Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Seno e Tla Nna Segopotso mo go Lona’

‘Seno e Tla Nna Segopotso mo go Lona’

“Letsatsi leno e tla nna segopotso mo go lona, lo le keteke go nna moletlo wa ga Jehofa.”—EKES. 12:14.

1, 2. Ke letsatsi lefe le le botlhokwa le Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go le kgatlhegela, mme ka ntlha yang?

FA O akanya ka malatsi a a botlhokwa a o a gopolang, ke lefe le le tlang mo mogopolong ka bonako? Motho yo o nyetseng a ka nna a re: “Nna ke gopola letsatsi la me la lenyalo.” Ba bangwe bone ba ka nna ba gopola letlha lengwe mo hisitoring le le ketekiwang ke batho ba le bantsi le le jaaka fa naga ya bone e ne e bona boipuso. Mme gone, a o itse letsatsi le le sa bolong go nna le gopolwa dingwaga tse di fetang 3 500 mo lefatsheng lotlhe?

2 Letsatsi leo ke Tlolaganyo. Le ne le tshwaya go gololwa ga Baiseraele ba bogologolo mo bokgobeng kwa Egepeto. Le tshwanetse go nna la botlhokwa mo go wena. Ka ntlha yang? Ka gonne le ama dikarolo tse di botlhokwa thata tsa botshelo jwa gago. Mme gone o ka nna wa akanya jaana, ‘le fa gone Bajuda ba keteka Tlolaganyo, nna ga ke Mojuda. Ke eng fa ke tshwanetse go kgatlhegela letsatsi leo?’ Karabo e ka bonwa mo mafokong ano a a botlhokwa: “Keresete tlolaganyo ya rona o ntshitswe setlhabelo.” (1 Bakor. 5:7) Gore re tlhaloganye botlhokwa jwa mafoko ao a a boammaaruri, re tlhoka go itse ka Tlolaganyo ya Bajuda mme re bone gore e amana jang le taelo e e neng ya newa Bakeresete botlhe.

KE ENG FA TLOLAGANYO E NE E KETEKIWA?

3, 4. Go tlile jang gore Tlolaganyo ya ntlha e nne teng?

3 Batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba e seng Bajuda, ba ka tswa ba na le kitso nngwe ka tiragalo e e dirileng gore go nne le Tlolaganyo ya ntlha. Ba ka tswa ba badile ka kgang eo mo bukeng ya Baebele ya Ekesodo, ba utlwile batho ba tlotla ka yone kgotsa ba e bone mo filiming e e theilweng mo tiragalong eo.

4 Fa Baiseraele e ne e le makgoba kwa Egepeto ka dingwaga di le dintsi, Jehofa o ne a romela Moshe le morwarraagwe e bong Arone kwa go Faro, gore ba mo kope gore a golole batho ba Gagwe. Molaodi yoo yo o boikgogomoso wa kwa Egepeto o ne a gana go golola Baiseraele, ka jalo, Jehofa o ne a tlisetsa lefatshe leo motseletsele wa dipetso  tse di senyang. Labofelo Modimo o ne a tlisa petso ya bolesome e e neng e le go swa ga maitibolo a Baegepeto mme e ne ya dira gore Faro a golole Baiseraele.—Ekes. 1:11; 3:9, 10; 5:1, 2; 11:1, 5.

5. Ke eng se Baiseraele ba neng ba tshwanetse go se dira gore ba gololwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

5 Ke eng se Baiseraele ba neng ba tshwanetse go se dira pele ga ba ka gololwa? E ne e le ka 1513 B.C.E., nako ya dikgakologo fa bosigo le motshegare di lekana, mo kgweding ya Sehebera ya Abibe e moragonyana e neng ya bidiwa Nisane. * Modimo o ne a laetse Baiseraele gore mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo, ba ipaakanyetse go dira dilo dingwe ka Nisane 14. Letsatsi leo le ne la simolola fa letsatsi le phirima ka gonne letsatsi la Bahebera le ne le simolola fa letsatsi le phirima go fitlha ka phirimo ya letsatsi le le latelang. Ka Nisane 14, lelapa lengwe le lengwe le ne le tshwanetse go tlhaba nku e tonanyana (kgotsa podi) ba bo ba kgatsha madi a yone mo dikgorong le mo mephakwaneng ya ntlo ya bone. (Ekes. 12:3-7, 22, 23) Lelapa le ne le tshwanetse go ja nku e e besitsweng mmogo le senkgwe se se sa bedisiwang le ditlhatshana dingwe tse di natefisang. Moengele wa Modimo o ne a tla ralala lefatshe Egepeto a bolaya maitibolo a Baegepeto, mme Baiseraele ba ba neng ba ikanyega bone ba ne ba tla sirelediwa ba bo ba gololwa.—Ekes. 12:8-13, 29-32.

6. Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go leba Tlolaganyo jang?

6 Seo ke se se neng sa diragala, mme Baiseraele ba ne ba tshwanetse go gopola go gololwa ga bone mo dingwageng tse di tlang. Modimo o ne a ba bolelela jaana: “Letsatsi leno e tla nna segopotso mo go lona, lo le keteke go nna moletlo wa ga Jehofa go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona. Lo le keteke e le molao ka bosakhutleng.” Morago ga moletlo wa letsatsi la bo14, ba ne ba tshwanetse go keteka moletlo wa malatsi a le supa. Nisane 14 e ne e le lone tota letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo, mme gone, leina Tlolaganyo gape le ka kaya moletlo wa malatsi otlhe a le robedi. (Ekes. 12:14-17; Luke 22:1; Joh. 18:28; 19:14) Tlolaganyo e ne e le mongwe wa meletlo e e tlhomilweng e Bahebera ba neng ba tshwanetse go e keteka ngwaga le ngwaga.—2 Ditir. 8:13.

7. Jesu o ne a tlhoma eng ka nako ya Tlolaganyo e e botlhokwa ya bofelo?

7 E re ka Jesu le baaposetoloi ba gagwe e ne e le Bajuda ba ba neng ba le ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, le bone ba ne ba keteka Tlolaganyo ngwaga le ngwaga. (Math. 26:17-19) Labofelo fa ba ne ba dira jalo, ke fa Jesu a ne a tlhoma tiragalo e ntšha e balatedi ba gagwe ba neng ba tla e boloka ngwaga le ngwaga—Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mme gone, ba ne ba tshwanetse go e gopola ka letsatsi lefe?

SEJO SA MORENA SA MAITSEBOA SE TSHWARWA LENG?

8. Go tsoga potso efe malebana le Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa?

8 E re ka Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa morago fela ga Tlolaganyo ya bofelo, tiragalo eno e ntšha e ne e tla nna ka letsatsi le le tsamaisanang le la Tlolaganyo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o lemogile gore letlha la Tlolaganyo ya Bajuda le le tlhagelelang mo dikhalendareng tsa segompieno le ka tswa le farologana le letlha le re gopolang loso lwa ga Keresete ka lone ka letsatsi le le lengwe kgotsa go feta. Ke eng fa go na le pharologano eno? Lengwe la mabaka le amana le taelo e Modimo a neng a e naya Baiseraele. Morago ga gore Moshe a laele gore ‘phuthego yotlhe ya kopano ya Iseraele e tlhabe’ kwana, o ne a tlhalosa gore ba dire seo leng ka Nisane 14.—Bala Ekesodo 12:5, 6.

9. Go ya ka Ekesodo 12:6, kwana ya Tlolaganyo e ne e tshwanetse go tlhabiwa leng? (Bona gape le lebokose le le reng  “E ne E le Ka Nako Efe?”)

9 The Pentateuch and Haftorahs e tlhalosa gore Ekesodo 12:6 ya re, kwana e ne e tshwanetse go tlhabiwa “fa gare ga maitseboa a mabedi.”  Dithanolo tse dingwe tsa Baebele le tsone di dirisa yone polelwana eno. Tse dingwe tsone, go akaretsa Tanakh ya Bajuda di le ranola e le, “ka lotlatlana.” Mme tse dingwe tsone di le ranola e le “fa letsatsi le se na go wela” kgotsa “ka maabanyane.” Ka jalo, kwana e ne e tshwanetse go tlhabiwa fa letsatsi le sena go phirima mme gone go sa ntse go bonala, fa go simologa Nisane 14.

