Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bona “Ene Yo o Sa Bonaleng”?

A o Bona “Ene Yo o Sa Bonaleng”?

“O ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.”—BAHEB. 11:27.

1, 2. (a) Tlhalosa lebaka la go bo Moshe a ne a lebega a le mo kotsing. (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a sa boife bogale jwa kgosi?

FARO e ne e le mmusi yo o boifiwang e bile e le modimo yo o tshelang wa Baegepeto. Buka ya When Egypt Ruled the East e tlhalosa gore mo matlhong a Baegepeto, Faro “o ne a gaisa dibopiwa tsotlhe tsa lefatshe ka botlhale le maatla.” E le gore a dire gore babusiwa ba gagwe ba mmoife, o ne a rwala serwalo sa bogosi se se nang le setshwantsho sa kake e e ipaakanyeditseng go loma—e le segopotso sa gore baba ba kgosi ba tla nyelediwa ka bonako. Ka jalo, akanya fela gore Moshe o ne a ikutlwa jang fa Jehofa a ne a mmolelela jaana: “Mma ke go rome kwa go Faro, mme o ntshe batho ba me bomorwa Iseraele mo Egepeto.”—Ekes. 3:10.

2 Moshe o ne a ya kwa Egepeto, a bolela molaetsa wa Modimo mme a galefisa Faro. Fa dipetso tse robongwe di sena go wela Egepeto, Faro o ne a tlhagisa Moshe a re: “O se ka wa leka go tlhola o leba sefatlhego sa me, ka gonne ka letsatsi le o lebang sefatlhego sa me ka lone o tla swa.” (Ekes. 10:28) Pele ga Moshe a tloga fa pele ga ga Faro, o ne a bolelela pele gore morwa kgosi wa leitibolo o tla swa. (Ekes. 11:4-8) Kgabagare, Moshe o ne a laela lelapa lengwe le lengwe la Baiseraele gore ba bolaye podi kgotsa phelehu—phologolo e e boitshepo  mo modimong wa Baegepeto e bong Ra—mme ba kgatshe madi a yone mo mephakwaneng ya kgoro. (Ekes. 12:5-7) Faro o ne a tla itshwara jang? Moshe o ne a sa mmoife. Ka ntlha yang? Ka tumelo o ne a ikobela Jehofa, “e se gore o ne a boifa bogale jwa kgosi, gonne o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.”—Bala Bahebera 11:27, 28.

3. Re tlile go sekaseka eng ka tumelo ya ga Moshe mo go “Ene yo o sa bonaleng”?

3 A tumelo ya gago e nonofile mo e keteng o kgona go “bona Modimo”? (Math. 5:8) E le go re thusa go tokafatsa tsela e re lebang dilo tsa semoya ka yone, gore re kgone go bona “Ene yo o sa bonaleng,” a re sekasekeng sekao sa ga Moshe. Go nna le tumelo mo go Jehofa go mo sireleditse jang mo go boifeng batho? Ke ka tsela efe a neng a bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo? Mme go bo Moshe a ne a kgona go bona “Ene yo o sa bonaleng” go mo nonotshitse jang fa ene le batho ba a neng a ba etelela pele ba ne ba le mo kotsing?

GA A KA A BOIFA “BOGALE JWA KGOSI”

4. Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, Moshe o ne a le mo boemong bofe fa pele ga ga Faro?

4 Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, Moshe e ne e se sepe fa a bapisiwa le Faro. Go ne go lebega Faro a laola botshelo jwa ga Moshe le isagwe ya gagwe. Moshe ka boene o ne a botsa Jehofa jaana: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro le gore ke ntshe bomorwa Iseraele kwa Egepeto?” (Ekes. 3:11) Dingwaga di ka nna 40 pele ga foo, Moshe o ne a tshaba go tswa kwa Egepeto. A ka tswa a ne a ipotsa gore, ‘A tota go botlhale gore ke boele kwa Egepeto ke ipeye mo kotsing ya go galefisa kgosi?’

