Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa—Tsala ya Rona e Kgolo

Jehofa—Tsala ya Rona e Kgolo

“[Aborahame] a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’”—JAK. 2:23.

1. E re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, re na le bokgoni bofe?

GANTSI batho ba a tle ba re, “mosimane yo o tshwana le rraagwe.” Eleruri bana ba le bantsi ba tshwana le batsadi ba bone. Tota e bile, ngwana o na le dijini tsa rraagwe le mmaagwe. Jehofa, Rraarona yo o kwa legodimong, ke Monei wa botshelo. (Pes. 36:9) Mme rona bana ba gagwe, re mo gotsitse ka selekanyo se se rileng. E re ka re bopilwe mo setshwanong sa gagwe, re na le bokgoni jwa go baya mabaka, go dira ditshwetso le go dira botsala.—Gen. 1:26.

2. Ke eng se se ka dirang gore Jehofa e nne Tsala ya rona?

2 Jehofa e ka nna Tsala ya rona e kgolo. Botsala joo bo theilwe mo loratong lo Modimo a re ratang ka lone le mo tumelong e re nang le yone mo go ene le mo go Morwawe. Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Go na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Mma re sekasekeng di le pedi tsa tsone.

“ABORAHAME TSALA YA ME”

3, 4. Tlhalosa pharologanyo magareng ga botsala jwa ga Aborahame le Jehofa le jo ditlogolwana tsa gagwe di neng di na le jone le Jehofa.

3 Jehofa o ne a tlhalosa tlhogo ya lotso le mogologolwane wa Baiseraele a re ke “Aborahame tsala ya me.” (Isa. 41:8) Ditiragalo wa  bobedi 20:7 le yone e bitsa Aborahame tsala ya Modimo. Ke eng se se neng sa dira gore monna yoo yo o ikanyegang a nne tsala e kgolo le Mmopi wa gagwe? E ne e le tumelo ya gagwe.—Gen. 15:6; bala Jakobe 2:21-23.

4 Kwa tshimologong, Jehofa e ne ya nna Rre le Tsala ya ditlogolwana tsa ga Aborahame tse e neng ya nna setšhaba sa Iseraele wa bogologolo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi botsala joo bo ne jwa fela. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba sa tlhole ba na le tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa.

5, 6. (a) Jehofa o nnile Tsala ya gago jang? (b) Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone?

5 Fa o nna o ithuta ka Jehofa, tumelo ya gago mo go ene e tla nonofa le tsela e o mo ratang ka yone e tla gola. Akanya fa o ne o lemoga gore Modimo ke Motho wa mmatota, mongwe yo o ka nnang le kamano e e gaufi le ene. Gape o ne wa ithuta gore rotlhe re tsholetswe mo boleong ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga ga Adame. O ne wa ithuta gore batho ba kgaogane le Modimo. (Bakol. 1:21) Go tswa foo, o ne wa lemoga gore Rraarona yo o kwa legodimong ga se motho yo o kgakala le rona, yo o sa re kgatlhegeleng. Fa re sena go ithuta ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu re bo re nna le tumelo mo go sone, re ne ra simolola go nna le botsala le Modimo.

6 Gone jaanong fa re leba kwa morago, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ke dira gore botsala jwa me le Modimo bo nonofe? A tsela e ke ikanyang Tsala ya me e bong Jehofa ka yone le lorato lwa me mo go ene le a gola letsatsi le letsatsi?’ Mongwe gape yo o neng a na le kamano e e gaufi le Jehofa, ke Gideone. Mma re sekasekeng sekao sa gagwe se se molemo mme re se etse.

“JEHOFA O KAGISO”

7-9. (a) Gideone o ne a nna le maitemogelo afe a a gakgamatsang mme diphelelo e ne ya nna dife? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Re ka nna jang le botsala le Jehofa?

7 Moatlhodi Gideone o diretse Jehofa ka nako e Iseraele e neng e lebane le mathata ka yone, morago ga gore setšhaba seo se tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Baatlhodi kgaolo 6 e tlhalosa gore moengele wa ga Jehofa o ne a etela Gideone kwa Ofera. Ka nako eo, Bamidiana ba ne ba batla go tlhasela Baiseraele. Ke lone lebaka le le dirileng gore Gideone a phothe korong mo segatisetsong sa beine mme e seng mo lebaleng gore a tle a e fitlhe ka bonako. E re ka Gideone a ne a gakgamaditswe ke go bo moengele a ne a mmitsa a re “motlhabani yo o thata,” Gideone o ne a ipotsa gore a ruri Jehofa yo o neng a golola Baiseraele kwa Egepeto, o ne a tla mo thusa. Moengele yoo yo o neng a bua mo boemong jwa Mmopi, o ne a tlhomamisetsa Gideone gore ruri Jehofa o tla mo ema nokeng.

