Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, botlhokwa jwa gore motho a gagole diaparo tsa gagwe e ne e le eng?

DIKWALO di tlhalosa maemo a a farologaneng a mo go one batho ba neng ba gagola diaparo tsa bone. Go dira jalo go ka gakgamatsa babadi ba motlha wa rona mme mo Bajudeng e ne e le tsela ya go bontsha gore kafa ba utlwisitsweng botlhoko ka teng ke go kgobega marapo, khutsafalo go nyadiwa kgotsa ke kgalefo.

Ka sekai, Rubene o ne a “gagoganya diaparo tsa gagwe” fa a utlwa gore a ka se tlhole a kgona go diragatsa leano la gagwe la go golola morwarraagwe e bong Josefa ka gonne o ne a rekisitswe go ya go nna lekgoba. Rraabone e bong Jakobe o ne a ‘gagoganya diaparo tsa gagwe” fa a ne a akanya gore Josefa o bolailwe ke dibatana. (Gen. 37:18-35) Jobe o ne a “gagoganya seaparo sa gagwe” fa a ne a bolelelwa gore bana ba gagwe botlhe ba bolailwe. (Jobe 1:18-20) Morongwa yo ‘diaparo tsa gagwe di neng di gagogane’ o ne a goroga mo pele ga Moperesiti yo Mogolo e bong Eli go mmolelela gore Baiseraele ba fentswe mo ntweng mme barwa ba ga Eli ba babedi ba bolailwe mme letlole la kgolagano le thopilwe. (1 Sam. 4:12-17) Fa Josia a ne a utlwa mafoko a Molao a a neng a a balelwa mme a lemoga diphoso tsa batho ba gagwe, o ne a ‘gagoganya diaparo tsa gagwe.’—2 Dikg. 22:8-13.

Fa Jesu a ne a sekisiwa, Moperesiti yo Mogolo Kefase o ne a “gagola diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle” fa a utlwa se a ka phoso a neng a tsaya gore ke tlhapatso. (Math. 26:59-66) Go ya ka molao o o tlhomilweng ke borabi, ope fela yo o utlwang leina la Modimo le tlhapadiwa o tshwanetse go gagola diaparo tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, molao o mongwe wa borabi o o neng wa tlhomiwa morago ga go senngwa ga tempele ya Jerusalema, o ne o re, “ope fela yo o utlwang Leina la Modimo le tlhapadiwa gone jaanong, ga a tlhoke go gagola diaparo tsa gagwe, ka gonne o tla feleletsa a se na diaparo.”

Gone mme, go ikgagola diaparo ga go botlhokwa mo matlhong a Modimo fa e le gore khutsafalo ya motho ga e tswe pelong. Ka jalo, Jehofa o ne a bolelela batho ba gagwe gore ba ‘gagoganye dipelo tsa bone, e seng diaparo tsa bone; mme ba boele mo go ene.’—Joele 2:13.