Dingwaga di le 100 Tsa Puso ya Bogosi—Di go Ama Jang?
“Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, . . . Kgosi ya bosakhutleng.”—TSHEN. 15:3.
1, 2. Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng, mme ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Bogosi joo bo tla tla?
KA DIKGAKOLOGO tsa 31 C.E., kwa thabeng e e gaufi le Kaperenama, Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “A Bogosi jwa gago bo tle.” (Math. 6:10) Gompieno batho ba le bantsi ga ba tlhomamisege gore a Bogosi joo bo tla tla. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisegile gore dithapelo tsa rona tse di tswang pelong tsa go kopa gore Bogosi jwa Modimo bo tle, di tla arabiwa.
2 Jehofa o tla dirisa Bogosi go dira gore lelapa la gagwe la kwa legodimong le la mo lefatsheng le nne seoposengwe. Boikaelelo joo jwa gagwe bo tla diragadiwa. (Isa. 55:10, 11) Tota e bile, Jehofa e setse e le Kgosi mo motlheng wa rona! Ditiragalo tse di kgatlhang tse di diregileng mo dingwageng tse 100 tse di fetileng ke bosupi jwa seo. Modimo o direla babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba dimilionemilione ditiro tse dikgolo le tse di kgatlhang. (Seka. 14:9; Tshen. 15:3) Le fa go ntse jalo, go nna Kgosi ga ga Jehofa ga go tshwane le go tla ga Bogosi jwa Modimo jo Jesu a re rutileng gore re bo rapelele. Ditiragalo tseno di farologana jang, mme di re ama jang?
KGOSI E E TLHOMILWENG YA GA JEHOFA E A BUSA
3. (a) Jesu o ne a tlhomiwa leng go nna Kgosi, mme gone kae? (b) O ka bontsha jang bosupi jwa gore Bogosi bo tlhomilwe ka 1914? (Bona ntlha e e kwa tlase.)
3 Go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, batho ba ne ba simolola go tlhaloganya boporofeti jono jo bo nang le dingwaga di le 2 500 bo boletswe, jo bo kwadilweng ke Daniele: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.” (Dan. 2:44) Ka masomesome a dingwaga Baithuti ba Baebele ba ne ba bontsha gore ngwaga wa 1914, e tla nna o o botlhokwa. Ka nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba ikutlwa ba na le tsholofelo. Fela jaaka mokwadi mongwe yo o neng a kwala jaana: “Go ne go na le dilo di le dintsi tse batho ba neng ba di solofetse e bile ba di lebeletse ka 1914.” Le fa go ntse jalo, fa Ntwa ya Lefatshe ya I e ne e simolola moragonyana mo go one ngwaga oo, boporofeti jwa Baebele bo ne jwa diragadiwa. Leuba, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a a neng a latela le go diragadiwa ga dipolelelopele tse dingwe tsa Baebele, di ne tsa supa gore Jesu Keresete o ne a simolotse go busa kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka 1914. * Fa Jehofa a ne a tlhoma Morwaawe go nna Kgosi ya Bomesia, O ne a nna Kgosi ka tsela e nngwe gape!
4. Kgosi e e sa tswang go tlhomiwa e ne ya tsaya kgato efe ka bonako, mme go tswa foo e ne ya lebisa tlhokomelo ya yone mo go bomang?
4 Tiro ya ntlha ya Kgosi ya Modimo e e sa tswang go tlhomiwa, e ne e le go bolotsa ntwa kgatlhanong le Mmaba yo mogolo wa ga Rraagwe e bong Satane. Jesu le baengele ba gagwe ba ne ba leleka Diabolo le madimona a gagwe kwa legodimong. Seno se ne sa lere boitumelo jo bogolo kwa legodimong, mme mo lefatsheng go ne ga nna nako ya masetlapelo a a iseng a ko a nne gone. (Bala Tshenolo 12:7-9, 12.) Go tswa foo, Kgosi e ne ya lebisa tlhokomelo kwa babusiweng ba yone ba ba mo lefatsheng gore e ba itshekise, e ba rute le go ba rulaganyetsa go dira thato ya Modimo. A re sekasekeng kafa tsela e ba neng ba tsibogela ka yone ditiro tseno tse tharo tsa puso ya Bogosi e re tlhomelang sekao se se molemo ka gone gompieno.
