Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”!

Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”!

“Bakaulengwe, . . . re a lo kopa gore lo se ka lwa tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga lona.”—2 BATHES. 2:1, 2.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go tletse tsietso jaana gompieno, mme e bonala ka ditsela dife? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

MO TSAMAISONG eno ya dilo, go tletse mefuta e e farologaneng ya tsietso. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore Satane Diabolo ke motsietsi yo o nang le maitemogelo e bile ke mmusi wa tsamaiso eno ya dilo. (1 Tim. 2:14; 1 Joh. 5:19) Fa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e ntse e ya bokhutlong, Satane o galefa le go feta ka gonne o na le “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshen. 12:12) Ka jalo, re ka lebelela gore batho ba Diabolo a ba tlhotlheletsang ba tla nna ba sa ikanyege le go feta, mme ba tsietse segolobogolo batho ba ba mo kobamelong ya boammaaruri.

2 Ka dinako dingwe, metswedi ya dikgang e phasalatsa dikgang tse di tsietsang le tse di buang maaka a matala ka batlhanka ba ga Jehofa. Makwalodikgang, dithulaganyo tsa thelebishene le Internet di dirisiwa go anamisa maaka. Ka ntlha ya seno, batho bangwe ba ba dumelang maaka ano ba a galefa ka gonne ba sa sekaseka dintlha tsotlhe.

3. Ke eng se se ka re thusang gore re emelane le tsietso?

3 Re leboga go bo re na le Lefoko la Modimo le le ‘tswelang mosola mo go tlhamalatseng dilo,’ gore re kgone go emelana le leano leno le mmaba wa rona a le dirisang go leka go re kgoba marapo. (2 Tim. 3:16) Go botlhokwa gore re ithute mo go se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Thesalonika, ba ba neng ba tsieditswe e bile ba dumela se se seng boammaaruri. O ne a ba rotloetsa gore ba ‘se ka ba tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga bone.’ (2 Bathes. 2:1, 2) Re ka ithuta eng mo kgakololong eno e e lorato ya ga Paulo, mme re ka dirisa seno jang mo matshelong a rona?

DITLHAGISO TSE DI TSHWANETSENG

4. Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba tlhagisiwa jang ka go tla ga “letsatsi la ga Jehofa,” mme rona re tlhagisiwa jang?

4 Mo lekwalong la ntlha le Paulo a neng a le kwalela phuthego  ya kwa Thesalonika, o ne a bua ka go tla ga “letsatsi la ga Jehofa.” O ne a sa batle gore bakaulengwe ba gagwe ba nne mo lefifing le gore ba nne ba sa ipaakanya. Go na le moo, o ne a ba kgothaletsa gore e re ka e le “bana ba lesedi,” ba nne ba ‘tsogile ba bo ba nne ba thantse mo ditlhaloganyong.’ (Bala 1 Bathesalonika 5:1-6.) Gone jaanong re letetse go senngwa ga Babelona yo Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Tshenyego eno e tla bo e le tshimologo ya letsatsi le legolo la ga Jehofa. Se se itumedisang ke gore, re tlhaloganya ka botlalo go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa. Gape, ka metlha mo phuthegong re amogela dikgakololo tse di tshwanetseng tse di re thusang gore re nne re thantse mo ditlhaloganyong. Go tsaya tsia ditlhagiso tseno tse di nnang di boaboelediwa, go ka nonotsha maikemisetso a rona a go direla Modimo ‘tirelo e e boitshepo ka maatla a rona a go akanya.’—Bar. 12:1.

Paulo o ne a kwalela Bakeresete ditlhagiso tse di tshwanetseng (Bona serapa 4 le 5)

5, 6. (a) Paulo o ne a bua ka eng mo lekwalong la bobedi le a neng a le kwalela Bathesalonika? (b) Mo bogautshwaneng, Modimo o tla dirisa Jesu go dira eng, mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

5 Morago fela ga gore Paulo a kwalele Bakeresete ba kwa Thesalonika lekwalo la ntlha, o ne a ba kwalela la bobedi. Mo lekwalong leo, o ne a bua ka pitlagano e e tlang fa Morena Jesu a tla bo a tlisa katlholo mo go “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.” (2 Bathes. 1:6-8) Kgaolo ya bobedi ya lekwalo leno e bontsha gore bangwe mo phuthegong eo ba ne ba ‘itumeletse’ letsatsi la ga Jehofa mo e leng gore ba ne ba dumela gore le gaufi thata le go tla. (Bala 2 Bathesalonika 2:1, 2.) Bakeresete bao ba bogologolo, ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa fela jaaka Paulo a ne a bua jaana malebana le boporofeti: “Gonne re na le bontlhanngwe jwa kitso e bile re porofeta ka bontlhanngwe; mme fa se se feletseng se goroga, se se bontlhanngwe se tla nyelediwa.” (1 Bakor. 13:9, 10) Mme gone, ditlhagiso tse di tlhotlheleditsweng tse di neng tsa kwalwa ke Paulo, moaposetoloi Petere le bakaulengwe ba bangwe ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba nako eo, di ne di ka kgona go ba thusa gore ba se ka ba felelwa ke tumelo.

