Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Popo e Senola Modimo yo o Tshelang

Popo e Senola Modimo yo o Tshelang

“O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo . . . ka gonne o bopile dilo tsotlhe.”—TSHEN. 4:11.

1. Re tshwanetse go dira eng go tlhomamisa gore tumelo ya rona e nna e nonofile?

BATHO ba le bantsi ba re ba dumela fela mo dilong tse ba kgonang go di bona ka matlho. Re ka thusa batho bao jang gore ba nne le tumelo mo go Jehofa? Tota e bile, Baebele ya re, “ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Joh. 1:18) Ka jalo, re ka tlhomamisa jang gore tumelo ya rona mo ‘Modimong yo o sa bonaleng,’ e bong Jehofa e nna e nonofile? (Bakol. 1:15) Kgato ya ntlha e re tshwanetseng go e tsaya ke go lemoga dithuto tse di dirang gore batho ba se ka ba itse boammaaruri ka ga Jehofa. Go tswa foo, re tshwanetse go dirisa Baebele ka botlhale go pitikolola dikakanyo tse di “goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.”—2 Bakor. 10:4, 5.

2, 3. Ke dithuto dife tse pedi tse di dirang gore batho ba se ka ba itse boammaaruri ka Modimo?

2 Thuto nngwe ya maaka e e anameng mo lefatsheng e e dirang gore batho ba se ka ba lemoga boammaaruri ka Modimo, ke ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe. Thuto eno ya batho e ganetsa Baebele, e bile e dira gore batho ba se ka ba nna le tsholofelo. Thuto eno ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe e ruta gore go itiragaletse fela gore botshelo bo nne gone; mme ka go rialo, e kaya gore botshelo jwa motho ga bo na bokao.

3 Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangangatlelatumelo ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ruta gore lobopo, go akaretsa le lefatshe le ditshedi tsotlhe, di na le dingwaga di le dikete di se kae fela di le teng. Ba ba dumelang mo thutong eno ba ka tswa ba tlotla Baebele mme ba tatalalela gore Modimo o bopile dilo tsotlhe mo malatsing a le marataro a mmatota, dingwaga di le dikete di se kae fela tse di fetileng. Ba gana bosupi jwa saense jo bo ka ikanngwang jo bo ganetsanang le se ba se dumelang. Ka go dira jalo, thuto eo ya bone e nyatsa Baebele, e dira gore go nne jaaka e kete Baebele e feteletsa dilo le gore ga e boammaaruri. Batho ba ba buelelang dithuto tse di ntseng jalo ba re gopotsa bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le tlhoafalo ka Modimo, “mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Bar. 10:2) Re ka dirisa jang Lefoko la Modimo go pitikolola dithuto “tse di nweleletseng kwa teng thata” tsa gore  ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe le gore lobopo lo na le dingwaga di le dikete di le mmalwa fela lo le gone? * Re ka kgona go dira jalo fa re dira ka natla gore re nne le kitso ya boammaaruri malebana le se Baebele e se rutang.

TUMELO E THEILWE MO BOSUPING LE MO MABAKENG A A UTLWALANG

4. Re tshwanetse go thaya tumelo ya rona mo go eng?

4 Baebele e re ruta gore re rate kitso. (Dia. 10:14) Jehofa o batla gore re dumele mo go ene re na le bosupi le mabaka a a utlwalang, e seng fela ka ntlha ya difilosofi tsa batho kgotsa dingwao tsa bodumedi. (Bala Bahebera 11:1.) Gore re nne le tumelo e e nonofileng mo Modimong, sa ntlha, re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o teng. (Bala Bahebera 11:6.) Re dirile tshwetso eo ka gonne re ile ra sekaseka dintlha le ka go dirisa “maatla a rona a go akanya,” e seng ka go ikakanyetsa fela.—Bar. 12:1.

