Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Nne lo Thantse Malebana le Dithapelo”

“Lo Nne lo Thantse Malebana le Dithapelo”

“Nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong lo bo lo nne lo thantse malebana le dithapelo.”—1 PET. 4:7.

1, 2. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go nna re “thantse malebana le dithapelo”? (b) Go molemo gore re ipotse dipotso dife malebana le thapelo?

MOTHO mongwe yo o kileng a bereka bosigo a re: “Nako e ka yone go leng boima thata go nna o thantse ke ka makuku.” Go ka direga gore batho ba bangwe ba le bone ba ileng ba tshwanelwa ke go nna ba thantse bosigo jotlhe, ba dumalana le mafoko ano. Bakeresete ba motlha ono ba lebane le maemo a a tshwanang ka gonne gone jaanong ke nako ya makuku, morago ga bosigo jo boleele jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ya ga Satane. (Bar. 13:12) Ruri go tla bo go le kotsi gore re robale mo nakong eno ya bofelo! Go botlhokwa gore re nne re “itekanetse sentle mo mogopolong” re bo re tlhwaele tsebe kgakololo ya Dikwalo ya gore re nne re “thantse malebana le dithapelo.”—1 Pet. 4:7.

2 E re ka re lemoga nako e re leng mo go yone, go molemo gore re ipotse jaana: ‘Ke thantse go le kana kang malebana le go rapela? A ke dirisa mofuta mongwe le mongwe wa thapelo, e bile a ke rapela ka metlha? A ke tlwaetse go rapelela ba bangwe, kgotsa fa ke rapela, gantsi ke bua ka dilo tse nna ke di tlhokang le tse ke di batlang? Mme thapelo e botlhokwa go le kana kang gore ke kgone go bolokwa?’

TSWELELANG KA MOFUTA MONGWE LE MONGWE WA THAPELO

3. Go na le mefuta efe ya dithapelo?

3 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Baefeso, o ne a bua ka “mofuta mongwe le mongwe wa thapelo.” (Baef. 6:18) Gantsi re ka nna ra bo re kopa Jehofa gore a re tlamele ka dilo tse re di tlhokang le gore a re thuse go lebana le dikgwetlho. “Moutlwi wa thapelo” o re reetsa ka lorato fa re mo kopa gore a re thuse. (Pes. 65:2) Le fa go ntse jalo, gape re tshwanetse go leka ka natla go dirisa mefuta e mengwe ya dithapelo. Dithapelo tseno di akaretsa go baka, go leboga le mekokotlelo.

4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go baka Jehofa gantsi fa re rapela?

 4 Go na le mabaka a le mantsi a go bo dithapelo tsa rona di tshwanetse go akaretsa mafoko a go baka Jehofa. Ka sekai, re tlhotlheletsega go mmaka fa re akanya ka “ditiro tsa gagwe tsa bonatla” le ‘letlotlo la bogolo jwa gagwe.’ (Bala Pesalema 150:1-6.) Tota e bile, ditemana di le thataro tsa Pesalema ya bo150 di re rotloetsa ka makgetlo a le 13 gore re bake Jehofa! Motlhami wa pesalema e nngwe gape o ne a opelela Modimo jaana ka tlotlo e e boteng: “Ke go bakile ga supa mo letsatsing ka ntlha ya ditshwetso tsa gago tse di siameng tsa boatlhodi.” (Pes. 119:164) Ga go pelaelo gore Jehofa o tshwanelwa ke go bakwa. Ka jalo, a ga re a tshwanela go mmaka “ga supa mo letsatsing,” fa re rapela, ke gore gantsi?

5. Go bontsha moya wa go leboga fa re rapela, go re sireletsa jang?

5 Thapelo ya tebogo le yone e botlhokwa thata. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Filipi jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafil. 4:6) Re a sireletsega fa re leboga Jehofa ka thapelo go tswa pelong. Seno se boammaaruri, e re ka re tshela mo malatsing a bofelo a batho e leng “ba ba sa lebogeng.” (2 Tim. 3:1, 2) Ruri lefatshe le tletse moya wa go sa leboge. Fa re se kelotlhoko, le rona re ka tshwaediwa ke moya oo motlhofo fela. Go leboga Modimo ka thapelo go dira gore re kgotsofale, mme seno se re thusa gore re se ka ra nna ‘bangongoregi le bagaladi ka ga seemo sa rona mo botshelong.’ (Jude 16) Mo godimo ga moo, fa banna ba e leng ditlhogo tsa malapa ba tsenya mafoko a go leboga fa ba rapelela ba malapa a bone, ba kgothaletsa basadi ba bone le bana ba bone gore le bone ba nne le moya wa go leboga.