6 E le gore Paulo a baakanye dilo, o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa gore go ne go tla nna le botlhanogi jo bogolo le “monna yo o se nang molao” pele ga letsatsi la ga Jehofa le tla. * Morago ga moo, ka nako e Modimo a e tlhomileng, Morena Jesu o tla “senya” botlhe ba  ba ileng ba tsiediwa. Moaposetoloi yono o ne a tlhalosa lebaka la go bo ba atlholwa ka tsela eno; ke ka gonne “ba ne ba se ka ba amogela lorato lwa boammaaruri.” (2 Bathes. 2:3, 8-10) Go molemo gore re ipotse jaana: ‘Ke rata boammaaruri go le kana kang? A ke tsamaisana le tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone jaaka e tlhalosiwa mo makasineng ono le mo dikgatisong tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng, tse di diretsweng phuthego ya batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe?’

TLHOPHA DITSALA TSA GAGO KA BOTLHALE

7, 8. (a) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba lebana le dikotsi dife? (b) Gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba lebana le kotsi efe?

7 Boammaaruri ke gore Bakeresete ba ne ba tla lebana le dikotsi tse dingwe kwantle ga tsa batlhanogi le dithuto tsa bone. Paulo o ne a bolelela Timotheo gore “lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” Moaposetoloi yono o ne a bontsha gore “ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Tim. 6:10) Gape kotsi e nngwe e ne e le gore “ditiro tsa nama” di ne di tla nna di ntse di bonala.—Bagal. 5:19-21.

8 Mme gone, re tlhaloganya lebaka la go bo Paulo a ne a tlhagisa Bathesalonika kafa banna bangwe ba a neng a ba bitsa “baaposetoloi ba maaka,” ba neng ba le kotsi thata ka gone. Mo gare ga bone go ne go na le banna ba ba neng ba bua “dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (2 Bakor. 11:4, 13; Dit. 20:30) Moragonyana Jesu o ne a akgola phuthego ya kwa Efeso ka gonne e ile ya se ka ya “itshokela batho ba ba bosula.” Phuthego eo ya kwa Efeso e ne ya “leka” batho ba e neng e le baaposetoloi ba maaka ba tota e leng baaki. (Tshen. 2:2) Se se itumedisang ke gore mo lekwalong la bobedi le Paulo a neng a le kwalela Bathesalonika, o ne a ba gakolola jaana: “Jaanong re lo naya ditaelo, bakaulengwe, ka leina la Morena Jesu Keresete, gore lo tswe mo mokaulengweng mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go sa dire dilo ka thulaganyo.” Go tswa foo o ne a umaka ka tlhamalalo Bakeresete ba ba neng ba “sa batle go dira.” (2 Bathes. 3:6, 10) Mme fa e le gore go ne go tsewa gore batho bao ga ba dire dilo ka thulaganyo, ruri go ne go ntse jalo ka ba e neng e nna batlhanogi! Eleruri, go itlwaelanya le batho ba ba ntseng jalo go ne go le kotsi thata ka nako eo e bile motho o ne a tlhoka go tila go itsalanya le bone—mme go sa ntse go le jalo le gompieno.—Dia. 13:20.

9. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa mongwe a bua magatwe kgotsa a tshwayatshwaya diphoso?

9 Re gaufi le gore pitlagano e kgolo e simolole le gore tsamaiso eno e e boikepo e ye bokhutlong, ka jalo, ditlhagiso tseo tse di tlhotlheleditsweng tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga di botlhokwa fela thata gompieno. Ruri ga re batle go “fosa boikaelelo” jwa bopelonomi jwa lorato lwa ga Jehofa le go latlhegelwa ke tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. (2 Bakor. 6:1) Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa mongwe mo dipokanong a leka go re raela gore re tlotle ka dilo tse e leng magatwe, kgotsa a leka go tshwaya diphoso dithulaganyo dingwe mo phuthegong.—2 Bathes. 3:13-15.

“LO NNE LO TSHWARELETSE MO DINGWAONG”

10. Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba kgothalediwa gore ba ikobele dingwao dife?

