Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Bopelokgale jo Bogolo—Jehofa ke Mothusi wa Gago!

Nna le Bopelokgale jo Bogolo—Jehofa ke Mothusi wa Gago!

‘Nna le bopelokgale jo bogolo mme o re, Jehofa ke mothusi wa me.’—BAHEB. 13:6.

1, 2. Ke dikgwetlho dife tse batho ba ba fudugileng ba lebanang le tsone fa ba boela gae? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

EDUARDO * a re: “E re ka ke ne ke bereka kwa moseja, ke ne ke na le tiro e e siameng e bile ke dira madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, fa ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ke ne ka lemoga gore ke na le maikarabelo a a botlhokwa go feta ao—go tlhokomela lelapa la me semoyeng e seng fela ka dilo tse ba di tlhokang. Ka jalo, ke ne ka boela gae kwa go bone.”—Baef. 6:4.

2 Eduardo, o ne a itse gore fa a boela kwa lelapeng la gagwe o tla itumedisa Jehofa. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Marilyn yo re buileng ka ene mo setlhogong se se fetileng, Eduardo o ne a tshwanelwa le go simolola tiro e e tsayang nako e e telele, ya go baakanya dikamano tsa lelapa. Gape o ne a lebane le kgwetlho ya go tlamela mosadi wa gagwe le bana mo ikonoming e e phutlhameng. O ne a tla itshedisa jang? O ne a ka lebelela thuso efe go tswa mo go ba bangwe mo phuthegong?

GO BAAKANYA TSHENYO YA BOTSHELO JWA LELAPA LE YA BOMOYA JWA LONE

3. Go se nne gone ga motsadi go ama bana jang?

3 Eduardo a re: “Ke a itse gore ke ne ke tlhokomologile banake ka nako e ba neng ba tlhoka kaelo ya me le lorato thata ka yone. Ke ne  ke se gone go ba balela dipolelo tsa Baebele, go rapela le bone, go ba tlamparela le go tshameka le bone.” (Dute. 6:7) Morwadie yo mogolo e bong Anna a re: “E re ka rre a ne a sa nne le rona fa gae, ke ne ke sa itshepe. Fa a boa, re ne re itse sefatlhego sa gagwe le lentswe la gagwe fela. Ke ne ke ikutlwa ke sa gololesege fa a ntlamparela.”

4. Go se nne gone ga monna mo lelapeng go ama jang tsela e a diragatsang ka yone maikarabelo a gagwe e le tlhogo ya lelapa?

4 Go se nne gone ga rre go dira gore a palelwe ke go diragatsa maikarabelo a gagwe e le tlhogo ya lelapa. Mosadi wa ga Eduardo e bong Ruby o tlhalosa jaana: “Ke ne ke le Rre le Mmè ka nako e le nngwe—mme ke ne ke tlwaetse go dira bontsi jwa ditshwetso tsa lelapa. Fa Eduardo a boa gae, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta gore boikobo jwa Bokeresete tota bo kaya eng. Tota le jaanong, ka dinako dingwe ke tshwanetse go ikgakolola gore monna wa me o teng.” (Baef. 5:22, 23) Eduardo a re: “Bomorwadiake ba ne ba tlwaetse go kopa dilo kwa go mmaabone. Rona batsadi, re ile ra lemoga gore re tshwanetse go dumalana ka tsela e re dirang dilo ka yone, mme ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go etelela pele ka tsela ya Bokeresete.”

5. Rre mongwe o ne a simolola jang go baakanya tshenyo e e bakilweng ke go se nne gone ga gagwe mo lelapeng, mme seo se ne sa felela ka eng?

