Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhokomela Bagodi

Go Tlhokomela Bagodi

“Bana ba bannye, a re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 JOH. 3:18.

1, 2. (a) Malapa a le mantsi a lebana le dikgwetlho dife, mme go tsoga dipotso dife? (b) Batsadi le bana ba ka lepalepana jang le dikgwetlho tsa maemo a a fetogang?

GO KA utlwisa botlhoko go lemoga gore batsadi ba gago, ba mo nakong e e fetileng ba neng ba na le maatla e bile ba kgona go itirela dilo, ga ba tlhole ba kgona. Gongwe motsadi mongwe o wele a bo a robega noka, tlhaloganyo ga e tlhole e bereka sentle mme o timetse kgotsa go lemogilwe gore o na le bolwetse bongwe jo bo masisi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, motsadi le ene o lebana le kgwetlho. Motsadi yo o godileng a ka fitlhela go le thata go amogela diphetogo dingwe mo mmeleng wa gagwe kgotsa maemo a mangwe a gone jaanong a dirang gore a se ka a tlhola a kgona go itirela dilo. (Jobe 14:1) Go ka dirwa eng? Ba ka tlhokomelwa jang?

2 Setlhogo sengwe se se buang ka go tlhokomela bagodi sa re: “Le fa go le thata go tlotla ka go tsofala ga batsadi, lelapa le le tlotlang ka kgang eno mme le dumalana ka se se tshwanetseng go dirwa le kgona go lepalepana le sengwe le sengwe se se tla diregang.” Re lemoga botlhokwa jwa motlotlo o o ntseng jalo fa re dumela gore mathata a a bakiwang ke botsofe ga a ka ke a tilwa. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go dira dithulaganyo dingwe le go dira ditshwetso go sa le gale. Mma re tlotleng kafa malapa a ka dirisanang mmogo ka gone ka lorato gore a kgone go lepalepana le dikgwetlho dingwe.

 GO DIRA DITHULAGANYO TSA “MALATSI A MASETLAPELO”

3. Ba malapa ba ka tshwanelwa ke go dira eng fa batsadi ba bone ba ba godileng ba tlhoka thuso e e oketsegileng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

3 Go tla nna le nako e ka yone batho ba bantsi ba ba godileng ba sa tlholeng ba kgona go itlhokomela sentle; ba tlhoka go thusiwa. (Bala Moreri 12:1-7.) Fa batsadi ba ba godileng ba sa tlhole ba kgona go itirela, bone le bana ba bone ba tshwanetse go sekaseka gore ke thuso efe e e molemo e ba ka e bonang mme ba dire dithulaganyo tse ba ka di kgonang. Gantsi go botoka go kopana mmogo lo le lelapa go tlotla ka tsela e lo tla dirisanang ka teng, ka dilo tse di tlhokegang le ditsela tse di tla dirisiwang. Botlhe ba ba amegang, segolobogolo batsadi, ba tshwanetse go ntsha maikutlo a bone ba gololesegile le go tlotla ka dilo tse di tlhokegang ka tsela e e utlwalang. Ba ka nna ba tlotla ka gore a batsadi ba tla tlhoka thuso e e oketsegileng gore ba kgone go nna mo ntlong ya bone ba babalesegile. * Kgotsa ba ka tlotla ka gore mongwe le mongwe wa losika a ka thusa jang go rwala maikarabelo mo lelapeng. (Dia. 24:6) Ka sekai, bangwe ba ka kgona go thusa ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi fa ba bangwe bone ba ka kgona go thusa ka madi. Le fa go ntse jalo, botlhe ba tshwanetse go lemoga gore mongwe le mongwe o na le seabe sa gagwe; seabe seo se ka fetoga fa nako e ntse e ya e bile ba ka tshwanelwa ke go refosana dingwe tsa ditiro tsa bone.