10 Paulo o ne a rotloetsa bakaulengwe ba gagwe ba kwa Thesalonika gore ba ‘eme ba nitame’ le gore ba ngaparele se ba ithutileng sone. (Bala 2 Bathesalonika 2:15.) ‘Dingwao’ tse ba neng ba di rutilwe e ne e le eng? Ga go pelaelo e ne e se dingwao tsa bodumedi jwa maaka tse di neng di rotloediwa, tse e neng e kete di tswa mo Dikwalong. Go na le moo, Paulo o ne a bua ka dithuto tse ene le ba bangwe ba neng ba di amogela mo go Jesu le mo Modimong, tse a neng a tlhotlhelediwa gore a di rute ba bangwe, tse bontsi jwa tsone e neng ya nna karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Paulo o ne a akgola bakaulengwe ba gagwe ba kwa Korintha fa a ne a re: “Mo dilong tsotlhe lo a nkgopola e bile lo ngangatletse dingwao fela  jaaka ke ne ka di fetisetsa mo go lona.” (1 Bakor. 11:2) Dithuto tseno di ne di tswa mo metsweding e e ikanyegang e bile ruri di ne di ka ikanngwa.

11. Batho bangwe ba ka nna ba tsiediwa ka ditsela dife?

11 Fa Paulo a kwalela Bahebera, o ne a umaka ditsela tse pedi tse ka tsone Mokeresete a ka latlhegelwang ke tumelo a bo a palelwa ke go ema a nitame. (Bala Bahebera 2:1; 3:12.) O ne a bua ka go “katogela go sele ka bonya” le go “katogela kgakala.” Kwa tshimologong mokoro o o katogelang go sele ka bonya ka bonya mo nokeng, o ka dira jalo ka tsela e e sa lemotshegeng. O nna o ya kgakala ka iketlo ka iketlo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho ke ene a ka nnang a kgoromeletsa mokoro wa gagwe kgakala le lotshitshi lwa lewatle. Ditsela tseno ka bobedi di bontsha sentle tsela nngwe e bangwe ba tsiediwang ka yone, ba itetla gore tumelo ya bone e koafale.

12. Ke dilo dife tsa motlha wa gompieno tse fa re di latelela di ka senyang bomoya jwa rona?

12 Go ka tswa go ne go ntse jalo le ka bangwe kwa Thesalonika. A mme go ntse jalo le gompieno? Go na le dilo di le dintsi tse di senyang nako. Akanya ka diura di le dintsi tse batho ba di dirisang ba ikgolaganya le ba bangwe mo Internet, ba bala le go araba melaetsa ya eleketeroniki le go nna ba tlhagafaletse boitlosobodutu thata e bile ba nna ba itse ditiragalo tsa bosheng tsa metshameko. Dilo tseno tsotlhe di ka itaya Mokeresete tsebe tsa bo ba tsa dira gore a se ka a tlhola a tlhagafala. Seno se ka felela ka eng? A ka nna a se tlhole a rapela go tswa pelong, a ithuta Lefoko la Modimo, a nna gone kwa dipokanong e bile a ka nna a se tlhole a rera dikgang tse di molemo. Re ka dira eng gore re se ka ra tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga rona?

GO ITSHIRELETSA GORE RE SE KA RA TSHIKHINNGWA

13. Jaaka go boleletswe pele, batho ba le bantsi ba itshwara jang, mme ke eng se se ka re thusang gore tumelo ya rona e se ka ya koafala?

13 Sengwe se tota re tlhokang go se dira ke gore re nne re thantse malebana nako e re tshelang mo go yone, le go lemoga gore go itsalanya le ba ba ganang go dumela gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” go ka re ama jang. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana malebana le motlha wa rona: “Go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’” (2 Pet. 3:3, 4) Go bala le go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha go tla re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo gore re tshela mo nakong efe—re lemoge gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” Botlhanogi jo bo neng jwa bolelelwa pele ga bo bolo go nna teng e bile bo sa ntse bo le gone mo motlheng wa rona. “Monna yo o se nang molao” o sa ntse a le teng e bile o sa ntse a ganetsa batlhanka ba Modimo. Ka jalo, re tlhoka go nna re thantse re gopola gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi.—Sefa. 1:7.

