa gore a tshware thuto ya Baebele le motho mongwe yo o neng a kgatlhega. Gape Gary o ile a kgothatsa Mokeresete mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 25 a tsidifetse. Batho bao boobabedi ba nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete.

Fa Louise a le dingwaga di le robonngwe, mmaagwemogolo o ne a mo ruta go loga, mme nna le motho mongwe yo o mo tlhokomelang re ne ra mo ruta go dira tiro ya go kgabisa letsela ka go rokaganya ditlhale. E re ka a itumelela go loga, o logela bana le batho ba ba godileng mo phuthegong dikobo tsa mebalabala. Gape o dira dikarata tsa tumediso a dirisa ditshwantsho tse di kgomarelang. Batho ba ba amogelang dikarata tseno ba di itumelela fela thata. Fa Louise a ne a simolola dingwaga tsa bolesome, o ne a ithuta go tlanya a sa leba mafoko. Gone jaanong o romelela ditsala tsa gagwe melaetsa ya e-mail a dirisa khomputara e e kgethegileng e e kgonang go bitsa mafoko. Louise o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 17. Re itumelela go nna babulatsela ba ba thusang ka nako ya letsholo le le kgethegileng la go rera. Fela jaaka Gary, Louise le ene o tshwara ditemana ka tlhogo gore a di dirise go tlhalosetsa ba bangwe tumelo e a nang le yone mo ditsholofetsong tsa Modimo tsa lefatshe le mo go lone ‘matlho a difofu a tla bulwang’ mme go se “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isa. 33:24; 35:5.

Eleruri re lebogela dithuto tse di boammaaruri tse di mo Lefokong la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng! Ruri re leboga go tswa pelong go bo phuthego ya rona e re ema nokeng, ka gonne re ne re ka se kgone go dira bontsi jwa ditiro tse re di dirang kwantle ga yone. Mme Jehofa o re thusitse tota gore botshelo jwa rona bo nne le bokao.

^ ser. 5 Bolwetse jwa Laurence-Moon-Bardet-Biedl, bo teeletswe ka dingaka di le nnè tse di ileng tsa kgona go lemoga bolwetse jono, jo ngwana a bo gotsang fa batsadi ba gagwe boobabedi ba na le dijini tsa jone. Gompieno, bolwetse jono gantsi bo itsewe e le bolwetse jwa Bardet-Biedl. Mme ga bo na kalafi.