5 Eduardo o ne a ititeile sehuba gore a dire sotlhe se a ka se kgonang go baakanya kamano ya gagwe le lelapa la gagwe le go le nonotsha semoyeng. A re: “Mokgele wa me e ne e le go ruta banake boammaaruri ka lefoko le ka ditiro—e seng fela gore ke bue gore ke rata Jehofa mme ke bontshe seo.” (1 Joh. 3:18) A Jehofa o ne a segofatsa Eduardo ka ntlha ya tumelo ya gagwe? Anna a re: “Fa re bona kafa a dirang maiteko ka gone gore e nne rre yo o molemo le gore a atamalane thata le rona, go ne ga re itumedisa tota. Fa re mmona a kgaratlha kwa phuthegong, re ne ra nna motlotlo ka ene. Lefatshe le ne le leka go re tlosa mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, re ne ra bona batsadi ba rona ba tsetsepetse mo boammaaruring ka jalo, le rona re ne ra leka go dira se se tshwanang. Papa o ne a re solofetsa gore ga a kitla a re tlogela gape, mme o ne a diragatsa tsholofetso eo. Fa a ka bo a sa dira jalo, gongwe nka bo ke se mo phuthegong ya ga Jehofa gompieno.”

GO AMOGELA MAIKARABELO

6. Batsadi bangwe ba ithutile thuto efe ka nako ya ntwa?

6 Maitemogelo mangwe a bontsha gore ka nako ya ntwa ya Ba-Balkan, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba nna koo ba ne ba itumetse le fa ba ne ba tshela mo maemong a a thata. Ka ntlha yang? Batsadi ba ba neng ba sa kgone go ya tirong, ba ne ba nna gae, ba ithuta le bone, ba tshameka le bone e bile ba bua le bone. Re ithuta eng mo go seno? Bana ba tlhoka batsadi ba bone go gaisa madi le dimpho. Eleruri, fela jaaka Lefoko la Modimo le bontsha, bana ba tla solegelwa molemo fa batsadi ba ba thapisa e bile ba ba bontsha lorato.—Dia. 22:6.

7, 8. (a) Batsadi bangwe ba dira phoso efe? (b) Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba fenye maikutlo a a sa siamang?

7 Se se utlwisang botlhoko ke gore, fa batsadi bangwe ba boa mme ba fitlhela gore bana ba bone ga ba tlhole ba amega ka bone, ba bua jaana, “Ke eng fa o sa leboge go bo ke ile ka intsha setlhabelo jaana ka ntlha ya gago?” Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo bana ba bone ba itshwara jalo, e ka tswa e le ka gonne batsadi ga ba a bolo go nna kgakala le bone. Motsadi a ka dira eng go baakanya boemo joo?

8 Kopa Jehofa gore a go thuse go bontsha ba lelapa la gago gore tota o tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka gone. Go tswa foo, fa o bua le ba lelapa la gago, amogela phoso e o e dirileng mme o tseye maikarabelo. Go ka nna molemo go kopa maitshwarelo. Fa molekane wa gago le bana, ba bona gore o leka go dira dilo ka tsela e e siameng, ba tla bona gore tota o batla go baakanya boemo. Fa o ikemiseditse mme o le pelotelele, ba lelapa la gago ba ka nna ba boa ba go bontsha lorato le tlotlo gape.

 ‘GO TLAMELA BA E LENG BA GAGO’

9. Ke eng fa go tlamela ‘ba e leng ba rona’ go sa tlhoke gore re nnele go gagamalela dikhumo?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a laela gore fa Bakeresete ba ba godileng ba sa kgone go itlamela, bana ba bone le ditlogolo ba tshwanetse go “duela batsadi ba bone le batsadi ba batsadi tuelo e e tshwanetseng.” Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete gore ba kgotsofalele dilo tse ba nang le tsone tse di jaaka dijo, diaparo le bonno. Ga re a tshwanela go nna re batla go tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo kgotsa go tshwenyega ka gore re tla nna le madi mo nakong e e tlang. (Bala 1 Timotheo 5:4, 8; 6:6-10.) Gore Mokeresete a ‘tlamele ba e leng ba gagwe’ ga se gore o tshwanetse go batla dikhumo tsa lefatshe leno le le tla tlogang le feta. (1 Joh. 2:15-17) Ga re a tshwanela go letla “maatla a a tsietsang a dikhumo” kgotsa “ditlhobaelo tsa tsamaiso eno” di dire gore lelapa la rona le palelwe ke go ‘tshwara ka thata botshelo jwa mmatota’ mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo! —Mar. 4:19; Luke 21:34-36; 1 Tim. 6:19.

