Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

“Fa [Jesu] a sena go ngathoganya dinkgwe, a di abela barutwa, barutwa le bone ba di abela boidiidi.” —MATH. 14:19.

1-3. Tlhalosa kafa Jesu a ileng a fepa boidiidi jo bogolo ka gone mo kgaolong ya Bethesaida. (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo.)

AKANYA ka boemo jono. (Bala Mathaio 14:14-21.) Ke pele fela ga Tlolaganyo ya 32 C.E. Boidiidi jwa banna ba ka nna 5 000 go sa balwe basadi le bana ba bannye, ba na le Jesu le barutwa ba gagwe kwa lefelong le le kwa thoko mo kgaolong ya Bethesaida, motse o o mo lotshitshing lo lo kwa bokone jwa Lewatle la Galalea.

2 Fa Jesu a bona boidiidi joo jwa batho, o tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka jalo, o ba ruta dilo di le dintsi ka Bogosi jwa Modimo a bo a fodisa ba ba lwalang mo go bone. Fa go nna maitseboa, barutwa ba kopa Jesu gore a bolelele batho gore ba tsamaye, ba ye kwa metseng e e gaufi go ya go ithekela dijo. Le fa go ntse jalo, Jesu o bolelela barutwa jaana: “Ba neyeng sengwe se ba ka se jang.” Mafoko ano a ka tswa a ne a ba gakgamatsa ka gonne dijo tse ba neng ba di tshotse e ne e le lemmenyana fela—dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi tse dinnye.

3 E re ka Jesu a utlwela boidiidi joo botlhoko, o dira kgakgamatso—kgakgamatso e le yosi e bakwadi botlhe ba le banè ba Diefangele ba kwadileng ka yone. (Mar. 6:35-44; Luke 9:10-17; Joh. 6:1-13) Jesu o laela barutwa ba gagwe gore ba bolelele boidiidi gore bo nne ka go sekama mo bojannyeng jo bo tala ka ditlhopha tsa 50 le 100. Fa a sena go leboga, o ngathoganya dinkgwe le ditlhapi. Mme go tswa foo, go na le gore Jesu a abele batho dijo ka boene, o di abela “barutwa, barutwa le bone ba di abela boidiidi.” Se se gakgamatsang ke gore, dijo di lekana batho botlhe di bo di sala! Akanya fela: Jesu o fepile diketekete a dirisa ba le mmalwa—barutwa ba gagwe. *

4. (a) Jesu o ne a amegile thata ka go naya batho dijo tsa mofuta ofe, mme ka ntlha yang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno le mo go se se latelang?

4 Jesu o ne a amegile thata ka go naya balatedi ba gagwe dijo tsa semoya. O ne a itse gore go ja dijo tsa semoya, boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, go dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 6:26, 27; 17:3) E re ka Jesu a ne a tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko e e  neng ya dira gore a fepe batho ka dinkgwe le ditlhapi, o ne a fetsa diura tse dintsi a ruta balatedi ba gagwe. (Mar. 6:34) Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore nako ya gagwe mo lefatsheng e tla nna khutshwane le gore o tla boela kwa legodimong. (Math. 16:21; Joh. 14:12) Fa Jesu a le kwa legodimong, o ne a tla dira jang gore balatedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba tswelele ba fepiwa sentle semoyeng? O ne a tla dirisa mokgwa o o tshwanang—o ne a tla fepa ba le bantsi a dirisa ba le mmalwa. Mme gone, ba le mmalwa e ne e tla nna bomang? A re boneng kafa Jesu a neng a dirisa ba le mmalwa ka gone, go fepa balatedi ba gagwe ba le bantsi ba batlodiwa ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Go tswa foo, mo setlhogong se se latelang re tla tlotla ka potso eno e e botlhokwa thata mo go mongwe le mongwe wa rona: Re ka lemoga jang batho ba le mmalwa ba Keresete a ba dirisang go re fepa gompieno?

Batho ba le diketekete ba ne ba fepiwa ke ba le mmalwa (Bona serapa 4)

JESU O TLHOPHA BA LE MMALWA

5, 6. (a) Ke tshwetso efe e e botlhokwa e Jesu a neng a e dira go tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba fepiwa sentle semoyeng morago ga loso lwa gagwe? (b) Jesu o ne a thapisa baaposetoloi ba gagwe jang gore ba dire tiro ya botlhokwa morago ga loso lwa gagwe?

