Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Bona Bontle Jwa ga Jehofa’

‘Bona Bontle Jwa ga Jehofa’

Maemo a a ngomolang pelo a ka re utlwisa botlhoko thata. E ka nna sone fela se re akanyang ka sone, a ka re lapisa, a re koafatsa a bo a ama tsela e re lebang botshelo ka yone. Kgosi Dafide wa kwa Iseraele ya bogologolo o ne a amiwa thata ke matshwenyego a mantsi. O ne a lebana le one jang? Dafide o araba jaana mo go nngwe ya dipesalema tse di amang maikutlo: “Ke ne ka ikuela kwa go Jehofa ka lentswe la me ke kopa thuso; ke ne ka simolola go goela kwa go Jehofa ka lentswe la me gore a nkutlwele botlhoko. Ke ne ka nna ka tshololela matshwenyego a me fa pele ga gagwe; ke ne ka tswelela ka bolela tlalelo ya me fa pele ga gagwe, fa moya wa me o ne o koafala mo teng ga me. Foo o ne wa itse tsela ya me.” Dafide o ne a rapela Modimo ka boikokobetso a kopa thuso.—Pes. 142:1-3.

Ka dinako tsa mathata, Dafide o ne a rapela Jehofa ka boikokobetso a kopa thuso

Dafide o ne a opela jaana mo pesalemeng e nngwe: “Ke kopile selo se le sengwe mo go Jehofa—ke se ke tla se batlang, gore ke nne mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa me, gore ke bone bontle jwa ga Jehofa le go leba tempele ya gagwe ka kanaanelo.” (Pes. 27:4) Dafide e ne e se Molefi, mme akanya a eme kwa ntle ga lolwapa lo lo boitshepo gaufi le boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri. Pelo ya ga Dafide e phophoma ka ditebogo mo e leng gore o ne a batla go fetsa malatsi otlhe a gagwe koo, gore a kgone go ‘bona bontle jwa ga Jehofa.’

Lefoko “bontle” le tsamaisana le boemo jwa go “dumalana kgotsa go itumedisa mogopolo le maikutlo.” Ka metlha Dafide o ne a anaanela thulaganyo ya Modimo ya kobamelo. Le rona re ka ipotsa jaana, ‘A ke ikutlwa jaaka Dafide?’

‘LEBA TEMPELE YA MODIMO KA KANAANELO’

Mo motlheng wa rona, thulaganyo ya ga Jehofa ya go mo obamela ga ya ikaega ka kago e e rileng. Go na le moo, e akaretsa tempele e kgolo ya semoya ya Modimo—thulaganyo e e boitshepo ya kobamelo ya boammaaruri. * Fa re “leba ka kanaanelo” thulaganyo eno, le rona re ka ‘bona bontle jwa ga Jehofa.’

Akanya ka sebeso sa kgotlho sa tshupelo e e fisiwang se se neng se le fa pele ga mojako wa motlaagana. (Ekes. 38:1, 2; 40:6) Sebeso seo se ne se emela go iketleeletsa ga Modimo go amogela botshelo jwa ga Jesu jaaka setlhabelo. (Baheb. 10:5-10) Akanya fela gore seo se kaya eng mo go rona! Moaposetoloi Paulo o ne a re: ‘Fa re ne re letlana le Modimo ka loso lwa Morwawe, re ne re sa ntse re le baba.’ (Bar. 5:10) Fa re bontsha tumelo mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng, re ka kgona go amogelwa ke Modimo a bo a re ikanye e re ka re le ditsala tsa gagwe. Ka ntlha ya seo, re “atamalana thata le Jehofa.”—Pes. 25:14.

E re ka ‘maleo a rona a phimolwa,’ re nna le ‘dipaka tse di lapolosang tse di tswang mo go Jehofa.’ (Dit. 3:19) Boemo jwa rona bo tshwana le jwa mogolegwa yo o ikwatlhaetseng ditiro tsa gagwe tsa nako e e fetileng, a bo a dira diphetogo tse dikgolo fa a ntse a letetse gore a bolawe. Fa moatlhodi yo o pelonomi a bona seno, o tlhotlheletsega go phimola molato wa monna yono—a fedisa katlholo ya gagwe ya loso. Ruri mogolegwa yoo o tla ikutlwa a gololesegile e bile a itumetse! Fela jaaka moatlhodi yoo, Jehofa o amogela batho ba ba ikwatlhayang a bo a fedisa katlholo ya bone ya loso.