10. Re ka bontsha jang botlhale jwa Modimo malebana le go nna le dikoloto?

10 Jehofa o a itse gore re tlhoka madi. Le fa go ntse jalo, madi ga a kitla a re sireletsa jaaka re ka sirelediwa ke botlhale jwa Modimo. (Mor. 7:12; Luke 12:15) Ka dinako dingwe, batho ga ba lemoge gore go ya kwa dinageng tse dingwe ba ya go bereka gone go tla ba bakela mathata a a kana kang, mme ga o ka ke wa tlhomamisega gore o tla dira madi kwa moseja. Tota e bile go na le dikotsi tse dintsi. Batho ba le bantsi ba ba fudugang ba boa ba na le dikoloto tse dintsi. Go na le gore ba gololesege go direla Modimo, ba feleletsa ba direla batho ba ba ba kolotang madi. (Bala Diane 22:7.) Se se botlhale se o ka se dirang ke go tila go itsenya mo dikolotong.

11. Go lekanyetsa madi go ka thusa jang lelapa go fokotsa kgatelelo ya go nna le madi?

11 Eduardo o ne a itse gore, e le gore tshwetso ya gagwe ya go nna le lelapa la gagwe e atlege, o ne a tshwanetse go dirisa madi ka botlhale. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba lekanyetsa madi go ikaegile ka dilo tse tota ba di tlhokang. Gone ke boammaaruri gore, seo se ne se dira gore lelapa la bone le se ka la kgona go nna le bontsi jwa dilo tse ba neng ba na le tsone pele. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ne ba dirisana mmogo mme ba ne ba sa senye madi ka dilo tse di seng botlhokwa. * Eduardo a re: “Ka sekai, ke ne ka ntsha banake kwa dikolong tse e seng tsa puso mme ka ba batlela dikolo tse di siameng tsa puso.” Ene le lelapa la gagwe ba ne ba rapelela gore a bone tiro e e se kitlang e kgoreletsa dithulaganyo tsa bone tsa semoya. Jehofa o ne a araba dithapelo tsa bone jang?

12, 13. Rre mongwe o ne a dira eng gore a kgone go tlamela lelapa la gagwe, mme Jehofa o ne a segofatsa jang maikemisetso a gagwe a go tlhofofatsa botshelo?

12 Eduardo a re: “Dingwaga tsa ntlha tse pedi, re ne re se na madi a a lekaneng. Ga se ka metlha madinyana a ke neng ke a amogela a neng a kgona go re tlamela mme ke ne ke ikutlwa ke lapile. Le fa go ntse jalo, re ne re kgona go ya dipokanong mmogo le go ya bodireding mmogo.” Eduardo o ne a dira tshwetso ya gore a se ka a bo a akanyetsa tiro e e tla dirang gore a nne kgakala le lelapa la gagwe ka dikgwedi kgotsa dingwaga. A re: “Ke ne ka ithuta go bereka ditiro tse mmalwa gore fa tiro e nngwe e seyo ke kgone go bereka kwa go e nngwe.”

A o ka ithuta mefuta e e farologaneng ya ditiro gore o kgone go tlamela ba lelapa la gago? (Bona serapa 12)

13 E re ka Eduardo a ne a tshwanelwa ke go duela dikoloto tsa gagwe ka bonya, o ne a tshwanetse go duela morokotso wa madi a a a adimileng. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeleditse go dira seo e le gore a kgone go nna mmogo le lelapa la gagwe, e leng se Jehofa a batlang gore batsadi ba se dire. Eduardo a re: “Gone jaanong ke amogela madi a a kwa tlase ga diperesente di le lesome tsa madi a ke neng ke a amogela fa ke ne ke bereka kwa moseja, mme gone ga re ke re robala ka tlala. ‘Seatla sa ga Jehofa ga se sekhutshwane.’ Tota e bile re dirile  tshwetso ya go nna babulatsela. Nakwana morago ga foo, mathata a tsa ikonomi a ne a fokotsega mme go ne ga nna motlhofo go nna le dilo tse re neng re di tlhoka.”—Isa. 59:1.