5 Monna yo e leng tlhogo ya lelapa e e nang le maikarabelo o dira dithulaganyo tsa gore lelapa la gagwe le tswelele le tlhokometswe fa go ka direga gore a tlhokafale. Ka tsela e e tshwanang, Jesu—yo e neng e tla nna Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete—o ne a dira dithulaganyo go tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba tlhokomelwa semoyeng morago ga loso lwa gagwe. (Baef. 1:22) Ka sekai, mo e ka nnang dingwaga di le pedi pele ga Jesu a swa, o ne a dira tshwetso e e botlhokwa. O ne a tlhopha ba ntlha ba e neng e tla nna karolo ya ba le mmalwa ba moragonyana a neng a tla ba dirisa go fepa ba le bantsi. Akanya ka se se diragetseng.

6 Fa Jesu a sena go rapela bosigo jotlhe, o ne a kokoanya barutwa ba gagwe mme a tlhopha baaposetoloi ba le 12 mo go bone. (Luke 6:12-16) Mo dingwageng tse pedi tse di neng tsa latela, o ne a atamalane thata le baaposetoloi bano ba ba 12, a ba ruta ka lefoko le ka go ba tlhomela sekao. O ne a itse gore ba sa ntse ba tlhoka go ithuta go le gontsi; tota e bile, ba ne ba tswelela ba bidiwa “barutwa.” (Math. 11:1; 20:17) O ne a ba naya kgakololo e e botlhokwa le thapiso e e tseneletseng mo bodireding. (Math. 10:1-42; 20:20-23; Luke 8:1; 9:52-55) Ga go pelaelo gore o ne a ba thapisetsa tiro ya botlhokwa e ba neng ba tla e dira fa a sena go swa le go boela kwa legodimong.

7. Jesu o ne a bontsha jang gore ke eng se baaposetoloi ba gagwe ba neng ba tla amega thata ka sone?

7 Tiro ya baaposetoloi e ne e tla nna efe? Fa Pentekosete ya 33 C.E. e ntse e atamela, go ne go bonala sentle gore baaposetoloi ba ne ba tla dira ‘tiro ya bolebedi.’ (Dit. 1:20) Mme gone, ke eng se ba neng ba tla amega thata ka sone? Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a umaka sengwe se se ka re thusang go bona karabo ya potso eo, fa a ne a tlotla le moaposetoloi Petere. (Bala Johane 21:1, 2, 15-17.) Jesu o ne a bolelela Petere jaana fa a ne a na le baaposetoloi ba bangwe: “Fepa dinku tsa me tse dinnye.” Fa Jesu a ne a rialo, o ne a bontsha gore baaposetoloi ba gagwe e ne e tla nna bangwe ba ba le mmalwa ba a neng a tla ba dirisa go fepa ba le bantsi ka dijo tsa semoya. Ruri eno ke tsela e e amang pelo le e e re bontshang kafa tota Jesu a ikutlwang ka gone ka ‘dinku tsa gagwe tse dinnye’! *

GO FEPA BONTSI GO SIMOLOLA KA PENTEKOSETE GO YA PELE

8. Batho ba ba neng ba sa tswa go nna badumedi ka Pentekosete ba ne ba bontsha jang gore ba lemoga tsela e Keresete a neng a e dirisa go fepa phuthego?

8 Go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E., Keresete yo o tsositsweng o ne a dirisa baaposetoloi ba gagwe go fepa barutwa botlhe ba gagwe ba ba tloditsweng. (Bala Ditiro 2:41, 42.) Tsela e Jesu a neng a e dirisa, e ne ya bonala sentle mo Bajudeng le mo basokologing ba ba neng ba nna Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya mo letsatsing leo. Ga ba a ka ba okaoka go “tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi.” Go ya ka mokanoki mongwe, lediri la Segerika le le ranotsweng e le ‘go tswelela ba ineela’ le ka kaya “go nna o nitame e bile o ikanyega mo go se o se dirang.” Batho bao ba ba neng ba sa tswa go nna badumedi ba ne ba tshwerwe ke tlala e  kgolo ya dijo tsa semoya, mme ba ne ba itse sentle gore ba ka di bona kae. E re ka ba ne ba ikanyega ka botlalo, ba ne ba ikanya baaposetoloi gore ba tla ba tlhalosetsa se Jesu a neng a se bua le ditiro tsa gagwe, le gore ba ba tlhalosetse tsela e ntšha ya go tlhaloganya dikwalo tse di malebana le Jesu. *Dit. 2:22-36.