8 Gideone o ne a ipotsa gore o tla kgona jang ‘go golola Iseraele mo seatleng sa Bamidiana.’ Jehofa o ne a mo araba ka tsela eno e e utlwalang sentle: “Ka gonne ke tla nna le wena, ruri o tla kgemetha Bamidiana jaaka e ka bo e le motho a le mongwe.” (Baatlh. 6:11-16) Ga go pelaelo gore Gideone o ne a ipotsa gore seno se tla diragala jang mme o ne a batla sesupo. Ela tlhoko gore mo puisanong eno, Gideone o ne a sa belaele gore Jehofa ke Motho wa mmatota.

9 Se se neng sa diragala moragonyana se ile sa nonotsha tumelo ya ga Gideone mme sa dira gore a atamalane le Modimo. Gideone o ne a apaya dijo mme a di naya moengele. Fa moengele a ama dijo ka thobane, dijo tseo di ne tsa jewa ke molelo mme Gideone o ne a lemoga gore eleruri moengele yoo ke moemedi wa ga Jehofa. Gideone o ne a bua jaana a tshogile: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa, gonne ke bone moengele wa ga Jehofa re lebane difatlhego!” (Baatlh. 6:17-22) Mme gone, a seo se ne sa dira gore kamano ya ga Gideone le Modimo e senyege? Nnyaa, le eseng! Go na le moo, Gideone o ne a itse Jehofa mo e leng gore o ne a nna le kagiso le Ene. Re itse seno ka ntlha ya leina le Gideone a neng a le raya sebeso se a neng a se  aga mo lefelong leo—“Jehofa-shalomo.” Leina le ka Sehebera le kayang “Jehofa o Kagiso.” (Bala Baatlhodi 6:23, 24.) Fa re tlhatlhanya ka se Jehofa a re direlang sone letsatsi le letsatsi, re kgona go lemoga gore ke Tsala ya boammaaruri. Go rapela Modimo ka metlha go oketsa maikutlo a rona a kagiso e bile go nonotsha botsala jwa rona le ene.

KE MANG YO O TLA NNANG ‘MOLALEDIWA MO MOGOPENG WA GA JEHOFA’?

10. Go ya ka Pesalema 15:3, 5, ke eng se Jehofa a se lebeletseng mo go rona fa re batla go nna ditsala tsa gagwe?

10 Mme gone, gore Jehofa e nne Tsala ya rona, re tshwanetse go fitlhelela dilo dingwe. Mo go Pesalema 15, Dafide o ne a opela ka se se tlhokegang mo go rona gore re nne ‘balalediwa mo mogopeng wa ga Jehofa,’ ke gore, re nne ditsala tsa Modimo. (Pes. 15:1) Mma re tlotleng ka dilo tseno tse pedi tse di tlhokegang—go tila go senya motho leina le go dirisana le ba bangwe ka boikanyegi. Malebana le dikgang tseno, Dafide o ne a bua jaana ka molalediwa mo mogopeng wa ga Jehofa: “Ga a a senya batho leina ka loleme lwa gagwe . . . Ga a tsaya pipamolomo kgatlhanong le yo o se nang molato.”—Pes. 15:3, 5.

11. Ke eng fa re tshwanetse go tila go senya ba bangwe maina?

11 Mo pesalemeng e nngwe, Dafide o ne a tlhagisa jaana: “Dibela loleme lwa gago mo go se se bosula.” (Pes. 34:13) Fa re sa ikobele kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng, seo se ka senya kamano ya rona le Rraarona yo o kwa legodimong. Kana e bile, go senya motho leina ke sengwe se mmaba yo mogolo wa ga Jehofa e bong Satane, a itsegeng ka sone. Lereo “Diabolo” le tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “yo o senyang ba bangwe maina.” Fa re ikela tlhoko gore re bua eng ka batho ba bangwe, seo se tla dira gore re atamalane le Jehofa. Seo se boammaaruri, segolobogolo ka banna ba ba tlhomilweng mo phuthegong.—Bala Bahebera 13:17; Jude 8.

