Go Direla Jehofa Pele ga Malatsi a Masetlapelo a Goroga
“Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo.”—MOR. 12:1.
1, 2. (a) Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwalela basha kgakololo efe? (b) Ke eng fa Bakeresete ba ba mo dingwageng tsa bo50 le go feta le bone ba ka kgatlhegela kgakololo ya ga Solomone?
KGOSI SOLOMONE o ne a tlhotlheletsega gore a kwalele basha mafoko ano: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago, pele ga malatsi a masetlapelo a goroga.” “Malatsi a masetlapelo” ke eng? Solomone o ne a dirisa puo e e monate ya poko go tlhalosa malatsi a masetlapelo a botsofe—matsogo a a roromang, maoto a a kgwetlhang, go tlhoka meno, matlho a a sa boneng sentle, go sa utlwe sentle, moriri o mosweu le mmele o o obegileng. Ga go ope yo o tshwanetseng go leta go fitlha nako eo ya botshelo e goroga, pele a simolola go direla Jehofa.—Bala Moreri 12:1-5.
2 Bakeresete ba le bantsi ba ba leng mo dingwageng tsa bo50 le go feta ba sa ntse ba le matlhagatlhaga. Ba ka tswa ba na le moriri o o pududu, mme gone go ka direga gore ga ba ise ba koafale ka tsela e Solomone a e tlhalositseng. A Bakeresete bano ba ba godileng ba ka solegelwa molemo ke kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e e neng e lebisitswe kwa basheng: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo”? Kgakololo eo e kaya eng?
3. Go gopola Mmopi wa rona yo Mogolo go akaretsa eng?
3 Le fa re ka tswa re na le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa, go molemo gore nako le nako re akanye kafa Mmopi wa rona a leng mogolo ka gone. A botshelo ga bo jese kgakge? Ga go na motho ope yo o ka tlhaloganyang tsela e bo raraaneng ka yone. Jehofa o re neile dilo di le dintsi tse di farologaneng tse di ka re thusang gore re itumelele botshelo. Fa re akanya ka popo ya ga Jehofa, re ikgakolola kafa a nang le lorato, botlhale le maatla ka gone. (Pes. 143:5) Mme gape, go gopola Mmopi wa rona yo Mogolo go akaretsa go akanya ka se a batlang gore re se dire. Ga go pelaelo gore go akanya ka dilo tseno go tla re tlhotlheletsa gore re bontshe gore re leboga Mmopi wa rona ka go mo direla ka botlalo ka mo re ka kgonang ka gone fa re sa ntse re tshela.—Mor. 12:13.
DITSHONO TSE DI TLHOMOLOGILENG MORAGONYANA MO BOTSHELONG
4. Bakeresete ba ba nang le maitemogelo a dingwaga di le dintsi, ba ka ipotsa potso efe, mme ka ntlha yang?
4 Fa e le gore o na le maitemogelo a dingwaga di le dintsi, ipotse potso eno ya botlhokwa, ‘Gone jaanong ke dirisa jang botshelo jwa me, fa ke sa ntse ke le matlhagatlhaga e bile ke na le maatla?’ E re ka o le Mokeresete yo o nang le maitemogelo, o bulegetswe ke ditshono di le dintsi tse ba bangwe ba se nang tsone. O ka bolelela basha se o ithutileng sone mo go Jehofa. O ka nonotsha ba bangwe ka go ba bolelela maitemogelo a o nnileng le one fa o ntse o direla Modimo. Kgosi Dafide o ne a rapelela ditshono tsa go direla Modimo. O ne a re: “Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele . . . Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela, go fitlha ke bolelela kokomana ka lebogo la gago, ke bolelela botlhe ba ba tla tlang, ka thata ya gago.”—Pes. 71:17, 18.