6, 7. Mokokotlelo ke eng, mme ke dilo dife tse re ka dirang mekokotlelo malebana le tsone kwa go Jehofa?

6 Mokokotlelo ke thapelo e motho a e dirang ka tlhoafalo mme a ntsha maikutlo a a kwa teng. Ke dilo dife tse re ka dirang mekokotlelo malebana le tsone fa re rapela Jehofa? Re ka dira seo fa re bogisiwa kgotsa fa re tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi. Ka dinako tseo, go a utlwala gore dithapelo tsa rona tsa go kopa thuso kwa Modimong e nne mekokotlelo. Le fa go ntse jalo, a tseno ke tsone fela dinako tse ka tsone re ka isang mekokotlelo kwa go Jehofa?

7 Akanya ka thapelo ya ga Jesu ya sekao, mme o ele tlhoko se a ileng a se bua ka leina la Modimo, Bogosi jwa Gagwe le thato ya Gagwe. (Bala Mathaio 6:9, 10.) Lefatshe leno le nweleletse mo boikepong, mme dipuso tsa batho di palelwa ke go tlamela batho ka dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. Ka jalo, ruri re tshwanetse go rapelela gore leina la Rraarona yo o kwa legodimong le itshepisiwe le gore Bogosi jwa gagwe bo tle go fedisa taolo ya ga Satane mo lefatsheng. Gape, eno ke nako ya go rapelela gore thato ya ga Jehofa e dirwe mo lefatsheng fela jaaka e dirwa kwa legodimong. Ka jalo, a re nneng re thantse e bile re iketleeleditse go dirisa mefuta yotlhe ya dithapelo.

“LO RAPELE LO SA KGAOTSE”

8, 9. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwaya Petere le baaposetoloi ba bangwe phoso gonne ba ile ba robala kwa tshimong ya Gethesemane?

8 Le fa moaposetoloi Petere a ne a rotloetsa Bakeresete gore ba ‘nne ba thantse malebana le dithapelo,’ nako nngwe ene ka boene o ne a palelwa ke go dira jalo. E ne e le mongwe wa barutwa ba ba neng ba robala fa Jesu a ne a rapela kwa tshimong ya Gethesemane. Tota le fa Jesu a sena go ba bolelela gore ba ‘nne ba disitse mme ba rapele ba sa kgaotse,’ ga ba a ka ba dira jalo.—Bala Mathaio 26:40-45.

9 Go na le gore re tshwaye Petere le baaposetoloi ba bangwe phoso ka ntlha ya go palelwa ke go nna ba thantse, go tla bo go le molemo gore re gopole gore ba ne ba setse ba lapile ka ntlha ya dilo tse ba ileng ba tshwanelwa ke go di dira mo letsatsing leo. Ba ne ba baakanyeditse Tlolaganyo e bile ba ile ba e keteka mo maitseboeng ao. Go tswa foo, Jesu  o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, a tlhomela barutwa ba gagwe sekao sa kafa ba neng ba tshwanetse go gopola Segopotso sa loso lwa gagwe ka gone. (1 Bakor. 11:23-25) “Fa ba sena go opela dipako, ba tswa ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware,” ba tsamaya sekgala se se rileng mo mebileng e mesesane ya Jerusalema. (Math. 26:30, 36) Ka nako eo, e tshwanetse ya bo e ne e setse e le gare ga mpa ya bosigo. Fa e le gore re ne re le gone kwa tshimong ya Gethesemane mo bosigong joo, gongwe le rona re ka bo re ile ra robala. Go na le gore Jesu a tshwaye phoso baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba lapile, ka lorato o ne a lemoga gore “moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”

10, 11. (a) Petere o ne a ithuta eng mo go se se mo diragaletseng kwa tshimong ya Gethesemane? (b) Se se diragaletseng Petere se go ama jang?

