Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Intsha Setlhabelo ka Ntlha ya Bogosi?

A o Tla Intsha Setlhabelo ka Ntlha ya Bogosi?

“Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 BAKOR. 9:7.

1. Batho ba le bantsi ba intsha setlhabelo ka ditsela dife, mme ka ntlha yang?

GANTSI batho ba rata go intsha setlhabelo gore ba dire dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa. Batsadi ba dirisa nako, madi le maatla a bone gore bana ba bone ba solegelwe molemo. Baatlelete ba basha ba ba eletsang thata go emela naga ya bone kwa Diolimpiking, ba fetsa diura di le mmalwa letsatsi le letsatsi ba ikatisa ka natla, fa dithaka tsa bone tsone di tshameka e bile di ijesa monate. Jesu le ene o ne a intsha setlhabelo gore a dire dilo tse a di tsayang di le botlhokwa. Ga a ka a batla go tshela botshelo jwa manobonobo e bile o ne a se na bana. Go na le moo, o ne a tlhopha go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. (Math. 4:17; Luke 9:58) Balatedi ba gagwe le bone ba ne ba ithontsha dilo di le dintsi gore ba eme nokeng Bogosi jwa Modimo. Go tsweletsa pele Bogosi e ne e le selo sa botlhokwa thata mo go bone, mo e leng gore ba ne ba intsha setlhabelo gore ba nne le seabe ka botlalo ka mo ba ka kgonang ka teng gore ba eme Bogosi nokeng. (Math. 4:18-22; 19:27) Ka jalo re ka ipotsa jaana, ‘Ke eng se se botlhokwa mo botshelong jwa me?’

2. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba intsha setlhabelo ka ditsela dife tse di botlhokwa? (b) Batho bangwe ba kgona go intsha setlhabelo ka ditsela dife tse di oketsegileng?

2 Go intsha setlhabelo ka ditsela dingwe go botlhokwa thata mo Bakereseteng botlhe ba boammaaruri e bile go mosola thata gore re lwele go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go tswelela re na le yone. Go intsha setlhabelo jalo go akaretsa go dirisa nako le maatla a rona re rapela, go bala Baebele, kobamelo ya lelapa, go nna gone mo dipokanong le go ya bodireding jwa tshimo. * (Josh. 1:8; Math. 28:19, 20; Baheb. 10:24, 25) Ka ntlha ya maiteko ao a rona le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa, tiro ya go rera e  gatela pele ka bonako e bile batho ba le bantsi ba ologela kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’ (Isa. 2:2) Batho ba le bantsi ba ema nokeng ditiro tsa Bogosi ka go direla kwa Bethele, ka go thusa fa go agiwa Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano, go rulaganya dikopano tse dikgolo kgotsa go thusa ka tiro ya go namola ka nako ya masetlapelo a tlholego. Tiro eno e e oketsegileng ga se yone e ka dirang gore motho a bone botshelo, mme gone e botlhokwa thata mo go emeng nokeng dilo tse di direlwang Bogosi.

3. (a) Re solegelwa molemo jang fa re intsha setlhabelo ka ntlha ya Bogosi? (b) Re tshwanetse go sekaseka dipotso dife?

3 Gompieno go tlhokega thata batho ba ba ka emang nokeng tiro ya Bogosi ka matlhagatlhaga. Go a itumedisa go bona batho ba le bantsi ba intsha setlhabelo gore ba dire tiro ya ga Jehofa ka go rata! (Bala Pesalema 54:6.) Moya oo wa bopelotshweu o re itumedisa tota fa re ntse re letetse gore Bogosi jwa Modimo bo tle. (Dute. 16:15; Dit. 20:35) Le fa go ntse jalo, rotlhe re tshwanetse go itlhatlhoba ka tlhoafalo. A go na le ditsela tse di oketsegileng tse ka tsone re ka intshang setlhabelo gore re eme nokeng Bogosi? Re dirisa jang nako, madi, maatla le bokgoni jwa rona? Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka ditsela dife? Mma re boneng gore re ka etsa sekao sefe fa re dira ditlhabelo tse di ntseng jalo tsa go ithaopa, gore seno se re itumedise.