5, 6. Ke eng se se thusitseng Moshe gore a boife Jehofa e seng Faro?

5 Pele ga Moshe a boela kwa Egepeto, Modimo o ne a mo ruta molaomotheo wa botlhokwa, o moragonyana Moshe a neng a o kwala mo bukeng ya ga Jobe o o reng: “Go boifa Jehofa—ke jone botlhale.” (Jobe 28:28) Jehofa o ne a thusa Moshe gore a nne le poifo eo le gore a dire dilo ka botlhale ka go mmontsha pharologano e e leng fa gare ga batho le Modimo Mothatayotlhe. O ne a mmotsa jaana: “Ke mang yo o diretseng motho molomo kgotsa ke mang yo o tlhomang yo o sa kgoneng go bua kgotsa yo o susu kgotsa yo o bonang sentle kgotsa sefofu? A ga se nna, Jehofa?”—Ekes. 4:11.

6 Moshe o ne a ithuta eng mo go seno? O ne a sa tlhoke go boifa. O ne a rometswe ke Jehofa, yo o neng a tla mo naya sengwe le sengwe se a se tlhokang gore a ise molaetsa wa Modimo kwa go Faro. Mme Faro e ne e se sepe fa a bapisiwa le Jehofa. Tota e bile, leno e ne e se lekgetlho la ntlha batlhanka ba Modimo ba nna mo kotsing mo pusong ya Baegepeto. Gongwe Moshe o ne a akanya ka tsela e Jehofa a neng a mo sireletsa ka yone a bo a sireletsa le Aborahame le Josefa ka nako ya puso ya Bofaro ba ba fetileng. (Gen. 12:17-19; 41:14, 39-41; Ekes. 1:22–2:10) E re ka Moshe a ne a na le tumelo mo go “Ene yo o sa bonaleng” o ne a nna pelokgale mme a tla fa pele ga ga Faro a mmolelela lefoko lengwe le lengwe le Jehofa a neng a mo laetse gore a le bue.

7. Go nna le tumelo mo go Jehofa go ne ga sireletsa kgaitsadi mongwe jang?

7 Go nna le tumelo mo go Jehofa go ne ga sireletsa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Ella, gore a se ka a tshaba batho. Ka 1949, Ella o ne a tshwarwa ke KGB, kwa Estonia mme a apolwa diaparo, mapodisi a a sa ntseng a le masha ka dingwaga a ne a mo gotolela matlho. A re: “Ke ne ka tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go rapela Jehofa, ke ne ka nna le kagiso ya mogopolo ka bo ka ritibala.” Go tswa foo, Ella o ne a tsenngwa mo seleng a le esi malatsi a le mararo. O tlhalosa jaana: “Mapodisi a ne a goa a re: ‘Re tlile go dira gore tota le leina Jehofa le se ka la gakologelwa mo Estonia! O ya kwa kampeng mme ba bangwe ba ya kwa Siberia!’ Gape ba ne ba bua ba sotla ba re, ‘Jehofa wa gago o kae?’” A Ella o ne a tla boifa batho kgotsa o ne a tla ikanya Jehofa? Fa a ne a botsolodiwa, o ne a bua a sa boife a bolelela basotli ba gagwe jaana: “Ke akantse thata ka  kgang eno, go botoka gore ke tshele mo kgolegelong ke na le kamano e e molemo le Modimo go na le gore ke gololesege mme gone a sa nkamogele.” Mo go Ella, Jehofa e ne e le motho wa mmatota fela jaaka banna ba ba neng ba eme fa pele ga gagwe. Tumelo ya gagwe e ne ya mo thusa gore a nne a ikanyega.

8, 9. (a) Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra boifa batho? (b) Fa e le gore o raelesega go boifa motho, o ka tlhoma mogopolo mo go mang?