5. Bakeresete ba ba godileng ba ka ruta ba bangwe jang se ba se ithutileng?
5 O ka itsise ba bangwe jang botlhale jo o nnileng le jone fa dingwaga di ntse di feta? A o ka laletsa batlhanka ba Modimo ba basha kwa legaeng la gago gore o ba kgothatse? A o ka ba kopa gore ba tsamaye le wena mo bodireding jwa Bokeresete mme o ba bontshe boitumelo jo o nnang le jone fa o direla Jehofa? Elihu wa bogologolo o ne a re: “Malatsi ka boone a tshwanetse go bua, le bontsintsi jwa dingwaga ke jone jo bo tshwanetseng go itsise botlhale.” (Jobe 32:7) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa basadi ba ba godileng ba Bakeresete gore ba kgothatse ba bangwe ka mafoko le ka go ba tlhomela sekao. O ne a re: ‘A basadi ba ba tsofetseng ba rute se se molemo.’—Tito 2:3.
AKANYA KAFA O KA THUSANG BA BANGWE KA GONE
6. Ke eng fa Bakeresete ba ba nang le maitemogelo a dingwaga di le dintsi ba sa tshwanela go nyatsa bokgoni jwa bone?
6 Fa e le gore o Mokeresete yo o nang le maitemogelo, o ka kgona go thusa ba bangwe. Akanya ka dilo tse o di tlhaloganyang gone jaanong tse o neng o sa di itse dingwaga di le 30 kgotsa 40 tse di fetileng. O kgona go dirisa melaometheo ya Baebele ka botlhale. Ga go pelaelo gore o kgona go fitlhelela dipelo tsa batho ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele. Fa e le gore o mogolwane, o kgona go thusa bakaulengwe ba ba tsayang kgato e e phoso. (Bagal. 6:1) Gongwe o ithutile go okamela ditiro tse di dirwang mo phuthegong, mo mafapheng a dikopano kgotsa kwa dikagong tsa Diholo tsa Bogosi. O ka tswa o itse tsela ya go kgothaletsa dingaka gore di dirise mekgwa e e rileng ya kalafi e le gore di tile go dirisa madi. Le fa e le gore o sa tswa go ithuta boammaaruri, o na le maitemogelo a a botlhokwa a botshelo. Ka sekai, fa e le gore o godisitse bana, o na le bokgoni bongwe jo bo ka nnang mosola. Bakeresete ba ba godileng ba ka kgona go kgothatsa batho ba ga Jehofa ka go ba ruta, go ba kaela le go nonotsa bakaulengwe le bokgaitsadi.—Bala Jobe 12:12.
7. Bakeresete ba ba godileng ba ka thapisa jang basha ka tsela e e molemo?
7 O ka dirisa jang bokgoni jwa gago ka botlalo? Gongwe o ka bontsha basha kafa ba ka simololang dithuto tsa Baebele ka gone le go tswelela ba di tshwara. Fa e le gore o kgaitsadi, a gongwe o ka thusa bommè ba basha gore ba ka tswelela jang ka dilo tsa semoya fa ba ntse ba tlhokometse bana ba bone ba bannye? Fa e le gore o mokaulengwe, a gongwe o ka ruta bakaulengwe ba basha gore ba neele dipuo ka matlhagatlhaga le gore ba nne bareri ba ba atlegileng ba dikgang tse di molemo? A o ka ba bontsha kafa o etelang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ka gone gore o ba kgothatse semoyeng? Le fa e le gore ga o tlhole o na le maatla a o neng o na le one, o na le ditshono tse dintsi tsa go thapisa basha. Lefoko la Modimo la re: “Bontle jwa makau ke maatla a bone, mme bontlentle jwa bannabagolo ke botlhogoputswa jwa bone.”—Dia. 20:29.
