Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale

Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale

“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.”—DIA. 3:5.

1, 2. A o rata go dira ditshwetso, mme gone o ikutlwa jang ka ditshwetso dingwe tse o di dirileng?

DITSHWETSO! Letsatsi le letsatsi re tlhoka go dira ditshwetso tse dintsi. O ikutlwa jang ka ditshwetso tse o tshwanetseng go di dira? Batho bangwe ba batla go itirela ditshwetso ka sengwe le sengwe. Ba gatelela kgang ya gore ba na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso e bile ga ba batle le e seng gore ba bangwe ba ba direle ditshwetso. Le fa go ntse jalo, batho bangwe bone ba boifa go itirela ditshwetso mo dilong tsa botlhokwa. Ba bangwe ba batla kaelo mo dibukeng tse di kaelang batho kgotsa mo bagakoloding mme gongwe ba bo ba dirisa madi a mantsi ba leka go bona kgakololo e ba akanyang gore ba e tlhoka.

2 Bontsi jwa rona re lemoga gore le fa gone go na le ditshwetso dingwe tse re se nang tshwanelo ya go di dira, go na le ditshwetso di le dintsi tse re ka itirelang tsone mo botshelong. (Bagal. 6:5) Le fa go ntse jalo, re ka tswa re dumela gore ga se ditshwetso tsotlhe tse re di dirang tse di leng botlhale kgotsa e bile di re solegela molemo.

3. Ke ditaelo dife tse di ka re thusang go dira ditshwetso, mme gone go na le dikgwetlho dife?

3 E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, re a itumela ka gonne o re naya ditaelo tse di utlwalang tse di malebana le dilo di le dintsi tse di botlhokwa mo botshelong. Re a itse gore fa re dirisa ditaelo tseno, re tla kgona go dira ditshwetso tse di tla itumedisang Jehofa le tse di tla re solegelang molemo. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re ka lebana le maemo le dikgang dingwe tse go sa buiweng ka tsone ka tlhamalalo mo Lefokong la Modimo. Mme gone, re ka dira tshwetso efe malebana le se re tshwanetseng go se dira? Ka sekai, re a itse gore ga re a tshwanela go utswa. (Baef. 4:28) Mme tota go utswa go akaretsa eng? A go ya ka gore selo se se utswitsweng ke sa boleng jo bo kana kang kgotsa go ya ka maitlhomo a motho? Re ka swetsa jang gore ke eng se re tshwanetseng go se dira mo dikgannyeng tse di se nang molao o o tlhamaletseng o o di tlhalosang? Ke eng se se ka re kaelang?

 DIRA DITSHWETSO KA MOGOPOLO O O ITEKANETSENG

4. Re ka tswa re ile ra newa kgakololo efe fa re ne re tlhoka go dira tshwetso nngwe?

4 Fa re bolelela Mokeresetemmogo le rona gore re tlile go dira tshwetso nngwe ya botlhokwa, a ka nna a re bolelela gore re tshwanetse go nna le mogopolo o o itekanetseng sentle. Boammaaruri ke gore eo e tla bo e le kgakololo e e molemo. Baebele e re tlhagisa jaana malebana le go itlhaganelela go dira tshwetso: “Mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Dia. 21:5) Mme gone, go kaya eng go dira tshwetso ka mogopolo o o itekanetseng? A go kaya fela gore re iphe nako, re akanye ka kgang eo sentle, re nne tekatekano mme re dire tshwetso e e siameng? Dintlha tseno tsotlhe di ka re thusa gore re dire tshwetso e e siameng, mme gone, go tlhokega go le gontsi gore motho a nne le mogopolo o o itekanetseng.—Bar. 12:3; 1 Pet. 4:7.

5. Ke eng fa ka tlholego fela re sena mogopolo o o itekanetseng sentle?

5 Re tshwanetse go dumela gore rotlhe ga re a tsholwa re na le mogopolo o o itekanetseng. Ke eng fa re rialo? Ka gonne rotlhe re tshotswe re na le boleo e bile re sa itekanela, ka jalo, ga go kgonege gore re ka itekanela ka botlalo mo mmeleng le mo mogopolong. (Pes. 51:5; Bar. 3:23) Mo godimo ga moo, bontsi jwa rona re kile ra bo re ‘foufaditswe’ ke Satane; re ne re sa itse Jehofa le melao ya gagwe e e siameng. (2 Bakor. 4:4; Tito 3:3) Ka jalo, fa re ka dira ditshwetso re ikaegile fela ka se re akanyang gore se siame e bile se a utlwala, re tla bo re itsietsa, go sa kgathalesege gore re tlhatlhanya go le kana kang ka tshwetso e re tshwanetseng go e dira.—Dia. 14:12.