8 Go nna le tumelo mo go Jehofa go tla go thusa gore o fenye dipoifo tsa gago. Fa balaodi ba ba nang le maatla ba ka leka go fokotsa kgololesego ya gago ya go obamela Modimo, go ka lebega e kete ba laola botshelo jwa gago le isagwe ya gago. O ka nna wa bo wa ipotsa gore a go botlhale go tswelela o direla Jehofa, mme o galefise balaodi. Se lebale seno: O ka kgona go fenya go boifa batho ka go nna le tumelo mo Modimong. (Bala Diane 29:25.) Jehofa o botsa jaana: “O mang gore o boife motho yo o nang le go swa yo o tla swang, le morwa batho yo o tla dirwang jaaka bojang fela jo botala?”—Isa. 51:12, 13.

9 Tlhoma mogopolo mo go Rraago yo e leng mothatayotlhe. O bona ba ba bogang ka ntlha ya tshiamololo ya babusi ba ba gatelelang, o ba utlwela botlhoko mme o tsaya kgato. (Ekes. 3:7-10) Tota le fa o ka tshwanelwa ke go femela tumelo ya gago fa pele ga babusibagolo ‘o se ka wa tlhobaela kaga gore o tla bua jang kgotsa eng; gonne se o tla se buang o tla se newa ka nako eo.’ (Math. 10:18-20) Babusi ba batho le badiredibagolo ba dipuso ga se sepe fa ba bapisiwa le Jehofa. Fa o nonotsha tumelo ya gago gone jaanong, o tla kgona go bona Jehofa e le Motho wa mmatota yo o iketleeleditseng go go thusa.

O NE A BONTSHA TUMELO MO DITSHOLOFETSONG TSA MODIMO

10. (a) Jehofa o ne a naya Baiseraele ditaelo dife ka kgwedi ya Nisane ka 1513 B.C.E.? (b) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ile a ikobela ditaelo tsa Modimo?

10 Mo kgweding ya Nisane ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a bolelela Moshe le Arone gore ba neye Baiseraele ditaelo tseno tse di sa tlwaelegang: Itlhophele nku kgotsa podi e tonanyana mme o e bolaye o bo o kgatshe madi a yone mo mephakwaneng ya dikgoro. (Ekes. 12:3-7) Moshe o ne a dira eng? Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka ene: “Ka tumelo o ne a ketekile tlolaganyo le go kgatšhiwa ga madi, gore mosenyi a se ka a ama maitibolo a bone.” (Baheb. 11:28) Moshe o ne a itse gore Jehofa o a ikanyega, mme o ne a bontsha tumelo mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya go bolaya barwa ba maitibolo ba Baegepeto.

11. Ke eng fa Moshe a ile a tlhagisa batho ba bangwe?

11 Go ka direga gore bomorwa Moshe ba ne ba le kwa Midiane, ba le kgakala le “mosenyi.” * (Ekes. 18:1-6) Le fa go ntse jalo, o ne a nna kutlo mme a laela malapa a mangwe a Baiseraele a barwa ba one ba maitibolo ba neng ba le mo kotsing. Matshelo a batho a ne a le mo kotsing mme Moshe o ne a rata beng ka ene. Baebele ya re: “Moshe a bitsa banna botlhe ba bagolwane ba Iseraele ka bonako mme a ba raya a re: . . . ‘Lo tlhabe phologolo e e bolaelwang tlolaganyo.’”—Ekes. 12:21.

12. Jehofa o re laetse go itsise molaetsa ofe o o botlhokwa?

12 Ka kaelo ya baengele, batho ba ga Jehofa ba bua molaetsa ono o o botlhokwa: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” (Tshen. 14:7) Gone jaanong ke nako ya gore re bolele molaetsa oo. Re tshwanetse go tlhagisa baagelani ba rona gore ba tswe mo go Babelona yo Mogolo, gore ba se ka ba “amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.” (Tshen. 18:4) “Dinku tse dingwe” di thusa Bakeresete ba ba tloditsweng go kopa batho ba ba kgaoganeng le Modimo gore ba ‘letlane’ le ene.—Joh. 10:16; 2 Bakor. 5:20.