5. Re na le lebaka lefe la go tlhomamisega gore Modimo o teng?

5 Moaposetoloi Paulo o re naya lebaka le le lengwe la go tlhomamisega gore Modimo o teng, tota le fa re sa mmone. Paulo o ne a bua jaana malebana le Jehofa: “Gonne dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Bar. 1:20) O ka thusa jang motho yo o belaelang gore Modimo o teng gore a bone gore mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Paulo a boammaaruri? O ka nna wa tlotla le ene ka bosupi bongwe jo bo latelang jwa popo jo bo senolang maatla le botlhale jwa Mmopi wa rona.

MAATLA A MODIMO A BONALA MO POPONG

6, 7. Maatla a ga Jehofa a bonala jang mo dilong tse pedi tse di re sireletsang?

6 Maatla a ga Jehofa a bonala mo dilong tse pedi tse di re sireletsang—atemosefere ya lefatshe le maatla a makenete. Ka sekai, atemosefere ga e re neye fela moya o re o hemang. Gape e re sireletsa le mo bontsing jwa dilo tse di wang mo lefaufaung. Gantsi maje a magolo a a ka senyang lefatshe a a sha fa a tsena mo atemosefereng ya lefatshe, seno se bo se dira gore go nne le masedi a mantle a a benyang mo loaping bosigo.

7 Maatla a makenete a lefatshe le one a re sireletsa mo dikotsing. Maatla ao a tswa kwa tengteng ga lefatshe. Karolo ya lefatshe e e kwa tengteng e e dirilweng ka tshipi e e gakologileng, e dira gore go nne le maatla a magolo a makenete a a re dikologileng, a a yang kwa loaping. Maatla ano a re sireletsa kgatlhanong le marang a a bakiwang ke mogote o o tswang mo letsatsing le go thunya ga karolo e e ka fa ntle ya letsatsi. Maatla ano a makenete a lefatshe a thusa gore go thunya gono ga letsatsi go se ka ga fisa ditshedi tse di mo lefatsheng. Go na le moo, a monya marang a letsatsi le go a isa go sele. Re bona kafa maatla a makenete a re sireletsang ka gone, fa re leba mebala e mentle e e leng mo loaping gaufi le mafelo a a tsididitsididi a a kwa Bokone le kwa Borwa. Ga go pelaelo gore Jehofa o na le “nonofo e kgolo.”—Bala Isaia 40:26.

BOTLHALE JWA MODIMO BO BONALA MO POPONG

8, 9. Re bona jang botlhale jwa ga Jehofa mo medikologong e e dirang gore botshelo bo tswelele bo le gone mo lefatsheng?

8 Re bona botlhale jwa ga Jehofa mo medikologong e e dirang gore botshelo bo tswelele bo le gone mo lefatsheng. Ka sekai: Akanya o nna mo toropong e e thekeleditsweng ka lobota e e nang le batho ba bantsi mme e se na tsela epe ya go bona metsi a a phepa e bile e se na dithulaganyo tsa go tsamaisa leswe. Go ise go ye kae, toropo eo e ne e tla nna leswe thata mo batho ba neng ba tla palelwa ke go nna mo go yone. Ka tsela nngwe, lefatshe le tshwana le toropo eo e e thekeleditsweng ka lobota. Le na le metsi a a phepa a a lekaneng, mme ga re ka ke ra isa leswe kwa lefaufaung. Le fa go ntse jalo, “toropo eo e e thekeleditsweng ka lobota,” e kgona go dira gore dibilionebilione tsa ditshedi di kgone go tswelela di tshela, kokomana morago  ga kokomana. Ka ntlha yang? Ka gonne lefatshe le na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go dira gore dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong di kgone go dirisiwa gape.