4. Ba lelapa ba ka batla thuso kae?

4 Fa o simolola go tlhokomela batsadi ba gago, iphe nako ya go ithuta go le gontsi ka mo o ka kgonang ka gone ka boemo jwa bone. Fa e le gore mongwe wa batsadi ba gago o tshwerwe ke bolwetse jo bo koafatsang, ithute gore ke dilo dife tse o ka di lebelelang mo nakong e e tlang. (Dia. 1:5) Ikgolaganye le mekgatlho mengwe ya puso e e thusang batho ba ba godileng. Batlisisa gore go na le dithuso dife mo lefelong la lona tse di ka dirang gore tiro ya gago e nne motlhofo le gore o tlhokomele batsadi botoka. Diphetogo tse di ka nnang teng mo lelapeng di ka dira gore o ikutlwe o tshwenyegile mo maikutlong—o utlwile botlhoko thata, o tshogile kgotsa o sa itse gore o dire eng. Bolelela tsala nngwe e o e ikanyang kafa o ikutlwang ka teng. Se se botlhokwa le go feta, bolelela Jehofa se se mo pelong ya gago. A ka dira gore o nne le kagiso ya mogopolo e o e tlhokang gore o kgone go lebana le boemo bope fela.—Pes. 55:22; Dia. 24:10; Bafil. 4:6, 7.

5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go batla tshedimosetso e sa le gale malebana le ditsela tsa go tlhokomela bagodi?

5 Bagodi bangwe le ba malapa a bone ba ka nna ba batla tshedimosetso e sa le gale malebana le ditsela tsa kafa ba ka tlhokomelang batsadi ka gone—tse di jaaka gore a go tla nna botoka gore motsadi a nne le morwa kgotsa morwadi, gore a ba mo ise kwa lefelong la go tlhokomela bagodi kgotsa go dirisa dithuso dingwe tse di leng teng mo lefelong la bone. Ba ile ba lemoga gore go ka nna le ‘matshwenyego le dilo tse di utlwisang botlhoko’ mme ba dira dithulaganyo tsa kafa ba tla lebanang le boemo joo ka teng. (Pes. 90:10) Malapa a le mantsi ga a dire dithulaganyo dipe mme seo se bo se ba pateletsa gore ba dire ditshwetso tse di thata ka lepotlapotla fa go nna le mathata. Mankge mongwe a re: “Eno ga se nako e e siameng le e seng ya go dira ditshwetso tse di ntseng jalo.” Mo maemong ao a go dira dilo ka lepotlapotla jalo, ba lelapa ba ka ngomoga pelo e bile go ka tsoga dikgotlhang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go dira dithulaganyo tsa nako e e tlang, go tla dira gore go nne motlhofo go dira diphetogo tse di ka nnang teng mo nakong e e tlang.—Dia. 20:18.

Lelapa le ka kopana mmogo go tlotla ka gore ba ka tlhokomela jang motsadi yo o tsofetseng (Bona serapa 6-8)

6. Batsadi le bana ba ka solegelwa molemo jang ke go tlotla ka gore batsadi ba tla nna kae?

6 O ka go fitlhela go se motlhofo go bua le batsadi ba gago ka dithulaganyo tsa gore ba tla nna kae le gore go ka nna ga tlhokega gore ba dire diphetogo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba bolela gore metlotlo e e ntseng jalo e ile ya ba solegela molemo thata moragonyana. Ka ntlha yang? Ka gonne metlotlo eo e ile ya ba thusa gore ba dire dithulaganyo tse di tshwanetseng go se na dikgotlhang dipe. Ba lemogile gore go  tlotla ka dilo tseo e sa le gale, ba dira jalo ka lorato le ka bopelonomi, go ba thusitse gore go nne motlhofo go dira ditshwetso fa ba ne ba tlhoka go di dira. Tota le fa bagodi ba batla go nna ba le nosi fa maemo a bone a sa ntse a ba letla, ba ka tlhomamisega gore go tla nna le melemo fa ba tlotla le bana ba bone gore ba tla batla go tlhokomelwa jang fa go tlhokega.

7, 8. Ke dintlha dife tse malapa a tshwanetseng go tlotla ka tsone mme ka ntlha yang?

7 Batsadi, ka nako ya metlotlo e e ntseng jalo, bolelelang ba malapa a lona gore ke eng se lo se batlang, maemo a lona a madi a ntse jang le gore lo tla batla go tlhokomelwa jang. Seo se ka ba thusa gore ba kgone go dira ditshwetso tse di siameng fa e le gore go ka direga gore lona ga lo kgone go dira jalo. Go ka direga gore ba tlotle ditshwetso tsa lona le gore ba lo tlogele lo itirele dilo fa lo sa ntse lo kgona. (Baef. 6:2-4) Ka sekai, a lo lebeletse gore ngwana mongwe wa lona a lo kope gore lo tle go nna le lelapa la gagwe kgotsa a lo lebeletse sengwe se sele? Nnang tekatekano mme lo lemoge gore ga se mongwe le mongwe yo o tla lebang dilo jaaka lona e bile go tsaya nako gore ope fela—motsadi kgotsa ngwana—a fetole tsela e akanyang ka yone.