Go tshepa ditsholofetso tsa ga Jehofa go tla godisa keletso ya gago ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo (Bona serapa 13)

13. Ke eng se se tla godisang keletso ya gago ya go bolelela ba bangwe ka dikgang tse di molemo?

13 Re tlhatswegile pelo gore ruri ‘nako ya go atlhola’ e gorogile. Gape re na le tumelo  gore Jehofa ga a feteletse dilo fa a bua ka go potlaka ga tiro ya rona ya go rera le go dira barutwa. Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a “bona baengele ba banè ba eme mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, ba ngangatletse diphefo tse nnè tsa lefatshe.” (Tshen. 7:1) Ka tumelo, a o bona baengele bao ba ba iketleeleditseng go tlogela diphefo tseo tse di senyang tsa pitlagano e kgolo ya lefatshe leno? Fa o bona baengele bao ka matlho a tumelo, o tla kgona go rera dikgang tse di molemo o tlhatswegile pelo.

14. Ke eng se se re tlhotlheletsang go ‘tlhagisa moikepi mo tseleng ya gagwe e e boikepo’?

14 Bakeresete ba boammaaruri ba setse ba na le kamano le Jehofa le tsholofelo ya go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, re lemoga gore ke boikarabelo jwa rona go ‘tlhagisa moikepi mo tseleng ya gagwe e e boikepo gore a tshele.’ (Bala Esekiele 3:17-19.) Gone ke boammaaruri gore ga re rere fela gore re se ka ra nna le molato wa madi. Re rata Jehofa e bile re rata le baagelani ba rona. Jesu o ne a bontsha se tota lorato le kutlwelobotlhoko e leng sone, mo setshwantshong sa gagwe sa Mosamarea yo o molemo. Re ka nna ra ipotsa gore, ‘A jaaka Mosamarea ke “tlhotlheletsega go tlhomoga pelo” go neela bosupi?’ Tota e bile, le ka motlha re ka se batle go tshwana le moperesiti le Molefi ba ba mo setshwantshong seo, re itlhokomolosa se se diregang re bo re feta “kafa letlhakoreng le lengwe.” (Luke 10:25-37) Go nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo le go rata baagelani go tla re tlhotlheletsa go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera pele ga nako e fela.

“BA NE BA RALETSE LEWATLE LE LEHIBIDU”

15. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba ikutlwa ba gaeletswe?

15 Go nna le tumelo ga ga Moshe mo  go “Ene yo o sa bonaleng” go ile ga mo thusa fa Baiseraele ba ne ba le mo kotsing fa ba sena go tswa kwa Egepeto. Baebele ya re: “Bomorwa Iseraele ba tsholetsa matlho mme bona, Baegepeto ba ne ba gwanta kafa morago ga bone; mme bomorwa Iseraele ba boifa thata mme ba simolola go goela kwa go Jehofa.” (Ekes. 14:10-12) A mathata ano a ne a sa lebelelwa? Le e seng. Jehofa o ne a boleletse pele jaana: “Ke tla letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mme o tla ba lelekisa mme ke tla iponela kgalalelo ka Faro le mephato yotlhe ya gagwe ya sesole; mme Baegepeto ba tla itse gore ke nna Jehofa.” (Ekes. 14:4) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba bona dilo fela ka tsela e batho ba di lebang ka yone—ba ne ba bona ba lebane le Lewatle le Lehibidu le motho a ka se kgoneng go feta mo go lone, dikoloi tsa ntwa tsa ga Faro tse di bofefo kafa morago ga bone le gore ba ne ba eteletswe pele ke modisa yo o nang le dingwaga di le 80! Ba ne ba ikutlwa ba gaeletswe.