9 Akanya ka modikologo wa okosejene. Dibilionebilione tsa ditshedi di hema okosejene mme di ntsha khabonetaeokosaete. Le fa go ntse jalo, okosejene ga e ke e fela, e bile atemosefere ga e ke e tlala ka gase e e leswe e leng khabonetaeokosaete. Ka ntlha yang? Re fitlhela karabo ya potso eo mo thulaganyong nngwe e e kgethegileng e e bidiwang fotosentesese. Dimela di dirisa thulaganyo eno go monya khabonetaeokosaete, metsi, marang a letsatsi le dikotla, di bo di tlhagisa dikhabohaetereite le okosejene. Fa re hemela okosejene eo mo mebeleng ya rona, re wetsa modikologo oo. Jehofa o dirisa dimela tse a di tlhodileng go naya “batho botlhe botshelo le mohemo” ka tsela ya mmatota. (Dit. 17:25) Ruri jono ke botlhale jo bogolo!

10, 11. Serurubele sa monarch le tshenekegi ya dragonfly di bontsha jang gore Jehofa o na le botlhale jo bogolo?

10 Gape re kgona go bona botlhale jo bogolo jwa ga Jehofa mo dibopiweng tse dintsi tse di nnang mo polaneteng ya rona e e gakgamatsang. Go fopholediwa gore go na le mefuta ya ditshedi di le dimilione tse 2 go ya go 100 mo lefatsheng. (Bala Pesalema 104:24.) Ela tlhoko botlhale jo re bo bonang mo tseleng e dingwe tsa ditshedi tseno di bopilweng ka yone.

Re kgona go bona botlhale jwa Modimo mo tseleng e ka yone a dirileng leitlho la dragonfly; setshwantsho se se godisitsweng (Bona serapa 11)

11 Ka sekai, boboko jwa serurubele sa monarch bo lekana le ntlhana ya pene ya ballpoint. Le fa go ntse jalo, se kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 3 000, go tswa kwa Canada go ya kwa sekgweng sengwe kwa Mexico se dirisa letsatsi gore se bone kwa se yang teng. Mme gone, se kgona jang go bona tsela fa letsatsi le setse le phirimile? Jehofa o dirile gore boboko jwa sone jo bonnye thata bo kgone go tswelela bo dira le fa letsatsi le phirimile. Kgotsa, akanya ka leitlho la dragonfly. Tshenekegi eno e kgona go bona e dirisa matlho a yone a mabedi a a nang le dilense tse dintsi. Leitlho lengwe le lengwe le na le dilense di ka nna 30 000. Go ntse go le jalo, boboko jo bonnye thata jwa dragonfly bo kgona go tlhaloganya tshedimosetso e matlho a e romelang e bile bo kgona go lemoga go tshikhinyega gope fela go go diregang mo lefelong la yone.

12, 13. Ke eng se se go kgatlhang ka tsela e Jehofa a dirileng disele tse di mo mmeleng wa gago ka yone?

12 Sengwe gape se se kgatlhang ke tsela e Jehofa a dirileng ka yone disele tse di mo ditsheding tsotlhe. Ka sekai, mmele wa gago o na le disele di ka nna di-trillion di le 100. Mo teng ga sele nngwe le nngwe, go na le popego e e tshwanang le megala e e itsegeng e le DNA (deoxyribonucleic acid). E boloka bontsi jwa tshedimosetso e e tlhokegang go bopa mmele otlhe.

13 DNA e na le tshedimosetso e e kana kang? Bapisa tsela e gerama e le nngwe ya DNA e kgonang go boloka tshedimosetso ka yone fa e bapisiwa le CD. CD e kgona go boloka tshedimosetso yotlhe e e mo dikishinaring, mme seno se a kgatlha fa re akanya gore CD ke disiki e tshesane fela e e dirilweng ka polasetiki. Le fa go ntse jalo, gerama e le nngwe fela ya DNA e kgona go boloka tshedimosetso e e  ka bolokwang mo didisiking di le trillion e le nngwe! Fa re e tlhalosa ka tsela e nngwe, DNA e e omisitsweng e e mo leswaneng le lennye fela, e na le tshedimosetso e e lekaneng go ka dira batho ba ka nna di-trillion di le 2,5!