Go baakanyetsa sentle le go nna le seabe mo bodireding go ka re thusa gore re se ka ra tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga rona (Bona serapa 14 le 15)

14. Go nna re tshwaregile mo tirong ya Modimo go re sireletsa jang?

14 Sengwe gape sa konokono se se ka re thusang gore re nne re thantse le go tila gore re se ka ra tshikhinngwa mo go akanyeng ga rona, ke go nna le seabe ka metlha mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka jalo, fa Keresete Jesu yo e leng Tlhogo ya phuthego a ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, ba ba rute go boloka dilo tse a ba rutileng tsone, o ne a naya kgakololo e e neng e tla sireletsa balatedi ba gagwe. (Math. 28:19, 20) Gore re ikobele taelo eno, re tlhoka go nna re tlhagafetse mo tirong ya go rera. A o akanya gore bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba ne ba dira tiro ya go rera ka go ikgolola fela, jaaka e kete tiro eo e ne e se botlhokwa? Akanya ka mafoko ano a Paulo a neng a ba bolelela one: “Lo se ka lwa tima molelo wa moya. Lo se ka lwa nyatsa boporofeti.” (1 Bathes. 5:19, 20) Ruri re ithuta boporofeti jo bo itumedisang e bile re bo bolelela batho ba bangwe!

15. Ke dilo dife tse re ka di sekasekang ka nako ya kobamelo ya lelapa tse di ka re thusang?

 15 Boammaaruri ke gore re batla go thusa ba malapa a rona gore ba nne le bokgoni mo tirelong ya tshimo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lemogile gore tsela nngwe ya go dira seo ke ka go dira gore mo karolong nngwe ya kobamelo ya bone ya lelapa, ba tlotle ka ntlha e e amanang le bodiredi. O ka nna wa fitlhela go thusa go tlotla le ba lelapa kafa ba ka boelang ka gone kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego. Ba tla tlotla ka eng fa ba boela kwa bathong bao? Ke ditlhogo dife tse gantsi di tla dirang gore batho bao ba tswelele ba bontsha kgatlhego? Ke nako efe e e siametseng gore ba ka boela kwa bathong? Gape batho ba le bantsi ba dirisa nako nngwe ya kobamelo ya lelapa go tlotla ka dipokano tsa phuthego e le gore ba sekaseke se se tla tlotliwang kwa dipokanong tseo. A o ka dira mo go oketsegileng go baakanyetsa gore o nne le seabe mo dipokanong? Fa o nna le seabe, seno se tla nonotsha tumelo ya gago e bile se tla go thusa gore o se ka wa tshikhinngwa mo go akanyeng ga gago. (Pes. 35:18) Ruri go nna le seabe mo kobamelong ya lelapa go tla re sireletsa gore re se ka ra fopholetsa dilo le gore re se ka ra nna le dipelaelo.

16. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhotlhelediwa ke eng gore ba nne ba na le maatla a go akanya?

16 Fa re akanya ka tsela e Jehofa a ntseng a segofatsa batho ba gagwe ka yone ka go dira gore ba tlhaloganye ka botlalo boporofeti jwa Baebele, re ka tlhatswega pelo gore re tla bona masego a a itumedisang a a larileng kwa pele. Batlodiwa ba na le tsholofelo ya go ya go nna le Keresete kwa legodimong. Ruri seno se ba tlhotlheletsa gore ba nne ba na le maatla a go akanya! Ga go pelaelo gore re ka re mafoko a Paulo a neng a a kwalela Bathesalonika a a ba tshwanela, o ne a re: “Re patelesega go leboga Modimo ka metlha ka lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Jehofa, ka gonne Modimo o ne a lo [tlhopha] . . . ka go lo itshepisa ka moya le ka tumelo ya lona mo boammaaruring.”—2 Bathes. 2:13.

17. Ke kgothatso efe e o e fitlhelang mo mafokong a a mo go 2 Bathesalonika 3:1-5?

17 Ba ba lebeletseng pele go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le bone ba tshwanetse go lwela gore ba se ka ba tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga bone. Fa e le gore o na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, tsaya tsia kgakololo eno e e lorato e Paulo a neng a e kwalela batlodiwa mmogo le ene ba kwa Thesalonika. (Bala 2 Bathesalonika 3:1-5.) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go anaanela thata mafoko ao a a lorato. Eleruri, makwalo a a kwaletsweng Bathesalonika a re naya ditlhagiso tse di botlhokwa thata malebana le gore re se ka ra dumela magatwe kgotsa dikakanyo tse di belaetsang. E re ka re le gaufi thata le bokhutlo, tseno ke ditlhagiso tse rona Bakeresete re di anaanelang thata gompieno.

^ ser. 6 Mo go Ditiro 20:29, 30, Paulo o ne a tlhalosa gore mo diphuthegong tsa Bokeresete, ‘go tla tsoga banna mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.’ Hisitori e bontsha gore fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba tlhaolwa go ya ka gore bangwe ke baruti mme bangwe ke batho fela ba ba tsenang kereke. Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., go ne ga bonala sentle gore “monna yo o se nang molao” ke setlhopha sa baruti ba ba mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete.—Bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1990, tsebe 10-14.