DITLHABELO KWA ISERAELENG WA BOGOLOGOLO

4. Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke go dira ditlhabelo?

4 Go ntsha ditlhabelo kwa Iseraeleng wa bogologolo go ne go le botlhokwa gore batho itshwarelwe maleo. Ditlhabelo di ne di le botlhokwa gore batho ba amogelwe ke Jehofa. Dingwe tsa tsone e ne e le molao gore ba di ntshe; tse dingwe tsone motho o ne a di ntsha ka go ithaopa. (Lefi. 23:37, 38) Ditshupelo tse di fisiwang di ne di ka ntshiwa ka go ithaopa, kgotsa e le dimpho tse di yang kwa go Jehofa. Sekao se se tlhomologileng sa ditshupelo ke fa tempele e ne e neelwa mo motlheng wa ga Solomone.—2 Ditir. 7:4-6.

5. Ke thulaganyo efe e Jehofa a neng a e direla ba ba neng ba humanegile?

5 Ka gonne Jehofa a le lorato, o ne a tlhaloganya gore ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go ntsha setlhabelo ka tsela e e tshwanang, ka jalo, o ne a batla gore mongwe le mongwe a ntshe go ya kafa a kgonang ka teng. Molao wa ga Jehofa o ne o bontsha gore madi a phologolo a tshwanetse go tshololwa, e leng se e neng e tla nna “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang” ka Morwawe e bong Jesu. (Baheb. 10:1-4) Le fa go ntse jalo, Jehofa  o ne a fetofetoga le maemo mo kgannyeng ya go diragatsa molao ono. Ka sekai, Modimo o ne a amogela tshupelo ya maeba fa motho a ne a sa kgone go ntsha setlhabelo sa leruo. Ka jalo, tota le batho ba ba humanegileng ba ne ba ka kgona go ntshetsa Jehofa setlhabelo ba itumetse. (Lefi. 1:3, 10, 14; 5:7) Le fa gone diphologolo tse di neng di ntshiwa setlhabelo di ne di farologane, go ne go na le dilo tse pedi tse motho yo o neng a ntsha setlhabelo sa go ithaopa a neng a tshwanetse go di dira.

6. Go ne go lebeletswe eng mo bathong ba ba ntshang ditlhabelo, mme go ne go le botlhokwa go le kana kang go boloka melao eo?

6 Sa ntlha, motho o ne a tshwanetse go ntsha setlhabelo se se molemolemo. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore tshupelo epe fela e ba neng ba e ntsha e ne e tshwanetse go nna e e itekanetseng gore e ba ‘bonele kamogelo.’ (Lefi. 22:18-20) Fa phologolo e ne e na le bogole bongwe, e ne e se kitla e nna setlhabelo se se amogelesegang mo go Jehofa. Sa bobedi, motho yo o neng a ntsha setlhabelo o ne a tshwanetse go nna phepa e bile a sa leswafala. Fa motho a ne a itshekologile, o ne a tshwanetse gore a dire tshupelo ya boleo kgotsa ya molato gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa pele ga a ka ntsha tshupelo ya boithaopo. (Lefi. 5:5, 6, 15) Eo e ne e le kgang e e masisi. Jehofa o ne a tlhalosa gore motho yo o itshekologileng yo o neng a ja setlhabelo sa kabalano se se neng se akaretsa tshupelo ya boithaopo, o ne a tla kgaolwa mo bathong ba Modimo. (Lefi. 7:20, 21) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho yo o ntshang setlhabelo a ne a na le kamano e e molemo le Jehofa e bile a ntsha setlhabelo se se se nang bogole, o ne a tla itumela a bo a kgotsofale.—Bala 1 Ditiragalo 29:9.

GO NTSHA DITLHABELO GOMPIENO

7, 8. (a) Batho ba le bantsi ba itumela jang fa ba intsha setlhabelo ka ntlha ya Bogosi? (b) Ke dilo dife tse re ka di ntshetsang Jehofa setlhabelo?