14. Dilo tse di fitlheletsweng ke baitsesaense di dira gore o ikutlwe jang ka Jehofa?

14 Kgosi Dafide o ne a tlhalosa gore tshedimosetso e e neng e tlhokega gore go bopiwe mmele wa motho, e ne e kwadilwe mo bukeng ya tshwantshetso. Fa a bua ka Jehofa Modimo, o ne a re: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago, malebana le malatsi a di bopilweng ka one mme go ne go ise go nne le e le nngwe fela ya tsone.” (Pes. 139:16) Go a utlwala go bo Dafide a ne a tlhotlheletsega go baka Jehofa fa a bona kafa mmele wa gagwe o bopilweng ka gone. Dilo tse di fitlheletsweng ke baitsesaense mo dingwageng tsa bosheng, di re jesitse kgakge fa re akanya ka tsela e Jehofa a re dirileng ka yone. Dilo tseo tse di fitlheletsweng di re naya lebaka le le utlwalang la go dumalana le mopesalema yo o neng a bua jaana ka ga Jehofa: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa.” (Pes. 139:14) Go tla jang gore batho ba se ka ba bona gore popo e senola go nna gone ga Modimo yo o tshelang?

THUSA BA BANGWE GORE BA GALALETSE MODIMO YO O TSHELANG

15, 16. (a) Dikgatiso tsa rona di re thusitse jang gore re anaanele bokgoni jwa ga Jehofa jwa go bopa? (b) Mo ditlhogong tsa “A e Ne e Tlhamilwe?” ke sefe se se go kgatlhileng thata?

15 Go fetile masomesome a dingwaga makasine wa Tsogang! o ntse o thusa dimilione tsa batho gore ba ithute se popo e se senolang ka Modimo wa rona yo o tshelang. Ka sekai, ka 2006, kgatiso ya September e ne e na le setlhogo se se reng, “A go Na le Mmopi?” E ne e diretswe gore e thuse batho ba ba foufaditsweng ke thuto ya maaka ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe le ya gore lobopo lo na le dingwaga di le dikete di se kae lo le teng. Kgaitsadi mongwe o ne a kwalela ofisi ya lekala ya kwa United States jaana malebana le kgatiso eo e e kgethegileng: “Letsholo la go tsamaisa kgatiso eno e e kgethegileng le ne la atlega fela thata. Mosadi mongwe o ne a kopa dikhopi di le 20 tsa makasine ono. O ruta biology mme o ne a batla gore mongwe le mongwe wa baithuti ba gagwe a nne le khopi ya gagwe.” Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana: “Ga ke bolo go tlhagafalela tirelo ya tshimo fa e sa le kwa bokhutlong jwa bo1940 mme gone jaanong ke tloga ke tshwara dingwaga di le 75, mme ga ke ise ke tsamaye ke itumelele tirelo ya tshimo jaaka ke ile ka e itumelela mo kgweding eno, fa ke ne ke tsamaisa kgatiso e e kgethegileng ya Tsogang!”

16 Bosheng jaana dimakasine tsa Tsogang! di na le ditlhogo tse di reng, “A e Ne e Tlhamilwe?” Ditlhogo tseno tse dikhutshwane di re naya bosupi jo bo bontshang kafa popo e dirilweng ka tsela e e jesang kgakge ka gone le go bontsha kafa batho ba lekileng ka gone go etsa ditiro tsa Mmopi yo Mogolo. Boroutšhara jwa BotsheloA ke Tiro ya Mmopi?, jo bo neng jwa gololwa ka 2010, e ne e le kgatiso e nngwe gape e e tla re thusang go leretse Modimo kgalalelo. Ditshwantsho tse dintle le di-diagram tse di rutang tse di mo kgatisong eno di diretswe go nonotsha tsela e re anaanelang bokgoni jwa ga Jehofa jwa go bopa ka yone. Dipotso tse di kwa bokhutlong jwa karolo nngwe le nngwe di diretswe go thusa mmadi gore a akanye ka se a ntseng a se bala. A o itumeletse go dirisa boroutšhara jono fa o neela bosupi ka ntlo le ntlo, o rera phatlalatsa kgotsa fa o rera o se mo bodireding?

