Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Go Tlhagafalela go Direla Jehofa Gongwe le Gongwe

Go Tlhagafalela go Direla Jehofa Gongwe le Gongwe

Ke ne ke ise ke rere ke le nosi. Nako nngwe le nngwe fa ke ya go rera ke ne ke tshoga jaana mo e leng gore maoto a me a ne a roroma. Se se neng se le maswe le go feta ke gore, batho ba mo tshimong eo ba ne ba sa rate molaetsa wa rona. Batho bangwe ba ne ba le bogale thata e bile ba ntshosetsa ka gore ba tla mpetsa. Mo kgweding ya ntlha ke le mmulatsela, ke ne ka tsamaisa bukana e le nngwe fela!—Markus.

SEO se diragetse ka 1949, dingwaga di feta 60 tse di fetileng, mme gone kgang ya me e simolotse dingwaga di le dintsi pele ga moo. Rre e bong Hendrik, o ne a baakanya ditlhako e bile a dira mo ditshingwaneng kwa Donderen e leng motse o monnye, kwa bokone jwa Drenthe kwa Netherlands. Ke tsholetswe koo ka 1927, ke le ngwana wa bonè mo go ba le supa. Ntlo ya rona e ne e le mo kgaolong ya metseselegae. Bontsi jwa baagisani ba rona e ne e le balemirui, mme ke ne ke itumelela botshelo jwa mo polasing. Ka 1947, fa ke na le dingwaga di le 19, ke ne ka ithuta boammaaruri mo go Theunis Been yo e neng e le mongwe wa baagisani ba rona. Ke gopola kafa ke neng ke sa rate Theunis ka gone lekgetlho la ntlha fa ke ne ke kopana le ene, mme morago fela ga Ntwa ya Lefatshe ya II o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa, mme ke ne ka lemoga gore o ne a le botsalano go feta pele. Tsela e botho jwa gagwe bo neng bo fetogile ka yone, e ne ya nkgatlha, ka jalo, ke ne ka mo reetsa fa a bua le nna ka tsholofetso ya Modimo ya go dira lefatshe paradaise. Ka bonako fela ke ne ka amogela boammaaruri, mme re ne ra nna ditsala botshelo jotlhe. *

Ke simolotse go rera ka Motsheganong 1948, mme kgwedi e e latelang ka Seetebosigo 20, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Utrecht. Ke simolotse go nna mmulatsela ka Ferikgong 1, 1949 mme kabelo ya me e ne e le kwa Borculo e e kwa botlhaba jwa Netherlands, kwa go neng go na le phuthego e nnye gone. Ke ne ka tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 130 go fitlha koo, ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke dirise baesekele ya me. Ke  ne ke akanya gore go tla ntsaya diura di ka nna 6 go fitlha koo, le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke tlhabagane le dipula le diphefo tse di maatla, go ne ga ntsaya diura di le 12, le fa gone ke ne ka dirisa terena go tsamaya sekgala sa bofelo sa dikilometara di le 90 go wetsa loeto loo! Kgabagare, ke ne ka goroga bosigo kwa legaeng la lelapa la Basupi ba ke neng ka nna le bone fa ke ntse ke le mmulatsela mo lefelong leo.

Mo dingwageng tseo tsa morago ga ntwa batho ba ne ba na le dilo di le mmalwa fela. Ke ne ke na le sutu le borokgwe bo le bongwe fela—sutu eo e ne le kgolo thata, mme borokgwe jone bo ne bo le bokhutshwane thata. Jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong, mo kgweding ya me ya ntlha kwa Borculo go ne go le boima, mme gone, Jehofa o ne a ntshegofatsa ka dithuto tsa Baebele di le mmalwa. Morago ga dikgwedi di le robonngwe, ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Amsterdam.