GO DIRELA KWA GO NANG LE TLHOKEGO E KGOLWANE GONE
8. Moaposetoloi Paulo o ne a dira eng moragonyana mo botshelong?
8 Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe ka botlalo gore a direle Modimo moragonyana mo botshelong jwa gagwe. Fa a ne a gololwa mo kgolegelong kwa Roma ka 61 C.E., o ne a na le dingwaga di le dintsi a itshoketse tirelo e e bokete ya borongwa mme a ka bo a ile a nna kwa Roma go rera gone. (2 Bakor. 11:23-27) Ga go pelaelo gore bakaulengwe ba kwa Roma ba ne ba tla itumelela gore a tswelele a ba ema nokeng. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a lemoga gore go na le tlhokego e kgolwane kwa moseja. O ne a tsamaya le Timotheo le Tito mo loetong lwa gagwe lwa borongwa, ba ya kwa Efeso, go tswa foo ba ya kwa Kereta, gongwe ba bo ba ya le kwa Makedonia. (1 Tim. 1:3; Tito 1:5) Ga re itse gore a o ne a ya kwa Sepeine, mme gone o ne a ikaeletse go ya koo.—Bar. 15:24, 28.
9. Petere a ka tswa a ile a fudugela leng kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)
9 Moaposetoloi Petere a ka tswa a ne a fetile dingwaga di le 50, fa a ne a fudugela kwa go neng go na le tlhokego e kgolwane gone. Re itse seo jang? Fa e le gore o ne a lekana le Jesu kgotsa gongwe a mo feta, o ne a tla bo a na le dingwaga di ka nna 50 fa a ne a kopana le baaposetoloi ba bangwe kwa Jerusalema ka 49 C.E. (Dit. 15:7) Nako nngwe morago pokano eo, Petere o ne a fudugela kwa Babelona, ga go pelaelo gore o ne a ya go rerela Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba nna mo lefelong leo. (Bagal. 2:9) O ne a nna koo fa a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng, mo e ka nnang ka 62 C.E. (1 Pet. 5:13) Go nna kwa nageng e sele e ka nna kgwetlho, le fa go ntse jalo, Petere ga a ka a letla bogodi bo dire gore a latlhegelwe ke boitumelo jwa go direla Jehofa ka botlalo.
10, 11. Anela maitemogelo a mongwe yo moragonyana mo botshelong a neng a fudugela go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone.
10 Gompieno maemo a Bakeresete ba le bantsi ba ba leng mo dingwageng tsa bo50 le go feta a fetogile, mme ba ka kgona go direla Jehofa ka ditsela tse disha. Ba bangwe ba fudugetse kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Ka sekai, Robert o ne a kwala jaana: “Fa nna le mosadi wa me re ne re le mo dingwageng tsa bo50 re ne ra lemoga gore go na le ditshono tse dintsi tse di re bulegetseng. Morwaarona yo o esi o ne a dule mo gae, re ne re sa tlhole re na le batsadi ba ba tsofetseng ba re ka ba tlhokomelang e bile re ne re amogetse boswa jo bonnye. Ke ne ka lemoga gore fa re ka rekisa ntlo ya rona, re ne re tla kgona go duela sekoloto sa yone re bo re salelwe ke madi a a ka re tlamelang go fitlha ke amogela madi a go rola tiro. Re ne ra utlwela gore kwa Bolivia batho ba le bantsi ba amogela thuto ya Baebele mme go tshela koo ga go tlhoke madi a mantsi. Ka jalo, re ne ra swetsa ka go fudugela koo. Go ne go se motlhofo go tlwaela maemo a ntlo ya rona e ntšha. Sengwe le sengwe se ne se farologane thata le se re neng re se tlwaetse kwa Amerika Bokone. Le fa go ntse jalo, matsapa a rona e ne e se a bophiri.”
