Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O ne A ba Sireletsa ka Meriti ya Dithaba

Jehofa O ne A ba Sireletsa ka Meriti ya Dithaba

FA MOSADI mongwe a tswa mo ntlong mo mosong, o bona sephuthelwana se beilwe mo kgorong. O a se sela a bo a lebaleba, mme ga a bone ope mo mmileng. Mongwe yo o sa itsegeng o tshwanetse a bo a ile a se tlogela foo bosigo. O bula sephuthelwana seo go se kae, mme ka bonako fela o tsena mo ntlong a bo a tswala kgoro. Seno ga se gakgamatse! Sephuthelwana seno se na le dikgatiso tsa Baebele tse di thibetsweng! O tlamparela sephuthelwana a bo a rapela mo pelong, a leboga Jehofa ka ntlha ya dijo tseno tsa semoya tse di botlhokwa thata.

Go ne go a tle go nne le maemo a a ntseng jalo kwa Jeremane ka bo1930. Fa Banasi ba simolola go busa ka 1933, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa mo dikarolong tse dintsi tsa naga eo. Richard Rudolph, yo jaanong a nang le dingwaga tse di fetang 100 a re: “Re ne re tlhatswegile pelo gore molao oo wa batho ga o ka ke wa re thibela go rera ka Jehofa le ka leina la gagwe. * Dikgatiso tsa Baebele e ne e le tsone dilo tsa konokono tse di neng di re thusa go ithuta le go rera. Le fa go ntse jalo, go ne go sa tlhole go le motlhofo go nna le tsone ka gonne tiro ya rona e ne e thibetswe. Re ne re ipotsa gore tiro ya rona e tla tswelela jang.” Go ise go ye kae, Richard o ne a lemoga gore a ka thusa ka go tsweletsa pele tiro eo ka tsela e e sa tlwaelegang. E ne e tla dirwa mo meriting ya dithaba.—Baatlh. 9:36.

GO DIRISA DITSELANA TSA BATHO BA BA TSAMAISANG DITHOTO KA BOKUKUNTSHWANE

Fa o ya kwa noka ya Elbe (kgotsa Labe) e elelang e tswa gone, kgabagare o tla fitlha mo Dithabeng Tse Dikgolo (Krkonoše), tse di leng mo molelwaneng o o fa gare ga Czech Republic le Poland. Le fa dithaba tseno di le bogodimo jwa dimetara di le 1 600 fela, di bidiwa setlhaketlhake se se tsididitsididi mo bogareng jwa Yuropa. Mo e ka nnang halofo ya ngwaga, dithaba tseno di apesiwa ke kapoko e e ka nnang boteng jwa dimetara di le tharo. Batho ba ba sa eleng tlhoko maemo a bosa a koo a a fetofetogang, ba ka iphitlhela ba le fa gare ga mouwane o o kitlaneng o o ka nnang wa apesa ditlhoa tsa dithaba ka bonako.

Mo makgolong a dingwaga, thaba eno e ne ya nna molelwane magareng ga diporofense, dipuso le dinaga. Lefelo leno le ne le le kotsi mo e leng gore go ne go le thata go le disa, ka jalo, mo nakong e e fetileng batho ba ne ba le dirisa go tsamaisa dithoto ka bokhukhuntshwane. Ka bo1930, fa Dithaba Tse Dikgolo di ne  di kgaoganya Czechoslovakia le Jeremane, Basupi ba ba iketleeditseng ba ne ba simolola go dirisa ditselana tse di neng di dirisiwa ke batho ba ba tsamaisang dithoto ka bokhukhuntshwane. Ba ne ba di dirisetsa eng? Go tsamaisa dikgatiso tsa Baebele tse di botlhokwa. Young Richard e ne e le mongwe wa Basupi bao.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba apere jaaka batho ba ba haekang, ba tshotse dikgatiso ba kgabaganya Dithaba Tse Dikgolo ba ya kwa Jeremane

