Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Jesu o ne a ‘rerela meya e e mo kgolegelong’ leng? (1 Pet. 3:19)

Go bonala gore nako nngwe morago ga gore Jesu a tsosiwe, o ne a bolelela meya e e boikepo ka kotlhao e e tshwanetseng e e tlileng go e newa.—6/15, tsebe 23.

Ke dilo dife tse tharo tse e ka nnang dikgwetlho fa o leka go dira gore lenyalo la bobedi le atlege?

Ke tseno: go leka go dira gore lenyalo la gago la ntlha le se ka la hupetsa lenyalo la gago la gone jaanong; go nna le ditsala tsa bogologolo tse di sa tlwaelang molekane wa gago yo mosha; go ikanya molekane wa gago yo mosha le fa gone molekane wa gago wa pele a ka tswa a ne a sa ikanyege.—7/1, tsebe 9-10.

Jesu o atlhola leng batho go nna dinku kgotsa dipodi? (Math. 25:32)

Fa a tla go atlhola batho ka nako ya pitlagano e kgolo, morago ga go senngwa ga bodumedi jwa maaka.—7/15, tsebe 6.

Batho ba ba se nang molao ba go buiwang ka bone mo setshwantshong sa korong le mefero ba tla lela leng le go phuranya meno? (Math. 13:36, 41, 42)

Ba tla dira jalo ka nako ya pitlagano e kgolo fa ba lemoga gore ba ka se kgone go falola tshenyego.—7/15, tsebe 13.

Mafoko a ga Jesu a a malebana le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a diragadiwa leng? (Math. 24:45-47)

A ne a simolola go diragadiwa morago ga 1914, e seng ka Pentekosete ya 33 C.E. Ka 1919, go ne ga tlhomiwa motlhanka gore a okamele ba ntlo, ba ba akaretsang Bakeresete botlhe ba ba fepiwang semoyeng.—7/15, tsebe 21-23.

Jesu o tlhoma leng motlhanka yo o boikanyego gore a tlhokomele dilo tsotlhe tsa Gagwe?

Seo se tla direga mo nakong e e tlang, ka nako ya pitlagano e kgolo fa motlhanka yo o boikanyego a amogela tuelo kwa legodimong.—7/15, tsebe 25.

A Baebele ga e umake batho bangwe ka maina ka gonne ba ne ba le bosula kgotsa ba se botlhokwa?

Ga re a tshwanela go dira tshwetso eo. Bangwe ba batho ba Baebele e sa ba umakeng ka maina ba ne ba siame mme ba bangwe ba ne ba sa siama. (Ruthe 4:1-3; Math. 26:18) Re bolelelwa maina a baengele ba le babedi fela ba ba neng ba ikanyega.—8/1, tsebe 10.

Kwantle ga maatla a a tswang kwa Modimong, ke eng gape se se neng sa thusa Basupi ba le 230 gore ba itshoke mo mogwantong o moleele go tswa kwa kampeng ya pogiso kwa Sachsenhausen?

Le fa ba ne ba koafaditswe ke tlala le bolwetse, ba ne ba tswelela ba kgothatsana gore ba itshoke.—8/15, tsebe 18.

Ke eng fa re kgothadiwa ke pego ya fa Baiseraele ba ne ba kgabaganya Noka ya Joredane gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?

Le fa gone noka e ne e penologa, Jehofa o ne a emisa metsi a yone gore batho ba gagwe ba kgone go feta. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa nonotsha tumelo ya bone mo go ene le tsela e ba mo ikanyang ka yone mme le rona re ka kgothadiwa ke pego eno.—9/15, tsebe 16.

Go bo Baebele e umaka mmala kgapetsakgapetsa go re bontsha eng?

Tsela e Baebele e dirisang mmala ka yone e re bontsha gore Modimo o a tlhaloganya gore mmala o ka tlhotlheletsa maikutlo a batho le gore mmala o ka re thusa go gakologelwa dilo.—10/1, tsebe 14-15.

Boporofeti jwa Mika 5:5 jo bo buang ka dikgosana le badisa bo diragadiwa jang gompieno?

Re tlhaloganya gore ‘badisa ba le supa le dikgosana tse robedi’ tse di umakilweng mo go Mika 5:5 ke bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong ba ba nonotshang batho ba Modimo gore ba kgone go lebana le tlhaselo e e boleletsweng pele e e kgatlhanong le bone.—11/15, tsebe 20.

Mabaka mangwe a go bo re tlhoka Modimo ke afe?

Re tlhoka kaelo e e molemo le tharabololo ya mathata a botshelo, e leng se re ka se bonang mo Modimong. O iketleeditse go re thusa gore re tshele sentle re itumetse, mme o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tse di mo Lefokong la gagwe, gore seno se kgonege.—12/1, tsebe 4-6.