10 Se se diragaletseng Petere kwa tshimong ya Gethesemane se ne sa mo ruta thuto ya botlhokwa malebana le go nna a thantse. Pelenyana ga foo, Jesu o ne a ba raya a re: “Lona lotlhe lo tla kgotšwa ka ga me mo bosigong jono.” Mme fa Petere a utlwa seo o ne a re: “Le mororo ba bangwe botlhe ba kgotšwa ka ga gago, nna ga nkitla ke kgotšwa!” Jesu o ne a mmolelela gore o tla mo itatola makgetlho a le mararo. Petere o ne a bua jaana a sa tikatike: “Le e leng fa nka tshwanela go swa le wena, ga ke na go go itatola ka gope.” (Math. 26:31-35) Le fa go ntse jalo, Petere o ne a kgotšwa fela jaaka Jesu a ne a mmoleletse. E re ka Petere a ne a hutsafaditswe thata ke go bo a itatotse Jesu, o ne a “lela mo go botlhoko.”—Luke 22:60-62.

Le fa gone Petere a ile a kgotšwa, o ne a ithuta go nna a “thantse malebana le dithapelo” (Bona serapa 10 le 11)

11 Ruri Petere o ne a ithuta sengwe mo go seno, mme o ne a fenya mokgwa wa gagwe wa go itshepa thata. Ga go pelaelo gore thapelo e ile ya mo thusa go dira seo. Tota e bile, go a kgatlha go bona gore Petere ke ene a neng a ntsha kgakololo e e reng, ‘re nne re thantse mo dithapelong.’ A re ikobela kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng? Mo godimo ga moo, a re ‘rapela re sa kgaotse,’ re bontsha gore re ikaegile ka Jehofa? (Pes. 85:8) Mme gape, a re nneng re gakologelwa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.”—1 Bakor. 10:12.

DITHAPELO TSA GA NEHEMIA DI NE TSA ARABIWA

12. Ke eng fa Nehemia e le sekao se se molemo mo go rona?

12 Akanya ka Nehemia yo e neng e le motsholasenwelo wa ga Kgosi Aretaserese wa kwa Peresia, mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. Nehemia o re tlhometse sekao se se molemo sa go rapela ka tlhoafalo. O ne a fetsa malatsi a le mantsi a ‘itima dijo a sa kgaotse e bile a rapela fa pele ga Modimo,’ ka ntlha ya maemo a a neng a le maswe a Bajuda ba ba neng ba le kwa Jerusalema. (Neh. 1:4) Fa Aretaserese a ne a botsa Nehemia gore ke ka ntlha yang fa sefatlhego sa gagwe se tlhontse, o ne a ‘akofa a rapela Modimo  wa magodimo.’ (Neh. 2:2-4) Diphelelo e ne ya nna dife? Jehofa o ne a araba thapelo ya gagwe ka tsela e e neng ya solegela batho ba Gagwe molemo. (Neh. 2:5, 6) Ruri seno se tshwanetse sa bo se ile sa nonotsha tumelo ya ga Nehemia!

13, 14. Re tshwanetse go dira eng gore tumelo ya rona e nne e nonofile le gore re kgone go emelana le maiteko a ga Satane a go re kgoba marapo?

13 Go rapela ka metlha fela jaaka Nehemia go re thusa gore tumelo ya rona e nne e nonofile. Satane o setlhogo e bile gantsi o re tlhasela fa re le bokoa. Ka sekai, fa e le gore re a lwala kgotsa re tshwenyegile thata mo maikutlong, re ka nna ra simolola go akanya gore Modimo ga a anaanele nako e re e fetsang mo bodireding kgwedi le kgwedi. Bangwe ba rona re ka tswa re na le dikakanyo tse di re ngomolang pelo, gongwe e le ka ntlha ya dilo tse di re diragaletseng mo botshelong. Satane o batla gore re akanye gore ga re na mosola. Gantsi o re tlhasela mo maikutlong, ka go dira jalo a koafatsa tumelo ya rona. Le fa go ntse jalo, fa re nna re “thantse malebana le dithapelo,” re ka kgona go nna re nonofile mo tumelong. Eleruri, ‘thebe e kgolo ya tumelo e tla re thusa gore re kgone go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo.’—Baef. 6:16.

Go nna re “thantse malebana le dithapelo” go re thusa gore re kgone go lepalepana le dikgwetlho (Bona serapa 13 le 14)

14 Fa e le gore re “thantse malebana le dithapelo,” re ka se tlhaselwe re itebetse, re bo re ineela fa tumelo ya rona e lekwa ka nako e re sa e lebelelang. Fa re lebana le diteko le dithaelo, a re gopoleng sekao sa ga Nehemia, mme ka yone nako eo re rapele Modimo. Re ka kgona go gana dithaelo le go itshokela go lekiwa ga tumelo ya rona fa fela re letla Jehofa gore a re thuse.

