Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Mokgwa wa go Farologanya

Dirisa Mokgwa wa go Farologanya

A ga o dumele gore Jesu e ne e le Morutisi yo mogolo yo o kileng a tshela mo lefatsheng? O ka tswa o lekile go etsa dingwe tsa ditsela tsa ga Jesu tsa go ruta, tse di jaaka tsela e a neng a dirisa dipotso le ditshwantsho ka yone. Le fa go ntse jalo, a o ile wa lemoga gore gantsi o ne a dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha fa a ruta?

Batho ba le bantsi ba dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha fa ba bua. Gantsi le wena o ka tswa o bua jalo o sa lemoge. O ka nna wa re, “Ga twe maungo otlhe a budule; mme ano one ga a a butswa.” Kgotsa o ka nna wa re, “E ne e le ngwana yo o ditlhong, le fa go ntse jalo, gone jaanong ke motho yo o botsalano.”

Mo maemong a a ntseng jalo, o simolola ka go bua ntlha; go tswa foo o bo o bontsha kafa e farologanang le e nngwe ka gone o dirisa mafoko a a jaaka, mme, le fa go ntse jalo, go na le moo, kgotsa ka fa letlhakoreng le lengwe. Kgotsa o ka nna wa dirisa mokgwa ono wa go farologanya dintlha ka go bua tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa ka go gatelela ntlha nngwe. Eo ke tsela ya tlholego ya go bua, e bile e ka thusa batho ba bangwe go tlhaloganya se o se buang.

Le fa gone mo dipuong tse dintsi go sa tlwaelega go dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha, go molemo go lemoga gore o botlhokwa. Ka ntlha yang? Ka gonne mokgwa ono o dirisiwa thata mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Gantsi Jesu o ne a dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha. Ela tlhoko dingwe tsa dikai tsa seo: “Batho ba tshuba lobone ba bo ba lo tlhoma, e seng kafa tlase ga seroto se se lekanyang, mme mo godimo ga setlhomo sa lobone.” “Ke tlile, e seng go senya [Molao], mme go [o] diragatsa.” “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi . . . ” “Go ne ga twe, ‘Leitlho le tswele leitlho le leino le tswele leino.’ Le fa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re: O se ka wa emelelana le yo o boikepo; mme le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.”—Math. 5:15, 17, 27, 28, 38, 39.

Go dirisitswe mokgwa o o tshwanang wa go farologanya dintlha le mo dibukeng tse dingwe tsa Baebele. Mokgwa ono o ka go thusa go tlhaloganya botoka se o tshwanetseng go se dira. Fa e le gore o motsadi, akanya kafa dintlha tseno di farologanngwang ka gone: “Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Fa moaposetoloi Paulo a ka bo a ile a re fela rre (kgotsa mmè) o tshwanetse go godisa ngwana wa gagwe ka kotlhao ya Modimo, seo se ne se tla bo se utlwala e bile se le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ntlha eno e tlhaloganyesega botoka fa a dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha a re, ‘lo se ka lwa ba tshwenya, mme lo tswelele lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’

Moragonyana mo go yone kgaolo eo, Paulo o ne a kwala jaana: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le . . . mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baef. 6:12) Go ka direga gore mokgwa ono o go thusa gore o tlhaloganye kafa re lebaneng le ntwa e e masisi ka gone. Ga re lwe le batho; go na le moo, re lwa le mephato ya meya e e boikepo.

 SOLEGELWA MOLEMO KE MOKGWA WA GO FAROLOGANYA DINTLHA

Mo go yone buka eno ya Baefeso, go na le ditemana tse dingwe tse dintsi tse Paulo a dirisang mokgwa ono wa go farologanya dintlha mo go tsone. Go akanya ka dintlha tseno go ka re thusa gore re tlhaloganye sentle se Paulo a neng a re re tshwanetse go se dira.

O ka bona go itumedisa e bile go solegela molemo go sekaseka tšhate e e tsamaisanang le setlhogo seno, e e bontshang dingwe tsa ditsela tse go dirisitsweng mokgwa ono wa go farologanya dintlha mo go Baefeso kgaolo 4 le 5. Fa o ntse o bala ditemana tseno, akanya ka botshelo jwa gago. Ipotse jaana: ‘Totatota, ke na le boikutlo jo bo ntseng jang? Ke itshwara jang fa ke le mo boemong jo bo tshwanang le jono? Ke karolo efe ya temana, e ba bangwe ba akanyang gore e a ntshwanela?’ Fa o lemoga gore ntlha nngwe e go thusa gore o lemoge sengwe se o tlhokang go se tokafatsa, leka go dira jalo. Letla mokgwa oo wa go farologanya dintlha gore o go thuse.

Kgotsa o ka nna wa dirisa tšhate mo kobamelong ya lona ya lelapa. Sa ntlha, botlhe mo lelapeng ba ka bala ditemana tseno tse di bontshang kafa dintlha di farologanang ka teng. Go tswa foo, mongwe wa lona a ka umaka karolo ya ntlha ya temana mme ba bangwe mo lelapeng ba leka go gopola gore go gatelelwa ntlha efe mo karolong ya bobedi. Seno se ka dira gore lo nne le motlotlo o o itumedisang wa kafa lo ka dirisang karolo ya bobedi ya temana ka botlalo ka gone. Eleruri, go sekaseka ditemana tseno tse go dirisitsweng mokgwa ono wa go farologanya dintlha mo go tsone, go ka thusa ba bannye le ba ba godileng gore ba nne le boitshwaro jwa Bokeresete fa ba na le ba malapa a bone le mo botshelong ka kakaretso.

A o gakologelwa karolo ya bobedi ya temana eno?

Fa o ntse o lemoga botlhokwa jwa go dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha, o ka kgona go o lemoga botoka mo Baebeleng, mme o ka go thusa mo bodireding jwa Bokeresete. Ka sekai, o ka nna wa raya mong wa ntlo wa re: “Batho ba le bantsi ba re batho botlhe ba na le moya o o sa sweng, le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Lefoko la Modimo le se tlhalosang fano.” Kgotsa fa o tshwere thuto ya Baebele o ka nna wa botsa jaana: “Batho ba le bantsi mo lefelong leno ba dumela gore Modimo le Jesu ke motho a le mongwe; mme gone, a wena o lemogile gore Baebele ya reng? Gone mme o dumela eng?”

Eleruri mo Dikwalong go na le ditsela di le dintsi tsa go dirisa mokgwa wa go farologanya dintlha, tse di ka re thusang gore re tsamaye mo tseleng ya Modimo. Mme re ka dirisa mokgwa ono go thusa ba bangwe go ithuta Baebele.