9. Baaposetoloi ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba nna ba akantse ka maikarabelo a bone a go fepa dinku tsa ga Jesu?

9 Baaposetoloi ba ne ba nna ba akantse ka go diragatsa maikarabelo a bone a go fepa dinku tsa ga Jesu. Ka sekai, ela tlhoko kafa ba neng ba rarabolola ka gone kgang e e masisi e e neng e ka baka dikgaogano e e neng ya tsoga mo phuthegong e e sa tswang go tlhomiwa. Se se gakgamatsang ke gore kgang eno e ne e amana le dijo—dijo tsa mmatota. Batlholagadi ba ba neng ba bua Segerika ba ne ba tlodisiwa matlho fa go ne go abiwa dijo tsa letsatsi le letsatsi, mme ba ba neng ba bua Sehebera bone ba ne ba sa tlodisiwe matlho. Baaposetoloi ba ne ba rarabolola jang kgang eno e e thata? “Ba ba lesome le bobedi” ba ne ba tlhoma bakaulengwe ba le supa go okamela “tiro e e botlhokwa eno.” Baaposetoloi—ba go se nang pelaelo gore bontsi jwa bone ba ne ba abela boidiidi dijo fa Jesu a ne a bo fepa ka tsela ya kgakgamatso—ba ne ba bona go le botlhokwa thata gore bone ba tlhome mogopolo mo go abeng dijo tsa semoya. Ka jalo, ba ne ba ineela mo “bodireding jwa lefoko.”—Dit. 6:1-6.

10. Keresete o ne a dirisa jang baaposetoloi le banna ba bagolwane ba kwa Jerusalema?

10 Ka 49 C.E., baaposetoloi ba ba neng ba sa ntse ba tshela ba ne ba dira mmogo le bagolwane ba bangwe ba ba tshwanelegang. (Bala Ditiro 15:1, 2.) ‘Baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema’ ba ne ba direla e le setlhopha se se laolang. E re ka Keresete e le Tlhogo ya phuthego, o ne a dirisa setlhopha seno se sennye sa banna ba ba tshwanelegang go rarabolola dikgang tse di amanang le se se rutiwang, le go okamela le go kaela tiro ya go rera le go ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Dit. 15:6-29; 21:17-19; Bakol. 1:18.

11, 12. (a) Ke eng se se bontshang gore Jehofa o segofaditse thulaganyo e Morwawe a neng a e dirisa go fepa diphuthego mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Tsela e Keresete a neng a e dirisa go fepa phuthego ka dilo tsa semoya e ne e bonala sentle jang?

11 A Jehofa o ne a segofatsa thulaganyo e Morwawe a neng a e dirisa go fepa diphuthego tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Ee ruri, go ntse jalo! Re ka tlhomamisega jang? Buka ya Ditiro e bega jaana: “Jaanong ya re [moaposetoloi Paulo le ba a neng a tsamaya le bone] ba tswelela pele ka loeto ba raletse metse, ba naya ba ba leng koo ditaelo gore ba di boloke tse baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso  ka tsone. Eleruri, diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.” (Dit. 16:4, 5) Ela tlhoko gore diphuthego tseo di ne tsa atlega ka gonne di ne di dirisana sentle le setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema. A joo ga se bosupi jwa gore Jehofa o ne a segofatsa thulaganyo eo, e Morwawe a neng a e dirisa go fepa diphuthego? A re se lebaleng gore re ka kgona go atlega semoyeng fa fela Jehofa a re segofatsa.—Dia. 10:22; 1 Bakor. 3:6, 7.