RAPELELA BA BANGWE

15. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife malebana le go rapelela ba bangwe?

15 Jesu o ne a direla Petere mokokotlelo gore moaposetoloi yono a se ka a felelwa ke  tumelo. (Luke 22:32) Mokeresete yo o ikanyegang wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Epaforase o ne a etsa Jesu mo kgannyeng eno mme a rapelela bakaulengwe ba gagwe ba kwa Kolosa ka tlhoafalo. Paulo o ne a ba raya a re: “O lo rapelela ka tlhoafalo ka dinako tsotlhe, gore lo nne lo nitame, lo tlhatswegile pelo ka botlalo e bile lo ineetse ka mo go feletseng go dira thato ya Modimo.” (Bakol. 4:12, The New English Bible) Go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A ke rapelela bakaulengwe ba me ba ba mo lefatsheng lotlhe ka tlhoafalo? A gantsi ke rapelela badumedimmogo le nna ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego? Ke leng la bofelo ke neng ka rapelela ba ba nang le maikarabelo a magolo mo phuthegong ya ga Jehofa? A bosheng jaana ke ile ka rapelela bangwe mo phuthegong ba ba nang le mathata?’

16. A ruri go botlhokwa gore re rapelele ba bangwe? Tlhalosa.

16 Fa re rapelela ba bangwe kwa go Jehofa Modimo, seno se ka ba thusa fela thata. (Bala 2 Bakorintha 1:11.) Jehofa ga a patelesege go tsaya kgato ka gonne baobamedi ba gagwe ba le bantsi ba ile ba mo rapela kgapetsakgapetsa, mme gone o itumelela go bona gore ba a kgatlhegelana fa a ntse a araba dithapelo tsa bone. Ka jalo, re tshwanetse go tsaya masisi tshiamelo ya rona le maikarabelo a rona a go rapelela ba bangwe. Fela jaaka Epaforase, re tshwanetse go bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete go tswa pelong, ka go ba rapelela ka tlhoafalo. Go dira jalo go tla dira gore re nne le boitumelo jo bogolo, ka gonne, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Dit. 20:35.

‘POLOKO YA RONA E GAUFI’

17, 18. Go nna re “thantse malebana le dithapelo” go tla re thusa jang?

17 Pele fela ga gore Paulo a bue gore “bosigo bo tloga bo sa; motshegare o atametse,” o ne a re: “Lo itse paka, gore e setse e le nako ya gore lo thanye mo borokong, gonne jaanong poloko ya rona e gautshwane go na le ka nako e re neng re nna badumedi ka yone.” (Bar. 13:11, 12) Lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng le gaufi, e bile kgololo ya rona e gaufi go feta kafa re akanyang ka gone. Ga re a tshwanela go robala semoyeng, e bile ga re a tshwanela go letla dilo tse di mo lefatsheng gore di re kgoreletse, di re tseele nako e re ka bong re rapela Jehofa ka yone. Go na le moo, a re nneng re “thantse malebana le dithapelo.” Go dira jalo go tla re thusa gore re dire ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo’ fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa. (2 Pet. 3:11, 12) Ka jalo, tsela e re tshelang ka yone e tla bontsha gore a re thantse semoyeng e bile re dumela gore tsamaiso eno e e boikepo e gaufi le go ya bokhutlong. Ka ntlha ya seo, a re ‘rapeleng re sa kgaotse.’ (1 Bathes. 5:17) Mme gape, a re etseng Jesu ka go batla lefelo le le kwa thoko gore re rapele. Fa re nna re ipha nako e e lekaneng gore re rapele Jehofa, re tla atamalana thata le ene. (Jak. 4:7, 8) Ruri seo e tla bo e le masego a a seng kana ka sepe!   

18 Dikwalo tsa re: “Mo malatsing a fa Keresete a le mo nameng o ne a isa mekokotlelo mmogo le dikopo kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong, ka dilelo tse dikgolo le dikeledi, mme o ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo.” (Baheb. 5:7) Jesu o ne a dira mekokotlelo le dikopo, mme a nna a ikanyega mo Modimong go ya kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a boloka Morwawe yo o rategang mo losong mme a mo duela ka botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong. Le rona ka tsela e e tshwanang, re ka nna re ikanyega mo go Rraarona yo o kwa legodimong go sa kgathalesege dithaelo le diteko tse re ka lebanang le tsone mo isagweng. Ruri re ka bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng—fa re nna re “thantse malebana le dithapelo.”