17, 18. (a) Batsadi, lo ka thusa jang bana ba lona gore ba nne pelokgale fa ba femela tumelo ya bone? (b) O dirisitse jang diboroutšhara tse di malebana le popo mo kobamelong ya lona ya lelapa?

17 Batsadi, a lo badile boroutšhara jono jo bo mebalabala le bana ba lona mo kobamelong ya lona ya lelapa? Fa lo ka dira jalo, lo tla ba thusa gore ba kgone go anaanela Modimo wa rona yo o tshelang. Gongwe lo na le bana ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba tsenang sekolo se segolwane. Ke bone ba segolobogolo ba rutiwang thuto ya maaka ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe. Baitsesaense, barutabana,  dithulaganyo tsa thelebishene tse di buang ka tlholego, tota le e leng metswedi ya boitlosobodutu e e jaaka difilimi, e buelela gore thuto ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe e boammaaruri. Lo ka thusa basha ba lona go gana thuto eno e e tlontlololang, lo dirisa boroutšhara jo bongwe gape jwa, The Origin of Life—Five Questions Worth Asking, jo le jone bo golotsweng ka 2010. Fela jaaka boroutšhara jwa BotsheloA ke Tiro ya Mmopi?, kgatiso eno le yone e kgothaletsa basha gore ba nne le “bokgoni jwa go akanya.” (Dia. 2:10, 11) E ba ruta gore ba ka kgona jang go bona gore a se ba se rutiwang kwa sekolong se a utlwala.

Batsadi, thusang bana ba lona gore ba kgone go femela tumelo ya bone (Bona serapa 17)

18 Boroutšhara jwa Origin of Life bo diretswe go thusa baithuti go sekaseka dipego tse di kgatlhang batho tsa gore baitsesaense ba re ba epolotse masalela a ditshedi tsa bogologolo, a a supang gore thuto ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe e boammaaruri. Bo ba kgothaletsa gore ba iponele ka bobone gore a tota dipego tseo di naya bosupi jwa gore motho o fetogile go tswa mo dibopiweng tsa maemo a a kwa tlase. Gape bo ba ruta kafa ba ka arabang ka gone maiphako a gore baitsesaense ba kgonne go supa mo dilaboratoring tsa bone gore botshelo bo itlhagetse fela. Batsadi, fa lo dirisa diboroutšhara tseno, lo ka kgona go thusa bana ba lona gore ba tlhatswege pelo gore ba ka kgona go araba ba ba ba batlang lebaka la go bo ba dumela gore Mmopi o gone.—Bala 1 Petere 3:15.

19. Rotlhe re na le tshiamelo efe?

19 Dikgatiso tse re di neilweng ke phuthego ya ga Jehofa, di re thusa go lemoga dinonofo tse dintle tsa Gagwe tse re di bonang mo lefatsheng. Jono ke bosupi jo bo utlwalang jo bo dirang gore re bake Modimo wa rona ka boitumelo. (Pes. 19:1, 2) Ruri re na le tshiamelo ya go naya Jehofa yo e leng Mmopi wa dilo tsotlhe, tlotlo le kgalalelo e e mo tshwanelang thata!—1 Tim. 1:17.

^ ser. 3 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka buisanang ka gone le batho ba ba dumelang gore lobopo lo na le dingwaga di le dikete di le mmalwa fela lo le gone, bona tsebe 24 go ya go 28 ya boroutšhara jwa, Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?