11 Robert o tswelela ka gore: “Gone jaanong botshelo jwa rona bo remeletse mo ditirong tsa phuthego. Batho bangwe ba re neng re ithuta le bone Baebele ba ne ba kolobediwa. Re ne re ithuta Baebele le lelapa lengwe le le dikobo dikhutshwane le le neng le nna mo motseng o o dikilometara di le mmalwa go tswa mo re neng re nna teng. Le fa go ntse jalo, beke le beke lelapa leo le ne le tsaya loeto lo lo seng motlhofo go ya kwa toropong gore le kgone go nna gone mo dipokanong. Ruri re ne re itumetse tota fa re bona lelapa leo le gatela pele semoyeng e bile morwaabone yo mogolo a tsenela tirelo ya bobulatsela.”
TLHOKEGO MO TSHIMONG YA PUO E SELE
12, 13. Anela maitemogelo a Mokeresete yo o neng a bona tsela e nngwe ya go direla Jehofa fa a sena go tshwara dingwaga tsa go rola tiro.
12 Diphuthego le ditlhopha tsa puo e sele di ka solegelwa molemo thata ke sekao sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng. Gape motho a ka itumelela go bereka tshimo eo. Ka sekai, Brian a re: “Fa ke sena go tshwara dingwaga di le 65, e leng dingwaga tsa go rola tiro mo Boritane, go ne go se sepe se nna le mosadi wa me re neng re se dira. Bana ba rona ba ne ba dule mo gae e bile gantsi re ne re sa fitlhele batho ba ba kgatlhegang ba re neng re ka ba tshwarela dithuto tsa Baebele. Ke ne ka kopana le lekawana lengwe la kwa China le le neng le dira dipatlisiso mo yunibesithing ya lefelo la rona. O ne a dumela go tla dipokanong, mme ka simolola go ithuta Baebele le ene. Morago ga dibeke di le mmalwa, o ne a simolola go tla le lekawana le lengwe la kwa China le a neng a na le lone kwa yunibesithing. Morago ga dibeke tse pedi, o ne a tla le wa boraro go tswa foo le wa bonè.
13 “Fa mmatlisisi wa botlhano wa kwa China a kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele, ke ne ka akanya gore, ‘Fela ka gonne ke le dingwaga di le 65 ga go kaye gore ke tshwanetse go tlogela tiro ya ga Jehofa.’ Ka jalo, ke ne ka botsa mosadi wa me, yo ke mo fetang ka dingwaga di le pedi gore, a a ka rata go ithuta Se-China. Re ne ra ithuta puo eo ka go reetsa dikhasete tse di rekotilweng. Seo se diregile dingwaga di le lesome tse di fetileng. Go rera mo tshimong ya puo e sele go ne ga dira gore re ikutlwe re le basha gape. Go fitlha jaanong, re setse re ithutile Baebele le Ba-China ba le 112! Bontsi jwa bone ba ne ba nna gone mo dipokanong. Gone jaanong mongwe wa bone o direla le rona e le mmulatsela.”
ITUMELELE GO DIRA SE O KA SE KGONANG
14. Ke eng se Bakeresete ba ba godileng ba ka se itumelelang, mme sekao sa ga Paulo se ba kgothatsa jang?
14 Le fa gone Bakeresete ba le bantsi ba ba leng mo dingwageng tsa bo50 ba na le ditshono tse di molemo tsa go dira dilo tse disha mo tirelong ya ga Jehofa, ga se botlhe ba ba kgonang go dira seo. Bangwe ba bone ga ba na botsogo jo bo siameng, ba bangwe ba tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng kgotsa ba na le bana ba ba ba tlhokomelang. O ka itumelela go itse gore Jehofa o anaanela sengwe le sengwe se o se dirang mo tirelong ya gagwe. Ka jalo, go na le gore o kgobiwe marapo ke se o sa kgoneng go se dira, itumelele se o kgonang go se dira. Akanya ka sekao sa ga moaposetoloi Paulo. O ne a golegilwe mo ntlong ka dingwaga tse dintsi, a sa kgone go tswelela ka maeto a gagwe a borongwa. Le fa go ntse jalo, e ne e re fa batho ba mo etela, o ne a bua le bone ka Dikwalo, a ba nonotsha mo tumelong.—Dit. 28:16, 30, 31.