GO TSWA MAGAENG GO YA TOROPONG

Le fa gone ke goletse kwa kgaolong ya temothuo, ke ne ka fudugela kwa Amsterdam, e leng toropo e kgolo go di feta tsotlhe mo Netherlands. Batho ba koo ba ne ba amogela dikgang tse di molemo. Mo kgweding ya ntlha, ke ne ka tsamaisa dikgatiso di le dintsi go feta tse ke neng ka di tsamaisa mo dikgweding di le robonngwe tse di fetileng. Go ise go ye kae, ke ne ke tshwara dithuto tsa Baebele di le robedi kgotsa go feta. Morago ga go tlhomiwa go nna motlhanka wa phuthego (yo gone jaanong a bidiwang morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane), ke ne ka newa kabelo ya me ya ntlha ya go neela puo ya phatlalatsa. Mo go nna, seno e ne e le namane e tona ya tiro, ka jalo, ke ne ka wela makgwafo fa ke romelwa kwa phuthegong e nngwe pele fela ga gore ke neele puo eo. Nko go sa dupe, ke ne ke sa itse gore mo dingwageng tse di latelang ke ne ke tla neela dipuo di feta 5 000!

Markus (kgakala kwa mojeng) a le mo bodireding jwa mmila gaufi le Amsterdam ka 1950

Ka Motsheganong 1950, ke ne ka abelwa go direla kwa Haarlem. Mme moragonyana ke ne ka newa kabelo ya tirelo ya potologo. Ke ne ka fetsa malatsi a le mararo ke palelwa ke go robala. Ke ne ka bolelela Robert Winkler yo e neng e le mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba direla mo ofising ya lekala gore ke akanya gore ga ke na bokgoni, mme o ne a re: “Se tshwenyege, tlatsa diforomo. O tla ithuta.” Ka bonako fela morago ga moo, ke ne ka thapisiwa kgwedi e le nngwe mme ka simolola go direla ke le motlhanka (molebedi) wa potologo. Fa ke etetse phuthego nngwe ke ne ka kopana le Janny Taatgen, mmulatsela yo mosha yo o itumetseng yo o neng a rata Jehofa thata e bile a na le moya wa go intsha setlhabelo. Re ne ra nyalana ka 1955. Mme pele ga ke tswelela ka kgang ya me, mma Janny a tlhalose gore go tlile jang gore e nne mmulatsela, le kafa re ileng ra direla mmogo ka gone morago ga go nyalana.

GO DIRELA RE LE BANYALANI

Janny: Mmè o ne a nna Mosupi ka 1945 fa ke ne ke na le dingwaga di le 11. Ka bonako fela, o ne a bona botlhokwa jwa gore a ithute Baebele le bana ba gagwe ba bararo, mme rre o ne a sa rate boammaaruri, ka jalo, mmè o ne a re ruta fa rre a se yo mo gae.

Kokoano ya ntlha e ke neng ka ya kwa go yone e ne e le kopano e e neng e tshwaretswe kwa The Hague ka 1950. Beke morago ga moo, ke ne ka ya dipokanong la ntlha kwa Holong ya Bogosi kwa Assen (Drenthe). Rre  o ne a galefa thata mme o ne a nteleka mo gae. Mmè o ne a nthaya a re: “O a itse gore o ka ya kae.” Ke ne ke itse gore o bua ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya. La ntlha ke ne ka ya go nna le lelapa lengwe la Basupi le le neng le nna gaufi, mme rre o ne a sa ntse a ntlhorontsha, ka jalo, ke ne ka fudugela kwa phuthegong e e neng e le kwa Deventer (Overijssel), e e neng e le sekgala sa dikilometara di ka nna 95. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke le monnye thata, ka jalo, badiredibagolo ba puso ba ne ba nna kgatlhanong le rre ka gonne a ne a ntelekile mo gae. Ka ntlha ya seo, rre o ne a mpolelela gore nka nna ka boela gae. Le fa gone rre a ile a se ka a amogela boammaaruri, kgabagare o ne a ntetla gore ke ye dipokanong tsotlhe le gore ke ye bodireding.