12 Go tla go fitlha jaanong re bone gore go na le mokgwa o Jesu a neng a o dirisa go fepa balatedi ba gagwe: O ne a fepa ba le bantsi a dirisa ba le mmalwa. Tsela e Jesu a neng a fepa phuthego ka yone ka dilo tsa semoya e ne e bonala sentle. Kana e bile, baaposetoloi—maloko a ntlha a setlhopha se se laolang—ba ne ba na le bosupi jo bo bonalang jwa gore Jehofa o ba eme nokeng. Ditiro 5:12 ya re: “Ditshupo di le dintsi le dikgakgamatso tsa tswelela di dirwa ka diatla tsa baaposetoloi mo gare ga batho.” * Ka jalo, go ne go se na lebaka la gore ba ba neng ba nna Bakeresete ba ipotse gore, ‘Tota ke bomang ba Keresete a ba dirisang go fepa dinku tsa gagwe?’ Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, dilo di ne tsa fetoga.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore ke bomang ba Jesu a neng a ba dirisa go fepa phuthego (Bona serapa 12)

FA MEFERO E NE E LE MENTSI MME MEGWANG YA KORONG E LE MENNYE

13, 14. (a) Jesu o ne a ntsha tlhagiso efe e e malebana le go tlhaselwa, mme mafoko a gagwe a ne a simolola go diragadiwa leng? (b) Tlhaselo e ne e tla tswa mo ditlhopheng dife tse pedi? (Bona dintlha tse di konelang.)

13 Jesu o ne a bolelela pele gore phuthego ya Bokeresete e tla tlhaselwa. Se lebale gore, mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero, Jesu o ne a tlhagisa gore korong e e sa tswang go jalwa (Bakeresete ba ba tloditsweng) e ne e tla hupediwa ke mefero (Bakeresete ba e seng ba boammaaruri). O ne a re ditlhopha tseno di tla letliwa gore di gole mmogo—di sa tshwenngwe go fitlha ka nako ya thobo e e tla tlang kwa “bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.” (Math. 13:24-30, 36-43) Go ise go ye kae mafoko a ga Jesu a ne a simolola go diragadiwa. *

14 Botlhanogi bo ne jwa simolola go tsenelela mo phuthegong mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme gone, baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba nna “jaaka thibelo,” ba sa itetle go kgotlelwa le go tshwaediwa ke dithuto tsa maaka. (2 Bathes. 2:3, 6, 7) Le fa go ntse jalo, fa moaposetoloi wa bofelo a swa, botlhanogi bo ne jwa anama mo pakeng e telele ya go gola e e neng ya tswelela ka makgolokgolo a dingwaga. Mo godimo ga moo, mo go yone nako eo mefero e ne ya nna mentsi mme mogwang wa korong o ne o le mmalwa. Go ne go se na tsela e e rulagantsweng ya go aba dijo tsa semoya. Kgabagare seno se ne se tlile go fetoga. Mme gone seo se ne se tla direga leng?

KE MANG YO O NENG A TLA FEPA BATHO MO NAKONG YA THOBO?

15, 16. Go ne ga nna le diphelelo dife fa Baithuti ba Baebele ba ne ba ithuta Dikwalo ka tlhoafalo, mme go tsoga potso efe?

15 Fa bokhutlo jwa paka ya go gola bo ntse bo atamela, batho ba ne ba simolola go kgatlhegela thata go itse boammaaruri jwa Baebele. Gakologelwa gore ka bo1870, setlhopha se sennye sa batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba batla boammaaruri ba ne ba phuthega mmogo mme ba simolola ditlelase tsa go ithuta Baebele ba ikarotse mo meferong—Bakeresete ba e seng ba boammaaruri ba ba mo dikerekeng le mo makokong a madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Batho bao ba ba tlhoafetseng ba ba neng ba ipitsa Baithuti ba Baebele, ba ne ba rapela le go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko, ba dira jalo ba ikokobeditse e bile ba iketleeditse go amogela se ba ithutang sone.—Math. 11:25.

16 Baithuti ba Baebele ba ne ba ithuta Dikwalo ka tlhoafalo mme seo se ne sa nna le diphelelo tse di molemo. Banna le basadi bao ba ba ikanyegang ba ne ba senola dithuto tsa maaka mme ba anamisa dithuto tsa semoya tsa boammaaruri, ba gatisa le go anamisa dikgatiso tsa Baebele lefatshe ka bophara. Tiro eno e ne ya gapa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke tlala le lenyora la boammaaruri mme ya dira gore ba tlhatswege pelo. Ka jalo, go tsoga  potso eno e e kgatlhang: A Baithuti ba Baebele ba mo dingwageng tse di tlileng pele ga 1914, e ne e le bone ba Keresete a neng a ba dirisa go fepa dinku tsa gagwe? Nnyaa. Ba ne ba sa ntse ba le mo pakeng ya go gola, mme go ne go sa ntse go dirwa thulaganyo ya go tlamela batho ka dijo tsa semoya. Nako e ne e ise e fitlhe ya gore Bakeresete ba e seng ba boammaaruri ba ba tshwantshediwang ke mefero ba aroganngwe le Bakeresete ba boammaaruri ba ba tshwantshediwang ke korong.