10. Go ya ka batho bangwe, kwana e ne e tlhabiwa leng, mme seo se tsosa potso efe?

10 Moragonyana Bajuda bangwe ba ne ba akanya gore go tshwanetse ga bo go ne go tsaya diura di le dintsi go tlhaba dikwana tsotlhe tse di neng di tlisiwa kwa tempeleng. Ka jalo, go ne go tlhaloganngwa Ekesodo 12:6 e kaya bokhutlo jwa Nisane 14, nako ya morago ga sethoboloko go fitlha nako ya fa letsatsi le phirima. Mme fa e le gore go ntse jalo, go ne go tla jewa leng? Porofesara Jonathan Klawans, yo e leng mankge mo tumelong ya bogologolo ya Sejuda o ne a re: “Letsatsi le lesha le ne le simologa fa letsatsi le wela, ka jalo, setlhabelo se ne se dirwa mo letsatsing la bo14, mme gone, go ne go simololwa go jewa le go keteka Tlolaganyo mo letsatsing la bo15, le fa gone tsela e matlha ano a latelanang ka yone e sa tlhalosiwa mo go Ekesodo.” Gape o ne a kwala jaana: “Dibuka tsa borabi . . . ga di leke go re bolelela gore Seder [dijo tsa Tlolaganyo] e ne e ketekiwa jang pele ga Tempele e senngwa” ka 70 C.E.—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

11. (a) Jesu o ne a diragalelwa ke eng mo letsatsing la Tlolaganyo ya 33 C.E.? (b) Ke eng fa Nisane 15 ka 33 C.E. e ne e bidiwa Sabata “e kgolo”? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

11 Seno se dira gore re ipotse gore, Tlolaganyo ya 33 C.E. yone e ne ya ketekiwa leng? Ka Nisane 13, fa letsatsi “le [kwana] e e bolaelwang tlogalanyo e tshwanetseng go ntshiwa setlhabelo mo go lone” le atamela, Keresete o ne a bolelela Petere le Johane jaana: “Tsamayang lo ye go baakanya tlolaganyo gore re je.” (Luke 22:7, 8) ‘Kgabagare nako e ne ya goroga’ gore go jewe dijo tsa Tlolaganyo fa letsatsi le se na go phirima ka Nisane 14, e e neng e tla nna Labonè maitseboa. Jesu o ne a ja dijo tseo le baaposetoloi ba gagwe, morago ga moo a bo a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. (Luke 22:14, 15) Mo bosigong joo, o ne a tshwarwa a bo a sekisiwa. O ne a bapolwa pele ga sethoboloko ka Nisane 14 mme a swa mo thapameng ya letsatsi leo. (Joh. 19:14) Ka jalo, ‘Keresete tlolaganyo ya rona o ne a ntshiwa setlhabelo’ mo letsatsing le kwana ya Tlolaganyo e neng ya bolawa mo go lone. (1 Bakor. 5:7; 11:23; Math. 26:2) Fa letsatsi leo la Bajuda le ela go khutla, Jesu o ne a fitlhwa—pele ga Nisane 15 e simologa. *Lefi. 23:5-7; Luke 23:54.

 SEGOPOTSO SE SE NANG LE BOKAO MO GO WENA

12, 13. Bana ba Bajuda ba ne ba nna le seabe jang fa go ne go ketekiwa Tlolaganyo?

12 Mma re sekasekeng se se neng sa diragala kwa Egepeto. Moshe o ne a re, mo isagweng batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go boloka Tlolaganyo; e ne e tshwanetse go nna molao ka “bosakhutleng.” Ka nako eo ya moletlo wa ngwaga le ngwaga, bana ba ne ba botsa batsadi ba bone dipotso malebana le gore tiragalo eo e ne e kaya eng. (Bala Ekesodo 12:24-27; Dute. 6:20-23) Ka jalo, Tlolaganyo e ne e tla nna “segopotso,” tota le mo baneng.—Ekes. 12:14.

13 Fa dikokomana tse disha di ntse di gola, batsadi ba ne ba tla ruta bana ba bone dithuto tse di botlhokwa malebana le Tlolaganyo. Nngwe ya dithuto tseo e ne e le gore Jehofa a ka sireletsa baobamedi ba gagwe. Bana ba ne ba ithuta gore Jehofa ga se Modimo yo o sa tlhaloganyesegeng, yo e seng wa mmatota. Jehofa ke Modimo wa mmatota, yo o tshelang, yo o kgatlhegelang batho ba gagwe le yo o ba sireletsang. O ne a bontsha seo ka nako ya fa a ne a sireletsa maitibolo a Baiseraele, “fa a ne a itaya Baegepeto ka dipetso.” O ne a boloka maitibolo a Baiseraele a tshela.