16. Tumelo e ile ya nonotsha Moshe jang kwa Lewatleng le Lehibidu?

16 Mme gone, Moshe ga a ka a boifa. Ka ntlha yang? Ka gonne matlho a gagwe a tumelo a ne a bona sengwe se se maatla thata go gaisa lewatle le masole. O ne a kgona go bona “poloko ya ga Jehofa” e bile o ne a itse gore Jehofa o tla tlhabanela Baiseraele. (Bala Ekesodo 14:13, 14.) Tumelo ya ga Moshe e ile ya tlhotlheletsa batho ba Modimo. Baebele ya re: “Ka tumelo ba ne ba feta ba raletse Lewatle le Lehibidu jaaka mo lefatsheng le le omileng, mme fa Baegepeto bone ba ne ba lekeletsa go feta mo go lone, ba komediwa.” (Baheb. 11:29) Morago ga foo, “batho ba simolola go boifa Jehofa le go dumela mo go Jehofa le Moshe motlhanka wa gagwe.”—Ekes. 14:31.

17. Ke tiragalo efe ya mo isagweng e e tla lekang tumelo ya rona?

17 Go ise go ye kae, go tla bonala e kete matshelo a rona a mo kotsing. Fa pitlagano e kgolo e fitlha mo setlhoeng sa yone, mebuso ya lefatshe leno e tla bo e fedisitse gotlhelele mekgatlho ya bodumedi e e leng megolo e bile e le mentsi go feta mokgatlho wa rona. (Tshen. 17:16) Jehofa o bolelela pele seemo sa rona se se kotsi ka go se tlhalosa e le “lefatshe la naga e e bulegileng ya selegae . . . , ba se na lobota, mme ga ba na le fa e le mophakalego le ditswalo.” (Esek. 38:10-12, 14-16) Fa re leba dilo ka tsela e batho ba di lebang ka yone, go tla lebega e kete re ka se falole. O tla dira eng?

18. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re ka kgona go nna re nitame ka nako ya pitlagano e kgolo.

18 Ga re a tshwanela go boifa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o ile a bolelela pele ka go tlhaselwa ga batho ba Modimo. Gape o ile a bolelela pele gore diphelelo tsa gone e tla nna eng. “‘Mo letsatsing la fa Gogo a tla mo lefatsheng la Iseraele,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘gore tšararego ya me e tla tlhatloga e tsena mo nkong ya me. Mme ke tla bua mo tlhoafalong ya me, mo molelong wa tšhakgalo ya me.’” (Esek. 38:18-23) Ka nako eo Modimo o tla senya botlhe ba ba batlang go utlwisa batho ba ga Jehofa botlhoko. Ka nako ya diphelelo tsa “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa” tumelo ya gago e tla go thusa go “bona poloko ya ga Jehofa” le gore o tswelele o ikanyega.—Joele 2:31, 32.

19. (a) Jehofa le Moshe ba ne ba atamalane go le kana kang? (b) Fa o tsaya Jehofa tsia mo ditseleng tsa gago tsotlhe, o tla nna le masego afe?

19 Ipaakanyetse gone jaanong go bona ditiragalo tseo tse di itumedisang ka go tswelela o “nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng”! Nonotsha kamano ya gago le Jehofa Modimo ka go ithuta le go rapela ka metlha. Moshe o ne a na le kamano e e atamalaneng jalo le Jehofa, mme Jehofa o ne a mo dirisa thata mo e leng gore Baebele ya re Jehofa o ne a itse Moshe “ba lebane sefatlhego.” (Dute. 34:10) Moshe e ne e le moporofeti yo o sa tshwaneng le ope. Le fa go ntse jalo, ka tumelo, le wena o ka kgona go itse Jehofa ka botlalo jaaka e kete o kgona go mmona. Fa o tswelela o mo tsaya tsia “mo ditseleng tsotlhe tsa gago” jaaka Lefoko la Modimo le go kgothaletsa, “o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Dia. 3:6.

^ ser. 11 Go bonala Jehofa a ile a romela baengele gore ba atlhole Baegepeto.—Pes. 78:49-51.