Janny (kgakala kwa mojeng) e le mmulatsela wa nakwana ka 1952

Morago fela ga gore ke boele gae, mmè o ne a lwala fela thata, ka jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go dira sengwe le sengwe mo ntlong. Le fa gone ke ile ka lebana le dikgwetlho tseno, ke ne ka gatela pele semoyeng mme ka kolobediwa ka 1951 ke na le dingwaga di le 17. Morago ga gore Mmè a fole, ka 1952, ke ne ka fetsa dikgwedi di le pedi ke le mmulatsela wa nakwana (yo o thusang) mmogo le bokgaitsadi ba bararo ba babulatsela. Re ne re rera mo ditoropong tse pedi tsa kwa Drenthe, mme re nna mo mokorong. Ka 1953, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga ngwaga, molebedi wa potologo yo o neng a sa ntse a le mosha o ne a etela phuthego ya rona. E ne e le Markus. E re ka re ne re akanya gore re ka kgona go direla Jehofa botoka re le mmogo, re ne ra nyalana ka Motsheganong 1955.—Mor. 4:9-12.

Letsatsi la rona la lenyalo ka 1955

Markus: Morago ga lenyalo la rona, re ne ra romelwa kwa Veendam (Groningen) go ya go direla gone re le babulatsela. Re ne re nna mo phaposing e nnye, e e neng e le boleele jwa dimetara di le tharo le bophara jwa dimetara di le pedi. Le fa go ntse jalo, Janny o ne a e dira gore e nne legae le lentle le re neng re itumelela go nna mo go lone. Bosigo bongwe le bongwe, re ne re tshwanelwa ke go sutisa tafole le ditulo tse pedi tse dinnye gore re beye bolao jwa rona jo bo aegiwang mo loboteng.

Morago ga dikgwedi di le thataro, re ne ra kopiwa go ya go direla mo tirelong ya go eta kwa Belgium. Ka 1955, go ne go na le baboledi ba le 4 000 fela mo nageng eo. Gone jaanong, palo eo e menagane garataro! Batho ba kwa Flanders, e e kwa bokone jwa Belgium, ba bua puo e e tshwanang le ya kwa Netherlands. Le fa go ntse jalo, tsela e batho ba kwa Belgium ba bitsang mafoko ka yone e farologane thata le ya rona, ka jalo, kwa tshimologong re ne ra lebana le kgwetlho e kgolo ya puo.

Janny: Tiro ya potologo e tlhoka gore motho a bo a na le moya wa go intsha setlhabelo tota. Re ne re etela diphuthego ka dibaesekele mme re bo re nna mo magaeng a bakaulengwe le bokgaitsadi. E re ka re ne re se na legae la rona, re ne re nna go fitlha bosigo jwa Mantaga, mme Labobedi mo mosong re bo re ya kwa phuthegong e nngwe. Le fa go ntse jalo, ka metlha re ne re tsaya tirelo ya rona e le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa.

Markus: Kwa tshimologong, re ne re sa itse ope wa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo diphuthegong tseo, mme gone ba ne ba le pelonomi e bile ba amogela baeng. (Baheb. 13:2) Mo dingwageng tseno tsotlhe, re etetse diphuthego tsotlhe tsa kwa Belgium tsa puo ya Se-Dutch makgetlho a le mmalwa. Seno se re tliseditse masego a le mantsi. Ka sekai, re ne ra itsane le mo e ka nnang bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba ba nnang  mo kgaolong e go buiwang Se-Dutch mo go yone, mme re ba rata fela thata. Re bone basha ba le bantsi ba gola, e bile ba gatela pele semoyeng, mme ba ineela mo go Jehofa, le go dira gore Bogosi jwa gagwe e nne jone bo tlang pele mo matshelong a bone. Go itumedisa tota go bona bontsi jwa bone ba direla Jehofa ka boikanyegi mo tirelong ya nako e e tletseng. (3 Joh. 4) Go ‘kgothatsana’ jalo go dirile gore go nne motlhofo gore re tswelele re dira kabelo ya rona ka pelo yotlhe.—Bar. 1:12.