12, 13. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ikanyega mo dilong tsotlhe? (b) Go ikanyega ga rona go ka ama ba bangwe jang?

12 Sengwe gape se batlhanka ba ga Jehofa ba itsegeng ka sone ke boikanyegi e seng go ja batho ntsoma. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Tswelelang lo re rapelela, gonne re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Baheb. 13:18) E re ka re ikemiseditse go “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe,” ga re batle go tsietsa bakaulengwe ba rona. Ka sekai, fa e le gore re ba thapile, re tlhomamisa gore re ba tshwara sentle e bile re ba duela go ya ka se re dumalaneng le bone ka sone. Rona Bakeresete, re dirisana ka boikanyegi le batho ba re ba thapileng le batho ba bangwe botlhe. Mme fa e le gore Mokeresetemmogo le rona o re thapile, ga re batle gore a re neye ditshiamelo tse di kgethegileng.

13 Gantsi batho ba lefatshe ba akgola Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya boikanyegi jwa bone. Ka sekai, motsamaisi wa khampani nngwe e kgolo ya kago, o ne a lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa se ba se solofeditseng. A re: “Ka metlha lo diragatsa se lo dumetseng gore lo tla se dira.” (Pes. 15:4) Boitshwaro jo bo ntse jalo bo dira gore re nne re na le kamano e e molemo le Jehofa. Mo godimo ga moo, bo isa pako kwa go Rraarona yo o kwa legodimong.

THUSA BA BANGWE GORE E NNE DITSALA TSA GA JEHOFA

Re thusa ba bangwe gore e nne ditsala tsa ga Jehofa (Bona serapa 14 le 15)

14, 15. Re ka thusa ba bangwe jang mo bodireding jwa rona gore e nne ditsala tsa ga Jehofa?

14 Le fa batho ba le bantsi ba re kopanang le bone mo bodireding, ba ka tswa ba dumela gore Modimo o teng, ga ba mo tseye jaaka Tsala ya bone e kgolo. Re ka ba thusa jang? Akanya ka ditaelo tse Jesu a neng a di naya barutwa ba gagwe ba le 70, fa a ne a ba romela gore ba ye go rera ka bobedi ka bobedi, o ne a re: “Gongwe le gongwe fela koo lo tsenang mo ntlong gone buang pele lo re, ‘A ntlo  eno e nne le kagiso.’ Mme fa tsala ya kagiso e le gone, kagiso ya lona e tla nna mo go ene. Mme fa e seyo, e tla boela mo go lona.” (Luke 10:5, 6) Re ka gogela batho mo boammaaruring ka tsela e e botsalano e re buang le bone ka yone. Fa re le botsalano mo bathong ba ba re ganetsang, seno se ka ba kokobetsa bogale, mme ba ka nna ba re reetsa mo nakong e e tlang.

15 Fa re kopana le batho ba ba ineetseng mo bodumeding jwa maaka kgotsa ba ba dumelang mo ditlwaelong tse di leng kgatlhanong le Dikwalo, re tswelela re bua le bone ka botsalano le ka kagiso. Re amogela batho ka lorato mo dipokanong tsa rona segolobogolo ba ba ngomotsweng pelo ke maemo a lefatshe la gompieno mme ba eletsa go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo yo re mo obamelang. Motseletsele wa ditlhogo tsa “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” o re bolelela ka dikao tse dintsi tse di molemo.

RE BEREKA LE TSALA YA RONA E KGOLO

16. Ke ka tsela efe go ka tweng re ditsala tsa ga Jehofa e bile re “badirimmogo” le ene?

16 Gantsi batho ba ba berekang mmogo ba nna ditsala tse di atamalaneng. Batho botlhe ba ba ineetseng mo go Jehofa ba na le tshiamelo ya go nna ditsala tsa gagwe le go nna “badirimmogo” le ene. (Bala 1 Bakorintha 3:9.) Eleruri, fa re ntse re dira tiro ya go rera le go dira barutwa, re nna le kitso e ntsi ka dinonofo tse di molemo tsa Rraarona yo o kwa legodimong. Re bona kafa moya wa gagwe o o boitshepo o re thusang ka gone go tswelela re diragatsa taelo ya gore re rere dikgang tse di molemo.

17. Dijo tsa semoya tse re di newang kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo di bontsha jang gore Jehofa ke Tsala ya rona?