17. Ka 1914, go ne ga simolola ditiragalo dife tse di botlhokwa?

17 Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, paka ya thobo e ne ya simolola ka 1914. Mo ngwageng oo, go ne ga nna le ditiragalo tsa botlhokwa. Jesu o ne a tlhomiwa go nna Kgosi mme metlha ya bofelo e ne ya simolola. (Tshen. 11:15) Go simolola ka 1914 go ya kwa masimologong a 1919, Jesu o ne a tsena le Rraagwe mo tempeleng ya semoya gore a e tlhatlhobe le go e phepafatsa. * (Mal. 3:1-4) Mme go tswa foo, go tloga ka 1919, e ne e le nako ya go simolola go phutha korong. A jaanong eno e ne e le nako ya gore Keresete a tlhome tsela e le nngwe e e rulagantsweng ya go aba dijo tsa semoya? Ee, ruri!

18. Jesu o ne a bolelela pele gore o tla tlhoma bomang, mme fa malatsi a bofelo a ntse a tsweletse go ne ga tsoga potso efe?

18 Mo boporofeting jwa gagwe jo bo malebana le nako ya bokhutlo, Jesu o ne a bolelela pele gore o tla dira gore go nne le tsela ya go aba ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Math. 24:45-47) O ne a tla dira seno jang? Go dumalana le mokgwa o a neng a o dirisa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a tla fepa ba le bantsi gape a dirisa ba le mmalwa. Mme fa malatsi a bofelo a ntse a tsweletse, potso ya botlhokwa e ne e le gore, Ba le mmalwa bao e ne e tla nna bomang? Mo setlhogong se se latelang re tla tlotla ka potso eno mmogo le dipotso tse dingwe tse di malebana le boporofeti jwa ga Jesu.

 

^ ser. 3 Serapa 3: Moragonyana fa Jesu a ne a dira kgakgamatso ka go fepa banna ba le 4 000 go sa balwe basadi le bana, le mo lekgetlhong leo o ne a “abela barutwa [dijo], barutwa le bone ba di abela boidiidi.”—Math. 15:32-38.

^ ser. 7 Serapa 7: Mo nakong e Petere a neng a tshela ka yone, “dinku tse dinnye” tsotlhe tse di neng di tla fepiwa, di ne di na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong.

^ ser. 8 Serapa 8: Kgang ya gore batho ba ba neng ba sa tswa go dumela ba ne ba “tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi” e bontsha gore baaposetoloi ba ne ba ruta ka metlha. Dingwe tsa dithuto tsa baaposetoloi di ne di kwadilwe mo dibukeng tse di tlhotlheleditsweng tse gone jaanong e leng karolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

^ ser. 12 Serapa 12: Le fa batho bangwe ba e neng e se baaposetoloi ba ne ba newa dimpho tsa moya ka kgakgamatso, go lebega gantsi batho bangwe ba ne ba newa dimpho tseo ke baaposetoloi kgotsa ba di newa baaposetoloi ba le gone.—Dit. 8:14-18; 10:44, 45.

^ ser. 13 Serapa 13: Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Ditiro 20:29, 30 a bontsha gore phuthego e ne e tla tlhaselwa ke ditlhopha tse pedi. Sa ntlha, Bakeresete ba e seng ba boammaaruri (“mefero”) ba ne ba tla “tsena mo gare ga” Bakeresete ba boammaaruri. Sa bobedi, “mo gare ga” Bakeresete bangwe ba boammaaruri, go ne go tla nna le batlhanogi ba ba buang “dilo tse di sokameng.”

^ ser. 17 Serapa 17: Bona setlhogo se se reng, “Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe” se se mo makasineng ono, tsebe 11, serapa 6.