KGWETLHO E KGOLO LE MASEGO A MMATOTA

Markus: Go tloga fela mo letsatsing la ntlha re sena go nyalana, re ne re eletsa go ya kwa Sekolong sa Gileade. Re ne re ithuta Seesemane bobotlana ura letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, go ne go se motlhofo go ithuta Seesemane re dirisa dibuka, ka jalo, re ne ra swetsa ka gore re ye kwa Engelane ka malatsi a rona a boikhutso gore re tle re ithute puo eno fa re ntse re rera koo. Kgabagare, ka 1963, re ne ra amogela enfelopo e e tswang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn. E ne e na le makwalo a mabedi, la me le la ga Janny. Lekwalo la me e ne e le taletso ya gore ke ye thapisong e e kgethegileng ya dikgwedi di le lesome kwa Gileade. Thapiso eo e ne e remeletse mo go ruteng bakaulengwe le go ba kaela gore ba tshwanetse go dira dilo jang mo phuthegong. Ka jalo, mo baithuting ba le 100 ba ba neng ba laleditswe, ba le 82 e ne e le bakaulengwe.

Janny: Mo lekwalong la me, ke ne ka kopiwa gore ke akanyetse ka thapelo gore a ke ne ke tla kgona go sala mo Belgium fa Markus a ile thapisong kwa Gileade. Boammaaruri ke gore, ke ne ka kgobega marapo fa ke utlwa seno. Go ne go lebega e kete Jehofa ga a segofatse maiteko a me a go kgaratlhela dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ikgopotsa boikaelelo jwa Sekolo sa Gileade—go thusa ba ba nnang teng kwa go sone gore ba diragatse kabelo ya bone ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, ke ne ka dumela go sala, mme ka newa kabelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng mo toropong ya Ghent e e mo Belgium, ke na le Anna le Maria Colpaert, ba e neng e le babulatsela ba ba kgethegileng ba ba nang le maitemogelo.

Markus: E re ka ke ne ke tshwanetse go tokafatsa tsela e ke neng ke bua Seesemane ka yone, ke ne ka lalediwa gore ke ye kwa Brooklyn dikgwedi di le tlhano pele ga sekolo se simolola. Ke ne ke bereka mo lefapheng la go Romela Dikgatiso le la Tirelo. Go direla kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe le go thusa go rulaganya go romela dikgatiso kwa Asia, Yuropa le kwa Amerika Borwa, go ne ga nthusa gore ke lemoge bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe. Segolobogolo ke gopola Mokaulengwe A. H. Macmillan yo e neng e le moeti wa sedumedi (molebedi yo o etang) mo motlheng wa ga Mokaulengwe Russell. Le fa a ne a setse a tsofetse e bile a sa utlwe sentle, o ne a nna gone ka metlha kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego. Seno se ne sa nkama pelo fela thata mme sa nthuta gore, le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya motlhofo go nna gone kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete.—Baheb. 10:24, 25.

Janny: Nna le Markus re ne re kwalelana makgetlho a le mmalwa mo bekeng. Re ne re tlhologelelana fela thata! Le fa go ntse jalo, Markus o ne a itumelela thapiso e a neng a e newa kwa Gileade, mme nna ke ne ke itumelela bodiredi fela thata. Fa Markus a ne a boela gae go tswa kwa United States, ke ne ke na le dithuto tsa Baebele di le 17! E ne e le kgwetlho tota go kgaogana dikgwedi di le 15, mme gone ke ne ka bona gore Jehofa o ne a re segofatsa ka ntlha ya go intsha setlhabelo ga rona. Letsatsi le Markus a neng a boela gae ka lone, sefofane se ne sa diega diura di le mmalwa, ka jalo, kgabagare fa a goroga re ne ra tlamparelana re lela. Fa e sa le ka nako eo, ga re ise re kgaogane.