8 Mongwe le mongwe o tshwanetse go lemoga gore mathata a ka tilwa fa go dirwa dithulaganyo le fa go buisanwa. (Dia. 15:22) Seo se akaretsa go tlotla ka kalafi le dilo tse lo di batlang. Dintlha tse go tlotliwang ka tsone mo karateng ya Durable Power of Attorney (DPA) e Basupi ba ga Jehofa ba e dirisang e bontsha dilo tse lo ka tlotlang ka tsone. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itse, go amogela kgotsa go gana kalafi e a tla e fiwang. Karata eno ya kalafi e tlhalosa se motho a batlang gore se dirwe mo kgannyeng eno. Fa o tlhopha motho yo o tla go saenelang malebana le tsa kalafi (kwa mafelong a seno se letlelelwang le go amogelwa semolao gone) seo se tla go tlhomamisetsa gore o tla go direla ditshwetso tse di siameng fa go tlhokega. Go ka nna molemo gore batho ba o ba tlhophileng ba nne le dikhopi tsa ditlankana tse di tshwanelang fa di ka tlhokega. Bangwe ba ile ba baya dikhopi tseno le diwili tsa bone mmogo le ditlankana tse dingwe tse di botlhokwa tsa inshorense, madi, dinomoro tsa diofisi tsa puso, jalo le jalo.

GO LEPALEPANA LE MAEMO A A FETOGANG

9, 10. Ke diphetogo dife mo botshelong jwa motho yo o tsofetseng tse di ka amang tsela e a tlhokomelwang ka yone?

9 Mo maemong a le mantsi batsadi le bana ba ka nna ba tlhopha gore bagodi ba itirele dilo go ya kafa ba kgonang ka gone. Ba ka tswa ba kgona go apaya, go phepafatsa, go nwa melemo ya bone le go buisana le ba bangwe ba se na mathata. Ka go dira jalo, batsadi ba tlhomamisetsa bana ba bone gore ga ba a tshwanela go tshwenyega thata ka botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, fa batsadi ba sa tlhole ba kgona go ya kwa ba batlang gone, gongwe ba sa kgone go ya mabenkeleng kgotsa ba simolola go lebala thata, bana ba ka nna ba tshwanelwa ke go dira sengwe ka gone.

10 Bagodi ba ka nna ba tshwenyega thata mo maikutlong, ba palelwa ke go laola setlha, go sa utlwe, go sa bone le go latlhegelwa ke tlhaloganyo; le fa go ntse jalo, fa go tlhaga mathata a a ntseng jalo, ba ka kgona go bona kalafi. Fa maemo ano a simolola go tlhagelela, lo ka batla kalafi ya one. Fa seno se direga, bana ba tshwanetse  go tsaya kgato. Ba ka nna ba tshwanelwa ke go dira dithulaganyo tsa gore batsadi ba bone ba ye ngakeng le go dira dilo dingwe tse pele di neng di dirwa ke batsadi ba bone. Gore ba tlhomamise gore batsadi ba bone ba bona tlhokomelo e e siameng, ba ka nna ba tshwanelwa ke go ba thusa ka go ba buelela, go ba thusa ka makwalo le diforomo dingwe, go ba kgweeletsa dikoloi le dilo tse dingwe.—Dia. 3:27.

11. Ke eng se se ka dirwang go fokotsa ditlhobaelo tse batsadi ba nnang le tsone fa go dirwa diphetogo?

11 Fa e le gore mathata a batsadi ba gago ga a kgone go rarabologa, o ka nna wa tshwanelwa ke go dira diphetogo tsa gore ba tlhokomelwa jang kgotsa gore ba tla nna kae. Fa o sa dire diphetogo tse dintsi, go tla nna motlhofo gore ba tlwaele. Fa e le gore o nna kgakala le batsadi ba gago, a gongwe go ka nna molemo gore Mosupi mmogo le wena kgotsa moagelani a nne a tlhole batsadi ba gago gangwe le gape mme a go itsise gore ba tsoga jang? A ba tlhoka fela go thusiwa ka tiro ya go apaya le go phepafatsa? A gongwe go dira diphetogo dingwe tse dinnye mo ntlong go ka dira gore go nne motlhofo le gore go babalesege gore ba kgone go tsamayatsamaya mo ntlong, go tlhapa le go dira dilo tse dingwe? Gongwe se batho ba ba godileng ba se tlhokang e le gore ba kgone go tswelela ba nna ba le nosi e ka nna gore ba batlelwe motho yo o ka ba thusang mo gae? Le fa go ntse jalo, fa e le gore ga go a babalesega gore ba nne ba le nosi, go ka nna ga tlhokega gore ba nne le motho yo o tla nnelang ruri le bone gore a ba thuse. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, batlisisa gore ke dithuso dife tse di leng gone mo lefelong la lona. *Bala Diane 21:5.