GO LEPALEPANA LE KGATELELO YA BA MASIKA

14, 15. Malapa a ka lebana jang le kgatelelo ya go dira gore dithoto di tle pele ga dilo tsa semoya, mme sekao sa bone se se molemo se ka felela ka eng?

14 Mo mafelong a le mantsi, batho ba ikutlwa ba patelesega go naya ba masika a bone le ditsala madi le dimpho. Eduardo o tlhalosa jaana: “Ke setso sa rona mme re itumelela go dira jalo, le fa go ntse jalo, go na le melelwane. Ke tlhalosetsa ba masika ka botlhale gore ke tla ba naya se ke se kgonang mme ke sa tsenye bomoya jwa lelapa la me mo kotsing.”

15 Batho ba ba neng ba fudugile ba ba boelang gae le ba ba ganang go fudugela kwa moseja mme ba tlogela malapa a bone, gantsi ba a galefelwa, ba a sotliwa e bile ba masika ba ka ikutlwa ba swabile e re ka ba ne ba akanya gore ba tla ba tlamela. Ba bangwe ba tewa go twe ga ba na lorato. (Dia. 19:6, 7) Morwadia Eduardo e bong Anna a re: “Fa re sa itetle go tsenya bomoya jwa rona mo kotsing ka ntlha ya dithoto, kgabagare bangwe ba masika a rona ba ka lemoga gore botshelo jwa Bokeresete bo botlhokwa go le kana kang. Le fa go ntse jalo, ba ka tlhaloganya jang fa re dira se ba se batlang?”—Bapisa 1 Petere 3:1, 2.

GO NNA LE TUMELO MO MODIMONG

16. (a) Motho a ka ‘itsietsa jang ka tsela e e phoso ya go akanya’? (Jak. 1:22) (b) Jehofa o segofatsa ditshwetso dife?

16 Fa kgaitsadi mongwe a fitlha kwa nageng nngwe e e atlegileng a tlogetse monna wa gagwe le bana, o ne a bolelela bagolwane jaana: “Re ile ra tshwanelwa ke go intsha setlhabelo gore ke tle fano. Monna wa me o ile a bo a tshwanelwa ke go tlogela bogolwane. Ka jalo, ke solofela gore Jehofa o tla re segofatsa.” Ka metlha, Jehofa o segofatsa ditshwetso tse re di dirileng re bontsha tumelo mo go ene, mme a ka segofatsa jang tshwetso e e sa tsamaisaneng le thato ya gagwe, segolobogolo fa e tsamaisana le go tlogela ditshiamelo tsa tirelo?—Bala Bahebera 11:6; 1 Johane 5:13-15.

17. Ke eng fa re tshwanetse go batla kaelo ya ga Jehofa pele ga re dira ditshwetso, mme re ka dira seo jang?

17 Batla kaelo ya ga Jehofa pele ga o dira tshwetso, e seng o setse o di dirile. Rapelela moya wa gagwe o o boitshepo, botlhale le  kaelo. (2 Tim. 1:7) Ipotse: ‘Ke ikaeletse go ikobela Jehofa mo maemong afe? A nka dira jalo le fa ke bogisiwa?’ Fa e le gore go ntse jalo, a o iketleeleditse go mo ikobela le fa seo se kaya gore o tlhofofatse botshelo jwa gago? (Luke 14:33) Kopa bagolwane gore ba go neye kaelo ya Dikwalo, mme o latele kgakololo ya ga Jehofa, go bontsha gore o na le tumelo le gore o ikanya tsholofetso ya gagwe ya gore o tla go thusa. Bagolwane ba ka se go direle ditshwetso, mme gone ba ka go thusa go dira ditshwetso tse di tla dirang gore o itumele mo tsamaong ya nako.—2 Bakor. 1:24.