17 Fa re nna le seabe se segolo mo tirong ya go dira barutwa, re tla ikutlwa re atamalane le Jehofa. Ka sekai, re bona kafa Jehofa a thibelang baganetsi ka gone gore ba se ka ba emisa tiro ya go rera. Akanya dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. A ga re a bona sentle kafa Modimo a re kaelang ka gone? Re ntse re itumelela letlepu la dijo tsa semoya tse re tlamelwang ka tsone. Dikopano tse dikgolo le tse dinnye di re bontsha gore Rraarona yo o lorato o tlhaloganya mathata a rona le dilo tse re di tlhokang. Lelapa lengwe le ne la kwala lekwalo leno le le bontshang gore le anaanela kopano ya kgaolo: “Ruri thulaganyo ya kopano e amile dipelo tsa rona. Re ne ra lemoga kafa Jehofa a ratang mongwe le mongwe wa rona ka teng le gore o batla gore re atlege.” Morago ga gore banyalani bangwe ba kwa Jeremane ba nne gone mo kopanong e e kgethegileng kwa Ireland, ba ne ba bontsha go leboga ka tsela e ba neng ba amogelwa le go tlhokomelwa ka yone, ka go re: “Re leboga thata Jehofa le Kgosi ya gagwe e bong Jesu Keresete. Ba re laleditse gore re nne karolo ya setšhaba seno se ruri se leng seoposengwe. Ga re bue fela ka kutlwano mme re itumelela yone letsatsi le letsatsi. Maitemogelo a re nnileng le one mo kopanong eno e e kgethegileng  kwa Dublin, a tla nna a re gopotsa tshiamelo e kgolo e re nang le yone ya go direla Modimo wa rona yo mogolo re le mmogo le lona.”

DITSALA DI A BUISANA

18. Ke eng se re ka ipotsang sone malebana le puisano ya rona le Jehofa?

18 Botsala bo a nonofa fa go na le puisano e e molemo. Mo motlheng ono wa thekenoloji, mekgwa ya go golagana le ba bangwe ka Internet le go romelelana melaetsa e aname. Mme gone, re dira jang fa go tliwa mo kgannyeng ya go bua le Tsala ya rona e Kgolo e bong Jehofa? Ke boammaaruri gore ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) Mme gone, re ipha nako ya go bua le ene ga kae?

19. Ke eng se se tla re thusang fa go le thata go bulela Rraarona yo o kwa legodimong mafatlha?

19 Batlhanka bangwe ba Modimo ba fitlhela go le thata gore ba mmulele mafatlha. Le fa go ntse jalo, seo ke sone se Jehofa a batlang gore re se dire fa re rapela. (Pes. 119:145; Dikhu. 3:41) Fa e le gore go thata go itse gore re ka mo raya ra reng, re ka kgona go bona thuso. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Bothata jwa se re tshwanetseng go se rapelela jaaka re tlhoka ga re bo itse, mme moya ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiweng. Le fa go ntse jalo yo o hukutsang dipelo o itse se se tewang ke moya, ka gonne o rapelela baitshepi tumalanong le Modimo.” (Bar. 8:26, 27) Fa re tlhatlhanya ka mafoko a a kwadilweng mo dibukeng tsa Baebele tse di jaaka Jobe, Dipesalema le Diane seo se tla re thusa gore re kgone go ntshetsa Jehofa maikutlo a rona.

20, 21. Mafoko a ga Paulo a a mo go Bafilipi 4:6, 7 a re gomotsa jang?

20 Fa re lebane le maemo a a ngomolang pelo, a re tlhwaeleng tsebe kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e Paulo a neng a e kwalela Bafilipi: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” Ga go pelaelo gore puisano eo e e molemo le Tsala ya rona e kgolo e tla re gomotsa le go re kgothatsa, ka gonne Paulo o tswelela ka go re: “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) A ka metlha re anaaneleng “kagiso ya Modimo” e e sa lekaneng le epe e e dibelang dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo.

Thapelo e nonotsha jang botsala jwa rona le Modimo? (Bona serapa 21)

21 Thapelo e re thusa gore re leke ka natla go nna ditsala tsa ga Jehofa. Ka jalo, a re ‘rapeleng re sa kgaotse.’ (1 Bathes. 5:17) E kete thuto eno e ka nonotsha kamano ya rona e e botlhokwatlhokwa le Modimo le maikemisetso a rona a go ikobela melao ya gagwe e e siameng. Gape a re ipheng nako ya go tlhatlhanya ka ditshegofatso tse re nang le tsone e re ka ruri Jehofa e le Rraarona, Modimo wa rona le Tsala ya rona.