KAFA BANGWE BA LEBANANG LE KGWETLHO ENO KA TENG

12, 13. Bana ba ba nnang kgakala le batsadi ba bone ba ka tswelela ba ba tlhokomela le go ba tlotla jang?

12 Bana ba ba lorato ba batla gore batsadi ba bone ba nne ba itumetse. Fa bana ba itse gore batsadi ba bone ba tlhokometswe, seo se tla dira gore ba nne le kagiso ya mogopolo. Le fa go ntse jalo, e re ka bana ba le bantsi ba na le maikarabelo a mangwe, ga ba nne gaufi le batsadi ba bone. Mo maemong a a ntse jalo, bangwe ba ile ba dirisa malatsi a boikhutso go etela le go thusa batsadi ka dilo tse ba di tlhokang, ba ba direla ditiro tse ba sa tlholeng ba kgona go di dira. Go leletsa batsadi mogala—fa go kgonega letsatsi le letsatsi—go ba kwalela makwalo kgotsa go ba romelela e-mail, go tla ba tlhomamisetsa gore o a ba rata.—Dia. 23:24, 25.

13 Tota le fa o sa nne gaufi le batsadi ba gago, o tshwanetse go tlhomamisa gore ke tlhokomelo efe e ba e tlhokang letsatsi le letsatsi. Fa e le gore batsadi ba gago ke Basupi mme ga o nne gaufi le bone, o ka nna wa bua le bagolwane ba phuthego ya bone, go utlwa gore ba akantsha eng. Mme o se ka wa lebala go rapelela kgang eo. (Bala Diane 11:14.) Tota le fa e le gore batsadi ba gago ga se Basupi, o sa ntse o tshwanetse go “tlotla rrago le mmago.” (Ekes. 20:12; Dia. 23:22) Gone ke boammaaruri gore malapa ga a kitla a dira ditshwetso tse di tshwanang. Ba bangwe ba dira dithulaganyo tsa gore batsadi ba bone ba ba godileng ba nne le bone kgotsa ba fudugele gaufi le bone. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha seo se kgonegang. Batsadi bangwe ga ba rate go nna le bana ba bone le malapa a bone; ba rata go nna kwa matlong a bone e bile ga ba batle go nna morwalo. Ba bangwe ba ka tswa ba na le madi a go duelela gore ba tlhokomelwe ba ntse ba nna mo matlong a bone—mme e ka tswa e le se ba se batlang.—Mor. 7:12.

14. Ke mathata afe a batho ba e leng bone segolobogolo ba tlhokomelang batsadi ba ka lebanang le one?

14 Mo malapeng a le mantsi, gantsi ngwana yo o nnang gaufi le batsadi e ka nna ene yo o nang le maikarabelo a go tlhokomela batsadi. Le fa go ntse jalo, batho ba e leng bone segolobogolo ba tlhokomelang batsadi ba tshwanetse go nna tekatekano malebana le se batsadi ba bone ba se tlhokang le se ba malapa a bone ba se tlhokang. Motho mongwe le mongwe o na le nako e e rileng le maatla a a ka a dirisang go tlhokomela ba bangwe. Gape maemo a motho yo o tlhokomelang batsadi a ka fetoga, mme seno sa dira gore dithulaganyo di tshwanelwe ke go fetolwa. A gongwe motho a le mongwe  mo lelapeng o na le maikarabelo a le mantsi? A bana ba bangwe le bone ba ka thusa ka tsela e e oketsegileng, gongwe ba refosana go tlhokomela batsadi?

15. Go ka tilwa jang gore motho yo o tlhokomelang batsadi a se ka a nna le letsapa le le tseneletseng?

15 Fa e le gore motsadi o tlhoka go direlwa dilo tse dintsi, seo se ka dira gore motho yo a mo tlhokomelang a nne le letsapa le le tseneletseng. (Mor. 4:6) Bana ba ba lorato ba tla dira se ba ka se kgonang go tlhokomela batsadi ba bone, mme fa batsadi ba batla dilo tse dintsi e ka nna mokgweleo mo go bone. Batho ba ba ba tlhokomelang ba tshwanetse go nna tekatekano mme ba batle thuso. Fa bana ba nna ba thusa batsadi gangwe le gape, seo se ka dira gore go se ka ga tlhokega gore ba ba ise kwa lefelong la go tlhokomela bagodi.