7 Gompieno le gone batho ba le bantsi ba iketleeditse go dirisa maatla a bone mo tirelong ya ga Jehofa, mme Jehofa o itumedisiwa ke seo. Go direla bakaulengwe ba rona go solegela molemo. Mokaulengwe mongwe yo o agang Diholo tsa Bogosi e bile a thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego o bontsha gore, ga a kgone go tlhalosa kafa a kgotsofalang ka gone fa a direla ka ditsela tseno. A re: “Fa ke bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba re ba agetseng Holo ya Bogosi ba le mo go yone ba itumetse e bile ba e anaanela, kgotsa fa ke bona bakaulengwe ba itumetse fa ba sena go thusiwa morago ga masetlapelo a tlholego, seno se dira gore ke lemoge gore matsapa a me ga se a lefela.”

Ditshupelo di le dintsi di ne di ntshiwa ka go ithaopa fela jaaka go ntse ka ditlhabelo tse di ntshiwang gompieno (Bona serapa 7-13)

8 Phuthego ya ga Jehofa ya gompieno ga e bolo go nna e ikemiseditse go ema nokeng tiro  ya ga Jehofa. Ka 1904, Mokaulengwe C. T. Russell o ne a kwala jaana: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go itsaya a tlhomilwe ke Morena gore e nne molebedi wa nako ya gagwe, wa kafa a ka kgonang go tlhotlheletsa batho ka teng, le wa madi a gagwe, jalo le jalo, mme mongwe le mongwe o tshwanetse a batla go dirisa ditalenta tseno kafa a kgonang ka teng, gore a galaletse Mong wa gagwe.” Le fa gone re nna le masego a mantsi, re tlhoka go itima dilo dingwe gore re ntshetse Jehofa setlhabelo. (2 Sam. 24:21-24) A re ka dirisa dilo tse re nang le tsone ka tsela e e molemo?

Maloko a lelapa la Bethele kwa Australia

9. Re ka dirisa molaomotheo ofe wa ga Jesu o o mo go Luke 10:2-4 fa re dirisa nako ya rona?

9 Nako ya rona. Go tlhokega nako e ntsi le maiteko go ranola le go gatisa dikgatiso tsa rona, go aga mafelo a kobamelo, go rulaganya dikopano, go thusa mo tirong ya namolo le go nna le seabe mo ditirong tse dingwe tse dintsi. Re na le diura di se kae fela mo letsatsing. Jesu o ne a re naya molaomotheo o o ka re thusang. Fa a ne a romela barutwa ba gagwe go ya bodireding, o ne a ba bolelela gore ba se ka ba ‘tlamparela ope fa ba dumedisa mo tseleng.’ (Luke 10:2-4) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ba naya ditaelo tseo? Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a re: “Fa batho ba kwa Botlhabatsatsi ba dumedisa ba ne ba sa obe tlhogo go sekae fela kgotsa ba tshwarana ka matsogo jaaka rona re tlwaetse, go na le moo, ba ne ba tlamparelana gantsi, le go oba tlhogo gantsi, tota le go khubama fa fatshe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tlhoka nako e ntsi.” Jesu o ne a sa reye gore barutwa ba gagwe ba se ka ba nna botsalano. Go na le moo, o ne a ba thusa go lemoga gore ba na le nako e nnye fela, mme ba ne ba tlhoka go e dirisa ka tsela e e molemo gore ba dire dilo tse di botlhokwa thata. (Baef. 5:16) A le rona re ka dirisa molaomotheo ono gore re nne le nako e ntsi e re ka e dirisetsang tiro ya Bogosi?

Baboledi ba Bogosi kwa Holong ya Bogosi kwa Kenya, mo Afrika

10, 11. (a) Moneelo wa rona wa tiro ya lefatshe lotlhe o dirisiwa gape ka ditsela dife? (b) Ke taelo efe e e mo go 1 Bakorintha 16:1, 2, e e ka re thusang?