15. Ke eng fa Bakeresete ba ba godileng ba anaanelwa fela thata?
15 Gape Jehofa o itumelela se Bakeresete ba ba tsofetseng ba ka se dirang mo tirelong ya gagwe. Le fa Solomone a ne a bontsha gore malatsi a masetlapelo a botsogo jo bokoa ga se nako e e molemo, Jehofa o anaanela se Bakeresete ba ba godileng ba kgonang go se dira e le go mmaka. (Luke 21:2-4) Diphuthego di anaanela sekao sa boikanyegi sa bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba godileng.
16. Ke ditshiamelo dife tse go bonalang Ana a se kile a nna le tsone, mme ke eng se a neng a se dira go obamela Modimo?
16 Baebele e bolela gore mosadi mongwe yo o neng a godileng e bong Ana, o ne a tswelela go baka Jehofa ka boikanyegi go fitlha mo botsofeng jwa gagwe. E ne e le motlholagadi wa dingwaga di le 84 fa Jesu a tsholwa. Go bonala a ile a se ka a tshela nako e telele gore a ka nna molatedi wa ga Jesu, gore a tlodiwe ka moya o o boitshepo kgotsa gore a rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa go ntse jalo, Ana o ne a itumelela go dira se a ka se kgonang. ‘O ne a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare.’ (Luke 2:36, 37) Fa moperesiti a ntsha maswalo mo tempeleng moso mongwe le mongwe le maitseboa mangwe le mangwe, Ana o ne a na le boidiidi jo bo neng bo kokoane mo lelwapeng jo bo neng bo rapela ka tidimalo gongwe ka lobaka lwa halofo ya ura. Fa a sena go bona losea Jesu, o ne a “bua ka ngwana yono mo go botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.”—Luke 2:38.
17. Re ka kgona jang go thusa Bakeresete ba ba godileng le ba ba bokoa gore ba nne le seabe mo kobamelong ya boammaaruri?
17 Gompieno re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng gore re thuse Bakeresete ba ba godileng kgotsa ba ba bokoa. Bangwe ba bone ba ka rata go nna gone mo dipokanong tsa phuthego le kwa dikopanong tse dinnye mme ga ba kgone. Mo mafelong a mangwe, diphuthego di rulaganya gore bagodi bao ba reetse dipokano ka thelefouno. Mo mafelong a mangwe seno ga se kgonege. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba sa kgoneng go nna gone mo dipokanong le bone ba ka kgona go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai, dithapelo tsa bone di thusa gore phuthego ya Bokeresete e atlege.—Bala Pesalema 92:13, 14.
18, 19. (a) Ke eng fa Bakeresete ba ba godileng ba ka tswa ba sa lemoge kafa ba kgothatsang ba bangwe ka gone? (b) Ke bomang ba ba ka dirisang kgakololo eno: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo”?
18 Bakeresete ba ba godileng ba ka tswa ba sa lemoge kafa ba kgothatsang ba bangwe ka gone. Ka sekai, le fa Ana a ne a ikanyega ka dingwaga tsotlhe tseo ka go nna gone kwa tempeleng, gongwe o ne a sa lemoge gore makgolokgolo a dingwaga moragonyana sekao sa gagwe se tla kgothatsa ba bangwe. Tsela e Ana a neng a rata Jehofa ka yone e kwadilwe mo Baebeleng. Ga go pelaelo gore tsela e o ratang Modimo ka yone e kwadilwe mo dipelong tsa baobamedimmogo le wena. Ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo”!—Dia. 16:31.
19 Rotlhe re na le fa re felelang gone mo tirelong ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, a rona ba re sa ntseng re na le maatla le matlhagatlhaga, re akanyetseng mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago, pele ga malatsi a masetlapelo a goroga.”—Mor. 12:1.