6. Ke eng se se ka re thusang gore re lwele go nna le mogopolo o o itekanetseng?

6 Le fa gone go ka se kgonege gore re itekanele mo mmeleng le mo mogopolong, Jehofa Rraarona yo o kwa legodimong o itekanetse ka botlalo. (Dute. 32:4) Se se itumedisang ke gore o dirile gore re kgone go fetola mogopolo wa rona le gore re leke ka natla go nna le mogopolo o o itekanetseng. (Bala 2 Timotheo 1:7.) Rona Bakeresete, re batla go akanya le go baya mabaka ka tsela e e utlwalang re bo re dire dilo ka tsela e e ntseng jalo. Re tshwanetse go laola tsela e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone mme re akanye jaaka Jehofa, re ikutlwe jaaka ene re bo re dire dilo jaaka ene.

7, 8. Anela maitemogelo a kafa motho a ka dirang tshwetso e e siameng ka gone le fa a lebane le kgatelelo kgotsa mathata.

7 Akanya ka sekai seno. Go tlwaelegile gore batho bangwe ba ba fudugetseng kwa nageng e sele, ba ise masea a bone a a sa tswang go tsholwa kwa nageng ya bone kwa go ba masika gore ba ba tlhokomelele masea ao, e le gore ba kgone go tswelela ka tiro le go dira madi. * Mosadi mongwe yo a neng a nna kwa nageng e sele, o ne a tshola ngwana yo montle wa mosimane. Mo e ka nnang ka nako eo, o ne a simolola go ithuta Baebele mme a gatela pele sentle semoyeng. Ditsala le ba masika ba ne ba simolola go gatelela ene le monna wa gagwe gore ba ise lesea la bone kwa batsading ba monna. Le fa go ntse jalo, fa mosadi yono a ntse a ithuta o ne a lemoga gore e re ka e le motsadi, o na le maikarabelo a a a neilweng ke Modimo a go godisa ngwana wa gagwe. (Pes. 127:3; Baef. 6:4) A o ne a tshwanetse go latela tlwaelo e mo bathong ba le bantsi e lebegang e le selo se se siameng? Kgotsa a o ne a tshwanetse go dirisa se a neng a ithuta sone mo Baebeleng, mme a nne mo kotsing ya go nna le mathata a tsa madi le go sotliwa ke batho bangwe? Wena o ka bo o dirile eng fa o ne o le mo boemong jwa gagwe?

8 E re ka mosadi yono a ne a ikutlwa a le mo kgatelelong e bile a ngomogile pelo, o ne a bulela Jehofa mafatlha a mo kopa gore a mo kaele. Fa a sena go tlotla le motho yo a neng a ithuta Baebele le ene le ba bangwe mo phuthegong ka boemo jwa gagwe, o ne a lemoga gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eno. Gape o ne a akanya kafa go kgaoganya ngwana yo monnye le batsadi ba gagwe, go ka utlwisang ngwana  botlhoko ka gone mo maikutlong. Fa a sena go sekaseka kgang eno a dirisa Dikwalo, o ne a swetsa ka gore ga go a siama gore a ise ngwana kwa gaabo monna. Monna wa gagwe o ne a bona kafa maloko a phuthego a neng a ba thusa ka gone le kafa ngwana a neng a itumetse e bile a itekanetse ka gone. O ne a amogela thuto ya Baebele mme a simolola go ya dipokanong le mosadi wa gagwe.

9, 10. Go bontsha go nna le mogopolo o o itekanetseng go kaya eng, mme re ka dira seo jang?

9 Seno ke sekai se le sengwe fela, mme gone, se bontsha gore go dira ditshwetso ka mogopolo o o itekanetseng ga go kaye go dira sengwe se rona kgotsa ba bangwe ba akanyang gore se a utlwala kgotsa se molemo. Mogopolo wa rona le pelo ya rona e e sa itekanelang di ka tshwantshanngwa le tshupanako e e tsamaelang ka bonako thata kgotsa ka bonya thata. Fa re letla gore tshupanako eo e re kaele, re ka tsena mo mathateng a magolo. (Jer. 17:9) Re tshwanetse go baakanya megopolo le dipelo tsa rona re dirisa melao ya Modimo e e ka ikanngwang.—Bala Isaia 55:8, 9.

10 Baebele e na le lebaka le le utlwalang la go re gakolola jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Dia. 3:5, 6) Ela tlhoko polelwana e e reng, “o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” E latelwa ke polelwana e e reng, ‘tsaya Jehofa tsia.’ Ke ene yo tota a nang le mogopolo o o itekanetseng sentle. Ka jalo, seno se raya gore nako le nako fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso, re tshwanetse go bala Baebele go bona gore Modimo o leba jang kgang eo. Go tswa foo, re tshwanetse go dira tshwetso e e dumalanang le yone. Go dira jalo go bontsha gore re na le mogopolo o o itekanetseng—re etsa mogopolo wa ga Jehofa.