10 Madi a rona. Go tlhokega madi a mantsi go ema nokeng ditiro tsa Bogosi. Ngwaga le ngwaga go dirisiwa didolara di le dimilione go tlhokomela balebedi ba ba etang, babulatsela ba ba kgethegileng le barongwa. Fa e sa le ka 1999, go setse go agilwe Diholo tsa Bogosi di feta 24 500 kwa dinageng tse di humanegileng. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tlhokega Diholo tsa Bogosi di ka nna 6 400. Kgwedi le kgwedi go gatisiwa dikhopi di le dimilione di le 100 tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Tiro eno yotlhe e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata.

11 Moaposetoloi Paulo o ne a re naya molaomotheo o re ka o dirisang malebana le moneelo. (Bala 1 Bakorintha 16:1, 2.) O ne a tlhotlhelediwa go kgothaletsa bakaulengwe ba kwa Korintha gore ba se ka ba leta go fitlha beke e fela, go bona gore a go na le madi a a setseng, go na le moo, fa beke e simologa ba ne ba tshwanetse go beela madi mangwe kwa thoko go ya ka se ba neng ba se kgona. Fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba rulaganya go sa le gale gore ba ntshe moneelo ka bopelotshweu go ya ka maemo a bone. (Luke 21:1-4; Dit. 4:32-35) Jehofa o anaanela moya oo wa go aba.

Moithaopi wa Komiti ya Kago ya Kgaolo kwa Tuxedo, kwa New York, U.S.A.

12, 13. Ke dilo dife tse di ka dirang gore bangwe ba ikgogone go dirisa maatla le bokgoni jwa bone, mme gone Jehofa o tla ba thusa jang?

12 Maatla le bokgoni jwa rona. Jehofa o re ema nokeng fa re dira maiteko go dirisa maatla a rona le bokgoni jwa rona go ema nokeng tiro ya Bogosi. O re solofetsa gore o tla re ema nokeng fa re lapa. (Isa. 40:29-31) A re ikutlwa e kete ga re na bokgoni jo bo lekaneng go thusa mo tirong eno? A gongwe re akanya gore go na le bangwe ba ba nang le bokgoni jo bo botoka? Se lebale gore Jehofa a ka naya mongwe le mongwe bokgoni jo bo oketsegileng, fela jaaka a ne a dira ka Besalele le Oholiabe.—Ekes. 31:1-6; bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.

13 Jehofa o re kgothaletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang mme re se ka ra ikgogona. (Dia. 3:27) Ka nako ya fa go ne go tsosolosiwa tempele, Jehofa o ne a bolelela Bajuda ba kwa  Jerusalema gore ba tlhatlhanye ka gore ke eng se ba se dirang go ema nokeng tiro ya go aga. (Hag. 1:2-5) Ba ne ba iteegile tsebe e bile ba sa tlhoma mogopolo. Go molemo gore re itshekatsheke go bona gore a dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona di dumalana le tse Jehofa a di tsayang di tla pele. A re ka ‘tlhoma pelo ya rona mo ditseleng tsa rona,’ gore re nne le seabe se segolwane mo tirong ya Bogosi mo malatsing ano a bofelo?

GO NTSHA DITLHABELO GO YA  KA SE RE NANG LE SONE

14, 15. (a) Re kgothadiwa jang ke sekao sa bakaulengwe ba rona ba ba humanegileng? (b) Re tshwanetse go eletsa go dira eng?

14 Batho ba le bantsi ba nna mo mafelong a gantsi a nang le mathata le khumanego. Phuthego ya Modimo e dira bojotlhe ‘go tlosa’ go tlhaelelwa ga bakaulengwe ba rona ba ba nnang mo dinageng tse di ntseng jalo. (2 Bakor. 8:14) Le fa go ntse jalo, tota le bakaulengwe ba ba humanegileng ba itumelela tshiamelo ya go aba. Jehofa o a itumela fa batho ba ba humanegileng ba tlhotlheletsega go aba ka boitumelo.—2 Bakor. 9:7.