18. Ke mang yo o nang le maikarabelo a go tlamela lelapa, mme ke maemo afe a ba bangwe ba ka thusang mo go one?

18 Jehofa o naya tlhogo ya lelapa maikarabelo a letsatsi le letsatsi a go tlhokomela lelapa. Re tshwanetse go akgola le go rapelela ba ba diragatsang maikarabelo a bone ba sa tlogele balekane ba bone le bana, le fa go na le kgatelelo ya gore ba dire jalo. Fa go tlhaga maemo a a sa lebelelwang a a jaaka masetlapelo a tlholego kgotsa maemo mangwe a tshoganyetso a tsa kalafi, re ka nna le tshono ya go bontsha lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete le go utlwelana botlhoko. (Bagal. 6:2, 5; 1 Pet. 3:8) A gongwe o ka thusa Mokeresete mmogo le wena yo o tlhokang thuso ka madi kgotsa wa mo thusa go bona tiro mo nageng ya lona? Fa o ka dira jalo, o ka nna wa fokotsa kgatelelo e a nang le yone ya go tlogela lelapa gore a ye go batla tiro go sele.—Dia. 3:27, 28; 1 Joh. 3:17.

GAKOLOGELWA GORE JEHOFA KE MOTHUSI WA GAGO!

19, 20. Ke eng fa Bakeresete ba ka kgotsofalela go itse gore Jehofa o tla ba thusa?

19 Dikwalo di re rotloetsa jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’ Gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?’” (Baheb. 13:5, 6) Re ka dira seo jang?

20 Mogolwane mongwe wa kwa nageng e e tlhabologang a re: “Gantsi batho ba bua kafa Basupi ba ga Jehofa ba itumetseng ka gone. Gape ba lemoga gore tota le Basupi ba ba humanegileng, ka metlha ba apara sentle e bile ba lebega ba le botoka go feta batho ba bangwe.” Seno se dumalana le tsholofetso ya ga Jesu e a e solofeditseng batho ba ba dirang gore Bogosi bo tle pele. (Math. 6:28-30, 33) Rraago yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o a go rata e bile o batlela wena le bana ba gago se se molemo. “Matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditir. 16:9) O re neile ditaelo tsa gagwe—go akaretsa tse di malebana le botshelo jwa lelapa le dilo tse re di tlhokang—gore di re solegele molemo. Fa re di latela, re bontsha gore re a mo rata e bile re a mo tshepa. “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Joh. 5:3.

21, 22. Ke eng fa o ikemiseditse go bontsha gore o ikanya Jehofa?

21 Eduardo a re: “Ke a itse gore nka se buse nako e ke neng ke le kgakala le mosadi wa me le banake, mme gone ga ke tlhome mogopolo mo dilong tse ke ikwatlhaelang tsone. Batho ba le bantsi ba ke neng ke bereka le bone ba humile mme gone ga ba a itumela. Malapa a bone a na le mathata a a masisi. Mme lelapa la rona le itumetse! E bile ke itumelela go bona kafa bakaulengwe bangwe mo nageng eno le fa ba sa itsholela, ba dirang gore dilo tsa semoya di tle pele mo matshelong a bone. Rotlhe re bona boammaaruri jwa tsholofetso ya ga Jesu.”—Bala Mathaio 6:33.

22 Nna le bopelokgale jo bogolo! Tlhopha go obamela Jehofa le go mo ikanya. Dira gore lorato lo o ratang Modimo ka lone, le le o ratang molekane wa gago le bana ba gago ka lone le go tlhotlheletse go diragatsa maikarabelo a gago a semoya mo lelapeng la gago. Fa o dira jalo, o tla bona gore ‘Jehofa ke mothusi wa gago.’

^ ser. 1 Maina a fetotswe.

^ ser. 11 Bona motseletsele o o reng “Kafa o ka Laolang Madi ka Teng” mo kgatisong ya September 2011 ya Tsogang!