THAPISA BOKGONI JWA GAGO JWA GO LEMOGA

11. Ke eng se se ka thusang motho gore a ithute kafa a ka dirang ditshwetso tse di botlhale ka gone?

11 Ga go motlhofo go ithuta go dira ditshwetso tse di botlhale le go di diragatsa. Seno e ka nna kgwetlho segolobogolo mo bathong ba e leng gone ba ithutang boammaaruri kgotsa ba ba simololang go gatela pele semoyeng. Le fa go ntse jalo, batho bao ba Baebele e ba bitsang masea a semoya, ba ka kgona go gatela pele ka tsela ya mmatota. Akanya kafa ngwana a ithutang ka gone go tsamaya a sa we. Selo se se ka mo thusang gore a dire jalo ke go tsaya dikgato tse dinnye mme a dira jalo gangwe le gape.  Go ntse fela jalo le ka lesea la semoya fa go tla mo kgannyeng ya go dira ditshwetso tse di botlhale. Gakologelwa gore moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa batho ba ba godileng sentle e le “ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” Mafoko, “ka go dirisiwa” le ‘thapisiwa,’ a bontsha gore motho o tshwanetse go tswelela a dira maiteko, a dira jalo gangwe le gape mme ke sone se ba ba sa tswang go ithuta ba tshwanetseng go se dira.—Bala Bahebera 5:13, 14.

Fa re dira ditshwetso tse di siameng mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi, re a bo re thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga (Bona serapa 11)

12. Re ka lwela jang go nna le bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di botlhale?

12 Jaaka go tlhalositswe pelenyana, letsatsi le letsatsi re tshwanelwa ke go dira ditshwetso di le mmalwa, tse dinnye le tse dikgolo. Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente tse di fetang 40 tsa dilo tse re di dirang, ga se dilo tse re di akanyeditseng ka kelotlhoko mme ke mekgwa ya rona e re e tlwaetseng. Ka sekai, moso mongwe le mongwe o ka nna wa bo o tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore o tla apara eng. O ka tswa o tsaya eno e le tshwetso e e sa reng sepe, e o e dirang o sa akanye thata ka yone, segolobogolo fa o le makgabe a dipapetla. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore o akanye ka gore, a se o se aparang se tshwanela boemo jwa gago jwa go nna motlhanka wa ga Jehofa. (2 Bakor. 6:3, 4) Fa o reka diaparo, o ka nna wa akanya ka feshene le tsela e diaparo tseo di dirilweng ka yone, mme gone, a o akanyeditse gore diaparo tseo di bori, le gore di ja madi a kana kang? Go dira ditshwetso tse di siameng mo dikgannyeng tseno go tla thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga, mme seo se tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng mo dikgannyeng tse di masisi.—Luke 16:10; 1 Bakor. 10:31.

LWELA GO NNA LE KELETSO YA GO DIRA SE SE SIAMENG

13. Ke eng se se ka re thusang gore re diragatse ditshwetso tse re di dirileng?

13 Rotlhe re a itse gore go dira tshwetso e e siameng go molemo, mme go e diragatsa ga go motlhofo. Ka sekai, batho bangwe ba ba batlang go tlogela motsoko ba a retelelwa ka gonne ga ba leke ka natla go dira jalo. Se se tlhokegang ke go ikemisetsa go diragatsa tshwetso ya gago. Batho bangwe ba dumela gore maikemisetso a rona a tshwana le mesifa. Fa o nna o ikatisa e a nonofa. Mme fa o sa ikatise, e tla koafala. Ka jalo, ke eng se se ka re thusang go nonotsha maikemisetso a rona a go tswelela re dira se re sweditseng go se dira? Re ka thusiwa ke Jehofa.—Bala Bafilipi 2:13.

14. Ke eng fa Paulo a ne a na le maatla a go dira se a neng a itse gore o tshwanetse go se dira?

14 Paulo o ne a itse seno ka ntlha ya se se mo diragaletseng. Nako nngwe o ne a bua jaana a hutsafetse: “Ke na le bokgoni jwa go eletsa, mme ga ke na bokgoni jwa go dira se se molemo.” O ne a itse se a batlang go se dira, kgotsa se a tshwanetseng go se dira, le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe go ne go na le sengwe se se neng se dira gore a palelwe ke go dira seo. O ne a re: “Ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” A o ne a se na tsholofelo? Le eseng. O ne a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Bar. 7:18, 22-25) Mo temaneng e nngwe o ne a bua jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafil. 4:13.