MAETO A A KOTSI

Richard a re: “Ka mafelobeke re ne re tsamaya mo dithabeng re le ditlhopha tsa batho ba ka nna supa, bakaulengwe ba basha ba apere e kete ke batho ba ba haekang. Fa re tswa kwa Jeremane, go ne go re tsaya diura di ka nna tharo go kgabaganya dithaba gore re fitlhe kwa Špindlerův Mlýn—lefelo la boikhutso le le leng bokgakala jwa dikilometara di le 16,5 kwa Czechoslovakia. Ka nako eo, Bajeremane ba le bantsi ba ne ba nna mo lefelong leo. Mongwe wa bone e ne e le molemirui yo o neng a dumela go dirisana le bakaulengwe ba rona. O ne a dirisa kolotsana e e gogiwang ke dipitse e gantsi a neng a tsamaisa bajanala ba ba neng ba tla mo lefelong leo ka yone, a ya go tsaya dibokose tsa dikgatiso tsa rona kwa toropong e e gaufi, kwa dibokose di neng di romelwa gone ka terena go tswa kwa Prague. O ne a tsaya dibokose tseo a di isa kwa polasing ya gagwe a bo a di fitlha mo ntlong e e bayang dijo tsa diphologolo, gore di letele batho ba ba neng ba tla di isa kwa Jeremane.

Richard a re: “Fa re goroga kwa polasing eo, re ne re tsenya dikgatiso mo dikgetsaneng tsa rona tse re neng re di belega, tse di neng di diretswe go rwala morwalo o o bokete. Mongwe le mongwe wa rona o ne a rwala dikgatiso tsa bokete jwa dikilogerama di ka nna 50.” Gore ope a se ka a ba lemoga, ba ne ba tsamaya mo lefifing, ba tsamaya fa letsatsi le dikela ba bo ba goroga koo pele fela ga letsatsi le tlhaba. Ernst Wiesner yo ka nako eo e neng e le molebedi wa potologo kwa Jeremane, o tlhalosa mekgwa mengwe e ba neng ba e dirisa gore ba nne ba babalesegile, a re: “Bakaulengwe ba le babedi ba ne ba tsamaela kwa pele mme fa ba kopana le mongwe, ka gangwe fela ba ne ba re tlhagisa ba dirisa ditotšhe tsa bone. Seno se ne se thusa bakaulengwe ba ba neng ba saletse kwa morago ka dimetara di ka nna 100, ba ba neng ba rwele morwalo o o bokete, gore ba iphitlhe mo ditlhatshaneng tse di gaufi le tsela, go fitlha bakaulengwe ba babedi ba ba kwa pele ba boela kwa go bone mme ba ba bolelela mafoko mangwe a a itseweng ke bone fela, a ba neng ba a fetola beke le beke.” Le fa go ntse jalo, mapodisi a Jeremane a a neng a apara diaparo tse di pududu, ga se one fela a neng a le kotsi.

Richard a re: “Maitseboa mangwe ke ne ka tshwanelwa ke go bereka go fitlha go nna thari, ka jalo, ke ne ka tsamaya morago ga bakaulengwe ba me go ya kwa Czech. Go ne go le lefifi e bile go na le mouwane, e bile  ke ne ke roroma fa ke ntse ke tsamaya mo puleng e e tsididi. Ke ne ka latlhega mo ditlhatshaneng tsa phaene mme ka palelwa ke go bona tsela ka diura di le mmalwa. Batho ba le bantsi ba ile ba swa ka ntlha ya seo. Mo mosong, ke gone ke neng ka kopana le bakaulengwe mo tseleng fa ba boa.”

Mo e ka nnang dingwaga di le tharo, setlhotshwana sa bakaulengwe ba ba pelokgale se ne se ya kwa dithabeng beke le beke. Mariga ba ne ba tsamaisa morwalo ono wa bone o o botlhokwa ka selei. Mo makgetlhong mangwe, ditlhopha tsa bakaulengwe ba ka nna 20 ba ne ba kgabaganya molelwane motshegare ba tsamaya mo ditselaneng tsa batho ba ba haekang. Gore go bonale e kete ke setlhopha fela sa batho ba ba se nang molato ba ba haekang, ba ne ba tsamaya le bokgaitsadi bangwe. Bangwe ba bone ba ne ba tsamaya kwa pele mme fa ba belaela gore go na le sengwe se se kotsi, ba ne ba latlhela dihutshe tsa bone mo moyeng.