ITUMELELE KOBAMELO YA BOAMMAARURI

Dikarolo dingwe tsa kobamelo ya boammaaruri tse Dafide a neng a kgona go di bona mo ntlong ya ga Jehofa, e ne e le go kokoana ga boidiidi jwa Baiseraele, go balwa phatlalatsa ga Molao le go tlhalosiwa  ga one, go tshubiwa ga maswalo le tirelo e e boitshepo e baperesiti le Balefi ba neng ba e dira. (Ekes. 30:34-38; Dipa. 3:5-8; Dute. 31:9-12) Dikarolo tseno tsa kobamelo ya boammaaruri tsa kwa Iseraele wa bogologolo di na le se di se emelang gompieno.

Fela jaaka mo nakong e e fetileng le mo motlheng wa rona, “a bo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarraamotho ba nna mmogo ka kutlwano!” (Pes. 133:1) Go nnile le koketsego e kgolo mo ‘bakaulengweng’ ba rona mo lefatsheng lotlhe. (1 Pet. 2:17) Mo dipokanong tsa rona, Lefoko la Modimo le a balwa le bo le tlhalosiwa. Jehofa o re neile thulaganyo e e re kaelang a dirisa phuthego ya gagwe. Gape go na le dijo tse dintsi tsa semoya tse di gatisitsweng gore re di dirise fa re ithuta re le nosi kgotsa re le lelapa. Mokaulengwe mongwe wa Setlhopha se se Laolang o ne a lemoga jaana: “Go dirisa nako ya fa ke tsogile, ke tlhatlhanya ka Lefoko la ga Jehofa, ke akanya ka bokao jwa lone, ke batla kitso le go le tlhaloganya, go dirile gore ke kgotsofale.” Eleruri ‘kitso e ka nna monate mo moyeng wa rona.’—Dia. 2:10.

Gompieno, dithapelo tse di amogelesegang tsa batlhanka ba Modimo di tlhatlogela kwa go Jehofa letsatsi le letsatsi. Mo go Jehofa, dithapelo tse di ntseng jalo di tshwana le maswalo a a nkgang monate. (Pes. 141:2) A bo moya wa rona o itumela jang ne fa re lemoga gore Jehofa Modimo o a itumela fa re mo rapela ka boikokobetso!

Moshe o ne a rapela jaana: “A bontle jwa ga Jehofa Modimo wa rona bo itshupe bo le mo go rona; le tiro ya diatla tsa rona o e tlhomamise ka thata mo go rona.” (Pes. 90:17) Fa re ntse re dira bodiredi jwa rona ka tlhagafalo, Jehofa o segofatsa tiro ya rona. (Dia. 10:22) Re ka tswa re thusitse batho bangwe gore ba ithute boammaaruri. Gongwe re ile ra itshokela bodiredi ka dingwaga di le dintsi le fa re ile ra ganediwa, ra lwala, ra utlwa botlhoko mo maikutlong kgotsa ra bogisiwa. (1 Bathes. 2:2) Le fa go ntse jalo, re bone ‘bontle jwa ga Jehofa’ mme ra lemoga gore Rrarona yo o kwa legodimong o itumedisiwa thata ke maiteko a rona.

Dafide o ne a opela jaana: “Jehofa ke karolo ya kabelo e ke e neilweng le ya senwelo sa me. O ngangatletse se ke se abetsweng ka bola. Dithapo tse di lekanyang di wetse nna mo mafelong a mantle.” (Pes. 16:5, 6) Dafide o ne a itumeletse “karolo” ya gagwe, ke gore, go nna le kamano e e molemo le Jehofa le tshiamelo ya go mo direla. Fela jaaka Dafide le rona re ka tswa re boga, mme re na le masego a le mantsi a semoya! Ka jalo, a re tsweleleng re rata kobamelo ya boammaaruri mme ka metlha re ‘lebeng ka kanaanelo’ tempele ya ga Jehofa ya semoya.

^ ser. 6 Bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1996, tsebe 14-24.