15. Go dira tshwetso kgotsa go sa e dire go ka ama motho jang?

15 Ga go pelaelo gore re tshwanetse go dira ditshwetso e le gore re itumedise Modimo. Gopola mafoko ano a Elija a neng a a bolelela baobamedi ba ga Baale le Baiseraele ba batlhanogi kwa Thabeng ya Karemele: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae? Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.” (1 Dikg. 18:21) Baiseraele ba ne ba itse se ba tshwanetseng go se dira, le fa go ntse jalo, ba ne ba “okaoka” go dira tshwetso. Go farologana le bone, dingwaga pelenyana ga foo, Joshua o ne  a tlhoma sekao se se molemo fa a ne a bolelela Baiseraele jaana: “Fa go le bosula mo matlhong a lona go direla Jehofa, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang . . . Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” (Josh. 24:15) Go ititaya sehuba ga gagwe go ne ga felela ka eng? Joshua le ba ba neng ba mo reetsa ba ne ba segofadiwa ka gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, “lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.”—Josh. 5:6.

DIRA DITSHWETSO TSE DI BOTLHALE MME O SEGOFADIWE

16, 17. Bontsha kafa re ka solegelwang molemo ka gone ke go dira ditshwetso tse di dumalanang le thato ya Modimo.

16 Akanya ka boemo bongwe jwa gompieno. Mokaulengwe yo o nyetseng, yo o sa tswang go kolobediwa, o na le bana ba bannye ba bararo. Letsatsi lengwe, modirimmogo le mokaulengwe yoo o ne a akantsha gore ba ye go dira mmogo kwa khampaning nngwe e e neng e duela madi a mantsi e e neng e tla ba tlamela ka dilo dingwe tsa botlhokwa. Mokaulengwe yono o ne a akanya ka kgang eno a bo a rapela ka yone. O ne a tlhophile tiro eno e e neng e sa mo duele madi a a kalo, gore a se ka a bereka ka mafelobeke e le gore a tle a nne gone mo dipokanong le go nna gone mo bodireding le lelapa la gagwe. O ne a akanya gore fa a ka amogela tiro eo e ntšha, go ne go tla mo tsaya lobaka gore a boe a nne le thulaganyo e e ntseng jalo. Wena o ne o ka dira eng?

17 Morago ga gore mokaulengwe a sekaseke gore ke eng se se tla mo solegelang molemo magareng ga dilo tsa semoya le go amogela madi a mantsi, o ne a gana tiro eo. A o akanya gore o ne a ikwatlhaela tshwetso eo? Le eseng. O ne a lemoga gore masego a semoya a a neng a tla a bona, a ne a tla mo solegela molemo thata ene le lelapa la gagwe go feta madi a mantsi a a neng a ka a amogela. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba itumela thata fa morwadiabone yo mogolo yo o nang le dingwaga di le lesome a ne a ba bolelela gore o a ba rata, o rata bakaulengwe le bokgaitsadi e bile o rata Jehofa fela thata. O ne a ba bolelela gore o batla go ineela mo go Jehofa mme a kolobediwe. Ruri o tshwanetse a bo a ne a itumelela thata sekao se se molemo sa ga rraagwe sa go baya kobamelo ya ga Jehofa kwa pele mo botshelong!

Dira ditshwetso tse di botlhale mme o itumele mmogo le batho ba Modimo (Bona serapa 18)

18. Ke eng fa go le botlhokwa gore re dire ditshwetso ka botlhale letsatsi le letsatsi?

18 Moshe yo Mogolwane e bong Jesu Keresete, o ntse a eteletse pele baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi mo lefatsheng leno la ga Satane. E re ka Jesu e le Joshua yo Mogolwane, o tloga a fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le go etelela pele balatedi ba gagwe go tsena mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la tshiamo. (2 Pet. 3:13) Ka jalo, eno ga se nako ya gore re boele kwa tseleng ya rona ya go akanya ya pele, mekgwa ya rona ya bogologolo, dilo tse re neng re di tsaya di le botlhokwa le mekgele ya rona. Mme ke nako ya gore re lemoge ka botlalo se thato ya Modimo e leng sone ka rona. (Bar. 12:2; 2 Bakor. 13:5) Dira gore ditshwetso tse o di dirang letsatsi le letsatsi di bontshe gore o mofuta wa motho yo o tshwanelwang ke go amogela masego a a sa feleng a Modimo.—Bala Bahebera 10:38, 39.

^ ser. 7 Lebaka lengwe la go dira seno ke gore, batsadi ba bontshe ba losika le ditsala gore le bone ba na le ditlogolo.