Dithaba tse di apesitsweng ke kapoko di ne di dira gore go kgabaganya Dithaba Tse Dikgolo e nne loeto lo lo kotsi

Go ne go direga eng fa bakaulengwe bao ba boa mo loetong lwa bone lwa bosigo? Go ne go dirwa dithulaganyo tsa go tlhomamisa gore dikgatiso di phasaladiwa ka bonako. Jang? Dikgatiso di ne di phuthelwa jaaka e kete ke sesepa di bo di isiwa kwa seteisheneng sa diterena kwa Hirschberg. Diphuthelwana tseo di ne di romelwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Jeremane, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba di isa ka botlhale kwa badumedingmmogo le bone, fela jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong. Mokgwa ono wa go anamisa dikgatiso o ne o tlhoka gore mongwe a ikaege ka yo mongwe, ka gonne fa ba ne ba ka tshwara mongwe wa bone, go ne go tla nna le ditlamorago tse di masisi. Eleruri, letsatsi lengwe ba ne ba diragalelwa ke sengwe se ba neng ba sa se lebelela.

Ka 1936, go ne ga upololwa lefelo le dikgatiso di gorogelang kwa go lone gaufi le Berlin. Dingwe tsa dilo tse di neng tsa fitlhelwa e ne e le diphuthelwana tse tharo tse di rometsweng ke mongwe yo o sa itseweng go tswa kwa Hirschberg. Mapodisi a ne a dirisa mokgwa wa go sekaseka mokwalo gore ba lemoge motho yo o etelelang pele setlhopha se se tsamaisang dikgatiso ka bokhukhuntshwane ba bo ba mo tshwara. Nakwana morago ga foo, go ne ga tshwarwa batho ba bangwe ba babedi ba ba neng ba belaelwa, ba ba akaretsang Richard Rudolph. E re ka bakaulengwe bao ba ne ba amogela molato, ba bangwe ba ne ba tswelela ka nako e e rileng ba tsaya maeto ao a a kotsi.

SE RE ITHUTANG SONE

Go tsamaisa dikgatiso ka dikgetsana tse di belegiwang go kgabaganya Dithaba Tse Dikgolo e ne e le yone tsela ya konokono ya go isetsa Basupi ba kwa Jeremane dikgatiso tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, tsela e e kgabaganyang Dithaba Tse Dikgolo e ne e se yone fela tsela e e neng e dirisiwa. Go fitlha ka 1939, fa masole a Jeremane a gapa Czechoslovakia, go ne go na le ditsela tse dingwe tse di ntseng jalo go ralala molelwane wa naga eo. Mo dinageng tse dingwe, tse di mo molelwaneng wa Jeremane tse di jaaka Fora, Netherlands le Switzerland, Basupi ba mo dinageng tseo ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing e kgolo gore ba isetse badumedimmogo le bone ba ba bogisiwang, dijo tsa semoya.

Bontsi jwa rona gompieno re kgona go nna le dikgatiso tsa Baebele ka ditsela tse di farologaneng le ka palo e re e tlhokang. Go sa kgathalesege gore o bona kgatiso e ntšha kwa Holong ya Bogosi kgotsa o e tsaya mo Web site ya rona ya jw.org, ke eng fa o sa akanyetse matsapa a a tserweng gore o kgone go bona kgatiso eo? Gongwe e ne e se selo se segolo jaaka go kgabaganya thaba e e apesitsweng ke kapoko bosigogare, le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore badumedimmogo le rona ba le bantsi ba dirile ka natla gore ba dire tiro eno e e duleng diatla.

^ ser. 3 O ne a direla kwa Phuthegong ya Hirschberg kwa Silesia. Gone jaanong toropo ya Hirschberg e bidiwa Jelenia Góra, mme e kwa borwabophirima jwa Poland.