KGOSI YA BOMESIA E ITSHEKISA BABUSIWA BA YONE BA BA IKANYEGANG
5. Ke go itshekisiwa gofe go go diregileng magareng ga 1914 le kwa masimologong a 1919?
5 Fa Kgosi e e tlhomilweng e sena go tlosa tlhotlheletso e e sa siamang ya ga Satane le madimona a gagwe kwa legodimong, Jehofa o ne a laela Jesu gore a tlhatlhobe le go itshekisa boemo jwa semoya jwa balatedi ba gagwe mo lefatsheng. Moporofeti Malaki o tlhalosa seno e le go itshekisiwa ga semoya. (Mal. 3:1-3) Hisitori e bontsha gore seno se ne sa direga magareng ga 1914 le kwa masimologong a 1919. * Gore re nne karolo ya lelapa la ga Jehofa la lobopo lotlhe re tshwanetse go nna phepa kgotsa boitshepo. (1 Pet. 1:15, 16) Re tshwanetse ra ipoloka re sa leswafadiwa ke bodumedi jwa maaka kgotsa dipolotiki tsa lefatshe leno.
6. Ke mang yo o re nayang dijo tsa semoya, mme ke ka ntlha yang fa di le botlhokwa?
6 Go tswa foo, Jesu o ne a dirisa taolo e a e neilweng ya go nna kgosi go tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Botlhe ba ba neng ba tla nna “letsomane le le lengwe” le Jesu a le tlhokometseng, ba ne ba tla newa dijo tsa semoya ka metlha ke motlhanka yono. (Math. 24:45-47; Joh. 10:16) Fa e sa le ka 1919, setlhotshwana sa bakaulengwe ba ba tloditsweng se ile sa diragatsa ka boikanyegi maikarabelo a a bokete a go fepa “ba ntlo.” Letlepu la dijo tsa semoya tse re di newang ke motlhanka yono di dira gore tumelo ya rona e gole. Di re nonotsha gore re tswelele re ikemiseditse go nna re le phepa semoyeng, mo boitsholong, mo mogopolong le mo mmeleng. Gape dijo tseno tsa semoya di re ruta le go re tlhomelela gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong e e botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng gompieno. A o dirisa ka botlalo dijo tseno tse re di newang?
KGOSI E RUTA BABUSIWA BA YONE GO RERA MO LEFATSHENG LOTLHE
7. Jesu o ne a simolola tiro efe e e botlhokwa fa a ne a le mo lefatsheng, mme e tla tswelela go fitlha leng?
7 Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng o ne a itsise jaana: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Jesu o ne a dira gore tiro eno e nne yone ya konokono mo botshelong jwa gagwe, dingwaga di ka nna tharo le sephatlho. O ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re: ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:7) Fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla anamisa molaetsa “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) O ne a ba solofetsa gore o tla nna le seabe mo tirong eno e e botlhokwa go tla go fitlha mo motlheng ono wa rona.—Math. 28:19, 20.
8. Kgosi e ne ya tlhotlheletsa jang babusiwa ba yone ba mo lefatsheng gore ba tseye kgato?
8 Ka 1919 ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi’ di ne tsa nna le bokao jo bosha. (Math. 24:14) Kgosi e ne e busa kwa legodimong mme e ne e kokoantse setlhotshwana sa babusiwa ba yone mo lefatsheng ba ba phepafaditsweng. Ba ne ba tsibogela ditaelo tseno tse di kgatlhang tsa ga Jesu ka tlhagafalo: Rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe! (Dit. 10:42) Ka sekai, batho ba ba emang Bogosi nokeng ba ka nna 20 000, ba ne ba nna gone mo kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Cedar Point, Ohio, kwa U.S.A., ka Lwetse 1922. Akanya fela boitumelo jo ba neng ba nna le jone fa Mokaulengwe Rutherford a ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Bogosi” mme a bo a re: “Bonang Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng dingwe ba le 2 000 ba ne ba tsibogela seo ka go tsaya karolo mo “Letsatsing la Tirelo” le le kgethegileng, ba etela magae a a ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 72 go tswa mo lefelong la kopano. Motlakopanong mongwe yo o neng a tlhotlheleditswe ke seo o ne a re: “Ga nkitla ke lebala kitsiso e e neng ya dirwa ya gore re itsise Bogosi, le tlhagafalo e boidiidi jwa batho ba ba neng ba tlile kopanong ba neng ba na le yone!” Ga se ene fela yo o neng a ikutlwa jalo.
9, 10. (a) Go dirilwe dithulaganyo dife go thapisa baboledi ba Bogosi? (b) Wena o solegetswe molemo jang ke thapiso eno?
9 Ka 1922, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 17 000 mo dinageng di le 58 go ralala lefatshe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhoka go thapisiwa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Kgosi e e Tlhophilweng e ne ya naya barutwa ba yone ditaelo tse di utlwalang sentle tsa gore ba rere ka eng, ba rere kae le gore ba rere jang. (Math. 10:5-7; Luke 9:1-6; 10:1-11) Le gompieno Jesu o dirisa mokgwa oo, go tlhomamisa gore batho botlhe ba ba rerang ka Bogosi ba amogela ditaelo le gore ba na le didirisiwa tse di tlhokegang gore ba atlege mo tirong ya go rera. (2 Tim. 3:17) Jesu o dirisa phuthego ya Bokeresete go thapisetsa babusiwa ba gagwe bodiredi. Tsela nngwe e a ba thapisang ka yone ke ka Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se se tshwarwang mo diphuthegong tse di fetang 111 000, mo lefatsheng lotlhe. Fa bareri ba ba fetang dimilione tse supa ba dirisa thapiso eno, ba tlhomelelwa go rera le go ruta ‘batho ba mefuta yotlhe’ ka tsela e e kgatlhang.—Bala 1 Bakorintha 9:20-23.