14. Batsadi ba Bakeresete ba ka dirisa pego ya Tlolaganyo go thusa bana ba bone gore ba anaanele eng?

14 Gompieno batsadi ba Bakeresete ga ba a laelwa gore ngwaga le ngwaga ba bolelele bana ba bone gore Tlolaganyo e ne e kaya eng. Le fa go ntse jalo, a o ruta bana ba gago thuto e e tshwanang le eo, ya gore Modimo o sireletsa batho ba gagwe? A o ba bolelela gore o tlhatswegile pelo ka botlalo gore Jehofa e sa ntse e le Mosireletsi wa batho ba gagwe. (Pes. 27:11; Isa. 12:2) Mme gape, a o ruta bana ba gago jalo ka go tlotla le bone ka tsela e e lorato le e e itumedisang? Dira maiteko a go tlotla le bone ka kgang eno gore o tlhotlheletse lelapa la gago gore le gole semoyeng.

Fa lo tlotla ka Tlolaganyo, ke dithuto dife tse o tla thusang bana ba gago gore ba di ithute? (Bona serapa 14)

15, 16. Pego ya Tlolaganyo le ya Khudugo di ka dirisiwa go gatelela eng malebana le Jehofa?

15 Mo pegong ya Tlolaganyo, ga re ithute fela gore Jehofa o kgona go sireletsa batho ba gagwe. Mme gape re ithuta gore o ne a ba golola ka go ba “ntsha kwa Egepeto.” Akanya fela gore seo se ne se akaretsa eng. Ba ne ba kaelwa ke pilara ya leru le ya molelo. Ba ne ba tsamaya mo gare ga lewatle fa metsi a Lewatle le Lehibidu a ne a itirile dipota kafa molemeng le kafa mojeng. Fa ba setse ba kgabagantse, ba ne ba bona metsi ao a ribegetsa masole a Baegepeto. Ka jalo, Baiseraele bao ba ba neng ba golotswe ba ne ba opela jaana: “Mma ke opelele Jehofa . . . O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng. Jah ke nonofo ya me le thata ya me, ka gonne o a mpoloka.”—Ekes. 13:14, 21, 22; 15:1, 2; Pes. 136:11-15.

16 Fa e le gore o na le bana, a o ba thusa gore ba ikanye Jehofa e le Mogolodi wa bone? A ba kgona go bona gore o tlhatswegile pelo mo metlotlong ya gago le mo ditshwetsong tse o di dirang? Mo Kobamelong ya lona ya Lelapa, lo ka tlotla ka pego e e mo go Ekesodo kgaolo 12-15, o bo o gatelela kafa Jehofa a ileng a golola batho ba gagwe ka gone. Ka dinako dingwe, o ka nna wa atolosa kgang eo ka go sekaseka Ditiro 7:30-36 kgotsa Daniele 3:16-18, 26-28. Basha mmogo le bagolo ba tshwanetse go tlhatswega  pelo gore le gompieno Jehofa e sa ntse e le Mogolodi. O tla re golola mo isagweng, fela jaaka a ile a golola batho ba gagwe mo motlheng wa ga Moshe.—Bala 1 Bathesalonika 1:9, 10.

SE RE KA SE GOPOLANG

17, 18. Go akanya ka tsela e madi a neng a dirisiwa ka yone mo Tlolaganyong ya ntlha go tshwanetse ga re gopotsa eng?

17 Bakeresete ba boammaaruri ga ba keteke Tlolaganyo ya Bajuda. Moletlo oo e ne e le karolo ya Molao wa ga Moshe, mme rona ga re ka fa tlase ga Molao oo. (Bar. 10:4; Bakol. 2:13-16) Go na le moo, re gopola ka lorato tiragalo nngwe, loso lwa Morwa wa Modimo. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dikarolo dingwe tsa moletlo wa Tlolaganyo tse di simologileng kwa Egepeto, tse di sa ntseng di na le bokao mo go rona.

