TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG May 2014

Makasine ono o tlotla ka mekgwa e meraro e re ka e dirisang mo bodireding, go araba dipotso tse di thata. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re ikanyega mo phuthegong ya Modimo?

‘Dijo Tsa Me ke Go Dira Thato ya Modimo’

Kgosi Dafide, moaposetoloi Paulo, le Jesu Keresete ba ne ba kgatlhegela go dira thato ya Modimo. Re ka tswelela jang re tlhagafaletse bodiredi mo tshimong e e thata?

Re Tshwanetse “go Naya Mongwe le Mongwe Karabo” e e Ntseng Jang?

Re ka beela motho mabaka jang ka Dikwalo fa a re botsa dipotso tse di thata? Sekaseka mekgwa e meraro e re ka e dirisang go araba motho.

Dirisa Molao wa Sekagouta Fa o Le mo Bodireding

Re tshwanetse go tshwara jang mongwe le mongwe yo re kopanang le ene mo bodireding? Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 7:12 a ama jang tiro ya rona ya go rera?

PEGO YA BOTSHELO

Ruri Jehofa o Nthusitse

Kenneth Little o bontsha kafa Jehofa Modimo a mo thusitseng ka gone go fenya go nna ditlhong le go sa itshepe. Bona kafa Modimo a mo segofaditseng ka gone botshelo jwa gagwe jotlhe.

Jehofa ke Modimo wa Thulaganyo

Dipego tse di malebana le Iseraele wa bogologolo le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga di bontsha jang gore batlhanka ba ga Jehofa ba rulagantswe?

A o Gatela Pele le Phuthego ya ga Jehofa?

Go ise go ye kae tsamaiso ya ga Satane ya dilo e tla fela. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re ikanyega mo phuthegong e Modimo a e dirisang gompieno?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

‘Go na Le Tiro e e Oketsegileng ya Thobo e e Tshwanetseng go Dirwa’

Basupi ba ga Jehofa ba feta 760 000 ba rera dikgang tse di molemo kwa Brazil. Tiro ya go rera e simolotse jang kwa Amerika Borwa?