16, 17. Bana ba ka lebana le dikgwetlho dife fa ba tlhokometse batsadi ba bone ba ba tsofetseng, mme ba ka lepalepana jang le tsone? (Bona gape le lebokose le le reng, “Itumelele go Tlhokomela Bagodi.”)

16 Go utlwisa botlhoko thata go bona ditlamorago tse di botlhoko tsa go tsofala ga batsadi ba ba rategang. Batho ba le bantsi ba ba tlhokomelang batsadi ba a tle ba ikutlwe ba hutsafetse, ba tlhobaela, ba betwa ke pelo, ba galefile, ba ikutlwa molato, tota le e leng go tenega. Ka dinako tse dingwe, motsadi a ka bua dilo tse di utlwisang botlhoko kgotsa a sa leboge. Fa seo se direga, o se ka wa nna bonako go kgopisega. Mankge mongwe wa malwetse a tlhaloganyo a re: “Tsela e e molemo thata ya go lebana le maikutlo ape fela, segolobogolo a a sa go itumediseng, ke gore o a amogele. O se ka wa itlhokomolosa maikutlo ao kgotsa wa ikutlwa molato ka tsela e o ikutlwang ka yone.” Bua le molekane wa gago, mongwe wa lelapa kgotsa tsala nngwe e o e ikanyang malebana le kafa o ikutlwang ka teng. Seo se tla go thusa gore o tlhaloganye lebaka la go bo o ikutlwa ka tsela eo.

17 Go ka nna ga fitlha nako e ka yone lelapa le sa tlholeng le kgona go tlhokomela mongwe yo ba mo ratang mo gae. Fa go le jalo, ba lelapa ba ka swetsa ka gore a isiwe kwa lefelong la go tlhokomela bagodi. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a etela mmaagwe kwa lefelong la go tlhokomela bagodi mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. O bua jaana: “Re ne re sa kgone go naya Mmè tlhokomelo ya letsatsi lotlhe e a neng a e tlhoka. Go ne go se motlhofo go dira tshwetso ya gore a ye kwa lefelong la go tlhokomela bagodi. Go ne go utlwisa botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, e ne e le tshwetso e e molemo thata e re e dirileng, e e neng ya mo solegela molemo mo dikgweding tsa gagwe tsa bofelo, mme o ne a e amogela.”

18. Batho ba ba tlhokomelang bagodi ba ka tlhomamisega ka eng?

18 Maikarabelo a go tlhokomela batsadi ba gago fa ba ntse ba tsofala a ka nna thata e bile a ka ngomola pelo. Ga go na tharabololo e e kwadilweng ya gore motho yo o godileng a ka tlhokomelwa jang. Le fa go ntse jalo, fa o rulaganya dilo sentle le batsadi ba gago, o dirisana le bone, o buisana sentle le bone mme mo godimo ga tsotlhe, o rapela go tswa pelong, o tla kgona go diragatsa maikarabelo a gago a go tlotla batsadi ba gago. Fa o dira jalo, o ka itumelela go itse gore ba newa tlhokomelo e ba e tlhokang. (Bala 1 Bakorintha 13:4-8.) Se se botlhokwa le go feta, o ka tlhomamisega gore o tla nna le kagiso ya mogopolo e Jehofa a segofatsang batho ba ba tlotlang batsadi ba bone ka yone.—Bafil. 4:7.

^ ser. 3 Se batsadi le bana ba ratang go se dira se ka tlhotlhelediwa ke setso sa mo lefelong la bone. Mo mafelong mangwe go tlwaelegile e bile ke se batho ba le bantsi ba ratang go se dira gore dikokomana tse di farologaneng tsa lelapa di nne mmogo kgotsa gore di kopane ka metlha.

^ ser. 11 Fa e le gore batsadi ba gago ba sa ntse ba nna kwa gae, tlhomamisa gore batho ba ba ba tlhokomelang ba lo ba ikanyang ba nna le dilotlolo tsa ntlo, gore fa batho ba ba godileng ba ka tlhagelwa ke kotsi ba kgone go tsena.