10 Kwantle ga Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go tlhomilwe dikolo tse dingwe tsa Baebele tse di thapisang bagolwane ba phuthego, babulatsela, bakaulengwe ba ba sa nyalang, banyalani ba Bakeresete, maloko a Komiti ya Lekala le basadi ba bone, balebedi ba ba etang le basadi ba bone mmogo le barongwa. * Baithuti ba tlelase nngwe ya Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete ba ne ba bontsha kafa ba anaanelang sekolo seno ka gone ka go re: “Thapiso e e kgethegileng e re e neilweng e okeditse lorato lo re ratang Jehofa ka lone e bile e re tlhomeletse gore re kgone go thusa ba bangwe.”
11. Baboledi ba Bogosi ba kgonne jang go tswelela ba itshokile le fa ba ganediwa?
11 Mmaba Satane o bona maiteko a a dirwang a go rera le a go ruta ka Bogosi. O tlhasela molaetsa wa Bogosi le bareri ba one ka ditsela tse di bonalang le tse di bofitlha e le go leka go thibela tiro eno. Mme maiteko a gagwe a tla itaya sefololetse. Jehofa o beile Morwaawe “kwa godimodimo ga puso nngwe le nngwe le taolo le maatla le borena.” (Baef. 1:20-22) E re ka Jesu e le Kgosi, o dirisa taolo ya gagwe go sireletsa le go kaela barutwa ba gagwe go tlhomamisa gore thato ya ga Rraagwe e a dirwa. * Dikgang tse di molemo di a rerwa, e bile dimilionemilione tsa batho ba ba ikanyegang di rutiwa ditsela tsa ga Jehofa. Ruri ke tshiamelo go nna le seabe mo tirong eno e kgolo thata!
KGOSI E RULAGANYA BABUSIWA BA YONE GORE BA DIRE TIRO E KGOLO
12. Tlhalosa diphetogo dingwe tse di dirilweng fa e sa le Bogosi bo tlhomiwa.
12 Fa e sa le Bogosi bo tlhomiwa ka 1914, Kgosi e tokafaditse tsela e batlhanka ba Modimo ba rulagantsweng ka yone go dira thato ya ga Rraagwe. (Bala Isaia 60:17.) Ka 1919, go ne ga tlhomiwa mokaedi wa tirelo mo phuthegong nngwe le nngwe gore a etelele pele tiro ya go rera. Ka 1927, go ne ga rulaganngwa tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ka boSontaga. Ka 1931, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba tlhotlheletsega gore ba dire mo gontsi mo tirong ya Bogosi, fa ba ne ba newa leina le le theilweng mo Dikwalong la Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) Ka 1938, ga go a ka ga tlhola go boutelwa banna ba ba tla nnang le maikarabelo mo diphuthegong, go na le moo, ba ne ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo. Ka 1972, setlhopha sa bagolwane se ne sa tlhophiwa gore se okamele phuthego, go na le gore tiro ya go tlhokomela phuthego e dirwe ke molebedi a le mongwe fela. Banna botlhe ba ba tshwanelegang ba ne ba kgothalediwa gore ba kgaratlhele go ‘disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng.’ (1 Pet. 5:2) Ka 1976, Setlhopha se se Laolang se ne sa rulaganngwa go nna dikomiti tse thataro gore di okamele tiro ya Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Go a tshwanela go bo Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa e rulagantse babusiwa ba yone ba Bogosi kgato ka kgato gore ba dire dilo ka tsela ya Modimo.
13. Se puso ya Bogosi e se fitlheletseng mo dingwageng di le 100 se go amile jang?
13 Akanya fela ka se Kgosi ya Bomesia e se fitlheletseng mo pusong ya yone mo dingwageng tsa ntlha di le 100. O itshekisitse batho gore ba emele Jehofa. O ntse a kaela tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo dinageng di le 239 mme o rutile batho ba le dimilionemilione ditsela tsa ga Jehofa. O kopantse babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba fetang dimilione di le supa, mongwe le mongwe wa bone a iketleeditse go dira thato ya ga Rraagwe ka go rata. (Pes. 110:3) Eleruri, ditiro tse Jehofa a di dirileng ka Bogosi jwa Bomesia di dikgolo e bile di molemolemo. Mme go sa ntse go na le ditiragalo tse di itumedisang tse di larileng kwa pele!