RE LEBOGELA TSHIAMELO NNGWE LE NNGWE YA TIRELO

Markus: Fa ke boa go tswa kwa Gileade ka Sedimonthole 1964, re ne ra newa kabelo ya go direla kwa Bethele.  E ne e se kitla e nna kabelo ya rona ya leruri, le fa gone ka nako eo re ne re sa itse. Dikgwedi di le tharo morago ga foo, re ne ra abelwa go direla mo tirelong ya kgaolo kwa Flanders. Fa Aalzen le Els Wiegersma ba ne ba abelwa go nna barongwa kwa Belgium, ba ne ba romelwa kwa tirelong ya kgaolo, mme rona re ne ra boela Bethele koo ke neng ka direla mo Lefapheng la Tirelo gone. Go simolola ka 1968 go ya go 1980, kabelo ya rona e ne ya fetoga makgetlho a le mmalwa e akaretsa go direla kwa Bethele le tirelo ya go eta. Kgabagare, ka 1980 go fitlha ka 2005, ke ne ka direla gape ke le molebedi wa kgaolo.

Le fa gone kabelo ya rona e ne e fetoga gantsi, ga re ise re ko re lebale gore re neetse matshelo a rona mo go Jehofa gore re mo direle ka moya otlhe. Ruri re ne re ipelela kabelo nngwe le nngwe e re neng re e newa, re tlhomamisegile gore boikaelelo jwa diphetogo dipe fela mo tirelong ya rona, e ne e le go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi.

Janny: Segolobogolo ke ne ka itumelela tshiamelo ya go ya le Markus kwa Brooklyn ka 1977 le kwa Patterson ka 1997 fa a ne a newa thapiso e e oketsegileng, e re ka e ne e le leloko la Komiti ya Lekala.

JEHOFA O ITSE DILO TSE RE DI TLHOKANG

Markus: Ka 1982, Janny o ne a dirwa karo mme o ne a fola. Dingwaga di le tharo morago ga moo, phuthego ya kwa Louvain e ne ya re naya folete e re neng ra nna mo go yone e e neng e le fa godimo ga Holo ya Bogosi. E ne e le lekgetlho la ntlha mo dingwageng di le 30 re nna le lefelo la rona le lennye la bonno. Ka BoLabobedi, fa re ne re ipaakanyetsa go etela phuthego e nngwe, ke ne ke tshwanetse go tlhatloga le go fologa ditepisi di le 54 makgetlho a le mmalwa go isa morwalo wa rona kwa tlase! Se se itumedisang ke gore, ka 2002 go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore re newe folete e e mo boalong jo bo kwa tlase. Fa ke le dingwaga di le 78, re ne ra abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa toropong ya Lokeren. Re itumela thata go bo re kgona go direla Jehofa ka tsela eno le go bo re sa ntse re kgona go ya bodireding letsatsi le letsatsi.

“Re dumela tota gore sa botlhokwa ga se kwa o direlang gone, kgotsa mofuta wa kabelo e o e dirang, mme ke gore o direla mang”

Janny: Fa re kopanya dingwaga tse re di feditseng mmogo mo tirelong ya nako e e tletseng, di feta 120! Re iponetse ka borona boammaaruri jwa tsholofetso ya ga Jehofa ya gore, ‘ga a na a re tlogela ka gope’ le gore fa re mo direla ka boikanyegi, ‘ga re kitla re tlhaela sepe.’—Baheb. 13:5; Dute. 2:7.

Markus: Re ne ra ineela mo go Jehofa re sa ntse re le bannye. Ga re a ka ra ipatlela dilo tse dikgolo. Re ntse re iketleeleditse go amogela kabelo nngwe le nngwe e re e newang, ka gonne re dumela tota gore sa botlhokwa ga se kwa o direlang gone, kgotsa mofuta wa kabelo e o e dirang, mme ke gore o direla mang.

^ ser. 5 Mo dingwageng tse di neng tsa latela, rre, mmè, kgaitsadiake yo mogolo le bonnake ba le babedi le bone ba ne ba nna Basupi.