15 Mo nageng nngwe e e humanegileng thata mo Afrika, bakaulengwe bangwe ba tlhopha karolo e nnye mo tshingwaneng ya bone e ba tla rekisang dijalo tsa yone, ba bo ba dirisa madi ao go ema nokeng tiro ya Bogosi. Mo go yone naga eo, go ne ga simololwa porojeke ya go aga Holo ya Bogosi e e neng e tlhokega thata. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lefelong leo ba ne ba batla go thusa. Le fa go ntse jalo, porojeke eo e ne e tlile go simolola ka nako e ba neng ba tshwanetse go jala. E re ka ba ne ba iketleeleditse go nna le seabe mo tirong eo, motshegare ba ne ba bereka mo porojekeng eo ya go aga Holo ya Bogosi, mme maitseboa ba ne ba ya kwa masimong go ya go jala. Ruri oo e ne e le moya wa go intsha setlhabelo! Seno se re gopotsa bakaulengwe ba kwa Makedonia ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ba ne ba le mo ‘lehumeng le legolo,’ le fa go ntse jalo ba ne ba kopa thata gore ba nne le tshiamelo ya go thusa mo go se se neng se dirwa ka nako eo. (2 Bakor. 8:1-4) E kete mongwe le mongwe wa rona ‘a ka ntsha go lekana le tshegofatso e Jehofa a re neileng yone.’—Bala Duteronome 16:17.

16. Re ka tlhomamisa jang gore ditlhabelo tsa rona di a amogelesega mo go Jehofa?

16 Mme gone, re tlhoka go nna kelotlhoko. Fela jaaka go ne go ntse ka Baiseraele ba bogologolo, re tshwanetse go tlhomamisa gore ditlhabelo tsa rona tsa go ithaopa di a amogelesega mo Modimong. Re tshwanetse go nna tekatekano gore re kgone go diragatsa maikarabelo a rona a lelapa le a re nang le one mo kobamelong ya ga Jehofa. Go dirisa nako ya rona le dithoto tsa rona go thusa ba bangwe ga go a tshwanela ga dira gore re itlhokomolose bomoya jwa ba malapa a rona le dilo tse ba di tlhokang. Fa re dira jalo, tota re tla bo re ntsha setlhabelo se re se nang sone. (Bala 2 Bakorintha 8:12.) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tlhokomela bomoya jwa rona. (1 Bakor. 9:26, 27) Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore fa re tshela go ya ka melao ya Baebele, ditlhabelo tsa rona e tla nna tse di ‘amogelesegang segolobogolo’ mo go Jehofa mme di tla re itumedisa le go re kgotsofatsa fela thata.

DITLHABELO TSA RONA KE TSA BOLENG JO BOGOLO

17, 18. Re ikutlwa jang ka batho ba ba intshang setlhabelo ka ntlha ya Bogosi, mme ke eng se rotlhe re tshwanetseng go se akanyetsa?

17 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le bantsi ba ‘itsholola jaaka tshupelo ya senō’ ka go ema nokeng ditiro tse di botlhokwa tsa Bogosi. (Bafil. 2:17) Re anaanela thata batho ba ba bontshang moya o o ntseng jalo wa go aba. Basadi le bana ba bakaulengwe ba ba etelelang pele mo tirong ya Bogosi le bone ba akgolelwa moya o ba o bontshang wa bopelotshweu le wa go intsha setlhabelo.

18 Go tlhokega maiteko a magolo go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi. A mongwe le mongwe wa rona a akanyetse ka thapelo kafa a ka nnang le seabe ka gone ka tsela e kgolwane mo tirong eno. Tlhomamisega gore o tla nna le masego a magolo gone jaanong mme a tla nna mantsi le go feta “mo tsamaisong e e tlang ya dilo.”—Mar. 10:28-30.

^ ser. 2 Bona setlhogo se se reng, “Go Direla Jehofa Ditlhabelo Ka Moya Otlhe” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 15, 2012, tsebe 21-25.