MASEGO A MO ISAGWENG A BOGOSI JWA BOMESIA
14. (a) Fa re rapela gore, “A Bogosi jwa gago bo tle” re a bo re kopa Modimo gore a dire eng? (b) Temana ya ngwaga ya 2014 ya reng, mme ke ka ntlha yang fa e tshwanela?
14 Le fa gone Jehofa a tlhomile Morwawe, Jesu Keresete, go nna Kgosi ya Bomesia ka 1914, seno e ne e se karabo e e feletseng ya thapelo ya rona e e reng, “a Bogosi jwa gago bo tle.” (Math. 6:10) Go ne go boleletswe pele mo Baebeleng gore Jesu o ne a tla ‘fenya mo gare ga baba ba gagwe.’ (Pes. 110:2) Dipuso tsa batho tse di laolwang ke Satane di sa ntse di le kgatlhanong le Bogosi. Fa re rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle, re kopa Modimo gore Kgosi ya Bomesia le babusimmogo le ene ba tle go senya dipuso tsa batho le go fedisa batho ba ba leng kgatlhanong le Bogosi jwa gagwe. Seno se tla diragatsa mafoko a a mo go Daniele 2:44 a a reng, Bogosi jwa Modimo bo “tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe.” Bo tla fedisa dipuso tsa dipolotiki tse di leng kgatlhanong le Bogosi. (Tshen. 6:1, 2; 13:1-18; 19:11-21) Nako ya gore seno se direge e gaufi thata. Ruri go a tshwanela gore temana ya rona ya ngwaga ya 2014, dingwaga di le 100 fa e sa le Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa kwa legodimong, e nne Mathaio 6:10: “A Bogosi jwa gago bo tle”!
Temana ya rona ya ngwaga ya 2014: “A Bogosi jwa gago bo tle.”—Mathaio 6:10
15, 16. (a) Ke ditiragalo dife tse di kgatlhang tse di diregang ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete? (b) Ke eng sa bofelo se Jesu a tla se dirang e le Kgosi ya Bomesia, mme seo se tla kaya eng malebana le boikaelelo jwa ga Jehofa ka popo ya gagwe yotlhe?
15 Morago ga gore Kgosi ya Bomesia e fenye baba ba Modimo, e tla latlhela Satane le madimona a gagwe mo moleteng dingwaga di le sekete. (Tshen. 20:1-3) E re ka tlhotlheletso eo e e bosula e tla bo e seyo, Bogosi bo tla tswelela go diragatsa melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo le go fedisa diphelelo tsa boleo jwa ga Adame. Kgosi e tla tsosa dimilionemilione tsa batho ba ba robetseng mo mabitleng mme e tla rulaganya gore go nne le thulaganyo ya lefatshe lotlhe ya go ruta batho ka ga Jehofa. (Tshen. 20:12, 13) Maemo a lefatshe lotlhe a tla bo a tshwana le paradaise e e neng e le kwa tshimong ya Edene. Batho botlhe ba ba ikanyegang ba tla itekanela.
16 Kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete, Bogosi jwa Bomesia bo tla bo bo fitlheletse boikaelelo jwa jone. Go tswa foo, Jesu o tla naya Rraagwe Bogosi. (Bala 1 Bakorintha 15:24-28.) Ga go kitla go tlhola go tlhokega motsereganyi magareng ga Jehofa le bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Barwa botlhe ba Modimo ba kwa legodimong le bana ba gagwe ba mo lefatsheng ba tla nna seoposengwe le Rraabone yo o kwa legodimong e le karolo ya lelapa la gagwe la lobopo lotlhe.
17. O ikemiseditse go dira eng malebana le Bogosi?
17 Ditiragalo tse di kgatlhang tse di diregileng mo dingwageng di le 100 tsa puso ya Bogosi, di re tlhomamisetsa gore Jehofa o na le taolo le gore boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe bo tla diragadiwa. A re tsweleleng re le babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang mme re itsise Kgosi le Bogosi jwa gagwe. Re dira seno re tlhomamisegile gore go ise go ye kae, Jehofa o tla araba thapelo ya rona e e tswang pelong ya gore: “A Bogosi jwa gago bo tle”!
^ ser. 3 Bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? tsebe 88-92.
^ ser. 10 Bona Tora ya Tebelo ya September 15, 2012, tsebe 13-17, “Dikolo Tsa Puso ya Modimo—Bosupi Jwa Lorato Lwa ga Jehofa.”
^ ser. 11 Leba Tora ya Tebelo ya December 1, 1998, tsebe 19-22, go bona dikai tsa dikgetsi tsa molao tse di fentsweng mo dinageng tse di farologaneng.