18 Madi a kwana a a neng a gasiwa mo dikgorong le mo mephakwaneng a ne a boloka botshelo. Gompieno ga re ntshetse Modimo ditlhabelo tsa diphologolo—e ka tswa e le ka letsatsi la Tlolaganyo kgotsa ka nako epe fela. Mme gone, go na le setlhabelo se se botoka se se ka bolokang botshelo go ya go ile. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “phuthego ya maitibolo a a kwadisitsweng kwa magodimong.” Tsela e go ka bolokwang matshelo a Bakeresete bao ba batlodiwa ka yone ke ka “madi a go kgatšha” a ga Keresete. (Baheb. 12:23, 24) Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba ikaegile ka madi ao gore ba bolokwe. Ba tshwanetse gore ka metlha ba ikgopotse mafoko ano a a ba tlhomamisetsang: “Ka ene, re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.”—Baef. 1:7.

19. Se se neng se dirwa ka kwana ya Tlolaganyo le se se dirilweng ka Jesu se ka nonotsha jang tsholofelo ya rona mo boporofeting?

19 Fa kwana e ne e bolawa ka Tlolaganyo gore e jewe, Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go roba lerapo lepe la yone. (Ekes. 12:46; Dipa. 9:11, 12) Go tweng ka “Kwana ya Modimo” e e neng e tlile go ntshiwa thekololo? (Joh. 1:29) O ne a bapolwa le dinokwane. Bajuda ba ne ba kopa Pilato gore ba robe marapo a banna bao. Seno se ne se tla dira gore ba swe ka bonako, gore ba se ka ba nna ba kaletse mo dikoteng go fitlha ka Nisane 15, e e neng e le boSabata ba babedi. Masole a ne a roba maoto a dinokwane tse pedi, “mme fa ba tla mo go Jesu, ka ba ne ba bona gore o ne a setse a sule, ba se ka ba roba maoto a gagwe.” (Joh. 19:31-34) Seno se ne se dumalana le se se neng se dirwa ka kwana ya Tlolaganyo, ka jalo, kwana eno e ne e le “moriti” wa se se neng se tla direga ka Nisane 14, 33 C.E. (Baheb. 10:1) Mo godimo ga moo, tsela e dilo di neng tsa direga ka yone e ne e diragatsa mafoko a a mo go Pesalema 34:20, e leng se se nonotshang tsholofelo ya rona mo boporofeting.

20. Go na le pharologanyo efe ya botlhokwa gareng ga Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa?

20 Mme gone, go na le pharologanyo gareng ga Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa. Seno se bontsha gore Tlolaganyo e Bajuda ba neng ba tla e keteka e ne e se kitla e tshwantshetsa se Keresete a neng a se bolelela balatedi ba gagwe gore ba se dire go gopola loso lwa gagwe. Kwa Egepeto, Baiseraele ba ne ba ja nama ya kwana mme e seng madi a yone. Seno se farologana le se Jesu a neng a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se dire. O ne a re ba ba neng ba tla busa “mo bogosing jwa Modimo” ba tshwanetse go ja senkgwe le go nwa beine e le ditshwantshetso tsa nama le madi a gagwe. Re tlile go tlotla ka seno ka botlalo mo setlhogong se se latelang.—Mar. 14:22-25.

21. Ke eng fa go le molemo go itse ka Tlolaganyo?

21 Ga go pelaelo gore Tlolaganyo e ne e le tiragalo e kgolo e Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone, e bile e re ruta dithuto tsa botlhokwa. Le fa gone Tlolaganyo e ne e le ‘segopotso’ sa Bajuda e seng Bakeresete, rona Bakeresete re tshwanetse go itse ka yone le go ithuta dithuto tse di utlwalang sentle tsa yone e le karolo ya ‘Lokwalo lotlhe lo lo tlhotlheleditsweng ke Modimo.’—2 Tim. 3:16.

^ ser. 5 Kgwedi ya ntlha ya khalendara ya Sehebera e ne e bidiwa Abibe, mme moragonyana e ne ya bidiwa Nisane fa Baiseraele ba se na go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. Mo setlhogong seno, re tla dirisa leina Nisane.

^ ser. 11 Fa letsatsi le phirima, go ne go simologa Nisane 15, se se kayang gore Sabata (Lamatlhatso) ya beke le beke ya ngwaga oo, e ne e tsamaisana le letsatsi la ntlha la Moletlo wa Dikuku tse di sa Bedisiwang, o ka metlha e neng e le sabata. E re ka boSabata bano ba babedi ba ne ba nna ka letsatsi le le lengwe mo ngwageng oo, letsatsi leo le ne la bidiwa Sabata “yo mogolo.”—Bala Johane 19:31, 42.